Tumelo e re Tlhotlheletsa go Tsaya Kgato!
“O a bona gore tumelo ya [ga Aborahame] e ne e dira mmogo le ditiro tsa gagwe mme ka ditiro tsa gagwe tumelo ya gagwe e ne ya itekanedisiwa.”—JAKOBE 2:22.
1, 2. Re tla itshwara jang fa re na le tumelo?
BATHO ba le bantsi ba bolela gore ba dumela mo Modimong. Le fa go ntse jalo, go ipolela fela gore o na le tumelo, go sule fela jaaka setopo. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Tumelo, fa e se na ditiro, e sule ka boyone.” Gape o ne a bolela gore Aborahame yo o neng a boifa Modimo o ne a na le tumelo e e neng “e dira mmogo le ditiro tsa gagwe.” (Jakobe 2:17, 22) Mafoko ao a botlhokwa go le kana kang mo go rona?
2 Fa re na le tumelo ya boammaaruri, ga re na go dumela fela se re se utlwang kwa dipokanong tsa Bokeresete. Re tla bontsha bosupi jwa tumelo ka gonne re le Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng. Ee, tumelo e tla re tlhotlheletsa go dirisa Lefoko la Modimo mo botshelong mme e dire gore re tseye kgato.
Go Kgethololana ga go Dumalane le Tumelo
3, 4. Tumelo e ka ama jang tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone?
3 Fa re dumela tota mo Modimong le mo go Keresete, ga re na go kgethololana. (Jakobe 2:1-4) Bangwe ba batho ba Jakobe a neng a ba kwalela ba ne ba sa bontshe go se tlhaolane go Bakeresete ba boammaaruri ba neng ba tshwanetse ba go bontsha. (Baroma 2:11) Ka gone, Jakobe o botsa jaana: “Ga lo a tshwara tumelo ya Morena wa rona Jesu Keresete, kgalalelo ya rona, ka ditiro tsa go kgetholola, ga ke re?” Fa motho yo o sa dumeleng wa mohumi a rwele dipalamonwana tsa gouta e bile a apere diaparo tse dintlentle a tla pokanong le “monna yo o humanegileng [yo o sa dumeleng] yo o apereng diaparo tse di leswe,” boobabedi ba tshwanetse go amogelwa sentle, mme mohumi o ne a newa tlhokomelo e e kgethegileng. Ba ne ba neelwa manno “mo lefelong le le molemomogolo,” fa bahumanegi ba ba sa dumeleng ba ne ba bolelelwa gore ba eme kana ba nne fa fatshe gaufi le maoto a motho mongwe.
4 Jehofa o ne a neela bahumi le bahumanegi setlhabelo sa ga Jesu Keresete ka go lekana. (2 Bakorintha 5:14) Ka gone, fa re amogela bahumi fela, re tla bo re tswa mo tumelong ya ga Keresete, yo o neng a ‘humanega gore re hume ka lehuma la gagwe.’ (2 Bakorintha 8:9) A re se ka ra leba batho ka tsela e e ntseng jalo—go tlotla batho ka boikutlo jo bo sa siamang. Modimo ga a tlhaole, mme fa re tlhaolana, re tla bo re ‘dira ditshwetso tsa boikepo.’ (Jobe 34:19) Fa re eletsa go itumedisa Modimo, ruri re ka se ineele mo go raelesegeng go kgetholola kana go ‘kgatlhwa ke bomangmang gore re iponele molemo.’—Jude 4, 16.
5. Modimo o kgethile bomang gore ba “nne bahumi mo tumelong,” mme gantsi bahumi ba itshwara jang?
5 Jakobe o bontsha gore bahumi ba e leng ba mmatota ke bafe mme o rotloetsa gore batho botlhe ba ratwe go sa tlhaolwe ope. (Jakobe 2:5-9) ‘Modimo o ne a kgetha bahumanegi gore ba hume mo tumelong le gore ba nne baruaboswa ba bogosi.’ Seno se ntse jalo ka gonne gantsi bahumanegi ke bone ba ba utlwang thata dikgang tse di molemo. (1 Bakorintha 1:26-29) Jaaka setlhopha, batho ba ba humileng dithoto ba gatelela ba bangwe mo dikolotong, mo dituelong le mo dilong tsa semolao. Ba bua bosula ka Keresete ba bo ba re bogisa ka gonne re bolela leina la gagwe. Mme a re ititeyeng sehuba gore re utlwe “molao wa segosi,” o o tlhokang gore go ratiwe moagelani—go rata bahumi le bahumanegi ka go lekana. (Lefitiko 19:18; Mathaio 22:37-40) E re ka seno e le sone se Modimo o se batlang, go kgetholola ke go “dira boleo.”
‘Kutlwelobotlhoko e Kgana e Kganela Katlholo’
6. Re tla bo re le batlodi ba molao jang fa re sa utlwele ba bangwe botlhoko?
6 Fa re kgethololana re sa utlwelane botlhoko, re batlodi ba molao. (Jakobe 2:10-13) Fa re tsaya kgato e e sa siamang mo ntlheng eno, re nna batlodi ba melao yotlhe ya Modimo. Baiseraele ba ba neng ba sa dire boaka mme e le magodu ba ne ba tlola Molao wa ga Moshe. Jaaka Bakeresete, re atlholwa ka “molao wa batho ba ba gololesegileng”—Iseraele wa semoya yo o mo kgolaganong e ntšha, molao wa yone o kwadilwe mo dipelong tsa bone.—Jeremia 31:31-33.
7. Ke ka ntlha yang fa ba ba nnelang go kgetholola ba bangwe ba ka se lebelele go utlwelwa botlhoko ke Modimo?
7 Fa re bolela gore re na le tumelo mme re tswelela pele re kgethololana, re mo kotsing. Batho ba ba se nang lorato e bile ba se kutlwelobotlhoko ba tla atlholwa ba sa utlwelwe botlhoko. (Mathaio 7:1, 2) Jakobe o bolela jaana: “Kutlwelobotlhoko e kgana ka phenyo e kganela katlholo.” Fa re amogela kaelo ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa ka go bontsha kutlwelobotlhoko mo ditirisanong tsotlhe tsa rona, re ka se bonwe molato fa re atlholwa. Go na le moo, re tla utlwelwa botlhoko mme ka gone re tla fenya tshiamiso e e gagametseng kana katlholo e e botlhoko.
Tumelo e Tlhagisa Ditiro Tse di Molemo
8. Boemo jwa motho yo o bolelang gore o na le tumelo mme e se na ditiro ke bofe?
8 Mo godimo ga gore tumelo e dire gore re nne lorato le kutlwelobotlhoko, e tlhagisa ditiro tse dingwe tse di molemo. (Jakobe 2:14-26) Gone mme, tumelo e e se nang ditiro e ka se re boloke. Ke boammaaruri gore re ka se bonale re siame fa pele ga Modimo ka ditiro tsa Molao. (Baroma 4:2-5) Jakobe ga a bue ka ditiro tse di tlhotlhelediwang ke molao, mme o bua ka tse di tlhotlhelediwang ke tumelo le lorato. Fa re tlhotlhelediwa ke dinonofo tse di ntseng jalo, ga re na go felela fela ka go eleletsa modumedikarona yo o tlhokang gore a bone dilo tse di molemo. Re tla thusa mokaulengwe kana kgaitsadi yo o se nang diaparo kana yo o bolawang ke tlala ka dilo tse di bonalang. Jakobe o botsa jaana: ‘Fa o raya mokaulengwe yo o tlhokang o re: “Tsamaya ka kagiso, o nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle,” mme o sa mo neye dilo tse a di tlhokang, go na le mosola wa eng?’ Ga o yo. (Jobe 31:16-22) “Tumelo” e e ntseng jalo e sule!
9. Ke eng se se bontshang gore re na le tumelo?
9 Re ka nna ra bo re kopanela le batho ba Modimo go ya bokgakaleng jo bo rileng, mme ke ditiro tse di dirwang ka pelo yotlhe fela tse di ka tshegetsang polelo ya rona ya gore re na le tumelo. Go molemo fa re tlogetse thuto ya Tharonngwe le go dumela gore go na le Modimo wa boammaaruri a le mongwe fela. Le fa go ntse jalo, go dumela fela ga go reye gore o na le tumelo. “Madimona a a dumela,” mme a ‘roromisiwe’ ke letshogo ka gonne a emetswe ke tshenyego. Fa tota re na le tumelo, e tla re thusa gore re bontshe ditiro tse di jaaka go rera dikgang tse di molemo le go thusa badumedikarona ba ba tlhokang ka dijo le diaparo. Jakobe o botsa jaana: “A o kgathalela go itse, motho ke wena yo o lolea [yo o se nang kitso e e tlhomameng ya Modimo], gore tumelo kwantle ga ditiro ga e dire?” Ee, tumelo e tlhoka ditiro.
10. Ke ka ntlha yang fa Aborahame a bidiwa “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo”?
10 Tumelo ya tlhogo ya lotso e bong Aborahame yo o ratang Modimo e ne ya mo tlhotlheletsa gore a tseye kgato. Jaaka “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo,” o ne a “bolelwa a siame ka ditiro fa a sena go isa Isake morwawe tshupelo mo godimo ga pesetso.” (Baroma 4:11, 12; Genesise 22:1-14) Go tweng fa e le gore Aborahame o ne a se na tumelo ya gore Modimo o ka tsosa Isake le go diragatsa tsholofetso ya Gagwe ya losika ka ene? Fa go ne go le jalo Aborahame o ne a ka se ka a leka go ntsha morwawe setlhabelo. (Bahebera 11:19) E ne e le ka ditiro tsa ga Aborahame tse di bontshang kutlo go bo “tumelo ya gagwe e ne ya itekanedisiwa,” kana go bo e ne e feletse. Ka gone, “lokwalo [lwa Genesise 15:6] lo ne lwa diragadiwa lo lo reng: ‘Aborahame o ne a baya tumelo mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo mo go ene.’” Ditiro tsa ga Aborahame tsa go leka go ntsha Isake setlhabelo di ne tsa otlelela mafoko a Modimo o a buileng pelenyana a gore Aborahame o ne a siame. Ka ditiro tsa tumelo, o ne a bontsha gore o rata Modimo mme a bidiwa “tsala ya ga Jehofa.”
11. Re na le bosupi bofe jo bo bontshang gore Rahabe o ne a na le tumelo?
11 Aborahame o ne a bontsha “gore motho ruri o tla bolelwa a siame ka ditiro, mme e seng ka tumelo e le yosi.” Go ne go ntse jalo le ka Rahabe, seaka sengwe sa kwa Jeriko. O ne a “bolelwa a siame ka ditiro, fa a sena go amogela barongwa [ba Iseraele] ka tsholo e ntle le go ba ntshetsa kwa ntle ka tsela e nngwe” gore ba tshabe baba ba bone ba Bakanana. Pele a kopana le ditlhola tsa Iseraele, o ne a lemoga fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mme mafoko a gagwe a a neng a a bua morago ga moo le go tlogela boaka go ne ga supela gore o na le tumelo. (Jošua 2:9-11; Bahebera 11:31) Morago ga sekai seno sa bobedi sa tumelo e e bontshitsweng ka ditiro, Jakobe o bolela jaana: “Ruri, jaaka mmele kwantle ga moya o sule, jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.” Fa motho a sule, ga a na maatla a botshelo, kana “moya,” mme ga a kgone go dira sepe. Tumelo e e ipolelwang ga e tshele e bile ga e mosola, fela jaaka setopo. Le fa go le jalo, fa re na le tumelo ya mmatota, e tla re tlhotlheletsa go dira ditiro tsa bomodimo.
Laola Loleme Loo!
12. Ke eng se bagolwane ba tshwanetseng go se dira mo phuthegong?
12 Gape go bua le go ruta go ka supa gore re na le tumelo, mme go tlhokega gore motho a ithibe. (Jakobe 3:1-4) E re ka bagolwane e le barutisi mo phuthegong, ba na le boikarabelo jo bogolo e bile ba ikarabelela mo Modimong ka seo. Ka gone, ba tshwanetse go sekaseka boikutlo le ditshwanelego tsa bone ka boikokobetso. Mo godimo ga kitso le bokgoni tse ba nang le tsone, banna bano ba tshwanetse go rata Modimo thata le badumedikabone. (Baroma 12:3, 16; 1 Bakorintha 13:3, 4) Bagolwane ba tshwanetse go thaya kgakololo ya bone mo Dikwalong. Fa mogolwane a ka ruta sengwe se se phoso mme seno sa bakela ba bangwe mathata, o tla atlholwa mo go botlhoko ke Modimo a dirisa Keresete. Ka gone bagolwane ba tshwanetse go ikokobetsa le go tlhoafala, ba utlwa Lefoko la Modimo ka boikanyegi.
13. Ke ka ntlha yang fa re kgotšwa mo lefokong?
13 Tota le barutisi ba ba molemo—tota e bile, rotlhe—“re kgotšwa makgetlo a le mantsi” ka gonne ga re a itekanela. Go kgotšwa mo lefokong ke nngwe ya ditlhaelo tse di dirwang gantsi e bile di ka senya tota. Jakobe o bolela jaana: “Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong, yono ke monna yo o itekanetseng, yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.” Go farologana le Jesu Keresete, ga re kgone go laola loleme ka tsela e e itekanetseng. Fa re ne re kgona, re ne re ka kgona go laola ditokololo tse dingwe tsa mmele wa rona. Le fa go ntse jalo, ditomo di dira gore dipitse di ye kwa re di kaelang teng, mme ka selaolamokoro se sebotlana, tota le mokoro o motona o o kgweediwang ke phefo e e maatla o ka tsamaisiwa ka tsela e motho yo o tsamaisang mokoro a batlang ka yone.
14. Jakobe o gatelela jang botlhokwa jwa go iteka ka natla go laola loleme?
14 Rotlhe re tshwanetse go dumela gore go tlhokega boiteko jwa mmatota go laola loleme. (Jakobe 3:5-12) Tomo e nnye thata fa e bapisiwa le pitse; go ntse fela jalo le ka selaolamokoro fa se bapisiwa le mokoro. Mme loleme lo lonnye fa lo bapisiwa le mmele wa motho, “lefa go ntse jalo lo ikgantsha mo gogolo.” E re ka Dikwalo di phepafatsa sentle gore go ikgantsha ga go itumedise Modimo, a re mo kope gore a re thuse go ithiba go dira jalo. (Pesalema 12:3, 4; 1 Bakorintha 4:7) E kete gape re ka laola loleme lwa rona fa mongwe a re rumotse, re ntse re gakologetswe gore tlhasenyana fela e ka tshuba naga. Jaaka Jakobe a bontsha, “loleme ke molelo” lo ka kgona go senya thata. (Diane 18:21) Ebu, loleme lo lo sa laolesegeng “lo diregile lefatshe la tshiamololo”! Mokgwa mongwe le mongwe o o bosula wa lefatshe leno le le boikepo o amanngwa le loleme lo lo sa laolesegeng. Lo ikarabelela mo dilong tse di senyang tse di jaaka go senya leina ka go seba le go ruta maaka. (Lefitiko 19:16; 2 Petere 2:1) O akanyang? A tumelo ya rona ga ya tshwanela go re tlhotlheletsa go dira ka natla gore re laole loleme lwa rona?
15. Loleme lo lo sa laolesegeng lo ka utlwisa botlhoko jang?
15 Loleme lo lo sa laolesegeng lo ‘re tsenya dilabe’ thata. Ka sekai, fa re utlwiwa re bua maaka kgapetsakgapetsa, re ka nna ra itsiwe re le baaki. Le fa go le jalo, loleme lo lo sa laolesegeng lo ka ‘tlhosetsa leotwana la botshelo jwa tlholego ka molelo’ jang? Ka go dira gore botshelo bo dikologe ka tsela e e sa laolesegeng. Phuthego yotlhe e ka utlwisiwa botlhoko ke loleme lo lo sa laolesegeng. Jakobe o umaka “Gehena,” Mokgatšha wa Hinoma. Mokgatšha ono o pele o neng o dirisediwa go ntshetsa bana ditlhabelo, o ne wa nna bolatlhelamatlakala jwa Jerusalema jo bo neng bo tuka molelo. (Jeremia 7:31) Ka jalo Gehena e tshwantshetsa go senngwa gotlhelele. Ka tsela nngwe, Gehena e neile loleme lo lo sa laolesegeng maatla a yone a go senya. Fa re sa laole loleme lwa rona, rona ka borona re ka fisiwa ke kgabo ya molelo o re o simolotseng. (Mathaio 5:22) Re ka nna ra bo ra tlosiwa mo phuthegong ka ntlha ya go kgala mongwe.—1 Bakorintha 5:11-13.
16. Ka ntlha ya tshenyo e e ka bakwang ke loleme lo lo sa laolesegeng, ke eng se re tshwanetseng go se dira?
16 Jaaka o ka tswa o itse ka se o se badileng mo Lefokong la Modimo, Jehofa o ne a laela gore motho a laole diphologolo. (Genesise 1:28) Mme mefuta yotlhe ya dibopiwa e ile ya kgwabofadiwa. Ka sekai, bophakalane ba ba thapisitsweng sentle ba ile ba dirisediwa go tsoma. ‘Digagabi’ tse Jakobe a di umakang di ka tswa di akaretsa dinoga tse di dirisiwang ke boramaselamose ba dinoga. (Pesalema 58:4, 5) Motho a ka kgona go laola le e leng maruarua tota, mme jaaka batho ba ba sekametseng mo go direng boleo re ka se laole loleme ka botlalo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tila go bua ka tsela ya go kgoba, e e utlwisang botlhoko, kana ya go seba. Loleme lo lo sa laolesegeng lo ka nna sedirisiwa se se kotsi se se tletseng botlhole jo bo bolayang. (Baroma 3:13) Ka maswabi, diteme tsa baruti ba maaka di ne tsa latlhisa Bakeresete bangwe ba bogologolo Modimo. Ka jalo re se ka ra itlogelela gore re fekeediwe ke mafoko a motenegi a a botlhole, a ka tswa a builwe kana a kwadilwe.—1 Timotheo 1:18-20; 2 Petere 2:1-3.
17, 18. Ke go se dire dilo ka tshwanelo gofe mo go tlhalositsweng mo go Jakobe 3:9-12, mme ke eng se re tshwanetseng go se dira mo ntlheng eno?
17 Go dumela mo Modimong le go eletsa go mo itumedisa go ka re sireletsa mo boteneging e bile go ka re sireletsa mo go diriseng loleme ka tsela e e sa tshwanelang. Fa a bolela ka tsela e batho bangwe ba sa direng dilo ka tshwanelo ka teng, Jakobe o bolela gore ‘ka loleme re baka Rara wa rona, Jehofa, mme re hutsa batho ba ba nnileng gone mo setshwanong sa Modimo.’ (Genesise 1:26) Jehofa ke Rraarona ka tsela ya gore o “naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.” (Ditiro 17:24, 25) Gape ke Rre wa Bakeresete ba ba tloditsweng ka tsela ya semoya. Rotlhe re “mo setshwanong sa Modimo” ka dinonofo tsa tlhaloganyo le tsa boitsholo, go akaretsa lorato, tshiamiso le botlhale tse di re farologanyang le diphologolo. Ka jalo he, re tshwanetse go itshwara jang fa re na le tumelo mo go Jehofa?
18 Fa re ne re ka hutsa batho, seno se ne se tla raya gore re ba eleletsa bosula. E re ka re se baporofeti ba ba tlhotlheleditsweng ke Modimo ba re sa neelwang go eleletsa motho ope bosula, puo e e ntseng jalo e tla bo e bontsha letlhoo le le tla dirang gore go baka ga rona Modimo go bo go se na mosola. Ga go a tshwanela gore “tshegofatso le phutso” di tswe mo molomong o le mongwe. (Luke 6:27, 28; Baroma 12:14, 17-21; Jude 9) A bo e le boleo jang ne go opela dipako tsa Modimo kwa dipokanong mme morago ga moo re bo re bua badumedikarona bosula! Metsi a a monate le a a bogalaka a ka se pomponyege mo motsweding o le mongwe fela. Jaaka “setlhare sa mofeige [se ka se] ke sa ungwa maungo a motlhware kgotsa mofine difeige,” metsi a a letswai a ka se ntshe metsi a a monate. Sengwe se a bo se sa siama mo semoyeng fa rona, ba re tshwanetseng go bua se se molemo, re bua mafoko a a bogalaka ka metlha. Fa re go dirile mokgwa, a re rapeleleng thuso ya ga Jehofa gore re tlogele go bua ka tsela e e ntseng jalo.—Pesalema 39:1.
Dira ka Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo
19. Fa re kaelwa ke botlhale jwa selegodimo, re ka ama ba bangwe jang?
19 Rotlhe re tlhoka botlhale gore re bue le go dira dilo tse di tshwanetseng batho ba ba nang le tumelo. (Jakobe 3:13-18) Fa re boifa Modimo ka tshisimogo, o re neela botlhale jwa selegodimo, bokgoni jwa go dirisa kitso sentle. (Diane 9:10; Bahebera 5:14) Lefoko la gagwe le re ruta tsela ya go bontsha “bori jo e leng jwa botlhale.” Mme e re ka re le bori, re dira gore go nne le kagiso mo phuthegong. (1 Bakorintha 8:1, 2) Bape ba ba ikgantshang ka gore ke barutisi ba ba molemo thata ba badumedikabone ba ‘akela boammaaruri jwa Bokeresete,’ jo bo nyatsang go itseela ga bone kwa godimo. (Bagalatia 5:26) “Botlhale” jwa bone ke jwa “selefatshe”—ba bontsha mokgwa wa batho ba ba ratang go dira boleo ba ba itlhobogantseng le Modimo. Ke jwa “bophologolo,” ka bo bakwa ke go rata go dira dilo tsa senama. Ebu, tota ke “bodimona,” ka gonne meya e e boikepo e a ikgantsha! (1 Timotheo 3:6) Ka gone a re direng dilo ka tsela e e botlhale le ka boikokobetso e le gore re se ka ra dira sepe se se ka tlhotlheletsang gore ‘dilo tse di bifelesegang’ tse di jaaka go senya leina ka go seba le go kgetholola di oketsege.
20. O ne o ka tlhalosa botlhale jwa selegodimo jang?
20 “Botlhale jo bo tswang kwa godimo santlhantlha bo itshekile,” bo dira gore re nne phepa mo boitsholong le mo semoyeng. (2 Bakorintha 7:11) Bo “kagiso,” bo re tlhotlheletsa gore re latele kagiso. (Bahebera 12:14) Botlhale jwa selegodimo bo dira gore re ‘akanyetsane,’ re se ka ra gagamalela fela mo go direng dilo ka tsela e rona re batlang ka yone e bile go le thata go dirisana le ba bangwe. (Bafilipi 4:5) Botlhale jo bo tswang kwa godimo bo “iketleeleditse go utlwa,” bo rotloetsa go utlwa thuto ya bomodimo le go dirisana mmogo le phuthego ya ga Jehofa. (Baroma 6:17) Gape botlhale jo bo tswang kwa godimo bo dira gore re nne kutlwelobotlhoko, re nne lorato. (Jude 22, 23) Go tlala “maungo a a molemo,” go dira gore re amege ka ba bangwe le go dira se se dumalanang le bomolemo, tshiamo le boammaaruri. (Baefeso 5:9) Mme jaaka badirakagiso, re na le “leungo la tshiamo” le le golang sentle mo maemong a kagiso.
21. Go ya ka Jakobe 2:1–3:18, tumelo ya rona mo Modimong e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?
21 Go phepafetse he, gore tumelo e re tlhotlheletsa go tsaya kgato. E dira gore re se tshware batho ka kgethololo, re utlwele ba bangwe botlhoko, re bo re tlhagafalela ditiro tse di molemo. Tumelo e re thusa go laola loleme le go dira ka botlhale jwa selegodimo. Mme ga se sone sotlhe se re ka se ithutang mo lekwalong leno. Jakobe o na le kgakololo e nngwe e e ka re thusang gore re itshware ka mokgwa o o tshwanelang batho ba ba nang le tumelo mo go Jehofa.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke eng se se sa siamang ka go kgetholola batho?
◻ Tumelo le ditiro di amana jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana go laola loleme?
◻ Botlhale jwa selegodimo bo ntse jang?