LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 8/15 ts. 21-24
  • Go Tshela le go Rera mo Lefelong la Lekgwamolelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshela le go Rera mo Lefelong la Lekgwamolelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Matshosetsi a Lekgwamolelo
  • Basupi ba ga Jehofa ba Nna ba Tlhagafetse
  • O ka Ipaakanyetsa Jang?
  • Tlhagiso ka Selekanyo se se Golwane
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 8/15 ts. 21-24

Go Tshela le go Rera mo Lefelong la Lekgwamolelo

“KE SELO se se tshosang tota. Go tshwana fela le bokhutlo jwa lefatshe jo Baebele e buang ka jone. Re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng mme re nne le kamano e e molemo le Jehofa Modimo ka dinako tsotlhe.” Ao ke mafoko a ga Víctor yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, fa a ne a anela boitemogelo jwa gagwe jwa go nna gaufi thata le lekgwamolelo la Popocatépetl, le le itsiweng thata e le Popo, kwa Mexico.

Lekgwamolelo le le kurutlang leno go ile ga buiwa ka lone mo dikgannyeng tsa ditšhabatšhaba fa e sa le ka 1994.a Babusi ba ne ba bolela gore sengwe le sengwe se se leng dikilometara di le 30 go tswa mo khuting eo se mo lefelong le le kotsi thata. Letlhakore le le kafa borwa jwa lekgwamolelo leno le mo kotsing thata ka gonne khuti ya lone e sekametse mo ntlheng eo e bile le na le dikgampu di le mmalwa tse di boteng tse di tlhatsang manya le seretse se se molelo se se tswang mo khuting ya lone.

Ke ga tlholego fela gore ba le bantsi ba ipotse gore go tla diragala eng ka Mexico City fa lekgwamolelo leno le ka thunya thata. A motse oo o mo kotsing? Mme gape go na le batho ba ba nnang kwa motseng wa Morelos ka kwa ntlheng ya borwa jwa lekgwamolelo leo. A batho botlhe ba ba mo lefelong leo ba mo kotsing? Mme go ntse jang go nna mo lefelong la lekgwamolelo o sa itse gore go tla diragalang mo letsatsing le le latelang?

Matshosetsi a Lekgwamolelo

Karolo e e fa gare ga Mexico City e ka nna dikilometara di le 70 go tswa bokonebophirima jwa Popocatépetl, le fa gone metsana e e fa thoko e le bogaufi jwa dikilometara di le 40. Go ya kafa go fopholediwang ka teng, lefelo lotlhe la toropokgolo, e e nang le baagi ba le dimilione di le 20, ga e mo lefelong le le kotsi. Le fa go ntse jalo, lefelo leno le ka amega fa lekgwamolelo le ka kgwa molora o montsi, go ikaegile ka gore phefo e fokela ntlheng efe.

Gantsi ditlamorago tsa molora o o tswang mo teng ga lekgwamolelo di maswe thata kafa ntlheng ya botlhaba jwa lekgwamolelo. Lefelo leno le akaretsa motse wa Puebla le metsana e mengwe e mennye le ditoropo, tse go nang le batho ba ba ka nnang 200 000 ba ba nnang mo lefelong le le mo kotsing thata. Ka Sontaga, ka May 11, 1997, lekgwamolelo le ne la kgwela ditone tse dintsi tsa molora mo loaping mme la o gasaganya le mo lefelong leno lotlhe, go fitlha kwa nageng ya Veracruz, e e bokgakala jwa dikilometara tse di fetang 300 go ya ntlheng ya botlhaba. Mo lefelong le le ka kwa ntlheng borwa ya lekgwamolelo leno, mo nageng ya Morelos, go na le ditoropokgolo le ditoropo di le mmalwa tse di nang le palogotlhe ya baagi ba ba ka nnang 40 000 ba le bone ba ka nnang mo kotsing thata.

Basupi ba ga Jehofa ba nna le go dira mo gare ga maemo ano otlhe. Kwa Mexico City, go na le ba ba fetang 90 000 mo diphuthegong tse di ka nnang 1700. Lekala la Mokgatlho wa Watch Tower le ka kwa ntle ga Mexico City go ya ka kwa ntlheng ya bokonebotlhaba, bokgakala jwa dikilometara di le 100 go tswa mo lekgwamolelong. Go na le baithaopi ba ba fetang 800 ba ba dirang kwa lekaleng leno, kwantle ga baithaopi ba bangwe ba le 500 ba ba dirang mo tirong e kgolo ya go aga. Botlhe fela ba mo lefelong le le kotsi.

Kwa nageng ya Morelos, go na le diphuthego tse di ka nnang 50 tsa Basupi ba ga Jehofa tse di nang le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 2000. Dingwe tsa diphuthego tseno, tse di leng kwa Tetela del Volcán le kwa Hueyapan di bogaufi jwa dikilometara di le 20 go tswa mo lefelong la khuti. Mo godimo ga moo, go ya kwa ntlheng ya botlhaba kwa motseng wa Puebla, go na le diphuthego tse di nang le baboledi ba ba ka nnang 600 ba ba nnang bokgakala jwa dikilometara di le 20 go ya go tse 30 go tswa mo lefelong la lekgwamolelo. Ke boammaaruri gore, bano ba ka nna mo kotsing e kgolo.

Basupi ba ga Jehofa ba Nna ba Tlhagafetse

Le fa Basupi ba ga Jehofa ba nna ba tshogile, ga ba a emisa tiro ya bone ya go rera mo lefelong leno. Gape ba tswelela ba bolokile thulaganyo ya bone ya dipokano tsa Bokeresete, e e dirang gore ba ikutlwe ba le seoposengwe e bile ba na le tsholofelo mo maemong ano a a sa itumediseng. (Bahebera 10:24, 25) Pego nngwe go tswa mo go nngwe ya diphuthego tseno e bolela jaana: “Boikutlo jwa batho bo fetogile thata malebana le dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka sekai, mo motsaneng mongwe o monnye, batho ba le 18 ba sa tswa go dumela go nna le thuto ya Baebele ya legae.”

Phuthego e nngwe, e e leng dikilometara di le 20 go tloga mo lefelong la lekgwamolelo, e bega jaana: “Koketsego e nnile kgolo thata. Phuthego eno e ne ya tlhomiwa ka November 1996. Mo dikgweding tse thataro tse di neng tsa latela, batho ba le 10 ba ne ba tshwanelega go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Baboledi bangwe ba nna dikilometara di le 20 fela go tswa mo khuting. Go tshwarelwa dipokano tsa Bokeresete koo, mme go tla batho ba ba ka nnang 40.”

Magdalena, yo o nnang kwa San Agustín Ixtahuixtla, kwa Puebla, e e leng dikilometara di le 25 fela go tswa mo lefelong la lekgwamolelo, o nna a tshwaregile thata ka go tshwara dithuto tsa Baebele. O tlhalosa se se ileng sa diragala nako nngwe fa lekgwamolelo le sena go thunya thata.

“Re ne ra itsisiwe gore re tswe mo matlong a rona, ra dira jalo—go ntse go pomponyega melora. Le fa boemo bo ne bo le kotsi jaana, ke ne ka akanya ka ba lelapa la ga Dorado ba ke ithutang Baebele le bone. Nna le bakaulengwe bangwe re ne ra ya kwa ntlong ya ba ga Dorado go ya go ba thusa go fudugela kwa lefelong le le babalesegileng. Komiti ya namolo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e setse e simolotse tiro mo motseng o o gaufi wa Puebla. Lelapa la ba ga Dorado le ne la kgatlhiwa thata ke tsela e rotlhe re neng re tshwarwa ka yone koo. Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba re baakanyeditse manno mo mafelong a a farologaneng go sa le gale. Re ne re sa tlhoke sepe, le fa gone re ne re le kgakala le magae a rona. Lelapa leno le ne le ntse le ya kwa dipokanong dingwe kwa Holong ya Bogosi, mme ba ne ba gakgamadiwa ke go bona bakaulengwe ba ba iseng ba ko ba kopane le bone ba ba bontsha lorato jalo. Dibeke di sekae fa re sena go boela kwa magarona, lelapa leno le ne la simolola go nna teng kwa dipokanong tsotlhe ka metlha. Go ise go ye kae ba ne ba tshwanelega go nna baboledi ba dikgang tse di molemo. Ba le babedi mo go bone ba setse ba kolobeditswe jaanong. Ba ntse ba direla e le badiredi ba babulatsela ba ba thusang ka dikgwedi di le mmalwa mme ba sa ntse ba dira dithulaganyo tsa gore ba tsenele tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha.”

Martha, yo e leng mosetsana wa dingwaga di le 20 yo o nnang dikilometara di le 21 go tswa mo khuting ya lekgwamolelo, ga a ka a letla gore bogole jwa gagwe bo mo thibele go dirisa tshono nngwe le nngwe go rera. O ne a ithuta boammaaruri dingwaga tse tharo tse di fetileng fa lekgwamolelo le ne le simolola go thunya gape. Go na le gore a dirise setulo sa maotwana, se go leng thata go se laola mo lefelong le le dithaba le a nnang mo go lone, o palama tonki gore a nne le seabe mo tirong ya go rera. Gape o dirisa tonki eo go ya dipokanong. Martha o leboga Jehofa thata go bo e le karolo ya bokaulengwe jo bo lorato, ka gonne o ikaegile ka thuso ya bokgaitsadi mo phuthegong go palama le go fologa tonki. O dirisa diura tse di fetang 15 kgwedi nngwe le nngwe mo bodireding.

Mo mafelong ano a a kwa thoko, gantsi Basupi ba ga Jehofa ba gatelelwa ke baagelani ba bone gore ba keteke le bone malatsi a boikhutso a bodumedi. Kwa Tulcingo, e leng motsana o o ka nnang dikilometara di le 20 go tswa mo lefelong la lekgwamolelo, monna mongwe o ne a newa tiro ya gore a etele Basupi gore a kgobokanye meneelo ya mekete eno. Bakaulengwe ba ne ba mo tlhalosetsa ka bopelotelele gore ke ka ntlha yang fa ba sa nne le seabe mo malatsing ao a boikhutso a bodumedi. Monna yono o ne a leka ka bojotlhe go bona madi mo bakaulengweng mo e leng gore o ne a simolola go ba etela, gore a tle a itse dingwe tsa dilo tse ba di dumelang. O ne a itumelela go bona dikarabo tsa dipotso tsa gagwe mo Baebeleng ya gagwe ya Katoliki. Ene le mosadi le morwadie ba na le ngwaga ba ntse ba nna teng ka metlha kwa dipokanong mme o bolela gore o batla go nna mmoledi wa dikgang tse di molemo.

O ka Ipaakanyetsa Jang?

Batho ba ba ithutang ka makgwamolelo ba dira dipatlisiso tsa bone mme ba bo ba ntsha dipego malebana le Popocatépetl e e tshosetsang, mme ga go na ope tota yo o itseng gore go tla diragala eng kana gore go tla diragala leng. Go ya ka metswedi ya dikgang le batho ba ba nnang gaufi, lekgwamolelo leno le ka thunya nako nngwe le nngwe. Matshosetsi a lone ke a mmatota. Gone mme, babusi ba amegile thata mme ba batla go dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang gore ba bo ba ipaakantse ka nako ya fa go tlhaga maemo a a sa lebelelwang. Mme go a utlwala gore ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba tlhagisa batho, ka gonne ga ba batle go tlhotlheletsa batho go fuduga ka bontsi go sa tlhokege. Ka jalo he, motho o tshwanetse go dira eng?

Seane sa Baebele se bolela jaana: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.” (Diane 22:3) Ka jalo, selo se se botlhale e tla nna go tsaya dikgato tse di tshwanelang gore motho a babalesege fa go sa ntse go na le nako ya go dira jalo, e seng go ‘feta fela’ e kete ga go tle go direga sepe, o itlhokomolosa kotsi eno e e boitshegang ya tlholego. Ke kafa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo leno ba lebang kgang eno ka gone.

Bosheng jaana, baemedi ba ofise ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba kopana le balebedi ba ba etang ba motse wa Puebla, ba ba leng gaufi thata le diphuthego tse di mo lefelong le le kotsi. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore balebedi ba ba etang le maloko a komiti ya namolo ba etele lelapa lengwe le lengwe le le nnang bokgakala jwa dikilometara di le 25 go tswa mo khuting ya lekgwamolelo. Malapa ano a ne a thusiwa gore a akanye ka go fuduga go tswa mo lefelong le le kotsi leno pele ga lekgwamolelo le thunya. Go ne ga rulaganngwa dipalangwa le manno go fudusetsa batho ba le 1500 kwa motseng wa Puebla. Malapa mangwe a ne a fuduga go ya go nna le ba losika mo metseng e mengwe.

Tlhagiso ka Selekanyo se se Golwane

Musi, molelo le modumo o o tswang mo lekgwamolelong la Popocatépetl ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore lekgwamolelo le tla tloga le thunya. Botlhe ba ba batlang go falola ba tshwanetse go tsaya ditlhagiso tsa balaodi tsia mme ba tseye dikgato tse di tshwanelang. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong le le gaufi thata le lekgwamolelo ba nna ba ntshitse matlho dinameng gore ba tlhomamise gore ba babalesegile le gore ba thuse ba bangwe go lemoga kotsi e e tlang le gore ba dire sengwe ka gone pele ga go nna thari.

Basupi ba ga Jehofa ba ntshitse matlho dinameng gape ka selekanyo se se golwane malebana le ditiragalo tsa lefatshe tse di amanang le boporofeti jwa Baebele. Dintwa, dithoromo tsa lefatshe, mauba, malwetse le bokebekwa le tsone di botlhokwa fela jaaka dilo tse di diragalang fa lekgwamolelo le tloga le thunya. Ke dilo tsa sesupo se se dikarolo tse dintsi se Jesu Keresete a neng a bolelela pele ka sone gore se tla supa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” Le fa gone go se na ope yo o itseng tota gore bokhutlo bo tla tla leng, ga go na pelaelo ya gore bo tla tla le gore bo gaufi thatathata.—Mathaio 24:3, 7-14, 32-39.

Selo se se botlhokwa thata gompieno ke gore batho gongwe le gongwe ba tseye tlhagiso ya ga Jesu masisi: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho.” (Luke 21:34) Kwantle ga pelaelo go botlhale go dira seno. Fela jaaka ditshupo tse di tlhagisang tsa lekgwamolelo di sa tshwanela go tsewa motlhofo, ga re a tshwanela go itlhokomolosa go atamela ga Morwa motho e bong Jesu Keresete, yo o neng a kgothatsa jaana: “Ka lebaka leno le lona itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”—Mathaio 24:44.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Makasine wa Tsogang! wa March 8, 1997 (ka Seesemane), o ne wa bega ka lekgwamolelo le le tshosetsang leno.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Martha (a palame tonki) le ba bangwe ba neela bosupi gaufi le Popocatépetl

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela