LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/15 ts. 30
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke Go Tla ga ga Jesu Kana ke go Nna Gone ga ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Leina la Modimo le mo Dikwalong tsa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Leina la Modimo le “Kgolagano e Ntšha”
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/15 ts. 30

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Tetragrammaton (ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tsa leina la Modimo) e teng mo temaneng ya Sehebera ya Mathaio e e kwalolotsweng ke ngaka ya Mojuta ya lekgolo la bo14 la dingwaga e bong Shem-Tob ben Isaac Ibn Shaprut?

Nnyaa, ga e yo. Le fa go ntse jalo, temana eno ya Mathaio e dirisa hash·Shem’ (e feletse kana e khutshwafaditswe) ka makgetlho a le 19, jaaka e bontshitswe mo tsebeng 13 ya Tora ya Tebelo ya August 15, 1996.

Lefoko la Sehebera e bong hash·Shem’ le bolela “Leina,” e leng le le rayang ka phepafalo leina la Modimo. Ka sekai, mo temaneng ya ga Shem-Tob, karolo e e khutswafaditsweng ya hash·Shem’ e tlhaga mo go Mathaio 3:3, temana e mo go yone Mathaio a nopotseng Isaia 40:3. Ke mo go utlwalang go konela ka gore fa Mathaio a ne a nopola temana go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera moo Tetragrammaton e bonwang teng, o ne a tsenya leina la Modimo mo Efangeleng ya gagwe. Ka jalo, le fa temana ya Sehebera e Shem-Tob a e bontshitseng e sa dirise Tetragrammaton, tiriso ya yone ya “Leina,” jaaka mo go Mathaio 3:3, e tshegetsa tiriso ya “Jehofa” mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

Shem-Tob o ne a kwalolola temana ya Sehebera ya Mathaio mo ya gagwe e e tsositseng dikgang e leng ʼEʹven boʹchan. Le fa go ntse jalo, ke eng se e neng e le motswedi wa temana eo ya Sehebera? Porofesa George Howard yo o neng a dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka kgang eno, o akantshitse gore “Mathaio ya Sehebera ya ga Shem-Tob ke ya mo e ka nnang mo makgolong a ntlha a manè a dingwaga a motlha wa Bokeresete.”a Ba bangwe ba ka nna ba se ka ba dumalana le ene mo go seno.

Howard o kwadile seno: “Mathaio wa Sehebera o o tsentsweng mo temaneng eno o lemotshega segolobogolo ka dilo tse dintsi tse a farologanang ka tsone le Mathaio wa makwalo a Segerika.” Ka sekai, go ya ka temana ya ga Shem-Tob, Jesu o ne a bolela seno ka Johane: “Ammaaruri ke a lo raya ka re, mo go ba ba tsetsweng ke basadi ga go a tsoga ope yo mogolo go feta Johane Mokolobetsi.” E tlogetse mafoko a ga Jesu a a latelang: “Mme motho yo mmotlanyana mo bogosing jwa magodimo o mogolo go mo feta.” (Mathaio 11:11) Ka tsela e e tshwanang le eno, go na le dipharologanyo tse dintsi gareng ga temana ya Sehebera ya Dikwalo Tsa Sehebera tse di leng teng le mokgwa wa go tlhalosa mafoko mo temaneng e e tshwanang le yone ya thanolo ya Segerika ya Septuagint. Le fa re dumela gore di a farologana, ditemana tse di ntseng jalo tsa bogologolo di ka thusa thata fa motho a ithuta ka go di bapisa.

Jaaka go umakilwe, temana ya ga Shem-Tob ya Mathaio e akaretsa “Leina” mo mafelong a go nang le lebaka le le utlwalang la go dumela gore Mathaio sentlentle o dirisitse Tetragrammaton. Ka jalo, go tloga ka 1950, temana ya ga Shem-Tob e dirisitswe e le lebaka le le tshegetsang go dirisiwa ga leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika e bile e umakilwe le mo go The New World Translation of the Holy Scriptures—With References.b

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona gape New Testament Studies, Bolumo 43, Nomoro ya 1, January 1997, ditsebe 58-71.

b E e gatisitsweng ka 1984 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela