LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 10/15 ts. 5-7
  • Boitumelo—Jwa Mmatota Selotlolo Sa Jone Ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boitumelo—Jwa Mmatota Selotlolo Sa Jone Ke Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinonofo Tsa Semoya di bo Dira Gore Motho a Nne le Boitumelo
  • Bokgoni Jwa Rona Jwa go Tlhopha
  • Botlhale Jwa Bomodimo le Kutlo—Selotlolo sa Gone
  • BOITUMELO JWA SEBELE BO IKAEGILE KA WENA
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1981
  • Kafa re ka Bonang Boitumelo ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Boitumelo jwa Boammaaruri Jo Bo Bonwang ka go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Itumela ba ba Direlang “Modimo yo o Itumetseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 10/15 ts. 5-7

Boitumelo—Jwa Mmatota Selotlolo Sa Jone Ke Eng?

BATHO ba bopilwe gore ba itumele. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega ka seo? Akanya ka tsela e motho a simologileng ka yone.

Jehofa Modimo o ne a bopile banyalani ba ntlha ba kgona go itumela. Adame le Efa ba ne ba bewa mo paradaiseng, tshimo ya boitumelo e e bidiwang Edena. Mmopi o ne a ba naya dilo tsa nama tse ba di tlhokang mo botshelong. Tshimo e ne e na le “setlhare sengwe le sengwe se se kgatlhang mo matlhong, le se se molemo go jewa.” (Genesise 2:9) Adame le Efa ba ne ba na le botsogo jo bo siameng, ba nonofile e bile ba le bantle—ba ne ba itekanetse mme ba itumetse tota.

Mme gone, selotlolo sa boitumelo jwa bone e ne e le eng? A e ne e le legae la bone la paradaise kana gongwe go itekanela ga bone mo mmeleng? Dimpho tseno tse di tswang kwa Modimong di ne di ba thusa go itumelela botshelo. Mme boitumelo jwa bone bo ne bo sa ikaega ka dilo tse di bonalang tse di ntseng jalo. Tshimo ya Edena e ne e se paraka e ntle fela. E ne e le lefelo le le boitshepo, lefelo la go obamela Modimo. Selotlolo sa boitumelo jwa bone jo bosakhutleng e ne e le bokgoni jwa bone jwa go nna le go boloka kamano e e lorato le Mmopi. Gore ba itumele, ba ne ba tshwanetse gore pele ba nne batho ba semoya.—Bapisa Mathaio 5:3.

Dinonofo Tsa Semoya di bo Dira Gore Motho a Nne le Boitumelo

Kwa tshimologong Adame o ne a na le kamano ya semoya le Modimo. E ne e le kamano ya lorato, e e molemo e e tshwanang le ya morwa le rre. (Luke 3:38) Mo tshimong ya Edena, Adame le Efa ba ne ba na le ditshono tse di molemo tse di neng di ba letla go kgotsofatsa keletso ya bone ya go obamela. Fa ba ne ba ile ba nna kutlo ka go rata, ba ikobela Jehofa ka lorato, ba ka bo ba ile ba tlisetsa Modimo tlotlo le kgalalelo e e fetang e popo ya diphologolo e neng e tla e tlisa. Ba ne ba ka baka Modimo ka botlhale ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe le go tshegetsa bolaodi jwa gagwe. Mme gape Jehofa o ne a tla tswelela a ba tlhokomela ka lorato.

Kamano eno le Mmopi le go utlwa melao ya gagwe go ne ga tlisetsa batsadi ba rona ba ntlha boitumelo jwa mmatota. (Luke 11:28) Go ne go sa lebelelwa gore Adame le Efa ba tshele dingwaga tse dintsi ba ntse ba lekeletsa pele ga ba ka bona selotlolo sa boitumelo. Ba ne ba itumetse go tloga fela ka nako e ba neng ba bopilwe ka yone. Go nna mo kagisong le Modimo le go ikobela taolo ya gagwe go ne go dira gore ba itumele.

Le fa go ntse jalo, boitumelo joo bo ile jwa fela ka nako ya fa ba tlhoka kutlo mo Modimong. Ka go tsouloga, Adame le Efa ba ne ba senya kamano ya bone ya semoya le Jehofa. Ba ne ba sa tlhole ba le ditsala tsa Modimo. (Genesise 3:17-19) Go bonala fa go tloga ka letsatsi leo ba ile ba kobiwa kwa tshimong ka lone, Jehofa o ne a se ka a tlhola a buisana le bone. Ba ne ba latlhegelwa ke boitekanelo jwa bone, tebelelo ya go tshelela ruri le legae la bone la tshimo. (Genesise 3:23) Mme se se botlhokwa le go feta, e re ka ba ne ba latlhegetswe ke kamano ya bone le Modimo, ba ne ba latlhegetswe ke selotlolo sa boitumelo.

Bokgoni Jwa Rona Jwa go Tlhopha

Pele ga Adame le Efa ba swa, ba ne ba fetisetsa dinonofo tsa bone, segakolodi sa bone se se senyegileng, le dinonofo tsa bone tsa semoya mo baneng ba bone. Batho ba ne ba sa nyenyefadiwa gore ba nne mo boemong jwa diphologolo. Rona re kgona go letlanya le Mmopi. (2 Bakorintha 5:18) Jaaka dibopiwa tse di botlhale, batho ba sa ntse ba na le maatla a go itlhophela gore a ba batla go utlwa Modimo kana ga ba batle go mo utlwa. Seno se ne sa supiwa makgolo a dingwaga a mantsi a a fetileng fa Jehofa a ne a dira gore setšhaba se se neng se sa tswa go tlhomiwa sesha sa Iseraele se itlhophele botshelo kana loso. Modimo o ne a bolela jaana ka mmueledi wa gagwe Moshe: “Ke beile fa pele ga gago gompieno botshelo le molemo, le loso le bosula.”—Duteronome 30:15-18.

Tota le gone jaanong, dingwaga tse di sekete morago ga gore Paradaise ya ntlha e latlhege, rona batho re sa ntse re ka kgona go dira tlhopho e e siameng. Re na le segakolodi se se dirang le bokgoni jo bo batlegang jwa go utlwa melao ya Modimo. Baebele e bua ka “motho yo re leng ene mo teng” le motho wa “mo teng.” (2 Bakorintha 4:16; Baroma 7:22) Mafoko ano a tlhalosa bokgoni jo re nang najo jwa go bontsha botho jwa Modimo, go akanya ka tsela e a akanyang ka yone, go nna batho ba semoya.

Malebana le boitsholo jwa rona le segakolodi sa rona, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lefa e le leng fela fa batho ba merafe ba ba se nang molao ba dira ka tlholego dilo tsa molao, batho bano, le mororo ba se na molao, bone ke molao mo go bone. Ke bone tota ba ba bontshang fa kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone, fa segakolodi sa bone se naya bosupi kaga bone e bile, mo gare ga dikakanyo tsa bone, ba latofadiwa kgotsa le eleng go sa bonwe molato.”—Baroma 2:14, 15.

Botlhale Jwa Bomodimo le Kutlo—Selotlolo sa Gone

Le fa go ntse jalo motho a ka nna a ipotsa gore, ‘Fa e le gore rotlhe ka tlholego fela re rata go obamela Modimo mme ka ntlha ya seo, re tla nna le boitumelo jwa mmatota, ke ka ntlha yang fa go sa itumela go tletse thata jaana?’ Ke ka gonne go bona boitumelo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse gore a gole mo semoyeng. Le mororo kwa tshimologong motho a ile a bopiwa mo setshwanong sa Modimo, o ile a tlhobogana le Mmopi wa gagwe. (Baefeso 4:17, 18) Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tsaya dikgato tse di tlhomameng go bopa le go boloka kamano ya semoya le Modimo. Kamano e e ntseng jalo e ka se ka ya itlela fela ka boyone.

Jesu o ne a tlhalosa melaometheo e mebedi e e botlhokwa ya go tlhagolela bomoya. E nngwe ya tsone ke gore motho a nne le kitso e e tlhomameng ka ga Modimo mme e nngwe ke go ikobela go dira thato ya gagwe. (Johane 17:3) Fa a nopola go tswa mo Lefokong la Modimo, Jesu o ne a bolela jaana: “Go kwadilwe ga twe, ‘Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.’” (Mathaio 4:4) Mo lekgetlhong le lengwe, Jesu o ne a bolela jaana: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) Ga re tlhoke go fetsa masome a mantsi a dingwaga re lekeletsa ditsela tsa go bona boitumelo. Boitemogelo ga se selotlolo sa boitumelo. Go na le moo, ke botlhale jwa bomodimo fela le go nna kutlo mo go Mmopi wa rona go go tla dirang gore re bone boitumelo jwa mmatota mo botshelong.—Pesalema 19:7, 8; Moreri 12:13.

Eleruri, boitumelo jo bo nnang teng ka ntlha ya go nna le botlhale jwa bomodimo le go nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo ke selo se re ka kgonang go nna le sone. (Ditiro 17:26, 27) Mongwe le mongwe a ka itse ka ga Jehofa le maikaelelo a gagwe. Baebele e sa ntse e le buka e e anamisiwang thata mo lefatsheng, ka dikhopi di le dimilione di le sekete ka dipuo di le dintsi. Baebele e ka go thusa go nna tsala ya Modimo le go nna le boitumelo jwa mmatota, ka gonne Dikwalo di re bolelela gore “go [itumela, NW] tšhaba e Modimo wa yone e leng Jehofa.”—Pesalema 144:15.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Dikgato Tsa Go Bona Boitumelo

1. Lemoga O Bo O Tlhagolele Dinonofo Tsa Semoya. Jesu O Ne A Bolela Jaana: “Go Itumela Ba Ba Utlwang Lefoko La Modimo E Bile Ba Le Boloka!”—Luke 11:28.

2. Lemoga Gore Go Amogelwa Ke Modimo Go Botlhokwa Thata Go Gaisa Khumo Kana Manobonobo. Paulo O Ne A Kwala Jaana: “Eleruri, Boineelo Jono Jwa Bomodimo Mmogo Le Go Lekanelwa Ke Tsela Ya Papadi E Kgolo. . . . E Re Ka Re Na Le Ditlamedi Mmogo Le Diaparo Le Boitshubelo, Re Tla Kgotsofala Ka Dilo Tseno.”—1 Timotheo 6:6-8.

3. Leka Go Tlhagolela Le Go Utlwa Segakolodi Se Se Thapisitsweng Ka Baebele.​—⁠Baroma 2:14, 15.

4. Ititeye Sehuba Go Utlwa Jehofa Modimo, Ka Go Dira Jalo O Tla Tshwanelega Go Nna Mongwe Wa Batho Ba Gagwe. Dafite Wa Bogologolo O Ne A Kwala Jaana: “Go Bo Go Le Sego Tšhaba E Modimo Wa Yone E Leng Jehofa.”—Pesalema 144:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya.”—Mathaio 5:3

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela