LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 12/15 ts. 8-10
  • Ba ne Ba “Reka Boammaaruri”!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ne Ba “Reka Boammaaruri”!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Go Kgatlhwa ke Dithuto Tsa Baebele
  • Go Itlhomamisetsa Boammaaruri
  • Go Tsiediwa ke Bodumedi Jwa Maaka
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 12/15 ts. 8-10

Ba ne Ba “Reka Boammaaruri”!

“REKA boammaaruri, mme o se ka wa bo rekisa.” (Diane 23:23) Monna yo o botlhale Solomone o ne a kgothatsa jalo. Le mororo go ka bolelwa jalo ka boammaaruri ka kakaretso, go ka buiwa jalo segolobogolo ka boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo e leng Baebele. Boammaaruri jo bo ntseng jalo bo ka isa kwa botshelong jo bo sa khutleng! (Johane 17:3, 17) Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore, go bona boammaaruri jo bo ntseng jalo ga go itlele fela. Motho o tshwanetse a bo a iketleeditse go bo “reka” se se rayang gore, a intshe setlhabelo kana a ithontshe sengwe gore a bo bone. (Bapisa Mathaio 13:45, 46.) Ka kakaretso fela, batho ga ba ikemisetsa go dira jalo. Mme mo dinageng di le dintsi, batho ba le bantsi ba ba pelokgale ba reka boammaaruri jwa Baebele—gantsi ka go tsaya matsapa a magolo.

Ka sekai, akanya ka Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa nageng ya Afrika Bophirima ya kwa Ghana. Ka June ya 1989, go ne go na le batho ba ba fetang 34 000 mo nageng eo ba ba amogetseng boammaaruri jwa Baebele mme ba bo bolelela ba bangwe ka tlhagafalo. Morago ga foo molao o ne wa baya dithibelo mo tirong ya go rera phatlalatsa. Le fa go ntse jalo, batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ne ba tswelela pele ba “reka boammaaruri”—go sa kgathalesege dikgoreletsi tsa molao. Thibelo e ne ya tlosiwa ka October 31, 1991, mme mo bogareng jwa 1995, dingwaga di le tharo le sephatlo fela fa dithibelo tseo di sena go tlosiwa, palo ya Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng kwa Ghana e ne e oketsegile go fitlha go 46 104! Mme monongwaga palo eno e oketsegile go fitlha go 52 800.

Ke eng se se gogetseng batho mo boammaaruring jwa Lefoko la Modimo? Bangwe ba ne ba tlhoka go intsha setlhabelo jang gore ba ‘reke boammaaruri’? Go bona karabo, a re sekasekeng maitemogelo a Bakeresete ba bararo ba kwa Ghana.

Go Kgatlhwa ke Dithuto Tsa Baebele

A re tseyeng pele mosadi mongwe yo o mo masimologong a dingwaga tsa bo20. Rraagwe e ne e le moruti, le fa go ntse jalo, o ne a tlhopha go tlogela bodumedi jwa ga rraagwe. Lebaka e ne e le eng? Ka ntlha ya go rata ga gagwe boammaaruri.

Ka lekgetlho lengwe o ne a tlhalosa jaana: “Basupi ba ne ba tle ba tle kwa ntlong ya gaetsho fa ba ntse ba tsamaya ka ntlo le ntlo. Fa ke sena go nna le metlotlo e sekae le bone, ke ne ka lemoga gore se ba neng ba se ruta se ne se theilwe mo Baebeleng. Ke ne ka botsa dipotso tse di malebana le dikgang tse di jaaka Tharonngwe, molelo wa dihele, go sa sweng ga moya mme segolobogolo ka go fodisa ka go rapelela. Ke ne ke dumela thata gore dithuto tseno di ne di tswa mo Baebeleng. Mme Basupi ba ne ba nthusa go bona gore go ne go sa nna jalo.”—Go bona se Baebele e se bolelang ka dikgang tse di ntseng jalo, tsweetswee bona Mareko 13:32; Baroma 6:23; Ditiro 10:40; le 1 Bakorintha 13:8-10.

Mosadi yo mosha yono o ne a oketsa jaana: “Le fa go ntse jalo, ba lelapa la me ba ne ba nkganetsa thata, segolobogolo rre. O ne a akanya gore ke a tsiediwa. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore se ke se ithutang mo Basuping ba ga Jehofa e ne e le boammaaruri. Ke ne ka leka go bontsha rre dilo tseno mo Baebeleng, mme o ne a gana go reetsa. Tota e bile, kganetso e ne ya oketsega.

“Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka kgobega marapo. Ke ne ke itse gore ke kitso ya boammaaruri fela e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng mo Paradaiseng, mme ke ne ke ikemiseditse go e ngaparela. Fa Basupi ba lefelo la rona ba utlwa ka mathata a ke lebaneng le one, ba ne ba nthusa ka lorato, ba nkgothatsa le go nnaya dilo dingwe tsa botlhokwa tse ke neng ke di tlhoka. Seno se ne sa dira gore ke tlhaloganye mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 13:35: ‘Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.’ Tumelo ya me ya gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba le mo bodumeding jwa boammaaruri e ne ya nonofa. Moragonyana, fa batsadi ba me ba lemoga gore ke tokafaditse botshelo jwa me, ba ne ba rata se ba se bonang mme boikutlo jwa bone ka nna bo ne jwa fetoga—bo ne jwa fetoga thata jaana mo e leng gore rre o ne a kopa Basupi go ithuta Baebele le kgaitsadiake!”

Go Itlhomamisetsa Boammaaruri

‘Go reka boammaaruri’ ke kgwetlho le mo basheng bangwe ba ba ileng ba godisiwa ke batsadi ba Basupi. Basha bangwe ba rata go tsaya boammaaruri jwa Baebele motlhofo. Fa ba palelwa ke go dira gore boammaaruri jo bo ntseng jalo e nne jwa bone, tumelo ya bone e a reketla, e nna bokoa. (Bapisa Mathaio 13:20, 21.) Nathaniel, monna mongwe wa kwa Ghana yo o mo dingwageng tsa bo30 o bolela ka fa a ileng a “reka boammaaruri” ka gone fa a ne a sa ntse a le mosha.

“Batsadi ba me ba ne ba nthuta Baebele go tloga ka nako ya fa ke sa ntse ke le lesea,” o gakologelwa jalo. “Fa ke ntse ke gola, ke ne ke tsamaya le bone mo tirong ya go rera, mme ke ne ke ise ke dire tshwetso ya go nna Mosupi tota. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore ke tlhoka go itlhatlhobela dilo.

“Sa ntlha, ke ne ke tlhoka go dumela gore Baebele, e seng buka epe e e boitshepo ya bodumedi, ke Lefoko la Modimo. Ka go ithuta ka namana, ke ne ka ithuta gore ke yone fela buka e e boitshepo e e nang le boporofeti jo bontsintsi jo bo ileng jwa diragadiwa ka tsela e e tshwanetseng. Gape ke ne ka ithuta gore Baebele e na le boammaaruri jo bontsi jwa saense—ka sekai, gore lefatshe ‘le lepeletse kwa go seng sepe.’ (Jobe 26:7) Mafoko ano a ne a kwalwa dingwaga tse di diketekete pele ga baitsesaense ba ka itse sengwe ka thulaganyo ya letsatsi. Ke Modimo fela yo o neng a ka kgona go tlhotlheletsa batho go kwala dilo tse di ntseng jalo!a

“Morago ga foo ke ne ke batla go itse gore ke mokgatlho ofe wa bodumedi o o rutang le go tshela go ya ka boammaaruri jo bo rutiwang mo Baebeleng. Bontsi jwa ditumelo di ruta ka molelo wa dihele, Tharonngwe, le go sa sweng ga moya o o tswelelang o tshela morago ga loso. Mme ke ne ke sa tlhaloganye dithuto tseno. Ke ne ke ipotsa gore: A ga se rre yo o bosula yo o tla tsenyang seatla sa ngwana wa gagwe mo pitseng ya metsi a a belang go mo otlhaya? Ka jalo, he, Modimo o o lorato a ka tsenya jang bana ba gagwe mo molelong wa dihele mme a bo a dira gore ba boge? Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ruta go ya ka ditemana tsa Baebele tse di jaaka Baroma 6:23 e e bolelang jaana: ‘Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso’—e seng molelo mongwe wa dihele. Ke ne ke tlhaloganya seno.

“Gape ke ne ka lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba batla gore maloko a bone otlhe a tshele go ya ka melaometheo ya Baebele le gore ba kgaola botlhe ba ba dirang boleo ba sa ikwatlhaye. Ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, ke ne ka swetsa gore Basupi ba ga Jehofa ba na le boammaaruri, mme ka dira tshwetso ka bonna gore ke nne mongwe wa bone. Ke ne ka dira ka natla gore ke tshwanelegele go kolobediwa jaaka Mosupi.”—1 Bakorintha 5:11-13.

Boitemogelo jwa ga Nathaniel bo bontsha sentle gore tota le basha ba ba godisitsweng ke batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go “reka boammaaruri.” Ga ba a tshwanela go ya dipokanong fela ba sa dire sepe. Fela jaaka Baberea ba bogologolo, ba tshwanetse go ‘tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi go bona gore a dilo tseno di ntse jalo.’ (Ditiro 17:11) Seno se tsaya nako le matsapa, mme go ka felela ka tumelo e e nonofileng le go tlhatswega pelo.—Bapisa Baefeso 3:17-19.

Go Tsiediwa ke Bodumedi Jwa Maaka

Monna mongwe wa kwa Ghana yo o bidiwang Godwin o ne a setse a tla tshwara 70 fa a tlogela Kereke ya Presbyterian le Mokgatlho wa Ba-Mason. “Go ne go diragala dilo dingwe kwa kerekeng tse ke neng ke sa di rate,” go bolela jalo Godwin. “Ka sekai, go ne go le dintwa mo teng ga kereke, mme di sa ntse di le teng. Ka dinako tse dingwe mapodise a ne a tshwanela go tla go dira gore go nne le kagiso le tolamo! Ke ne ke akanya gore ga go a tshwanela go nna jalo ka balatedi ba ga Keresete. Go ne ga tsoga bothata fa gare ga me le lelokokanna la Mo-Presbyterian. Kgetsi ya rona e ne ya ya kwa kgotlatshekelong mme monna yoo a bonwa molato. Le fa go ntse jalo, moruti wa kereke o ne a ema le monna yoo go sa tshwanela mme a leka go nkomanya mo pele ga phuthego yotlhe! Ke ne ka mmolelela ka fa ke ikutlwang ka teng mme ka tswa mo kerekeng—ka se ka ka tlhola ke boa.

“Go ne ga feta nakonyana e e rileng, mme Basupi ba ga Jehofa ba nketela kwa ntlong ya me. Sa ntlha ke ne ka reetsa fela ka go bo ke ne ke sa batle go koba batho ba ba buang ka Modimo. Mme ke ne ka lemoga gore tota le fa ke ne ke le leloko la Presbyterian ka dingwagangwaga, go ne go na le dilo tse dintsi tse ke neng ke sa di itse ka Baebele. Ka sekai, ke ne ke ise ke ko ke itse gore Baebele e na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng mo lefatsheng.b Mme fa ke simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka kgatlhwa thata ke maitseo, mme segolobogolo ke moaparo le go ikgabisa ga basha ba bone. Bano e ne e le batho ba ba neng ba tshela ka melaometheo ya Baebele tota!”

Le fa go ntse jalo, ‘go reka boammaaruri’ go ne go tlhoka gore a dire diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. Godwin o gakologelwa jaana: “Ke ne ke le leloko la Mokgatlho wa Ba-Mason. Mme le mororo o ne o itsege e le mokgatlho o o botsalano o o thusang maloko a yone, ke ne ka boloka dingwao dingwe tse di neng di akaretsa go dirisiwa ga magata le marapo le go kopa thuso ya mewa. Mewa eno e ne e tshwanetse go thusa ba ba neng ba dirisana le yone go gola semoyeng.

“Dithuto tsa me di ne tsa nthusa go bona gore Jehofa Modimo o ila tirisano epe ya bodimona ka gonne e ka dira gore motho a tlhotlhelediwe ke Satane le meya ya gagwe e e boikepo.c A ke ne ke tla tswelela ke le leloko la Mokgatlho wa Ba-Mason le masaitsiweng otlhe a yone, kana a ke ne ke tla tlogela ke bo ke itumedisa Jehofa? Ke ne ka tlhopha go itumedisa Jehofa. Ke ne ka senya dilwana tsotlhe tsa mokgatlho wa Ba-Mason tse ke neng ke na natso, tota le sutu e ke neng ke e aparela dipokano tsa Mokgatlho ono. Ke ne ka bona boammaaruri jwa tsholofetso ya ga Jesu fa a ne a re, ‘Boammaaruri bo tla lo golola’! (Johane 8:32) Jaanong ke bolelela ba bangwe dilo tse ke di ithutileng ka boitumelo. Ga ke ikwatlhaye le e seng.”

Batho ba le diketekete ba ba dipelo tse di ikanyegang ba ile ba ithontsha dilo tse dintsi gore ba ‘reke boammaaruri.’ Fela jaaka Bakeresete ba bararo ba ba ikanyegang ba go builweng ka bone fano, le bone ga ba ikwatlhaye ka ntlha ya diphetogo tse ba di dirileng. Boammaaruri jwa Baebele bo ba file “motheo o o molemomogolo wa isagwe, e le gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Timotheo 6:19) “Botshelo jwa mmatota” joo le masego otlhe a a tsamaisanang le jone a ka nna a gago ka bosakhutleng fa o ka “reka boammaaruri.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana la Batho?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b Ka sekai, bona, Pesalema 37:9-11, 29.

c Bona Duteronome 18:10-12 le Bagalatia 5:19-21.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Nathaniel

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Godwin

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela