LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/15 ts. 23-25
  • Bohulo go ba Sekadinku Kwa Nageng ya Navajo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bohulo go ba Sekadinku Kwa Nageng ya Navajo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Go Lere Dikgang Tse di Molemo mo Nageng ya Navajo
  • Go Tlhoma “Kampa ya Dinku”
  • Bontsi bo Tsibogela Molaetsa wa Bogosi
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/15 ts. 23-25

Bohulo go ba Sekadinku Kwa Nageng ya Navajo

HÓZHÓNÍ, mo puong ya Baindia ba kwa Navajo e raya “bontle,” e bile ke ka fa batho ba kwa Navajo ba tlhalosang naga ya bone ka teng. Go tloga ka 1868 puso ya United States e ne ya abela Navajo naga ya disekwerekilometara di ka nna 62 000 kwa bokonebotlhaba jwa Arizona, go dikologa se se bidiwang dikhutlo tse nnè, koo dinaga tse nnè tsa Arizona, Colorado, New Mexico le Utah di kopanang teng. Monument Valley e e neng ya tumisiwa ke dibaesekopo tsa Bophirima, jaanong e dirisiwa jaaka Navajo Tribal Park e bile e oka bajanala go tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Sengwe se se tlhomologileng mo mokgatšheng ono ke mafika a a dimetara di le 300 a letlapa la moshawa o mohibidu a a emeng a le nosi fela a okame dipoa tse di goletsegileng tsa sekaka seno. Ka jalo, lefoko la Se-Navajo le le dirisediwang mokgatšha ono le bolela “sebaka gareng ga mafika.”

Ba-Navajo ka kakaretso ba itsege ka boikokobetso jwa bone, go amogela baeng ka lorato le masika a bone a a momaganeng. Baagi ba le 170 000 ba mo nageng eno ba nna thata mo mathibelelong a a katoganeng, go latela ditsela tsa dingwao tsa bone. Bangwe ba sa ntse ba ruile dinku le go nna mo mekgorong ya dikota e e didilweng ka mmu e e bidiwang di-hogan. Botaki le melogo ya Ba-Navajo di dirile gore ba itsege thata. Segolobogolo dilo tse di ratiwang thata ke dimmata tsa bone le dikobo tse di nang le mela e e mebalabala kgotsa melogo ya setso, e e logilweng ka boboa jwa nku. Selo se sengwe se se itsegeng thata sa Ba-Navajo ke mabenyane a selefera a a nang le leje la botlhokwa le dilo tse dingwe tsa tlholego.

Go Lere Dikgang Tse di Molemo mo Nageng ya Navajo

Ka dingwaga tse di fetang 30, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla mo nageng ya Navajo e seng fela go tla go bona mafelo a a kgatlhang mme le go leretse batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefelong leno le le kwa thoko. (Mathaio 24:14) Badiredi ba Basupi ba ga Jehofa ba babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng ba eteletse pele mo tirong ya go rera. Bontsi jwa bone ba tlile e le go arabela boikuelo jwa balebedi ba ba etang le Basupi ba lefelo leo jwa go thusa kwa tlhokego e leng kgolo teng. Bangwe ba tswa kwa diphuthegong tse di gaufi, fa ba bangwe, go akaretsa le ba merafe e e farologaneng ya Baamerika ba ba Tlholegileng koo, ba tlile go tswa dikarolong tse di farologaneng tsa United States.

Banna le basadi bano ba ba ineetseng ba tsere bodiredi jwa bone jaaka tiro ya borongwa. Ka ntlha yang? Sa ntlha, dipuo tsa mo lefelong leo di thata go ka ithutiwa ka ntlha ya modumo wa tsone o o raraaneng, sebopego le tsela e di buiwang ka yone. Mme gape batho ba lefelo leo ka kakaretso, ba sa ntse ba ngaparetse dingwao tsa bone mo dilong tsa bodumedi, tsa lelapa le go itshedisa ka temo. Mo godimo ga moo, matlo le ditiro ga di bonwe motlhofo mo go ba e seng Baindia, e leng se se dirang gore go nne bokete mo go ba ba fudugetseng moo go nna teng. Sa bofelo, hisitori e telele ya go tshwarwa makgwakgwa ga batho bano ke basweu e dirile gore ba se ke ba ikanya merafe e mengwe.a

Ka nako ya fa Basupi ba ne ba simolola go tsamaya ka ntlo le ntlo ba apere sentle e bile ba tsentse dithai, ba ne ba tsewa gore ke Ba-Mormon e bile bontsi bo ne bo sa bule dikgoro tsa bone. Fa ba fetola moaparo wa bone go nna wa fa ba iketlile fela, ba ne ba amogelwa, gantsi e ka nna ura kgotsa go feta. Jaanong batho ba lemoga Basupi ba ga Jehofa le e leng le fa ba boetse ba apara dithai gape mo bodireding jwa bone.

Go fitlha kwa bathong ba ba nnang mo nageng ya Navajo ke kgwetlho tota. Go kgweetsa dikilometara di le dintsi mo ditseleng tse di senang matshwao tse di ka tswang di na le mafika, di tletse moshawa e bile di le diretse ke selo se se tlwaelegileng. Seno se senya koloi e bile se lapisa bapagami. Gape dikoloi di ka nna tsa gaelelwa, mme batho ba ba fetang ka tsela gantsi ba nna ba ipaakanyeditse go thusa. Go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang, go ya kwa dithutong tsa Baebele tsa legae kgotsa go tsaya mongwe go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete gantsi go tlhoka loeto lo lo feletseng la diura di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, Basupi ba intsha setlhabelo, ka jalo ba bontsha lorato lwa bone mo bathong ba lefelo leo.—Bapisa 1 Bathesalonika 2:8.

Ba-Navajo ba rata go tlotla ka Baebele. Gantsi ba ka kokoanya lelapa lotlhe mmogo—bana, batsadi le borremogolo le bommemogolo—go utlwa ka ga tsholofelo ya legae la motho la mo isagweng la paradaise. Monna mongwe wa Mo-Navajo fa a bodiwa gore o akanya gore Paradaise e tla nna jang, o ne a araba ka gore, “E tla nna tala e tletse ka dinku,” go supa lorato lwa bone ka naga le letsomane la bone. Gape ba anaanela dibuka tsa Baebele, ba bontsha seno ka dinako dingwe ka go aba dibaga, sesepa, mashi a a mo motemeng le dilo tse di tshwanang le tseno e le go ema nokeng bodiredi jwa Bogosi. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng o ne a bona dipeeletso di ka nna 200 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo ngwageng o le mongwe, go akaretsa di le pedi go tswa go monna mongwe yo o neng a pagame pitse.

Go Tlhoma “Kampa ya Dinku”

Fa selemo se tla, ke nako ya gore modisa wa Mo-Navajo a fuduse letsomane la gagwe kwa kampeng ya dinku. Legae leno la selemo, le le tlhophilweng ka ntlha ya bogaufi jwa lone go mahulo a matala le metswedi e e siameng ya metsi, le thusa letsomane go ata sentle. Ka tsela ya tshwantshetso, Holo ya Bogosi e ka nna ya tshwantshiwa le kampa e e ntseng jalo—bohulo jwa semoya le motswedi wa metsi a boammaaruri. Batho ba ba tlang ba ka bona dijo tsa semoya tse di ba dirang gore ba itekanele le go nonofa semoyeng.

Ka lobaka lo loleele, dipokano di ne di tshwarelwa mo phaposing ya sekolo kwa Kayenta kwa Arizona. Mme ka August 1992, ka thuso ya baithaopi ba le makgolokgolo ba Basupi go tswa kwa mafelong a le mmalwa, go ne ga agiwa Holo e ntšha ya Bogosi kwa Kayenta. Holo eno ya Bogosi le tse dingwe mo karolong eo di dira gore batho ba koo ba lemoge gore tiro ya go rera koo ga se selo sa nakwana fela. Diholo tse dingwe tsa Bogosi tse di thusang tshimo e tona eno di akaretsa tse di kwa Tuba City le kwa Chinle tse ka bobedi di leng mo nageng eno, e nngwe e kwa Keams Canyon mo nageng ya morafe wa Ba-Hopi e e leng mo nageng ya Ba-Navajo, gape tse dingwe di le mmalwa di kwa ditoropong tse di mo molelwaneng wa naga. Matswela e nnile afe?

Bontsi bo Tsibogela Molaetsa wa Bogosi

Kwa Kayenta batho ba ba fetang 12 ba mo lefelong leo ba ne ba kolobediwa fa e sa le Holo ya Bogosi e agiwa, go bontsha tshegofatso ya ga Jehofa mo lefelong leno la kobamelo ya boammaaruri. Holo e neela bosupi jwa gore Basupi ba ga Jehofa ba tlile go nnela ruri le go dira gore batho ba tshepe dikgang tse di molemo tsa Bogosi tse ba rerang ka ga tsone. Bosheng jaana go ne ga neelwa puo ya ntlha ya Baebele ya phatlalatsa ka Se-Navajo. Maloko a le 40 a phuthego eo a ne a itumelela go amogela ba le 245 mo puong e e ka ga maikarabelo a botsadi. Ka dipelo tse di tletseng kanaanelo, lelapa lengwe la batho ba le robedi le ne la tsamaya diura di le tharo go ya go reetsa puo eno—e le lekgetlho la ntlha ba etela kwa Holong ya Bogosi.

Sedirisiwa se sengwe gape se Jehofa a neelaneng ka sone ke boroutšhara jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! ka Se-Navajo. Go ranolela boroutšhara jono mo puong ya Se-Navajo, e leng loleme lo lo raraaneng fela thata, go ne ga tsosa kgwetlho e e boitshegang. Baranodi ba ne ba dirisa diura tse di fetang 1000 go tlhomamisa gore boroutšhara jono bo tlhalosa molaetsa wa Bogosi sentle. Go tloga fela fa bo gololwa mo mafelong a 1995, Basupi ba mo lefelong leo ba tsamaisitse dikhopi di le dikete di le mmalwa tsa jone, e leng mo go neng ga felela ka gore go nne le dithuto di le dintsi tsa Baebele le batho ba ba senkang boammaaruri.

Se-Navajo se simolola go dirisiwa thata mo bodireding jaaka fa baboledi ba Bogosi ba ntse ba se ithuta. Diphuthego tsa mo lefelong leo di setse di simolotse go dirisa Se-Navajo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e bile go tshwarwa ditlelase tsa Se-Navajo go katisa baboledi. Mo godimo ga moo, thulaganyo kwa dikopanong tsa mo lefelong leo le yone e ranolelwa mo puong ya Se-Navajo. Maiteko ano otlhe a tla felela ka gore go nne le tsibogo e kgolo thata mo nageng eo.

Selo se se sa tshwanelwang ke go itlhokomolosiwa gareng ga maungo a Bogosi mo nageng eno ya Baindia ke dinonofo tsa semoya tsa maemo a a kwa godimo tse di bontshiwang ke bakaulengwe ba rona ba Ba-Navajo. Jimmy le Sandra ka dingwaga di le supa ba ne ba tsamaisa bana ba bone ba le batlhano dikilometara di le 120 gore ba nne gone mo dipokanong tsa beke le beke. Lelapa le gakologelwa dilo tse ba di ratang tsa fa ba ne ba opela dipina tsa Bogosi le go ithuta Baebele ba le mmogo mo loetong lwa bone lo loleele. Go rata le go tlhagafalela boammaaruri ga batsadi go rotloeditse bana go latela sekao sa bone mo go nneng babaki ba ba ineetseng ba ga Jehofa. Ba le banè ba bone ke babulatsela ba ka metlha e bile Jimmy ke mogolwane. Se se oketsang boitumelo jwa lelapa leno ke gore kgaitsadiagwe Jimmy e bong Elsie, bosheng jaana e ne ya nna ene motho wa ntlha yo o buang Se-Navajo fela go kolobediwa.

Badisa ba mo motseng le letsomane la bone ba oketsa thethebalo e e leng gone ya mafika a magolo a a kgabisitseng naga ya Navajo. Moporofeti Isaia o ne a bolelelapele jaana ka Jehofa bogologolo tala: “O tlaa fudisa letsomane la gagwe jaaka modisa; o tlaa phuthela dikwanyana mo letsogong la gagwe, a di gara mo sehubeng sa gagwe, tse di amusang o tlaa di tsamaisa ka pepetletso.” (Isa 40:11) Ka Modisa wa gagwe yo o Molemo e bong Jesu Keresete, Jehofa o kokoanya botlhe ba ba leng mo nageng ya Navajo ba ba eletsang go utlwa dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo bohulong jwa gagwe jwa semoya le go nna le tshono ya go amogela tshegofatso ya ka bosakhutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona dimakasine tsa Tsogang! tsa May 8, 1948 (ka Seesemane); February 22, 1952 (ka Seesemane); June 22, 1954 (ka Seesemane); le September 8, 1996.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Modisa wa Mo-Navajo o utlwa dikgang tse di molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela