Tiragalo E e Sa Lebalesegeng Kwa Fora
“GA RE BATLE MOTSE WA GA JEHOFA!” go ne ga bolela jalo dipampiri tsa phasalatso tse di neng di manegilwe mo toropong yotlhe. “A re Kopaneng Mmogo re Nne Kgatlhanong le Porojeke ya ga Jehofa” go ne ga rotloetsa jalo setlhopha sengwe sa kganetso. Totatota makgolokgolo a ditlhogo tsa dikgang kwa metsweding ya kanamiso a ne a dira gore batho ka kakaretso ba itse ka tiragalo eno. Go ne ga saenwa makwalo a boitumelo, mme bontsintsi jwa dipampitshana tse di fetang sephatlo sa milione tse di neng di bolela ka porojeke eno di ne tsa tlala mabokose a poso a lefelo leo. E ne e le porojeke efe e e neng ya fudua toropo eno e e ritibetseng ya Louviers, e e ka fa bokonebophirima jwa Fora? Tiro e e neng e sa ntse e akanyediwa ya go aga ofisi ya lekala e ntšha le matlo a bonno a Basupi ba ga Jehofa.
Jehofa o a Godisa
Tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Fora e simologile kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga. Depo ya ntlha ya dibuka tsa Baebele e ne ya bulwa ka 1905 kwa Beauvène, e e ka fa borwa jwa Fora, mme go simolola ka 1919, go ne go na le ofisi e nnye e e neng e dirisiwa kwa Paris. Ofisi ya lekala e ne ya bulwa kafa molaong mo motseng oo ka 1930, mme mo ngwageng o o latelang badiri ba ofisi eno ba ne ba nna mo legaeng la Bethele le le neng le le kwa Enghien-les-Bains, e e ka fa bokone jwa Paris. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, lelapa la Bethele le ne la fudugela gape kwa Paris, mme ka 1959 lekala leno le ne la fudusediwa kwa kagong nngwe e e nang le matlhatlaganyane a matlhano kwa Boulogne-Billancourt, e e ka fa bophirima jo bo kwa thoko jwa motsemogolo ono.
Ka ntlha ya go oketsega ga tiro ya go rera ka Bogosi, ka 1973 dikago tsa bogatisetso le tsa thomelo di ne tsa fudusediwa kwa Louviers, dikilometara di le 100 ka fa bophirima jwa Paris, fa diofisi di ne di sa ntse di le kwa Boulogne-Billancourt. Le fa go ntse jalo, go oketsega ga palo ya baboledi kwa Fora go ne ga dira gore dikago tse di kwa Louviers di se ka tsa lekana, le mororo di ne tsa atoloswa ka 1978 le ka 1985. Ka jalo go ne ga dirwa tshwetso ya gore go atoloswe le go tlisa lelapa lotlhe la Bethele mmogo mo lefelong le le lengwe fela. Porojeke eno e ne e sa amogelwe ke mongwe le mongwe, jaaka go umakilwe kwa tshimologong. Go sa kgathalesege kganetso e e ntseng jalo, go ne ga bonwa setsha mo e ka nnang kilometara e le nngwe le sephatlo go tswa kwa bogatisetsong. Go ne ga simolola go dirwa ka natla ka dingwaga tse thataro, mme kgabagare, morago ga dingwaga di le 23 lelapa la Bethele le sa nne mmogo, le ne la kopana mmogo kwa Louviers ka August 1996.
Ka jalo tota go ne go itumedisa gore boidiidi jwa batho ba ba itumetseng ba le 1187, go akaretsa le maloko a le 300 a lelapa la Bethele la Fora, le baeng ba le 329 ba ba neng ba tswa kwa makaleng a mangwe a le 42, ba ne ba kokoane mmogo ka Matlhatso, November 15, 1997, go tla go reetsa puo e e kgakolang e e neng e neelwa ke Mokaulengwe Lloyd Barry, e leng leloko la Setlhopha se se Laolang. Le fa go ntse jalo, e re ka go kgakolwa gono go ne ga diragala ka nako ya fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bontshiwa letlhoo le le feteletseng, e bile metswedi ya dikgang e ne ya ba senya leina ka lobaka lo loleele jaana kwa Fora yotlhe, go ne ga akanngwa gore Basupi botlhe ba kwa Fora ba ne ba tshwanetse go kopanela mo go ketekeng phenyo eno. Ka gone, ka Sontaga, November 16, pokano e e kgethegileng e e neng e na le setlhogo se se reng “Nnelang Ruri mo Loratong Lwa ga Keresete” e ne ya rulaganngwa kwa Villepinte Exhibition Center, e e ka fa bokone fela jwa Paris. Basupi ba ga Jehofa botlhe kwa Fora mmogo le Basupi ba ba buang Sefora kwa Belgium le Switzerland ba ne ba lalediwa, mmogo le diphuthego kwa Boritane, Jeremane, Luxembourg le kwa Netherlands.
Kokoano e Kgolo Thata e Bile e le Botlhokwatlhokwa
Dipaakanyo tsa kokoano eno di ne tsa simololwa dikgwedi di le thataro pele ga moo. Mme e ne ya re dibeke di le pedi fela pele ga kgakolo, bakgweetsi ba dilori ba kwa Fora ba ne ba nna le seteraeke, ba ne ba tswala ditsela tse dikgolo le diteishene tsa peterole. A ditulo le didirisiwa tse dingwe di ne di tla tla ka nako? A go thibiwa ga ditsela go ne go tla dira gore bakaulengwe ba se ka ba tla? Botlhe ba ne ba wela makgwafo fa, mo sebakeng sa beke fela seteraeke se ne se setse se fedile, mme ditsela di ne di bulegetse dikoloi gape. Mo maitseboeng a Labotlhano wa pele ga mafelobeke a go kgakolwa, diteraka di le 38 di ne tsa tlisa ditulo di le 84 000 kwa diholong tse dikgolo tse pedi tse di neng di hiretswe tiragalo eno. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang 800 ba ne ba bereka bosigo jotlhe go fitlha ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya borobongwe mo mosong wa Matlhatso ba ntse ba baya ditulo, serala, didirisiwa tsa modumo le dikirini tsa bidio tse dikgolo tse robonngwe.
Ka 6:00 a.m. ka Sontaga mo mosong, dikgoro di ne tsa bulwa, mme boidiidi jwa batho bo ne jwa simolola go thelesegela mo teng. Diterena tse di hirilweng di ka tshwara 17 di ne tsa tlisa Basupi ba ba fetang 13 000 kwa motsemogolong ono. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba fetang makgolo a mabedi ba lefelo leo ba ne ba le gone kwa diteisheneng tsa terena go tla go dumedisa batsamai le go tsamaya le bone ka ditlhopha go ya kwa lefelong la kopano. Kgaitsadi mongwe o ne a bolela gore thulaganyo eno e e lorato e ne ya ba dira gore ba “ikutlwe ba sireletsegile e bile ba itumetse.”
Bangwe ba ne ba tla kwa Paris ka difofane kana ka dikoloi. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone bo ne jwa tla ka dibese di le 953, fa Basupi ba kwa Paris, ba ne ba dirisa dipalangwa tsa batho botlhe go ya kwa Exhibition Center. Ba le bantsi ba ne ba tsamaya bosigo jotlhe kana ba tlogile kwa magaeng a bone go le makuku, mme boitumelo jo ba neng ba na le jone kwa pokanong eno bo ne bo bonwa ke mang le mang. Dilelo tsa boitumelo le go tlamparelana ka lorato go ne go supa go kopana gape ga ditsala tse di neng di sa bolo go kgaogana ka dingwaga di le dintsi. Diaparo tse di mebalabala tsa setso di ne di dira gore boidiidi bo lebege e le jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe. Kwantle ga pelaelo, sengwe se se sa tlwaelegang se ne sa diragala.
Ka nako ya fa thulaganyo e simolola, ka 10:00 a.m., go ne go se na ditulo tse di setseng, le fa go ntse jalo makgolokgolo a batho a ne a ntse a goroga mo motsotsong mongwe le mongwe. Gongwe le gongwe kwa motho a neng a leba teng, o ne a bona difatlhego tse dintsintsi tsa batho ba ba itumetseng. Diketekete tsa batho di ne di eme ka maoto kana di ntse mo bodilong jwa semente. Go dumalana le setlhogo sa kopano eno, basha ba le bantsi ba ne ba ema ka tsela e e lorato ba sutela bagolo gore ba nne fa fatshe. “A bo re ne re itumetse jang ne fa re ne re sutela bakaulengwe le bokgaitsadi ba re neng re sa ba itse, mme re ba rata fela thata!” go ne ga kwala jalo banyalani bangwe. Ba le bantsi ba ne ba bontsha boikutlo jo bo molemo jwa go intsha setlhabelo: “Re ne ra ema ka maoto mo thulaganyong yotlhe gaufi le ditulo tse re neng ra thusa go di baya sentle mo bosigong jotlhe jwa Labotlhano. Mme go nna teng fela go ne ga dira gore re leboge Jehofa thata.”
Go sa kgathalesege letsapa kana go kokonelwa, baeng ba ne ba reetsa ka kelotlhoko dipego tse di tswang kwa dinageng tse dingwe le dipuo ka Lloyd Barry le Daniel Sydlik, yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang. Mokaulengwe Barry o ne a bolela ka setlhogo se se reng “Jehofa o Totisa Nonofo,” mme o ne a bontsha ka phepafalo kafa Jehofa a ileng a segofatsa batho ba gagwe ka gone ka koketsego go sa kgathalesege diteko tse di farologaneng. Puo ya ga Mokaulengwe Sydlik e ne e na le setlhogo se se reng “Go Itumela Batho ba Modimo wa Bone e Leng Jehofa!” Dipuo tseno ka bobedi di ne di le mo nakong ka ntlha ya kganetso e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba lebane le yone kwa Fora. Mokaulengwe Sydlik o ne a bontsha gore boitumelo jwa boammaaruri ga bo a ikaega ka dilo tse di kafa ntle mme bo ikaegile ka kamano ya rona le Jehofa le tsela e re lebang botshelo ka yone. Potso e a neng a e botsa bareetsi ya gore, “A lo itumetse?” e ne ya arabiwa ka go iteelwa ga magofi kwa godimo.
Kgaitsadi mongwe yo o neng “a sa tlhole a itumetse” o ne a kwala jaana moragonyana: “Ka bonako fela ke ne ka lemoga gore ke ne nka itumela le nna. Ke ne ke ntse ke bo batlela go sele, mme ka puo eno, Jehofa o ne a mpontsha gore ke ne ke tlhoka go fetoga.” Mokaulengwe yo mongwe o ne a bolela jaana: “Jaanong ke batla go lwela gore ke itumedise pelo ya ga Jehofa. Ga ke batle go dumelela sepe gore se tlose boitumelo jo ke setseng ke na le jone mo pelong.”
Fa pokano eno e ela go fela, modulasetulo o ne a itsise ka matlhagatlhaga palo ya batho ba ba neng ba le gone: 95 888—kokoano ya Basupi ba ga Jehofa e e di fetang tsotlhe tse di kileng tsa nna gone kwa Fora!
Morago ga pina e e konelang, e ba le bantsi ba neng ba e opela ba ntsha dikeledi tsa boitumelo, le thapelo ya bofelo, bakaulengwe ba ne ba ipaakanyetsa loeto lwa go boela kwa gae ba na le maikutlo a a kopaneng. Lorato le botsalano jo bo neng bo le teng mo kokoanong eno di ne di bonwa ke mang le mang. Dikakgelo di le dintsi tse di siameng ka boikutlo jwa baeng di ne tsa dirwa ke bakgweetsi ba dibese. Gape ba ne ba kgatlhilwe ke thulaganyo e e neng e dira gore dibese tsotlhe di le 953 di tswe kwa Exhibition Center mo diureng di le pedi fela go se na pharakano ya dikoloi! Gape boitshwaro jwa baeng bo ne jwa itumelelwa ke badiri ba terena le ba dipalangwa tsa botlhe. Go ne ga latela dipuisano tse di molemo di le dintsi, mme go ne ga neelwa bosupi jo bo molemo.
“Motswedi wa Metsi mo Sekakeng”
Moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresetekaene jaana: “A re akanyetsaneng go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo, . . . re kgothatsana, mme segolobogolo ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Eleruri, pokano eno e e kgethegileng e ne e kgothatsa botlhe, e le “motswedi wa metsi mo sekakeng” jaaka kgaitsadi mongwe a ne a e tlhalosa. “Re ile ra tsamaya re thatafaditswe, re kgothaditswe, re nonofile, e bile re ikemiseditse go feta le e leng pele gore re itumele mo tirelong ya ga Jehofa,” go ne ga kwala jalo bakaulengwe ba ba neng ba tswa kwa lekaleng la Togo. “Ba ba neng ba kgobegile marapo ba ne ba boela gae ba itumetse,” go ne ga bolela jalo molebedi mongwe wa potologo. “Bakaulengwe ba ne ba tlhotlhelediwa le go nonotshiwa,” go ne ga bolela jalo yo mongwe. “Ga re ise re ikutlwe re le gaufi thata jaana le phuthego ya ga Jehofa,” banyalani bangwe ba ne ba tlhotlheletsega go kwala jalo.
Mopesalema o ne a bolela jaana: “Lonao lwa me lo eme fa go papannweng; ke tlaa baka Jehofa mo diphuthegong.” (Pesalema 26:12) Dikokoano tse di ntseng jalo tsa Bokeresete di thusa botlhe gore ba tsosolose sesha bomoya jwa bone le fa ba lebanwe ke dikgoreletsi. Kgaitsadi mongwe o ne a tlhomamisa jaana: “Go sa kgathalesege ditlalelo dipe, ditiragalo tse di jaaka tseno tse di molemolemo di nweleletse thata mo dipelong tsa rona mme di tla nnela ruri gore di nne di re gomotse.” Ka mo go tshwanang, molebedi mongwe yo o etang o ne a kwala jaana: “Fa dinako tsa mathata di tlhaga, go gakologelwa tebelelo eno ya Paradaise go tla re thusa gore re di itshokele.”
Pesalema 96:7 e rotloetsa jaana: “Ntshetsang Jehofa, lona ditshika tsa ditšhaba; nayang Jehofa kgalalelo le thata.” Kwantle ga pelaelo, go kgakolwa ga dikago tsa lekala le lesha kwa Fora ke phenyo e e goelediwang ya ga Jehofa. Ke ene fela yo o neng a ka dira gore porojeke eno e dirwe go sa kgathalesege kganetso e e neng e ikemiseditswe e bile e anamisitswe. Basupi ba ga Jehofa kwa Fora ba ititeile sehuba go feta le e leng pele gore ba ‘nne mo loratong lwa ga Keresete’ le go dira gore ‘lesedi la bone le phatsime.’ (Johane 15:9; Mathaio 5:16) Botlhe ba ba neng ba le gone mo thulaganyong ya go kgakolwa kwantle ga pelaelo ba ne ba nna le boikutlo jono jwa ga mopesalema: “Mo, ke mo go dirilweng ke Jehofa; go a gakgamatsa mo matlhong a rona.”—Pesalema 118:23.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Lloyd Barry
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Daniel Sydlik
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ba le 95 888 ba ne ba nna gone mo thulaganyong e e kgethegileng kwa Villepinte Exhibition Center
[Ditshwantsho mo go tsebe 28]
Batho ba ba diketekete ba ba neng ba le gone ba ne ba eme ka maoto kana ba ntse fa fatshe ba reeditse