Dituelo Tse Dikgolo Tsa Tirelo e e Boitshepo
Boitshepo jaaka go boletse Harry Bloor
Mo e ka nnang dingwaga tse di lekgolo tse di fetileng, rremogolo e ne e le leloko le le tlhagafetseng la Kereke ya Methodist. Gape e ne e le mogogi yo o tlotlegang, yo o neng a koleka ka bopelotshweu go tshegetsa dikereke di le dintsi kwa Stoke-on-Trent, toropo e go dirwang dilo tsa letsopa gone ya Engelane. Morago ga moo o ne a tlhoka madi. Go thusa Rremogolo, rre o ne a rulaganya go dira lebenkele mo motsaneng mongwe o monnye. Lebenkele leno le ne le na le tumelelo ya go rekisa bojalwa, mme fa maloko a Methodist a utlwalela seno, ba ne ba kgaola Rremogolo ka bonako.
RRE o ne a galefile mme a ikana gore ga a kitla a inaakanya le bodumedi ka gope—mme o ne a dira jaaka a buile. E ne e ntse e le lepodise, mme moragonyana o ne a nna le lefelo la go rekisa bojalwa. Ka jalo ke ne ka golela mo menkong eo le mo mesing ya lefelo leo. Ke ne ke sa kgatlhegele bodumedi ka gope, mme ke ne ke ithutile sentle go tshameka metshameko ya go tsamaisa dikapetlana mo lomating! Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya tlhotlheletso ya kwa tshimologong ya ga Rremogolo ke ne ke tlotla Baebele, le mororo ke ne ke itse go sekaenyana fela ka yone.
Ke Ithutile Boammaaruri Jwa Baebele
Ka 1923, fa ke le dingwaga di le 24, ke ne ka fudugela kwa botlhabatsatsi kwa Nottingham mme ka simolola go intsha le Mary, yo o neng a nna dikilometara di le 40 go tswa mo motsaneng wa Whetstone, o o ka fa borwabophirima jwa Leicester. Rraagwe e bong Arthur Rest, e ne e ntse e le moletsi wa okene mo kerekeng ya lefelo leo, mme ka nako eno e ne e le Moithuti wa Baebele yo o tlhoafetseng, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe jalo ka nako eo. Arthur o ne a tlhola a mpolelela ka tumelo ya gagwe e ntšha—ke sa kgatlhege thata. Le fa go ntse jalo, kgatlhego ya me e ne ya simolola go nna teng fa ke ne ke ile le ene kwa kerekeng e e mo lefelong leo ya Baptist ka Sontaga thapama, July 13, 1924, go ya go utlwa puo e e neng e neetswe ke leloko lengwe la palamente le le neng le le Mo-Baptist yo o tumileng thata. Setlhogo sa gagwe se se reng “Dithuto Tsa ga Modisa Russell di Tlhotlhomisiwa Go ya Ka Lesedi la Dikwalo,” se ne sa dira gore ke nne le kgatlhego. Ke sa ntse ke na le dintlha tse ke neng ka di kwala ka nako eo.
Ba-Baptist ba ne ba gana kopo ya Baithuti ba Baebele ya go araba tlhaselo eo ya dithuto tsa bone. Ke ne ka galefisiwa ke seno mme ka ikaelela go batla lefelo le lengwe gore ba tshwarele pokano eo mo go lone. Lefelo lengwe la polokelo le ne la tshwanela seno. Re ne ra le feela, ra ntsha bobi, ra sutisetsa metšhine ya go photha ka fa ntlheng e le nngwe, mme morago ga moo re ne re ipaakantse rotlhe. Re ne ra tla le ditulo di le 70, ra bo ra gatisa dipampitshana tsa taletso.
Fa Frank Freer a goroga go tswa kwa Leicester go tla go neela puo ya gagwe, ditulo di ne di setse di ntswe tsotlhe, mme batho ba bangwe ba le 70 ba ne ba eme ka maoto! Tsela e e phepafetseng e Frank a neng a tlhalosa Dikwalo ka yone e ne ya nkgatlha, jaaka e ne ya kgatlha le ba bangwe ba le bantsi ba ba neng ba le teng. Go tloga ka nako eo go ya pele, phuthego e potlana ya Baithuti ba Baebele kwa Blaby gaufi le Leicester e ne ya gola ka bonako. Gape e ne e le nako e e botlhokwa thata mo botshelong jwa me—le jwa ga Mary. Ka 1925 re ne ra ineela mmogo mo go Jehofa, ra kolobediwa, mme ra nyalana.
Masego a Semoya
Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka tlhomiwa go nna motsamaisi wa tirelo mo Phuthegong ya Blaby. Nna le mosadi wa me re ne re batla go etsa barekisi ba dibuka re nna baefangele ba nako e e tletseng, mme ka bonako go ne ga bonala gore botsogo jwa ga Mary bo ne bo ka se mo letlelele go dira thulaganyo e e boima jalo. Le mororo a ile a lwala go fitlhela a tlhokafala ka 1987, e ne e le tsala e e molemo e bile e le modiredi yo o molemolemo yo o neng a le maatlametlo mo go neeleng bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo le go simolola dithuto tsa Baebele. Bosigo bongwe le bongwe re ne re nna gone kwa dipokanong kana re abela baagelani ba rona boammaaruri jwa Baebele.
Ke ne ke le moenjenere e bile ke berekela feme nngwe e e neng e dira metšhine ya go saga dikota. Tiro ya me e ne e akaretsa go tsamaya le Boritane yotlhe, mmogo le kwa Fora, mme gantsi ke ne ke tsamaya le Mary. Maeto ano a ne a re bulela sebaka sa go neela bosupi thata.
Tshimologo ya Koketsego
Ka 1925 re ne ra aga kago nngwe e ntle ya go kopanela dipokano tsa rona kwa Blaby, mme morago ga moo re ne ra dira thulaganyo e e molemo ya go neela bosupi. Sontaga mongwe le mongwe mo mosong, re ne re hira base e e neng e re isa kwa metsaneng e e katologaneng le kwa ditorotswaneng. Mo tseleng baboledi ba ne ba tla ba fologa go ya go rera, mme base e ne e tla e ba pega fa go boiwa. Ka dikgwedi tsa selemo tse di bothitho, re ne re tshwara thuto ya Baebele ka Sontaga fa go tloga go nna maitseboa, re dirisa makasine wa bosheng wa Tora ya Tebelo. Morago ga moo, ka nako ya borobedi, re ne re kopana kwa mmarakeng wa Leicester go ya go reetsa puo ya phatlalatsa mo go leng lebala fela. Mo bosigong jo bongwe batho ba le 200 ba ne ba tla go reetsa. Tiro eno e ne ya thaya metheo ya diphuthego di le dintsi tse jaanong di leng teng kwa Leicester le mo tikologong ya yone.
Ka 1926 kopano e kgolo e e sa lebalesegeng e ne ya tshwarwa ka nako e le nngwe kwa Alexandra Palace le kwa Royal Albert Hall kwa Lontone. Mo tiragalong eo Joseph F. Rutherford, moporesidente wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a golola buka ya Deliverance. Maitlamo a a reng “Bosupi mo Babusing ba Lefatshe” le puo e e maatla ya ga Mokaulengwe Rutherford ya “Ke ka Ntlha Yang fa Dipuso Tsa Lefatshe di Reketla—Tharabololo” di ne tsa gatisiwa ka botlalo mo lokwalodikgannyeng lo lo tumileng thata mo letsatsing le le latelang. Batho ba ba fetang 10-000 ba ne ba utlwa puo eno ya phatlalatsa, mme dikhopi di le 50 000 000 tsa maitlamo ano di ne tsa anamisiwa mo lefatsheng lotlhe morago ga moo. Kopano eo e ne ya akofisa tiro ya go rera mo Boritane.
Dikopano Tse Dikgolo ka Nako ya Ntwa
Ntwa ya lefatshe ya bobedi e ne ya tlhagoga ka September 1939, mme ka 1941 ntwa e ne e setse e ile magoletsa. Bathuntshi ba dibomo ba Jeremane ba ne ba tlhasela bosigo le motshegare, mme go ne ga nna le taelo ya gore go se ka ga tshubiwa dipone mo nageng yotlhe. Dijo di ne di tlhaela, mme sejonyana se se neng se le teng se ne se kgaoganngwa ka kelotlhoko. Go ne go se na dipalangwa tse di lekaneng, tota le terena. Go sa kgathalesege dikgoreletsi tseno tse di neng di lebega di ka se dirwe sepe, re ne ra tshwara kopano ya malatsi a le matlhano ka September 3-7, 1941.
Holo ya De Montfort ya Leicester e ne ya tlhophiwa gore go tshwarelwe kopano mo go yone ka gonne Leicester e le fa gare ga Engelane. E re ka ke ne ke dira tiro ya go betla, ke ne ka thusa go dira matshwao a phasalatso. Gape ke ne ke rulaganya dipalangwa tsa mo lefelong la rona tsa ba ba yang kopanong. Ka go reka dithekete go sa le gale le go duela madi a a fetang a a beilweng, dikolotsana tsa terena tsa go ya Leicester di ne tsa tswelela pele di tsamaya go fitlha le ka Sontaga tota.
Ka go bo go ne go na le dithibelo dingwe mo go tseyeng mesepele, re ne re solofetse gore gongwe Basupi ba le 3000 ba tla tla. A bo go ne go le boitumelo jang ne fa batlakopanong ba feta 10-000 ba bolela gore ba tla nna gone! Mme ba ne ba tla robala kae? Baagi ba Leicester ba ne ba laletsa ba le bantsi gore ba ye go robala kwa magaeng a bone. Mo godimo ga moo, batho ba ka nna sekete ba ne ba robala mo ditenteng tse di neng di tlhomilwe mo lebaleng le le dikilometara di le tharo go tswa mo lefelong la kopano. Kampa ya Gideone jaaka re ne re e bitsa, e ne ya baka kgaruru mo motseng.
Ditente tse dikgolo tse ditshweu di ne tsa hiriwa gore di dirisiwe mo mafapheng a kopano le gore boidiidi jo bogolo jwa batho bo di dirise. Fa go se na go lemogiwa gore mo leseding la ngwedi, ditente di ka tlhaselwa ke bathuntshi ba dibomo ba Banasi, di ne tsa bipiwa ka bonako. Ntwa, mme segolo jang go sa kopanele ga Basupi mo go yone, e ne e le kgang e e neng e amile batho thata. Makgolokgolo a Basupi ka nako eo a ne a tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya boemo jwa bone jo bo theilweng mo Baebeleng jwa boitlhaodi.—Isaia 2:4; Johane 17:16.
Lokwalodikgang lwa Sunday Pictorial, lwa September 7, 1941, lo ne lwa bega jaana: “Ke selo se se gakgamatsang go bona batho ba le 10 000, bontsi jwa bone e le basha, ba fetsa beke yotlhe ba bua ka bodumedi ba sa umake ntwa, gongwe ba bua ka yone e le kgang fela e e fetang.
“Ke ne ka botsa gore a Basupi ba na le maloko a bone kwa Jeremane. Ee, ke ne ka bolelelwa jalo, mme mo e ka nnang botlhe, ba ba ka tshwarang 6000, ba ne ba le mo dikampeng tsa pogisetso.”
Mmegi yono o oketsa jaana: “Ee, ke boammaaruri gore Banasi ke baba, mme Basupi ga ba dire sepe se se kalo go ba lwantsha, fa e se go rekisa dipampitshana le go reetsa dipuo fela.”
Dikakgelo tsa makwalodikgang tse di neng di bua ka rona gantsi di ne di sa re bue sentle, mme baganetsi ba ne ba tle ba dirise dikgoka fa maiteko a bone a go kgoreletsa kopano ya rona a sa atlege. Le fa go ntse jalo, Daily Mail ya Lontone e ne ya dumela jaana, ka go ngodiega: “Dithulaganyo tsa teng di ne di tsamaya ka thelelo, di sa kgorelediwe ke sepe, e bile di atlega sentle.”
Re ne ra pegwa molato wa go bo toropo e se na disekerete tse di lekaneng. Le fa go ntse jalo The Daily Mail e ne ya tlhalosa jaana: “Toropo ya Leicester tota le Balaodi ba Motsoko ba ka se ngongoregele gore Basupi ba fetsa disekerete tsa Leicester ka go di goga. Ga ba goge.” Gape, dingongorego tsa gore Basupi ba ne ba feletsa baagi ba mo lefelong leo dijo di ne tsa tshololwa fa go se na go tlhalosiwa gore ba itletse dijo tsa bone. Tota e bile, fa kopano e fela, dilofo tsa borotho di le 150 tsa dikilogerama di le 1,8 di ne tsa neelwa Leicester Royal Infirmary—seo e ne e le moneelo o mogolo thata mo nakong eo ya tlala.
Kopano eno e ne ya nonotsha thata bomoya jwa Basupi ba ka nna 11 000 kwa Boritane. Ba ne ba itumelela gore batho ba ka nna 12 000 ba ne ba le gone! Batlakopanong ba ne ba nna le seabe ka boitumelo mo go neeleng bosupi mo mmileng kwa Leicester, mme ba ne ba etela metsana e e kwa thoko go ya go baya dipuo ka difonokerafa.
Dipuo tsa konokono tsa kopano e ne e le tse di rekotilweng mo kgweding e e fetileng tse di neng di neetswe kwa kopanong ya malatsi a le matlhano ya Basupi ba ga Jehofa kwa St. Louis, Missouri, U.S.A. Puo e e rekotilweng ya ga Mokaulengwe Rutherford e e reng “Bana ba Kgosi” e ne e le yone ya konokono kwa kopanong. E re ka go ne go sa kgonege go tlisa dikhopi tsa buka ya Children e e neng ya gololwa kwa St. Louis, go ne ga dirwa kgatiso e e se nang khabara e e thata kwa Boritane moragonyana. Dikhopi tsa yone di ne tsa romelelwa bana botlhe ba ba neng ba le teng kwa kopanong.
Pokano e e Kgethegileng ya Ngwaga le Ngwaga Kwa Leicester
Morago ga ntwa koketsego ya baboledi ba Bogosi kwa Boritane e ne e le kgolo thata! Kwa masimologong a bo1980, palo ya diphuthego kwa Leicester e ne e setse e tlhatlogetse kwa go lesome. Morago ga moo re ne ra itsisiwe gore Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se akanya go tshwara pokano ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society kwa Leicester ka 1983. Ka ke ne ke le molebedi wa toropokgolo ya Leicester, ke ne ka simolola go dira dithulaganyo, go akaretsa le go hira Holo ya De Montfort gape.
Maloko a le 13 a Setlhopha se se Laolang a ne a tla kwa tiragalong eno a tswa kwa ntlokgolong ya Mokgatlho kwa Brooklyn. Palogotlhe ya ba ba neng ba le gone ba le 3671—mo lekgetlhong leno ba tswa mo lefatsheng lotlhe, mme bontsi jwa bone e le ba ba nang le nako e telele ba le mo boammaaruring—ba ne ba tlatsa holo. Ba bangwe ba le 1500 ba ne ba reeditse thulaganyo ba le kwa Holong ya Kopano e e fa gaufi.
Albert D. Schroeder, yo o kileng a okamela ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Lontone ka nako ya kopano ya rona ya kwa Leicester ka nako ya ntwa, o ne a okametse pokano eno ya ngwaga le ngwaga. Fa a lebelela kwa morago ka 1941, Mokaulengwe Schroeder o ne a botsa jaana: “Ke ba le kae ba lona gompieno ba lo neng lo le teng ka nako eo?” Ba ba fetang sephatlo sa bareetsi ba ne ba tsholetsa diatla tsa bone. “Aa! a bo go itumedisa jang ne go kopana gape le lona lotlhe ba ba tshepegang, ba lo ikanyegang ka nitamo!” o ne a goela kwa godimo jalo. Eleruri e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng.
Ke na le dingwaga di le 98, mme ke sa ntse ke le mokwaledi mo phuthegong ya rona le go tswelela pele ke neela dipuo tsa phatlalatsa, le mororo jaanong ke di neela ke ntse fa fatshe. Morago ga loso lwa ga Mary ka 1987, ke ne ka nyala Bettina, motlholagadi yo nna le Mary re neng re mo itse ka dingwagangwaga. Ke itumelela go bo ke tlhokometswe sentle jaana, mo nameng le mo semoyeng. Go sa kgathalesege dipatikego tse di bakilweng ke bolwetse jwa ga Mary mme jaanong le botsofe jwa me, ke bone gore go dira mo gontsi mo tirelong e e boitshepo ka dinako tsotlhe go na le dituelo tse dikgolo.—1 Bakorintha 15:58.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Re ipaakanyeditse go nna le seabe mo bodireding ka bo1920
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ditshwantsho tsa kopano ya kwa Leicester