LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 3/15 ts. 24
  • Go Fenya Ditatofatso Tsa Maaka Kwa Fora

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fenya Ditatofatso Tsa Maaka Kwa Fora
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 3/15 ts. 24

Go Fenya Ditatofatso Tsa Maaka Kwa Fora

BASUPI BA GA JEHOFA kwa Fora bosheng jaana ba ne ba tlhaselwa ka ditatofatso tse dintsi tsa maaka. Ka go dirisa ditiragalo tse di hutsafatsang tse di amanang le makoko a a belaetsang a bodumedi kwa Yuropa le Japane, metswedi ya tshedimosetso e ne ya anamisa tshedimosetso e e sokameng kaga Basupi. Ba ne ba tlhalosiwa ka tsela e e phoso e le setlhopha se segolo le se se kotsi go di gaisa tsotlhe fa gare ga makoko a a belaetsang.

Ka maiteko a go baakanya dilo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gatisa pampitshana e e neng e araba dipotso tse di tshwanang le tseno: Basupi ba ga Jehofa ke bomang? A ke Bakeresete? A ba amogela tlhokomelo ya kalafi? Ke ka ntlha yang fa ba tsamaya ka ntlo le ntlo? Tiro ya bone e tshegediwa jang ka madi? Basupi ba ga Jehofa ba solegela loago molemo jang?

Pampitshana e e rutang eno e e kwadilweng ka puo ya Sefora e ne e na le setlhogo se se reng Jehovah’s Witnesses—What You Need to Know. Gore go kgonege gore batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ba fiwe pampitshana eno go ne ga rulaganngwa letsholo. Go tloga ka May 13 go ya go June 9, 1996, go ne ga anamisiwa dikhopi tse di fetang dimilione di le robonngwe.

Pampitshana eno e ne ya kgatlha batho ba le bantsi go akaretsa le badiredibagolo ba puso. Mogakolodi mongwe wa puso o ne a kwala jaana fa a sena go bala pampitshana eo: “Go tshwaya Basupi ba ga Jehofa phoso go ne ga nkgalefisa. Mo makgetlhong a le mantsi ke ne ke anaanela mofuta wa tiro ya lona o o thusang o e seng wa bopelotshetlha.” Leloko lengwe la Palamente ya Yuropa le ne la kwala jaana fa le ne le arabela mo pampitshaneng eno: “Bontsi jwa batho bo kgona go farologanya sentle fa gare ga setlhopha sa Bakeresete se lo leng bontlhanngwe jwa sone le sa makoko a a belaetsang.”

Kwa Brittany, Mosupi mongwe o ne a tsamaisetsa moruti mongwe pampitshana, mme ene a e amogela sentle fela. Moruti yono o ne a bolela jaana: “Ke lo akgolela se lo se dirang.” Mme a oketsa ka gore: “Ke kgothaletsa batho ba ba tsenang kereke ya me gore ba lo amogele le go lo naya kopi ya kofi. Lo ka nna lwa ba lwa bolelela ba lo kopanang le bone gore lo ne lo le mo legaeng la me. Gape ke batla go lo bolelela gore ke rata go bala dikgatiso tsa lona.”

Monna mongwe wa Moporotesetanta wa kwa Alsace o ne a kwalela Mokgatlho wa Watch Tower fa a sena go amogela pampitshana a kopa go rutiwa Baebele. O ne a kwala jaana: “E re ka ke feletswe ke tshepo gotlhelele mo kerekeng ya me, ke lebeletse pele go simolola sesha mo semoyeng.” Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba latofadiwa ka maaka ka dinako tse dingwe kwa Fora—totatota, mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe—ba tswelela pele ba thusa batho go bona kitso e e tlhomameng ka maikaelelo a Modimo, jaaka a tlhalosiwa mo Baebeleng.—2 Timotheo 3:16, 17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela