LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 12/1 ts. 3-4
  • Ke Eng se se Diragalelang Basha?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng se se Diragalelang Basha?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Farologane Jang?
  • Ke Molato wa ga Mang?
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Go Basha
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Dira Gore o Atlege Fa o Sa le Mosha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Fa Tsholofelo le Lorato di Nyelela
    Tsogang!—1998
  • Basha ba Gompieno—Setshwantsho Seo Se Emelang Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 12/1 ts. 3-4

Ke Eng se se Diragalelang Basha?

DIKGANG tse di molemo kana dikgang tse di bosula—ke dife tse o batlang go di utlwa pele? Fa ba le bantsi ba bodiwa potso eno, ba tlhopha go utlwa dikgang tse di bosula pele ba solofetse gore dikgang tse di molemo di tla nnela ruri mo tlhaloganyong.

Fa re tlhatlhoba se se diragalelang basha, akanya pele ka boemo jwa gompieno. Gantsi batho ba ba godileng ba bolela gore basha ba gompieno ga ba tshwane le basha ba bogologolo. Basha mo letlhakoreng le lengwe, ba galefisiwa ke gore gatwe ga ba tshele go ya ka ditekanyetso tsa dingwaga tsa maloba. Le fa go ntse jalo, batho ba ba etseng botshelo jwa motho tlhoko thata ba dumela gore basha ba gompieno ba farologane.

Ba Farologane Jang?

Le mororo batho ka bontsi ba dumela gore basha ba tshwanetse go nna le maitseo, ba nne le boikarabelo le go tlotla batho ba bangwe, tota bontsi jwa bone bo palelwa ke go nna jalo. Go ya ka patlisiso nngwe e e gatisitsweng mo lokwalodikgannyeng lwa The Independent lwa Lontone, basha ba “nna le ‘moya o mosha wa botsuolodi’ kgatlhanong le lefatshe le ba bonang le ba swabisa fela thata.” “Moya [ono] o mosha wa botsuolodi” o bonwa mo go se se fitlheletsweng se se bontshang gore ke basha ba sekae fela ba gompieno ba batlang go itsaya ba le “botlhale e bile ba na le boikarabelo.” Ba ka nna ba batla go kaiwa e le ba ba “sa laolesegeng e bile ba sa tlhaloganyesege.”

Ka sekai, kwa Boritane bokebekwa jo bo begiwang—jo bontsi jwa jone bo dirilweng ke basha—bo ne jwa oketsega go menagane ga lesome fa gare ga 1950 le 1993. Go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le go nwa bojalwa mo go feteletseng le gone go oketsega fela jalo. Mo godimo ga moo, lokwalodikgang lwa The Times lwa Lontone lo bolela gore mo e ka nnang mo dinageng tsotlhe tse di tlhabologileng go ile ga nna le “koketsego ya malwetse a tlhaloganyo mo basheng fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi.” Go ya ka David J. Smith, porofesa yo o itseng ka bokebekwa, malwetse ano ga “a amane ka gope le go latlhegelwa kana go oketsega ga khumo.” Patlisiso e bontsha gore pharologanyo e kgolo jaanong e bonala mo basheng le mo bagolong.

Bana le basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome gompieno ba lebane le go ngomoga pelo thata. Ditiragalo tsa go leka go ipolaya kana tsa go ipolaya, di aname. Go leka go ipolaya ga bana ba ba kafa tlase ga dingwaga tse 12 go ile ga oketsega go menagane sebedi mo dingwageng tse di kafa tlase ga tse di lesome, go bega jalo lokwalodikgang lwa Herald lwa Glasgow kwa Scotland. Bana ba bagolwanyane le bone ba lesa tlalelo e ba tlhotlheletsa go dira jalo. “Go bakiwa thata ke go gola ga mathata a tlhaloganyo mo basheng mo go fekeetsang ditirelo tse ba di neelwang gore di ba thuse,” go akgela jalo lokwalodikgang lono.

Ke Molato wa ga Mang?

Bagolo ba fitlhela go le motlhofo go bona basha molato ka dikgopolo tsa basha tse di “sa tlwaelegang.” Le fa go ntse jalo, a ga se bagolo ba ba ikarabelelang thata ka se se diragalelang basha gone jaanong? Go kgerisiwa, go tlhokomologiwa ke batsadi, go tlhoka dikai tse di ka etsiwang tse basha ba ka di ikanyang, gantsi go bolelwa e le gone go bakang seo. “Go tshwenyega thata mo maikutlong mo bathong ka bontsi go tshwana fela le mo go neng go le teng ka dingwaga tse 30 tse di fetileng,” go bolela jalo Porofesa Sir Michael Rutter, moeteledipele wa Medical Research Council Child Psychiatry Unit ya Boritane. O oketsa jaana: “Mme go diragalela basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome le basha ba bagolwane ka selekanyo se segolo thata. . . . Ga go belaetse gore go thubega ga malapa le gone go baka seno; e seng fela ka tlhalo, mme ka dikgotlhang le dintwa tsa bagolo tse di tlwaelegileng.”

Mmatlisisi mongwe o bolela gore basha ba “gana mekgwa ya segologolo.” Ka ntlha yang? “Ka gonne mekgwa eno ya segologolo ga e sa tlhole e bereka.” Tsaya ka sekai dikgopolo tse di ntseng di fetoga tsa bong. Makgarebe a le mantsi a etsa mekgwa ya banna ya go nna manganga le go rata dikgoka, fa makawana one a batla go itshwara sesadi. A bo go farologane le mekgwa ya bogologolo jang ne!

Mme ke ka ntlha yang fa go nna le diphetogo tse dikgolo jaana gone jaanong? Mme ke dikgang dife tse di molemo ka basha gompieno? Ba ka nna le isagwe e e sireletsegileng jang? Setlhogo sa rona se se latelang se araba dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela