LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 9/1 ts. 8-13
  • Nna o Sireletsegile o le Karolo ya Mokgatlho wa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Sireletsegile o le Karolo ya Mokgatlho wa Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokgatlho wa ga Jehofa
  • Go Sirelediwa mo Mokgatlhong wa Modimo—Jang?
  • Ke Bomang ba ba Leng Karolo ya Mokgatlho wa Modimo?
  • Botsalano le Lefatshe
  • Go Utlwana Le Mmopi wa Thulaganyo ya Lobopo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • ‘Tlhomamisang Dilo Tse Di Botlhokwa Thata’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • A o Gatela Pele le Phuthego ya ga Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Jehofa o Kaela Phuthego ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 9/1 ts. 8-13

Nna o Sireletsegile o le Karolo ya Mokgatlho wa Modimo

“Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.”—DIANE 18:10.

1. Go ya ka thapelo ya ga Jesu, Bakeresete ba mo maemong afe a a boima?

PELENYANA fela ga fa Jesu a swa, o ne a rapelela balatedi ba gagwe mo go Rraagwe wa selegodimo. O ne a bolela jaana a amegile thata ka bone: “Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe. Ke a go lopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.” (Johane 17:14, 15) Jesu o ne a itse gore lefatshe le ne le tla nna lefelo le le kotsi mo Bakereseteng. Le ne le tla supa letlhoo la lone ka go bua maaka ka bone le ka go ba bogisa. (Mathaio 5:11, 12; 10:16, 17) Gape le ne le tla tlala ka ditiro tse di bosula.—2 Timotheo 4:10; 1 Johane 2:15, 16.

2. Bakeresete ba ka bona kae lefelo le le sireletsegileng la semoya?

2 Lefatshe le le neng le tla tlhoa Bakeresete, ke batho ba ba ikgaogantseng le Modimo le ba ba leng kafa tlase ga taolo ya ga Satane. (1 Johane 5:19) Lefatshe leno le legolo thata go gaisa phuthego ya Bokeresete mme le Satane ka boene o maatla thata go gaisa motho ope fela. Ka jalo, letlhoo la lefatshe ke matshosetsi a mmatota. Balatedi ba ga Jesu ba ka bona kae tshireletsego ya semoya? Polelo nngwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 1922 (ka Seesemane), e ne ya araba ka tsela eno: “Re tshela mo nakong e e bosula. Ntwa fa gare ga mokgatlho wa ga Satane le mokgatlho wa Modimo e tsweletse. Ke ntwa ya matlho mahibidu.” Mo ntweng eno, mokgatlho wa Modimo ke lefelo la tshireletsego ya semoya. Lefoko “mokgatlho” ga le tlhage mo Baebeleng, mme morago kwa ka bo1920 polelo e e reng “mokgatlho wa Modimo” e ne e le polelo e ntšha. Ka jalo he, mokgatlho ono ke eng? Mme re ka bona jang tshireletsego mo go one?

Mokgatlho wa ga Jehofa

3, 4. (a) Go ya ka dikishinare nngwe le makasine wa Tora ya Tebelo, mokgatlho ke eng? (b) Bakaulengwe ba ditšhaba tsotlhe ba Basupi ba ga Jehofa ba ka bidiwa mokgatlho ka kgopolo efe?

3 Go ya ka Concise Oxford Dictionary mokgatlho ke “setlhopha se se rulagantsweng.” Re akantse ka seo, re tlhaloganya gore ka go bo baaposetoloi ba ile ba rulaganya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore e nne diphuthego kafa tlase ga bookamedi jwa setlhopha se se laolang sa kwa Jerusalema, go a tshwanela go bitsa ‘lesomo leo lotlhe la bakaulengwe’ re re ke mokgatlho. (1 Petere 2:17) Gompieno Basupi ba ga Jehofa le bone ba na le thulaganyo e e tshwanang ya mokgatlho. Go nna seoposengwe ga setlhopha seo sa lekgolo la ntlha la dingwaga go ne ga nonotshiwa ke “dimpho [ka] banna,” ba e neng e le “badisa le ba ba rutang.” Bangwe ba bano ba ne ba etela diphuthego ka go latelana, fa ba bangwe bone e ne e le bagolwane mo diphuthegong tse ba neng ba le mo go tsone. (Baefeso 4:8, 11, 12; Ditiro 20:28) Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ba nonotshiwa ke “dimpho” tse di ntseng jalo.

4 Makasine wa Tora ya Tebelo ya November 1, 1922 (ka Seesemane), o ne wa bolela jaana ka lefoko “mokgatlho”: “Mokgatlho ke setlhopha sa batho se se rulagantsweng go dira tiro e e rileng.” Tora ya Tebelo eno e ne ya tswelela ka go tlhalosa gore go bitsa Basupi ba ga Jehofa mokgatlho go ne go sa reye gore ke “lekoko go ya ka tsela e lefoko leo le dirisiwang ka yone mme go kaya fela gore Baithuti ba Baebele [Basupi ba ga Jehofa] ba leka go diragatsa maikaelelo a Modimo le go a diragatsa ka tsela e Morena a dirang sengwe le sengwe ka teng ka tsela e e rulagantsweng sentle.” (1 Bakorintha 14:33) Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore Bakeresete ba motlha wa gagwe le bone ba ne ba dira dilo ka thulaganyo. O ne a tshwantsha bokaulengwe jwa Bakeresete ba ba tloditsweng le mmele wa motho, o o nang le dikarolo tse dintsi, mme nngwe le nngwe e dira tiro ya yone gore mmele o dire sentle. (1 Bakorintha 12:12-26) Eno ke tsela e e molemolemo ya go tshwantsha mokgatlho! Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ne ba rulagantswe? Gore ba diragatse “maikaelelo a Modimo,” go dira go rata ga ga Jehofa.

5. Mokgatlho wa Modimo o o bonalang ke eng?

5 Baebele e ile ya bolelela pele gore Bakeresete ba boammaaruri ba segompieno ba tla nna seoposengwe, ba phuthelwa mo “lefatsheng” le le lengwe go nna “morafe” o le mongwe moo ba tla “phatsimang jaaka dibonesi mo lefatsheng.” (Isaia 66:8; Bafilipi 2:15) “Morafe” o o rulagantsweng ono, gone jaanong o feta dimilione di le tlhano le sephatlo. (Isaia 60:8-10, 22) Le fa go ntse jalo, mokgatlho wa Modimo ga o kalo fela. Baengele le bone ba a akarediwa.

6. Ke bomang ba e leng mokgatlho wa Modimo ka tsela e kgolwane?

6 Go na le makgetlho a le mantsi a mo go one baengele ba neng ba dira mmogo le batlhanka ba Modimo ba batho. (Genesise 28:12; Daniele 10:12-14; 12:1; Bahebera 1:13, 14; Tshenolo 14:14-16) Ka jalo he, makasine wa Tora ya Tebelo ya May 15, 1925 (ka Seesemane), o ne wa bolela jaana ka tshwanelo: “Baengele botlhe ba ba boitshepo ke karolo ya mokgatlho wa Modimo.” Mo godimo ga moo, o ne wa bolela jaana: “Tlhogo ya mokgatlho wa Modimo, e e nang le maatla otlhe le taolo, [ke] Morena Jesu Keresete.” (Mathaio 28:18) Ka jalo, ka tsela e kgolwane, mokgatlho wa Modimo o akaretsa botlhe ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng ba ba dirang mmogo go dira go rata ga Modimo. (Bona lebokoso.) A bo e le tshiamelo e e itumedisang jang ne go nna karolo ya mokgatlho ono! E bile ke boitumelo jang ne go nna le tsholofelo ya gore go tla tla nako e ka yone dibopiwa tsotlhe tse di tshelang, tsa kwa legodimong le tsa mo lefatsheng, di tla bong di rulagantswe go baka Jehofa Modimo di le seoposengwe! (Tshenolo 5:13, 14) Gone mme, mokgatlho wa Modimo o re sireletsa jang gompieno?

Go Sirelediwa mo Mokgatlhong wa Modimo—Jang?

7. Mokgatlho wa Modimo o re sireletsa ka tsela efe?

7 Mokgatlho wa Modimo o ka thusa go re sireletsa kgatlhanong le Satane le maano a gagwe. (Baefeso 6:11) Satane o gatelela baobamedi ba ga Jehofa, a ba bogisa le go ba raela ka boikaelelo bo le bongwe fela: go ba faposa mo ‘tseleng e ba tshwanetseng go tsamaya ka yone.’ (Isaia 48:17; bapisa Mathaio 4:1-11.) Re ka se ka ra kgona go tila ditlhaselo tseo mo tsamaisong eno ya dilo ka botlalo. Le fa go ntse jalo, botsala jwa rona jo bogolo le Modimo le mokgatlho wa gagwe bo a re nonotsha le go re sireletsa mme ka tsela e e ntseng jalo go re thusa gore re nne mo “tseleng.” Ka ntlha ya seo, ga re latlhegelwe ke tsholofelo e re nang le yone.

8. Mokgatlho wa ga Jehofa o o sa bonaleng o tshegetsa batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng jang?

8 Mokgatlho wa Modimo o re sireletsa jang ka tsela eno? Sa ntlha, re tshegediwa thata ke batlhanka ba ga Jehofa ba semoya. Fa Jesu a ne a le kafa tlase ga kgatelelo e kgolo, o ne a thusiwa ke moengele. (Luke 22:43) Fa Petere a ne a le mo kotsing ya go bolawa, o ne a namolwa ka kgakgamatso ke moengele. (Ditiro 12:6-11) Le mororo go sa tlhole go na le dikgakgamatso tse di ntseng jalo gompieno, batho ba ga Jehofa ba solofediwa gore ba tla tshegediwa ke baengele mo tirong ya bone ya go rera. (Tshenolo 14:6, 7) Gantsi ba na le maatla a a fetang a a tlwaelegileng fa ba lebane le maemo a a boima. (2 Bakorintha 4:7) Mo godimo ga moo, ba a itse gore “moengele wa ga Jehofa o thibelela mo ntlheng tsotlhe tsa ba ba mmoifang, mme o a ba golola.”—Pesalema 34:7.

9, 10. Ke jang go ka tweng “leina la ga Jehofa ke kago e e thata,” mme molaomotheo ono o dira jang mo mokgatlhong otlhe wa Modimo?

9 Mokgatlho wa ga Jehofa o o bonalang le one o a re sireletsa. Jang? Re bala jaana mo go Diane 18:10: “Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.” Seno ga se reye gore go umaka leina la Modimo fela go tla re sireletsa. Go na le moo, go tshabela ga rona mo leineng la Modimo go supa gore re ikanya Jehofa ka boene. (Pesalema 20:1; 122:4) Go raya go tshegetsa bolaodi jwa gagwe, go dira tumalanong le melao le melaometheo ya gagwe le go dumela ditsholofetso tsa gagwe. (Pesalema 8:1-9; Isaia 50:10; Bahebera 11:6) Go akaretsa go obamela Jehofa fela. Ke fela ba ba obamelang Jehofa ka tsela eno ba ba ka kgonang go bua jaaka mopesalema: “Pelo ya rona e tlaa itumela mo go [Jehofa], ka gobo re ikantse mo ineng la gagwe le le boitshepo.”—Pesalema 33:21; 124:8.

10 Jaanong botlhe ba ba leng mo mokgatlhong o o bonalang wa Modimo ba ka bua jaaka Mika: “Rona re tlaa sepela ka leina la ga Jehofa Modimo wa rona, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” (Mika 4:5) Mokgatlho wa segompieno o dikologile “Iseraele wa Modimo,” o go tweng ke “batho ba leina la one” mo Baebeleng. (Bagalatia 6:16; Ditiro 15:14; Isaia 43:6, 7; 1 Petere 2:17) Ka jalo, go nna karolo ya mokgatlho wa ga Jehofa go raya go nna karolo ya batho ba ba tla sirelediwang ka ntlha ya leina la Modimo.

11. Mokgatlho wa ga Jehofa o sireletsa jang ba ba leng karolo ya one ka ditsela tse di kgethegileng?

11 Mo godimo ga moo, mokgatlho o o bonalang wa Modimo ke wa batho ba ba nnang le tumelo, badumedimmogo ba ba aganang le go kgothatsana. (Diane 13:20; Baroma 1:12) Ke lefelo le mo go lone badisa ba Bakeresete ba tlhokomelang dinku, ba kgothatsang ba ba lwalang le ba ba ngomogileng pelo le go tsosa ba ba weleng. (Isaia 32:1, 2; 1 Petere 5:2-4) “Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o aba ‘dijo ka nako e e tshwanetseng’ a dirisa mokgatlho. (Mathaio 24:45) “Motlhanka,” yo o bopilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng, o aba dilo tse di molemo go gaisa tsotlhe tsa semoya—kitso ya boammaaruri e e theilweng mo Baebeleng e e ka isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Ka ntlha ya kaelo e e tswang mo ‘motlhankeng,’ Bakeresete ba thusiwa gore ba nne le boitsholo jwa maemo a a kwa godimo le go ‘nna bonokopela jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo ba le ba ba se nang molato jaaka maphoi’ mo tikologong e e kotsi e ba tshelang mo go yone. (Mathaio 10:16) Mme ba thusiwa gore ka metlha ba nne le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena,” e leng sone selo se se ba sireletsang thata.—1 Bakorintha 15:58.

Ke Bomang ba ba Leng Karolo ya Mokgatlho wa Modimo?

12. Ke bomang ba ba tlhalosiwang e le karolo ya mokgatlho wa Modimo wa selegodimo?

12 E re ka ba ba leng karolo ya mokgatlho wa Modimo e le bone ba ba sirelediwang, o akaretsa bomang? Malebana le mokgatlho wa selegodimo, karabo ya potso eno e phepafetse. Satane le baengele ba gagwe ga ba tlhole ba le kwa legodimong. Kafa letlhakoreng le lengwe, baengele ba ba ikanyegang ba sa ntse ba le koo “mo kopanong ya botlhe.” Moaposetoloi Johane o ne a bona gore mo malatsing a bofelo, “Kwana,” ditšheruba (“ditlhodiwa tse nnè tse di tshelang”), le “baengele ba bantsi” ba tla bo ba le gaufi thata le setulo sa bogosi sa Modimo. Ba tla bo ba na le bagolwane ba ba 24—ba ba emelang Bakeresete ba ba tloditsweng bao ba ba setseng ba tsene mo mannong a bone a a galalelang a selegodimo. (Bahebera 12:22, 23; Tshenolo 5:6, 11; 12:7-12) Go bonala sentle gore botlhe ke karolo ya mokgatlho wa Modimo. Le fa go ntse jalo, mo bathong, dilo ga di motlhofo jalo.

13. Jesu o ne a tlhalosa jang ba ba leng karolo ya mokgatlho wa Modimo le ba ba seng karolo ya one?

13 Jesu o ne a bolela jaana ka bangwe ba ba neng ba tla ipolela gore ke balatedi ba gagwe: “Ba le bantsi ba tla nthaya ka letsatsi leo ba re, ‘Morena, Morena, a re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro di le dintsi tsa maatla ka leina la gago?’ Mme lefa go ntse jalo foo ruri ke tla ipolela mo go bone ke re: Ga ke ise ke ke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona badiri ba bosenangmolao.” (Mathaio 7:22, 23) Fa motho a tlola molao, go phepafetse gore ga se karolo ya mokgatlho wa Modimo, le fa a ka reng, e bile go sa kgathalesege gore o obamela kae. Jesu o ne a bontsha gape gore motho yo e leng karolo ya mokgatlho wa Modimo a ka bonwa jang. O ne a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.”—Mathaio 7:21.

14. Ke dikarolo dife tsa go rata ga Modimo tse go tlhalosiwang gore ba e leng karolo ya mokgatlho wa Modimo ba tshwanetse go di dira?

14 Ka jalo, go nna karolo ya mokgatlho wa Modimo—o ‘bogosi jwa magodimo’ e leng karolo ya one ya konokono—motho o tshwanetse a bo a dira go rata ga Modimo. Go rata ga gagwe ke eng? Paulo o ne a tlhalosa karolo e e botlhokwa ya gone fa a ne a re: “Thato ya [Modimo ke gore] batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Fa motho a batla tota go nna le kitso ya boammaaruri e e tswang mo Baebeleng, a batla go e dirisa mo botshelong jwa gagwe le go e anamisetsa “batho ba mefuta yotlhe,” o dira go rata ga Modimo. (Mathaio 28:19, 20; Baroma 10:13-15) Gape ke go rata ga Modimo gore dinku tsa ga Jehofa di otliwe le go tlhokomelwa. (Johane 21:15-17) Dipokano tsa Bokeresete di thusa thata mo go seno. Motho yo o gololesegileng go nna teng mo dipokanong tse di ntseng jalo mme a sa dire jalo ga a anaanele go nna mo mokgatlhong wa Modimo.—Bahebera 10:23-25.

Botsalano le Lefatshe

15. Jakobe o ne a neela diphuthego tsa motlha wa gagwe tlhagiso efe?

15 Dingwaga di ka nna 30 fa Jesu a sena go swa, morwarraagwe ka mmaagwe e bong Jakobe o ne a tlhalosa dilo dingwe tse di ka dirang gore motho a se ka a nna mo mokgatlhong wa Modimo. O ne a kwala jaana: “Basadi ba baakafadi, a ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo? Jalo, lefa e le mang yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4) Kwantle ga pelaelo, motho yo e leng mmaba wa Modimo ga se karolo ya mokgatlho wa gagwe. Jalo he, botsalano le lefatshe ke eng? Go ile ga tlhalosiwa gore go direga ka ditsela tse di farologaneng, tse di jaaka go tlhagolela kana go ikopanya le ditsala le batho ba ba sa siamang. Mo godimo ga moo, Jakobe o bua ka sengwe se se kgethegileng—boikutlo jo bo sa siamang jwa tlhaloganyo jo bo felelang ka boitsholo jo bo sa siamang.

16. Ke kgang efe e Jakobe a neng a bua ka yone e e neng ya dira gore a ntshe tlhagiso ya gore go tsalana le lefatshe ke go itira mmaba wa Modimo?

16 Mo go Jakobe 4:1-3, re bala jaana: “Ke go tswa motsweding ofe go nang le dintwa gape ke go tswa motsweding ofe go nang le ditlhabano gareng ga lona? A ga di tswe motsweding ono, e leng, mo go nyorelweng ga lona go ja monate wa senama mo go tlhabanetseng ruri mo ditokololong tsa lona? Lo a eletsa, mme lefa go ntse jalo ga lo nne le sepe. Lo tswelela pele lo bolaya batho ka boomo e bile lo eletsa ka bopelotshetlha, mme lefa go ntse jalo ga lo kgone go bona sepe. Lo tswelela pele lo tlhabana e bile lo lwa. Ga lo na sepe ka ntlha ya go sa kope ga lona. Ruri lo a kopa, mme lefa go ntse jalo ga lo amogele, ka gonne lo kopa ka boikaelelo jo bo sa siamang, gore lo go dirisetse go nyorelwa ga lona go ja monate wa senama.” Jakobe o ne a tlhagisa kgatlhanong le botsalano jwa lefatshe fa a sena go kwala mafoko ano.

17. Go ne go na le “dintwa” le “ditlhabano” ka tsela efe mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga?

17 Makgolo a dingwaga fa Jakobe a sena go swa, Bakeresete ba maaka ba ne ba lwantshana le go bolaana ka tsela ya mmatota. Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a kwalela maloko a lekgolo la ntlha la dingwaga a “Iseraele wa Modimo,” a a neng a tla nna ‘baperesiti le dikgosi’ tsa selegodimo. (Tshenolo 20:6) Ba ne ba sa bolaane mo dintweng tsa mmatota. Jalo ke eng fa Jakobe a ne a bua ka dilo tse di ntseng jalo mo Bakereseteng? Ebu, moaposetoloi Johane o ne a re le fa e le mang yo o ilang mokaulengwe wa gagwe ke mmolai. Paulo le ene o ne a bua ka dikgotlhang tsa botho le dikgang mo diphuthegong a re ke “ditlhabano” le “kgogakgogano.” (Tito 3:9; 2 Timotheo 2:14; 1 Johane 3:15-17) Go dumalana le yone kgang eno go bonala fa Jakobe a ne a akantse ka go palelwa ke go rata Bakeresetekabone. Mo gare ga bone, Bakeresete ba ne ba itshwara ka tsela e e tshwanang le e batho ba lefatshe ba tshwaranang ka yone.

18. Ke eng se se ka dirang gore Bakeresete ba nne le ditiro le maikutlo a a sa siamang?

18 Ke eng fa go ne go diragala dilo tse di ntseng jalo mo diphuthegong tsa Bokeresete? Ka ntlha ya boikutlo jo bo sa siamang, jo bo jaaka bopelotshetlha le ‘go nyorelwa go ja monate wa senama.’ Boikgogomoso, lefufa le boikgodiso le tsone di ka senya bokaulengwe jo bo lorato jwa Bokeresete mo phuthegong. (Jakobe 3:6, 14) Boikutlo jo bo ntseng jalo bo dira gore motho e nne tsala ya lefatshe mme ka tsela e e ntseng jalo e nna mmaba wa Modimo. Ga go na ope yo o nang le boikutlo jo bo ntseng jalo yo o ka lebelelang gore a nne a ntse a le karolo ya mokgatlho wa Modimo.

19. (a) Ke molato wa ga mang fa Mokeresete a lemoga gore o simolola go nna le boikutlo jo bo sa siamang mo pelong ya gagwe? (b) Mokeresete a ka fenya jang boikutlo jo bo sa siamang?

19 Re ka pega mang molato fa re nna le boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo sa siamang mo dipelong tsa rona? A re ka pega Satane molato? Ee, go ya selekanyong se se rileng. Ke “mmusi wa taolo ya moya wa loapi” wa lefatshe leno le mo go lone boikutlo jo bo ntseng jalo bo anameng thata. (Baefeso 2:1, 2; Tito 2:12) Le fa go ntse jalo, gantsi modi wa boikutlo jo bo sa siamang o tswa mo nameng ya rona e e sa itekanelang. Fa Jakobe a sena go tlhagisa kgatlhanong le botsalano jwa lefatshe, o ne a kwala jaana: “A mo go lona go bonala lokwalo lo bua kwantle ga boikaelelo fa lo re: ‘Ke ka tshekamelo ya go tswa pelo go bo moya o o agileng mo teng ga rona o nna o tlhologelelwa’?” (Jakobe 4:5) Rotlhe re tshotswe re na le keletso ya go rata go dira se se sa siamang. (Genesise 8:21; Baroma 7:18-20) Le fa go ntse jalo, re ka lwantsha boikutlo joo fa re dumela gore re na le makoa mme re bo re ikaega ka Jehofa gore a re thuse go a fenya. Jakobe o bolela jaana: “Bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo [Modimo] o bo nayang bo bogolwane [go na le keletso e re tshotsweng ka yone ya go rata go fufega].” (Jakobe 4:6) Ka ntlha ya thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo le ka ntlha ya go tshegediwa ke bakaulengwe ba Bakeresete ba ba ikanyegang, le ka ntlha ya molemo wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba fenngwe ke makoa a nama ya bone. (Baroma 7:24, 25) Ba sireletsegile mo mokgatlhong wa Modimo, ke ditsala tsa Modimo, e seng tsa lefatshe.

20. Ba ba leng karolo ya mokgatlho wa Modimo ba nna le masego afe a a itumedisang?

20 Baebele e solofetsa jaana: “Jehofa o tlaa naya batho ba gagwe nonofo; Jehofa o tlaa segofatsa batho ba gagwe ka kagiso.” (Pesalema 29:11) Fa tota re le karolo ya “morafe” wa segompieno wa ga Jehofa, mokgatlho wa gagwe o o bonalang, le rona re tla nna le nonofo e a e abang e bile re tla nna le kagiso e a segofatsang batho ba gagwe ka yone. Ke boammaaruri gore, lefatshe la ga Satane le legolo thata go gaisa mokgatlho wa ga Jehofa o o bonalang, mme Satane o maatla thata go re gaisa. Mme Jehofa ke Mothatayotlhe. Maatla a gagwe a a dirang a ka se ka a fenngwa. Baengele ba gagwe ba ba maatla le bone ba direla Modimo mmogo le rona. Ka jalo, le fa re lebane le letlhoo, re ka kgona go ema re nitame. Jaaka Jesu, re ka fenya lefatshe.—Johane 16:33; 1 Johane 4:4.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Mokgatlho o o bonalang wa Modimo ke eng?

◻ Mokgatlho wa Modimo o re sireletsa ka ditsela dife?

◻ Ke bomang ba ba leng karolo ya mokgatlho wa Modimo?

◻ Re ka tila jang go nna ditsala tsa lefatshe?

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Mokgatlho wa Modimo ke eng?

Mo dikgatisong tsa Basupi ba ga Jehofa, polelwana “mokgatlho wa Modimo” e dirisiwa ka ditsela tse tharo.

1 Mokgatlho wa ga Jehofa o o sa bonaleng wa selegodimo wa dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya. Mo Baebeleng o bidiwa “Jerusalema o o kwa godimo.”—Bagalatia 4:26.

2 Mokgatlho wa ga Jehofa o o bonalang wa batho. Gompieno, o akaretsa masalela a a tloditsweng mmogo le boidiidi jo bogolo.

3 Mokgatlho wa ga Jehofa wa lobopo lotlhe. Gompieno, o akaretsa mokgatlho wa ga Jehofa wa selegodimo mmogo le batlodiwa ba gagwe, barwa ba gagwe ba a ba itseetseng mo lefatsheng, ba ba nang le tsholofelo ya semoya. Fa nako e ntse e ya o tla akaretsa le batho ba ba itekanetseng mo lefatsheng.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go abiwa dijo tse di molemo go gaisa ka mokgatlho wa ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela