LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 1/15 ts. 23-28
  • Go Nonotsha Tumelo ya Rona mo Lefokong la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nonotsha Tumelo ya Rona mo Lefokong la Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefoko la Modimo ke Boammaaruri—Motswedi wa Tumelo ya Rona
  • Etsa “Moitekanedisi wa Tumelo ya Rona”
  • Tshela ka Ntlha ya Tumelo
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Supa Tumelo e e Thailweng mo Boammaaruring
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 1/15 ts. 23-28

Go Nonotsha Tumelo ya Rona mo Lefokong la Modimo

GO NA le batho ba bantsi ba ba badileng Baebele go gaisa buka epe e nngwe. Mme ke ba le ba kae ba ba supang gore ba dumela molaetsa wa yone? Baebele ka boyone e tlhalosa gore “tumelo ga se thuo ya batho botlhe.” (2 Bathesalonika 3:2) Ee ruri, ga re a tsholwa re na le tumelo. E tshwanetse go nonotshiwa. Tota le bao ba nang le tumelonyana ga ba a tshwanela go e itlhokomolosa. Tumelo e ka koafala e bo e fela. Ka jalo, go tlhokega maiteko go nna o ‘itekanetse mo tumelong.’—Tito 2:2.

Ke ka mabaka a a utlwalang he, go bo Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ile sa tlhopha setlhogo se se reng “Tumelo mo Lefokong la Modimo” go nna setlhogo sa metseletsele ya dikopano tsa bone tsa kgaolo tsa 1997/98. Basupi ba le dimilione le ba bangwe ba ile ba nna le tshiamelo ya go kopana mmogo gore ba nonotshe tumelo ya bone mo Lefokong la Modimo.

Lefoko la Modimo ke Boammaaruri—Motswedi wa Tumelo ya Rona

Seno e ne e le setlhogo sa kopano sa letsatsi la ntlha. Se ne sa simololwa ka gore go akgolwe ba ba leng teng. Go nna gone kwa kopanong e ne e le bosupi jwa gore motho o tlotla Baebele. Le fa go ntse jalo, go ne ga bodiwa dipotso tse di dirang gore motho a akanye malebana le nonofo ya tumelo: ‘A re kgona go emela se re se dumelang, re dirisa Lefoko la Modimo go nna motswedi wa tshedimosetso? A re anaanela dijo tsa semoya, le ka motlha re sa itlhokomolose Baebele, dipokano tsa phuthego, le dikgatiso tsa Baebele? A re a gola mo loratong, mo kitsong ya boammaaruri le mo temogong?’ Sebui se ile sa kgothaletsa botlhe gore ba reetse ka kelotlhoko, a tlhalosa gore, “Kopano eno ya Kgaolo ya ‘Tumelo mo Lefokong la Modimo’ e ile ya baakanyediwa go re thusa go itlhatlhoba le go sekaseka selekanyo sa nonofo ya tumelo e mongwe le mongwe wa rona a nnang le sone.”

Puo ya setlhogo e ne e na le setlhogo se se reng “Go Tsamaya ka Tumelo, E Seng ka Pono.” (2 Bakorintha 5:7) “Tumelo ya batho ba e nnang Basupi ba ga Jehofa ga se ya go nna dumelagotlhe,” sebui se ne sa bolela jalo. A bo seo se le boammaaruri jang ne! Tumelo ya mmatota ga se e e sa boneng. E theilwe mo dilong tsa mmatota. Bahebera 11:1 e bolela jaana: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota lefa di sa bonwe.” Sebui se ne sa akgela jaana: “Fa e le gore tota re tla tsamaya ka tumelo, re tlhoka tumelo e e nonofileng.” E re ka re tsamaya ka tumelo e seng ka pono, ga re tlhoke ditlhaloso tse dintsi tsa gore Jehofa o tla diragatsa jang le gore o tla diragatsa leng karolo nngwe le nngwe ya boikaelelo jwa gagwe. Se re setseng re se itse ka ga gagwe se dira gore re nne le tshepo e e feletseng ya gore o na le maatla a go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe ka lorato le ka tshiamo.

Puo e e reng “Basha ba Bakeresete—Karolo e e Botlhokwatlhokwa ya Phuthego” e ne e gakolola basha kafa ba leng botlhokwa ka teng mo go Jehofa. Ba ne ba kgothalediwa gore ba gole mo semoyeng ka go ipeela mekgele e e jaaka go bala Baebele yotlhe le go tshwanelegela boineelo le kolobetso. Go batla thuto e e kwa godimo ke kgang e e amang motho ka boene e a e swetsang le batsadi, mme fa e tsewa, boikaelelo e tshwanetse gore e nne go thusa go direla Modimo ka tsela e e nang le matswela. Thuto e e tlwaelegileng e ka nna mosola fa re ‘tlhomamisa dilo tse di botlhokwa segolo’ tse di amanang le tumelo ya rona.—Bafilipi 1:9, 10.

Morago ga foo go ne ga latela simphosiamo ya dipuo tse tharo ka setlhogo se se reng “O Latela Ditekanyetso Tsa ga Mang?” Go dumela mo Lefokong la Modimo go re rotloetsa go latela ditekanyetso tsa Baebele. Bakeresete ba utlwa melao le melaometheo ya ga Jehofa. Ka sekai, Dikwalo di re gakolola gore re se ka ra dirisa puo e e maswe le ya matlhapa. (Baefeso 4:31, 32) Sebui se ne sa botsa jaana: “Fa o tenega kana o kgopisega, a o goela molekane kana bana ba gago mafoko a a kgobang?” Ee ruri, seo e tla bo e se Bokeresete. Gape Modimo o na le ditekanyetso malebana le tebego ya motho. Bakeresete ba tshwanetse go apara “diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo.” (1 Timotheo 2:9, 10) Lefoko “boingotlo” le na le mogopolo wa boitlotlo, tlotlo, boikgapo le go nna tekatekano. Re rotloediwa ke go rata ba bangwe e bile re kaelwa ke melaometheo ya Baebele le ke boikutlo jwa go dira se se siameng.

Dipuo tse pedi tse di latelang di ne di akaretsa tshekatsheko ya temana nngwe le nngwe ya Bahebera 3:7-15 le 4:1-16. Ditemana tseno tsa Baebele di re tlhagisa kgatlhanong le kotsi ya go “kgwaraladiwa ke maatla a a tsietsang a boleo.” (Bahebera 3:13) Re ka atlega jang go lwantshana le boleo? Jehofa o re thusa ka Lefoko la gagwe. Eleruri, “lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla mme . . . le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.”—Bahebera 4:12.

Puo ya bofelo mo letsatsing la ntlha la kopano e ne e le “Buka ya Batho Botlhe.” E ne e gatelela boammaaruri le go tlhomama le mosola wa Baebele. A bo go ne go itumedisa jang ne go utlwa sebui se itsise go gololwa ga boroutšhara jo bosha jwa ditsebe tse 32 jo bo nang le setlhogo se se reng Buka ya Batho Botlhe! Kgatiso e ntšha eno e ne ya gatisetswa thatathata batho bao, le mororo ba rutegile, ba sa itseng sepe ka Baebele. Puo eo e ne ya konela ka mafoko ano: “Batho ba tlhoka go itlhatlhobela Lefoko la Modimo ka bobone. Re tshepa gore fa ba ka e itlhatlhobela ka bobone, ba tla lemoga gore eleruri buka eno e e tlhomologileng e leng Baebele, ke buka ya batho botlhe!”

Etsa “Moitekanedisi wa Tumelo ya Rona”

Setlhogo seno sa letsatsi la bobedi la kopano se ne se bua ka Jesu Keresete “Moitekanedisi wa tumelo ya rona.” Re tshwanetse gore re “latele dikgato tsa gagwe sentlentle.” (Bahebera 12:2; 1 Petere 2:21) Ba le bantsi mo go Labokeresete ba bolelelwa jaana: ‘Dumela mo go Morena Jesu mme o tla bolokiwa!’ Mme a ke sone fela se se tlhokegang go nna le tumelo? Baebele e bolela gore “tumelo kwantle ga ditiro e sule.” (Jakobe 2:26) Ka jalo, mo godimo ga go dumela mo go Jesu, re tshwanetse go dira ditiro tse a neng a di dira, segolobogolo ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.

Thulaganyo ya mo mosong e ne e remeletse thata mo tirong ya boefangele. Jaaka Paulo, re tshwanetse go tlhoafalela go bolela dikgang tse di molemo tsa poloko. (Baroma 1:14-16) Jesu o ne a rerela batho gongwe le gongwe. Le fa bodiredi jwa rona jwa ka metlha jwa ntlo le ntlo bo na le matswela, batho ba bantsi ga ba yo kwa gae fa re ba etetse. (Ditiro 20:20) Ba le bantsi ba kwa sekolong, ba kwa tirong, ba ile go reka kana ba mo loetong. Ka jalo, re tshwanetse gape gore re rere mo mafelong a botlhe le gongwe le gongwe koo go ka bonwang batho gone.

Puo e e reng “Nama Medi e Bile o Tsepamisitswe mo Boammaaruring” e ne e re gakolola ka palo e kgolo ya barutwa ba basha ba ba kolobediwang—palogare ya ba ba fetang 1000 letsatsi lengwe le lengwe! Go botlhokwa gore batho bano ba ba sa tswang go kopanela ba name medi le go tsepama mo boammaaruring. (Bakolosa 2:6, 7) Sebui se ile sa tlhalosa gore medi ya mmatota e monya metsi le dikotla fa ka nako e e tshwanang e dira gore semela se itsetsepele kana se itshetlege. Barutwa ba basha le bone ba ka tsepama mo boammaaruring ka go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta le go itsalanya le batho ba ba molemo.

Kgakololo eno e ne e tshwanela thata ba ba yang kolobetsong. Ee, ka letsatsi la bobedi la kopano, go ne ga kolobediwa matshutitshuti a barutwa ba basha, ba latela sekao sa ga Jesu. Puo e e reng “Tumelo mo Lefokong la Modimo e Isa Kwa Kolobetsong” e ne e gakolola ba ba yang kolobetsong gore go nwediwa gotlhelele mo metsing ke sesupo se se tshwanelang sa go swa mo tseleng ya bone ya pele ya go itshelela. Go inolwa ga bone mo metsing go tshwantshetsa go tsosediwa ga bone go dira thato ya Modimo.

Puo e e reng “Lo Tlhabanele Tumelo ka Thata” e ne e theilwe mo bukeng ya Baebele ya Jude. Re ne ra kgothalediwa gore re sireletse tumelo ya rona kgatlhanong le ditlhotlheletso tse di bosula tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang, botsuolodi le botlhanogi. Morago ga foo, go ne ga buiwa thata le batsadi—segolobogolo borre—mo puong e e reng “Tlamela Lelapa la Gago.” Go tlamela lelapa ka dilo tsa semoya, tsa nama le tsa maikutlo ke boikarabelo jo bo tswang mo Dikwalong. (1 Timotheo 5:8) Seno se tlhoka nako, puisano le go atamelana. Eleruri Jehofa Modimo o itumedisiwa ke tiro e e bokete e batsadi ba Bakeresete ba e dirang go godisetsa bana ba bone mo boammaaruring.

Simphosiamo e e latelang e e reng “A re Yeng Kwa Ntlong ya ga Jehofa,” e nonotsha kanaanelo ya rona ka dipokano tsa Bokeresete. Di dira gore re ikhutse mo ditlhobaelong tsa lefatshe leno. Kwa dipokanong re na le tshono ya go kgothatsana mme re ka supa kafa re ratang badumedikarona ka teng. (Bahebera 10:24, 25) Dipokano gape di re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go nna barutisi mme di oketsa tsela e re tlhaloganyang maikaelelo a Modimo ka yone. (Diane 27:17) E kete le ka motlha re se ka ra ikgogona mo phuthegong, mme a re gakologelweng mafoko ano a ga Jesu: “Koo go nang le ba le babedi kgotsa ba le bararo ba phuthegile ka leina la me, ke gone koo mo gare ga bone.”—Mathaio 18:20.

Puo ya bofelo ya letsatsi leo e ne e le e e reng “Boleng Jwa Tumelo ya Gago—Bo a Lekwa Jaanong.” Tumelo e e sa lekwang ga e na boleng jo bo bonalang mme boleng jwa yone ga bo itsiwe. E tshwana le tšheke e madi a yone a iseng a gogwe. A ruri tlhwatlhwa ya yone e lekana le madi a a kwadilweng mo go yone? Tumelo ya rona le yone e tshwanetse go lekwa go bontsha gore e botlhokwa go le kana kang le gore ke ya mmatota. (1 Petere 1:6, 7) Sebui se ne sa bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe, metswedi ya dikgang mmogo le babusi ba lefatshe ba tlhotlhelediwa ke baruti le batenegi go re latofatsa ka maaka, ba tlhalosa tumelo ya rona ya Bokeresete le tsela e re tshelang ka yone ka tsela e e sa siamang. . . . A re tla letla gore ba ba foufaditsweng ke Satane go re tshosetsa le go re ngodiegisa ba dira gore re tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo? A re tla letla gore maaka a a buiwang ka ga boammaaruri a ame go ya ga rona kwa dipokanong ka metlha le tiro ya rona ya go rera? Kana a re tla ema re nitame re le pelokgale re ititeile sehuba go feta le e leng pele gore re tla tswelela pele re bolela boammaaruri ka ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe?”

Tshela ka Ntlha ya Tumelo

Setlhogo sa letsatsi la boraro la kopano se ne se theilwe mo mafokong ano a ga Paulo: “Go a bonala gore ka molao ga go na ope yo o bolelwang e le yo o siameng mo Modimong, ka gonne ‘mosiami o tla tshela ka ntlha ya tumelo.’” (Bagalatia 3:11) Simphosiamo ya “Mafoko a ga Joele a Boporofeti mo Motlheng wa Rona,” e ne e le dintlhakgolo tsa mosong oo. Buka ya ga Joele e bua ka metlha ya rona mme e bolela jaana ka tsela e e potlakileng: “Ija we! A letsatsi le legolo! Gonne letsatsi la ga Jehofa le atametse, le tlaa tla jaaka tshenyo e e tswang kwa go Mothatayotlhe.” (Joele 1:15) Ka tsela e e tshwanang le ya ditsie tse di sa ngodiegeng, Bakeresete ba ba tloditsweng ga ba a ka ba letla sepe go kgoreletsa go rerwa ga Bogosi mo metlheng eno ya bofelo.

Buka ya Joele gape e neela tsholofetso ka go bolela jaana: “Le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa.” (Joele 2:32) Seno se raya mo gontsi go feta fela go dirisa leina la ga Jehofa. Go tlhokega gore motho a ikwatlhaye go tswa mo pelong mme se se akaretsa go tlogela ga rona bosula. (Joele 2:12, 13) Ga go na nako ya go diega ka gonne Jehofa o tla tloga a diragatsa katlholo mo ditšhabeng, fela jaaka a dirile ka Moabe, Amone le ba thaba ya Seira mo motlheng wa ga Kgosi Jehošafate wa Juda.—2 Ditirafalo 20:1-30; Joele 3:2, 12.

Re ne ra kgothadiwa rotlhe ke puo e e reng “Bontsha Tumelo ka go Lebelela mo go Jehofa.” Jaanong ka re tseneletse kwa tengteng ga metlha eno ya bofelo, re kgothadiwa ke go leba kwa morago re bona jaaka fa ditsholofetso tse dintsi tsa ga Jehofa di ntse di diragadiwa mme re lebile pele ka kgatlhego e kgolo go bona dilo tse dingwe di diragadiwa. Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go tswelela pele ba supa bopelotelele, ba gakologelwa gore sengwe le sengwe se Modimo a se solofeditseng se tla diragala.—Tito 2:13; 2 Petere 3:9, 10.

Thulaganyo ya mo mosong e ne ya konela ka terama ya “Leitlho la Gago le se Raraane.” Terama eno e e utlwalang e ne ya re kgothatsa gore re tlhatlhobe boikutlo jwa rona malebana le go batla go nna le dithoto. Le fa re ka tswa re nna kae, fa re batla gore botshelo jwa rona bo se ka jwa nna le ditlhobaelo, re tshwanetse go latela kgakololo ya ga Jesu ya go boloka leitlho la rona le sa raraana, re le tlhomile mo Bogosing jwa Modimo.—Mathaio 6:22.

Puo ya phatlalatsa e ne e na le setlhogo se se kgatlhang se se reng “Tumelo le Isagwe ya Gago.” E ne e neela bosupi jwa gore baeteledipele ba batho ba palelwa ke go rarabolola mathata a lefatshe. (Jeremia 10:23) Hisitori ya batho e nna e ipoeletsa—ka selekanyo se segolo le ka tsela e e senyang thata. Basupi ba ga Jehofa ba akanya eng ka isagwe? Re dumela gore batho ba ba ikanyegang ba na le isagwe e e itumedisang kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 5:5) Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe gore di solegele molemo botlhe ba ba dumelang mo Lefokong la gagwe, le le kgothatsang jaana: “Batlang Jehofa a sa ntse a ka bonwa; mmitseng a sa ntse a le gaufi.”—Isaia 55:6.

Jesu o ne a botsa potso e e botlhokwa malebana le motlha wa rona. O ne a botsa jaana: “Fa Morwa motho a goroga, a tota o tla fitlhela tumelo mo lefatsheng?” (Luke 18:8) Puo ya bofelo e ne ya boeletsa thulaganyo ya kopano mme ya bontsha kafa e ileng ya re neela bosupi jo bo phepafetseng jwa gore batho ba dumela mo Lefokong la Modimo, tota le fa re tshela mo lefatsheng le le se nang tumelo.

Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe a ka nna a ipotsa gore, ‘A ke mongwe wa bao ba nang le tumelo e e nonofileng mo Modimong le mo Lefokong la gagwe?’ Kopano ya Kgaolo ya “Tumelo mo Lefokong la Modimo” e tshwanetse go re thusa go araba potso eo ka ee. Mme a bo re leboga Jehofa jang ne go bo a nonotsha tumelo ya rona mo go ene le mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele!

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Baithaopi ba le bantsi ba ne ba dira ba itumetse go amogela diketekete tsa batlakopanong

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Go ne ga dirisiwa ditadiamo tse dikgolo go ralala lefatshe

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

L. A. Swingle wa Setlhopha se se Laolang o golola boroutšhara jo bosha

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ba le bantsi ba ne ba kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Batlakopanong ba ne ba opela dipina tsa Bogosi ka boitumelo. Tsenyeletso: terama ya “Leitlho la Gago le se Raraane”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela