Dimilione Tsa Batho Di a Ya—A le Wena O a Ya?
Di ya kae? Kwa segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu Keresete. Ka 1996 palogotlhe ya batho ba ba nnileng teng mo lefatsheng lotlhe e ne e le 12 921 933.
Ke ka ntlha yang fa batho ba ya? Ka ntlha ya se loso lwa ga Jesu lo se kayang mo bathong. Lo raya go gololesega mo bolwetseng, mo go bogeng le mo losong. Tota le baratiwa ba ba suleng ba tla tsosediwa gape mo botshelong mo lefatsheng le le tsosolositsweng go nna Paradaise.
Loso lwa ga Jesu Keresete lo ka lere jang masego a a ntseng jalo? O lalediwa go tla go bona. Basupi ba ga Jehofa ba go amogela gore o tle go kopana le bone ka nako ya tiragalo e e botlhokwa eno.
Ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le legae la gago. Monongwaga letlha ke la Sontaga, March 23, fa letsatsi le sena go phirima. Botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona go bona nako e e tlhomameng.