LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 9/15 ts. 25-29
  • Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo 2

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo 2
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhaga Mmulatsela
  • Kereke ya Ipusolosetsa
  • Matswela a go Gatisa
  • William Tyndale le Baebele ya Seesemane
  • Patlisiso e Lere Kutlwisiso e e Utlwalang Sentle
  • Tyndale o Ranola Dikwalo Tsa Sehebera
  • Baebele ya Ilediwa Mmogo le Tyndale
  • William Tyndale—Monna yo o Neng A na Le Temogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Bibela ya ga William Tyndale ya Batho Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ba ne Ba Rata Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O Rata Lefoko la Modimo go le Kanakang?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 9/15 ts. 25-29

Kafa Baebele e Tlileng mo go Rona ka Teng—Karolo 2

Dikgabo tsa tutumela kwa godimo fa setukisi se se oketsegileng se ntse se koelelwa mo molelong o mogolo o o karatlang. Mme e ne e se molelo fela o o tlwaelegileng ono. Molelo o mogolo ono o ne o tukisiwa ka Baebele fa baruti le baruti ba bagolo ba ntse ba lebile. Mme ka go reka Dibaebele gore a ye go di senya, mobishopo wa Lontone ka go sa itse o ne a thusa moranodi e bong William Tyndale, go duelela dikgatiso tse dingwe!

Ke eng se se dirileng gore matlhakore oomabedi a ntwa a ititeye sehuba jaana? Mo makasineng o o fetileng, re ne ra sekaseka hisitori ya go gatisiwa ga Baebele go fitlha mo dingwageng tsa morago tsa Metlha ya Bogare. Jaanong re tla mo tshimologong ya motlha o mosha o mo go one molaetsa le taolo ya Lefoko la Modimo di neng di tloga di nna le tlhotlheletso e kgolo mo setšhabeng.

Go Tlhaga Mmulatsela

John Wycliffe, mokanoki yo o tlotlegang wa Oxford o ne a rera le go kwala ka tsela e e nonofileng kgatlhanong le ditiro tse di sa theiwang mo Baebeleng tsa Kereke ya Katoliki, a theile boammaaruri jwa se a se buang mo ‘molaong wa Modimo,’ a raya Baebele. O ne a romela baithuti ba gagwe e leng Ba-Lollard gore ba ralale naga ya Engelane go ya go rerela mongwe le mongwe yo o tla reetsang molaetsa wa Baebele ka Seesemane. Pele ga a swa ka 1384, o ne a simolola thanolo ya Baebele go tswa mo Selatineng go ya mo Seesemaneng sa motlha wa gagwe.

Kereke e ne ya bona mabaka a le mantsi a go bifela Wycliffe. Sa ntlha, o ne a nyatsa baruti ka ntlha ya go itshedisa ga bone mo letlepung le boitsholo jwa bone jo bo sa siamang. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ba neng ba rata Wycliffe ba ne ba dirisa dithuto tsa gagwe ka tsela e e sa tshwanelang go emelela botsoulodi jwa bone ba tshotse dibetsa. Baruti ba ne ba pega Wycliffe molato, tota le morago ga loso lwa gagwe, le mororo a ise a ko a tlhotlheletse botsuolodi jwa dikgoka.

Fa a ne a kwalela Mopapa John XXIII ka 1412, Mobishopomogolo Arundel o ne a bua ka “motho yo o lonyatso le yo o tenang yoo e bong John Wycliffe, yo o tshwanetseng go gakologelwa e le motho yo o nyatsegang, morwa noga ya bogologolo, moeteledipele le ngwana wa moganetsakeresete.” Fa a fitlha mo bowelong jwa tatofatso ya gagwe, Arundel o ne a kwala jaana: “Go tlatsa selekanyo sa maleo a gagwe, o ne a rulaganyetsa go ranolela dikwalo mo puong ya batho.” Totatota, se se ileng sa galefisa baeteledipele ba dikereke thata e ne e le go bo Wycliffe a ne a batla go naya batho Baebele ka puo ya bone.

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba maemo a a kwa godimo ba ne ba kgona go bona Dikwalo ka dipuo tsa bone. Mongwe wa bone e ne e le Anne wa kwa Bohemia, yo o neng a nyalwa ke Kgosi Richard II wa kwa Engelane ka 1382. O ne a na le Diefangele tsa dithanolo tsa Seesemane tsa ga Wycliffe, tse a neng a di ithuta ka metlha. Fa a ne a nna kgosigadi, boikutlo jwa gagwe jo bo siameng bo ne jwa thusa go anamisiwa ga Baebele—e seng kwa Engelane fela. Anne o ne a kgothaletsa baithuti ba Yunibesithi ya Prague kwa Bohemia gore ba tle Oxford. Koo ba ne ba ithuta mekwalo ya ga Wycliffe ka tlhagafalo mme ba boa le mengwe ya yone go ya kwa Prague. Moragonyana go tuma ga dithuto tsa ga Wycliffe kwa Yunibesithing ya Prague go ne ga thusa Jan Hus, yo o neng a ithuta mme kgabagare a bo a ruta koo. Hus o ne a kwala thanolo e e balegang sentle ya Se-Czech go tswa mo thanolong ya bogologolo ya Se-Slavonia. Maiteko a gagwe a ne a dira gore Baebele e dirisiwe thata kwa Bohemia le kwa dinageng tse di bapileng le yone.

Kereke ya Ipusolosetsa

Baruti ba ne gape ba galefetse Wycliffe le Hus go bo ba ne ba ruta gore “mokwalo o o sa tswakanngwang,” Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa kwa tshimologong tse go sa okediwang sepe mo go tsone, di ne di le maatla go gaisa “ditlhalosonyana,” ditlhaloso tsa ngwao tse di thata tse di fitlhelwang mo mokwalong o o fa thoko mo Dibaebeleng tse di dumelelwang ke kereke. E ne e le molaetsa o o sa tswakanngwang wa Lefoko la Modimo o bareri bano ba neng ba batla go dira gore batho ba ba tlwaelegileng ba nne le one.

Hus o ne a tsiediwa ka go solofediwa maaka ka gore o tla sirelediwa fa a tla fa pele ga Catholic Council of Constance, kwa Jeremane, ka 1414 go femela megopolo ya gagwe. Lekgotla leo le ne le na le baruti, bobishopo le bakadinale ba le 2933. Hus o ne a dumela go tlogela fa dithuto tsa gagwe di ka supiwa fa di sa siama go ya ka Dikwalo. Mo lekgotleng leno, seno e ne e se kgang. Go gwetlha ga gagwe taolo ya bone e ne e le lebaka le le utlwalang la gore ba mo fise mo koteng ka 1415, fa a ntse a rapelela kwa godimo.

Lone lekgotla leo le ne la atlhola le go tlhapatsa John Wycliffe la bofelo ka go laela gore marapo a gagwe a epololwe kwa Engelane mme a fisiwe. Taelo eno e ne e ferosa sebete thata jaana mo e leng gore ga ya ka ya diragadiwa go fitlha ka 1428, fa mopapa a ne a laela gore go dirwe jalo. Le fa go ntse jalo, jaaka gale, kganetso e e botlhoko eo ga ya ka ya koafatsa tlhagafalo ya batho ba bangwe ba ba ratang boammaaruri. Go na le moo, go ne ga oketsa boikemisetso jwa bone jwa go gatisa Lefoko la Modimo.

Matswela a go Gatisa

Ka 1450, dingwaga di le 35 fela morago ga loso lwa ga Hus, Johannes Gutenberg o ne a simolola go gatisa ka motšhini kwa Jeremane. Kgatiso ya gagwe ya ntlha e kgolo e ne e le thanolo ya Vulgate ya Selatini e e ileng ya wediwa mo e ka nnang ka 1455. Ka 1495 Baebele yotlhe kana bontlhanngwe jwa yone e ne e gatisitswe ka Sejeremane, Sentadiana, Sefora, Se-Czech, Se-Dutch, Sehebera, Se-Catalonia, Segerika, Se-Spain, Se-Slavonia, Sepotokisi le Se-Serbia—ka go latelana.

Mokanoki wa Mo-Dutch e bong Desiderius Erasmus o ne a golola kgatiso ya ntlha ya mokwalo wa Segerika e e feletseng ka 1516. Erasmus o ne a eletsa e kete Dikwalo “di ka ranolelwa mo dipuong tsotlhe tsa batho botlhe.” Le fa go ntse jalo, o ne a okaoka go senya botsala jwa gagwe le batho ba ba tumileng ka go e ranola ka boene. Le fa go ntse jalo, go ne ga latela ba bangwe ba ba neng ba le pelokgale thata. Motho yo o tlhomologileng fa gare ga batho bano e ne e le William Tyndale.

William Tyndale le Baebele ya Seesemane

Tyndale o ne a ithutile kwa Oxford mme mo e ka nnang ka 1521 a tla kwa ntlong ya ga Motlotlegi John Walsh e le morutisi wa bana ba gagwe. Gantsi nako ya dijo mo phaposing ya bojelo ya ba ga Walsh e ne e le nako e Tyndale yo mmotlana a neng a nna le kganetsano le baruti ba lefelo leo. Tyndale o ne a gwetlha megopolo ya bone ka go bula Baebele le go ba bontsha dikwalo. Fa nako e ntse e tsamaya, borraWalsh ba ne ba tlhatswiwa pelo ke se Tyndale a neng a se bolela, mme baruti ba ne ba sa tlhole ba lalediwa thata e bile ba ne ba sa tlhole ba amogelwa ka tlhagafalo jaaka pele. Ka tlholego fela, seno se ne sa dira gore baruti ba galefele Tyndale le dithuto tsa gagwe le go feta.

Mo lekgetlhong lengwe ka nako ya kganetsano, mongwe wa baganetsi ba ga Tyndale mo bodumeding o ne a bolela jaana: “Go botoka go nna re se na melao ya Modimo go na le go nna re se na molao wa Mopapa.” Akanya fela ka fa Tyndale a neng a ititeile sehuba ka teng fa a ne a araba jaana: “Ke nyatsa Mopapa le melao yotlhe ya gagwe. Fa Modimo o ka ntetla gore ke tshele, go ise go fete dingwaga di le dintsi ke tla dira gore mosimane yo o tshwarang mogoma a itse Dikwalo thata go go gaisa.” Boikaelelo jwa ga Tyndale bo ne bo bonagetse sentle. O ne a kwala jaana moragonyana: “Ke ne ka lemoga ka se se diragetseng kafa go se kitlang go kgonega ka teng go dira gore batho ba ba tlwaelegileng fela ba bone boammaaruri bope fela, fa e se fela fa ba ka tlhalosediwa dikwalo ka tsela e e motlhofo ka puo ya bone, gore ba tle ba bone botlhokwa, tatelano le bokao jwa dikwalo.”

Ka nako eo, go ne go ise go gatisiwe Baebele epe ka Seesemane. Ka jalo ka 1523, Tyndale o ne a ya Lontone go ya go kopa tetla ya Mobishopo Tunstall go dira tiro ya go ranola. E re ka a ne a ganediwa, o ne a tloga kwa Engelane go ya go tsweletsa boikaelelo jwa gagwe pele, mme le ka motlha ga a ise a ko a boe gape. Kwa Cologne, kwa Jeremane, lefelo la gagwe la ntlha la go gatisa le ne la phurophutshiwa mme Tyndale o ne a tshwanela gore a falole ka tshoba la mogodu a tshotse dingwe tsa ditsebe tse di botlhokwa tse di sa rokaganngwang. Le fa go ntse jalo, kwa Worms, kwa Jeremane, mo e ka nang bobotlana dikhopi tsa gagwe di le 3000 tsa Seesemane tsa “Tesetamente E Ntšha” di ne tsa wediwa. Di ne tsa romelwa kwa Engelane mme tsa simololwa go anamisiwa koo mo masimologong a 1526. Dingwe tsa tsone e ne e le Dibaebele tse Mobishopo Tunstall a ileng a di reka mme a di fisa, ka go sa itse a thusa Tyndale go tswelela pele ka tiro ya gagwe!

Patlisiso e Lere Kutlwisiso e e Utlwalang Sentle

Kwantle ga pelaelo Tyndale o ne a itumelela tiro ya gagwe. Jaaka The Cambridge History of the Bible e tlhalosa gore, “Dikwalo di ne di mo itumedisa mme go na le sengwe se se bofefo le se se itumedisang se se supang boitumelo jwa gagwe.” Mokgele wa ga Tyndale e ne e le go dira gore Dikwalo di kgone go ka bonwa ke batho ba ba tlwaelegileng ka puo ya bone ka mafoko a a opang kgomo lonaka e bile di balega motlhofo. Dipatlisiso tsa gagwe di ile tsa mmontsha bokao jwa mafoko a Baebele jo bo ileng jwa bipiwa ke thuto ya kereke ka makgolo a dingwaga. E re ka a ile a se ka a boifisiwa ke go tshosediwa ka loso le ke mekwalo ya mmaba wa gagwe yo o maatla e bong Motlotlegi Thomas More, Tyndale o ne a akaretsa dilo tse a di boneng mo thanolong ya gagwe.

Ka go ranola go tswa mo Segerikeng sa ntlhantlha sa mokwalo wa ga Erasmus go na le gore a ranole go tswa mo Selatineng, Tyndale o ne a tlhopha go dirisa “lorato” mo boemong jwa “dineo” go tlhalosa bokao jwa lefoko la Segerika a·gaʹpe ka botlalo sentle. O ne gape a dirisa “phuthego” mo boemong jwa “kereke,” “go ikwatlhaya” go na le gore a dirise “boipolelo” le “bagolwane” go na le gore a dirise “baruti.” (1 Bakorintha 13:1-3; Bakolosa 4:15, 16; Luke 13:3, 5; 1 Timotheo 5:17, Tyndale) Diphetogo tseno di ne di senya thata ya kereke le ditlwaelo tse di dirwang mo bodumeding, tse di ntseng jaaka go ipolela mo baruting.

Mme gape Tyndale o ne a ngaparela lefoko “tsogo” a gana pakatori le go tshela morago ga loso a supa gore ke dilo tse di seyong mo Baebeleng. Malebana le baswi, o ne a kwalela More jaana: “Ka go ba isa kwa legodimong, kwa diheleng, le kwa pakatoring, [o] senya ditlhaloso tse mo go tsone Keresete le Paulo ba neng ba supa gore tsogo e gone.” Malebana le seno, Tyndale o ne a bua ka Mathaio 22:30-32 le 1 Bakorintha 15:12-19. O ne a dumela sentle gore baswi ba nna ba sa utlwe sepe go fitlha ba tsosiwa mo isagweng. (Pesalema 146:4; Moreri 9:5; Johane 11:11, 24, 25) Se se ne se raya gore thulaganyo yotlhe ya go rapela Maria le “baitshepi” e ne e se na mosola ka gone ba ne ba se kitla ba utlwa kana go tsereganya fa ba le mo boemong jwa bone jwa go sa utlwe sepe.

Tyndale o Ranola Dikwalo Tsa Sehebera

Ka 1530, Tyndale o ne a golola kgatiso ya Pentateuch, e leng dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Dikwalo tsa Sehebera. Ka jalo o ne a nna motho wa ntlha go ranola Baebele go tswa mo Sehebereng go ya ka tlhamalalo mo Seesemaneng. Gape Tyndale e ne e le moranodi wa ntlha wa Moesemane go dirisa leina Jehofa. Mokanoki wa Lontone e bong David Daniell o kwala jaana: “Kwantle ga pelaelo go ne go tla kgatlha babadi ba ga Tyndale thata go bona gore leina la Modimo le senotswe sesha.”

Ka go leka go phepafatsa dilo, Tyndale o ne a dirisa mafoko a a farologaneng a Seesemane go ranola lefoko le le lengwe la Sehebera. Le fa go ntse jalo, o ne a latela mokgwa wa go kwala wa Sehebera thata. Se se ne sa felela ka gore a boloke maatla a magolo a Sehebera. Ene ka boene o ne a bolela jaana: “Boleng jwa puo ya Sehebera bo dumalana ka makgetlho a a fetang sekete le Seesemane go na le Selatine. Tsela ya go bua e a tshwana; mo e leng gore mo makgetlhong a le sekete o tlhoka fela go ranolela lefoko lengwe le lengwe jaaka le ntse mo Seesemaneng.”

Mokgwa ono wa go ranola mafoko fela jaaka a ntse a ne a dira gore thanolo ya ga Tyndale e nne le mafoko a Sehebera. Mangwe a one a tshwanetse a bo a ile a bonala a sa tlwaelega fa a balwa la ntlha. Le fa go ntse jalo, kgabagare Baebele e ne ya tlwaelega mo e leng gore bontsi jwa mafoko ano jaanong ke bontlhanngwe jwa puo ya Seesemane. Dikai di akaretsa “a man after his own heart [monna kafa pelong ya gagwe]” (jaaka mo go 1 Samuele 13:14), “passover [tlolaganyo],” le “scapegoat [motho yo o rwalang melato ya ba bangwe].” Mo godimo ga moo, ka tsela eo, babadi ba Baebele ya Seesemane ba ne ba tlwaela go tlwaelana le kgopolo ya Sehebera, go dira gore ba nne le temogo e e botoka ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.

Baebele ya Ilediwa Mmogo le Tyndale

Go ka kgona go bala Lefoko la Modimo ka puo ya gago go ne go kgatlhisa. Batho ba ba buang Seesemane ba ne ba arabela ka go reka sengwe le sengwe se se neng se ka kgona go tsenngwa mo nageng go sa itsege, di tla e kete ke ngata ya masela kana dithoto tse dingwe. Ka nako e e tshwanang baruti ba ne ba akanya kafa tota ba tla latlhegelwang ke maemo a bone fa Baebele e ka lebiwa e le yone taolo ya makgaolakgang. Ka jalo, boemo jwa moranodi yono le batshegetsi ba gagwe e ne ya nna kgang ya loso le botshelo.

E re ka Tyndale a ne a nna a ntse a setswe morago ke Kereke le Puso, o ne a tsweletsa tiro ya gagwe pele a ntse a iphitlha kwa Antwerp, kwa Belgium. Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa malatsi a le mabedi mo bekeng a a neng a re ke nako ya gagwe ya boitapoloso—a direla batshabi ba bangwe ba Baesemane, bahumanegi le ba ba lwalang. O ne a dirisa bontsi jwa madi a gagwe ka tsela eno. Pele ga fa a ka ranola sephatlho se sengwe sa Dikwalo tsa Sehebera, Tyndale o ne a okiwa ke Moesemane mongwe yo o neng a itira tsala. Fa a ne a bolawa kwa Vilvoorde, kwa Belgium, ka 1536, mafoko a gagwe a bofelo a a neng a a bua a le mo botlhokong “Morena! bula matlho a Kgosi ya Engelane.”

Mo e ka nnang ka 1538, Kgosi Henry VIII ka mabaka a a itsiweng ke ene o ne a laela gore Dibaebele di tsenngwe mo kerekeng nngwe le nngwe ya Engelane. Le mororo Tyndale a ile a se ka a newa tlotlo, go ne ga tlhophiwa thata thanolo ya gagwe. Ka tsela eno thanolo ya ga Tyndale e ne ya tuma ya bo ya ratiwa mo e leng gore e ne ya “nna motheo wa konokono wa bontsi jwa dithanolo tse di neng tsa latela” ka Seesemane. (The Cambridge History of the Bible) Mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa thanolo ya ga Tyndale e ne ya kwalololelwa ka tlhamalalo mo thanolong ya King James Version ya 1611.

Go kgona go bona Baebele ka kgololesego fela go ne go raya gore go dirwe phetogo e kgolo kwa Engelane. Dipuisano tse di malebana le Baebele tse di neng di tshwarelwa kwa dikerekeng di ne tsa gotela thata jaana mo e leng gore ka dinako tse dingwe di ne di kgoreletsa ditirelo tsa kereke! “Batho ba ba tsofetseng ba ne ba ithuta go bala gore ba tle ba kgone go ipalela Lefoko la Modimo ka tlhamalalo mme bana ba ne ba kopanela le bagolo ba bone go reetsa.” (A Concise History of the English Bible) Nako eno e nnile gape nako ya go oketsega ga kanamiso ya Dibaebele mo dinageng tse dingwe tsa Yuropa le dipuo tsa teng. Mme go anamisiwa ga Baebele kwa Engelane e ne e le go dira gore go nne le tlhotlheletso ya lefatshe lotlhe. Seno se ne sa diragala jang? Mme dithibololo tse dingwe le dipatlisiso di ne tsa ama jang Dibaebele tse re di dirisang gompieno? Re tla konela pego ya rona mo setlhogong se se latelang sa metseletsele eno.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Tesetamente e Ntšha” ya ga Tyndale ya 1526—e e leng yone fela khopi e e feletseng e e itsegeng e e ileng ya se ka ya fisiwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

© The British Library Board

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]

(For fully formatted text, see publication)

Matlha a a Botlhokwa mo go Anamisiweng ga Baebele

Motlha wa Rona o o Tlwaelegileng

Baebele ya ga Wycliffe e Simolotswe (b. 1384)

1400

Hus o ne a bolawa ka 1415

Gutenberg—o gatisitse Baebele ya ntlha e e gatisitsweng c. 1455

1500

Dipuo Tsa Ntlha Tse di Gatisitsweng

Mokwalo wa ga Erasmus wa Segerika 1516

“Tesetamente e Ntšha” ya ga Tyndale ya 1526

Go bolawa ga Tyndale ka 1536

Henry VIII o laela gore Dibaebele di tsenngwe mo dikerekeng 1538

1600

King James Version 1611

[Ditshwantsho]

Wycliffe

Hus

Tyndale

Henry VIII

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela