A o Ka Dumela Gore Modimo ke Motho wa Mmatota?
“GA GO tlhokege gore o bo o dumela mo Modimong gore o nne Mokeresete . . . Re karolo ya phetogo e kgolo jaanong, mme mo lekgolong la bo21 la dingwaga kereke e tla bo e se na Modimo jaaka go tlwaelegile,” go ne ga tlhalosa jalo motlhatlheledi wa bodumedi kwa yunibesithing ya Boritane. O ne a bua a emetse mokgatlho wa Sea of Faith o bobotlana o tshegediwang ke baruti ba Boritane ba ka nna lekgolo. “Balatolamodimo [bano] ba Bakeresete” ba bolela gore bodumedi bo tlhamilwe ke batho le gore Modimo ke “kgopolo” fela, jaaka leloko lengwe le ne la bolela. Modimo yo o maatlaotlhe ga a tlhole a dumalana le tsela e ba akanyang ka yone.
“Modimo o sule” e ne e le moano o o neng o tlwaelegile mo dingwageng tsa bo1960. O ne o bontsha dikgopolo tsa mofilosofi wa Mojeremane wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Friedrich Nietzsche mme wa dira gore basha ba le bantsi ba nne le seipato sa go batla go dira se ba se ratang, ba ikgotsofatse ka tlhakanelodikobo kwantle ga lenyalo le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang ba sa ithibe. A mme kgololesego eo e ne ya dira gore bana bano ba mahipi, jaaka ba ne ba itsiwe, ba tshele botshelo jo bo kgotsofatsang jwa boitumelo?
Mo lesomeng leo la dingwaga, bishopo wa kereke ya Anglican e bong John A. T. Robinson o ne a gatisa buka ya gagwe ya Honest to God e e neng ya tsosa kgaruru. Bontsi jwa barutikaene bo ne jwa mo kgalela gore a bo a ne a akanya gore Modimo “ke selo fela se se tseneletseng mo boitemogelong jwa batho.” Porofesa wa thutabomodimo e bong Keith Ward o ne a botsa jaana: “A go dumela mo Modimong ke tumelobotlhodi e e sa tlholeng e amogelwa, e jaanong e tlogetsweng ke batho ba ba botlhale?” Fa a araba potso ya gagwe ka boene, o ne a bolela jaana: “Ga go na sepe se se botlhokwa thata mo bodumeding gompieno go feta go boela re nna le kgopolo e e tlwaelegileng ka Modimo.”
Go Boga le Modimo yo e Leng Motho wa Mmatota
Batho ba le bantsi ba ba dumelang gore Modimo ke motho wa mmatota ba fitlhela go le thata go amanya tumelo ya bone le masetlapelo le pogo tse ba di bonang. Ka sekai, ka March 1996, bana ba babotlana ba le 16, mmogo le morutabana wa bone, ba ne ba thuntshiwa le go bolawa kwa Dunblane, kwa Scotland. “Tota ga ke tlhaloganye go rata ga Modimo,” go ne ga bolelela jalo mosadi mongwe yo o neng a fuduegile maikutlo. Tlalelo ya masetlapelo ano e ne e boletswe mo karateng e e neng e beilwe mmogo le dithunya ka fa ntle ga sekolo sa bana bao. E ne e na le mafoko a a reng, “KA NTLHA YANG?” Fa moruti wa Dunblane Cathedral a araba seo o ne a bolelela jaana: “Ga go na tlhaloso ya seo. Re ka se kgone go tlhalosa lebaka la gore ke eng fa seno se diragetse.”
Moragonyana mo go one ngwaga oo, moruti mongwe yo mmotlana yo o neng a tumile thata wa Church of England o ne a bolawa mo go setlhogo. Lokwalodikgang lwa Church Times lo ne lwa bega gore phuthego e e neng e tshogile e ne ya utlwa modiredi yo mogolo wa Liverpool a bua ka “go kokota mo kgorong ya Modimo ka dipotso tse di reng ke ka ntlha yang? ke ka ntlha yang?” Moruti yono le ene o ne a se na mafoko a a gomotsang a a tswang kwa Modimong yo e leng motho wa mmatota.
Ke eng he, se re tshwanetseng go se dumela? Go a utlwala gore re dumele mo Modimong yo e leng motho wa mmatota. Ke selotlolo sa go araba dipotso tse di tlhotlheletsang tse di boditsweng fa godimo. Re go kopa gore o sekaseke bosupi jo bo tlhalositsweng mo setlhogong se se latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Karata e ne e botsa gore “Ka ntlha yang?”
[Motswedi wa Setshwantsho]
NEWSTEAM No. 278468/Sipa Press