LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 2/15 ts. 3-4
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Leboga?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Leboga?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tila go se Leboge
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
  • RE LEBOGELA ‘TSHOLOFELO YA RONA E E ITUMEDISANG’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Tlhagolela Moya wa go Leboga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • ‘Lebogelang Dilo Tsotlhe’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • A o Tla Dirisa Tshono Eno?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 2/15 ts. 3-4

Ke Eng fa re Tshwanetse go Leboga?

KA NTLHA ya go ariwa mokwatla Harley o ne a patelesega go fetola tiro ya gagwe ya go dira ka metšhini a nna tlelereke kwa ofising. Fa a ne a bodiwa gore o ikutlwa jang ka phetogo eno, Harley o ne a bolela jaana: “Ke tlhologelelwa go bereka ka metšhini. Mme, fa ke bua boammaaruri fela, ke rata tiro ya me ya gone jaanong go feta tiro ya me ya pele.”

Fa Harley a bolela lebaka le le dirang gore a kgotsofale jalo, o tlhalosa jaana: “Ke boikutlo jwa batho ba ke berekang le bone. Go farologana le kwa tirong ya me ya pele, mookamedi wa me le badirikanna ba anaanela se ke se dirang mme ba rata go akgola. Seno se dirile pharologano e kgolo thata.” E re ka Harley a ikutlwa a le mosola e bile a tlhokega, ke modiri yo o itumetseng jaanong.

Mafoko a kakgolo kana a tebogo, fa a tshwanela, a itumedisa tota. Mo letlhakoreng le lengwe, ditlamorago tsa go sa leboge, di ka nna botlhoko fela jaaka Shakespeare a ile a bolelela jaana: “Foka, o foke wena phefo ya mariga, ga o setlhogo jaaka motho yo o sa lebogeng.” Ka maswabi, ba le bantsi ba ile ba direlwa bosetlhogo jo bo ntseng jalo.

Tila go se Leboge

Mo lefatsheng la segompieno batho ga ba tlhole ba dirisa mafoko a tebogo a a tswang pelong. Ka sekai, mokwadi mongwe o ne a botsa potso eno: “Fa monyadiwa a ile a ipha nako ya go kwala diaterese tsa ditaletso tsa lenyalo di le 200, ke ka ntlha yang fa a sa iphe nako ya go kwala makwalonyana a go lebogela dimpho di le 163?” Gantsi tota le mafoko a a motlhofo jaaka “ke a leboga” ga a buiwe. Go leboga go nna go tseelwa sebaka thata ke boikutlo jwa nna pele. Boemo jono ke sengwe sa dilo tse di tshwayang metlha ya bofelo. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhagisa jaana: “Lo tshwanetse go lemoga gore mo metlheng ya bofelo go tla bo go na le dikotsi tse dintsi. Batho ba tla bo ba ikakanyetsa thata . . . Ba tla bo ba tlhoka tebogo thata.”—2 Timotheo 3:1, 2, Phillips.

Mo makgetlhong a mangwe, go leboga go emisediwa ka go fora. Motho o leboga go tswa pelong e se gore o batla go solegelwa molemo. Le fa go ntse jalo, gantsi go fora ga go tswe mo pelong e bile go feteletsa dilo, go ka bakiwa ke boikutlo jwa bogagapa jwa go batla go tseelwa kwa godimo kana go iponela melemo e e rileng. (Jude 16) Kwantle ga gore puo e e ntseng jalo e e borethe e tsietsa motho, gape e jala boikgogomoso le boikgodiso. Ka jalo he, ke mang yo o batlang go forwa ka tsietso? Mme tebogo ya mmatota e kgothatsa tota.

Motho yo o lebogang o solegelwa molemo ka go dira jalo. Boipelo jo a nang najo ka ntlha ya go leboga go tswa mo pelong bo oketsa boitumelo le kagiso ya gagwe. (Bapisa Diane 15:13, 15.) Mme e re ka go leboga e le nonofo e e siameng, go mo sireletsa gore a se ka a nna le maikutlo a a sa siamang a a jaaka bogale, lefufa le go kgopisega.

“Itshupeng Lo na Le Tebogo”

Baebele e re kgothaletsa go tlhagolela moya wa go leboga. Paulo o ne a kwala jaana: “Malebang le sengwe le sengwe lebogang. Gonne seno ke thato ya Modimo seoposengweng le Keresete Jesu mabapi le lona.” (1 Bathesalonika 5:18) Mme Paulo o ne a gakolola Bakolosa jaana: “A kagiso ya ga Keresete e laole mo dipelong tsa lona . . . Mme itshupeng lo na le tebogo.” (Bakolosa 3:15) Dipesalema di le dintsi di na le mafoko a tebogo, a a supang gore go leboga go go tswang mo pelong ke nonofo ya bomodimo. (Pesalema 27:4; 75:1) Ga go pelaelo gore, Jehofa Modimo o a itumela fa re supa go lebogela dilo tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo.

Mme ke mabaka afe a a dirang gore go nne thata gore re tlhagolele moya wa go leboga mo lefatsheng leno le le se nang tebogo? Re ka bontsha jang boikutlo jwa go leboga mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela