Boitumelo Jwa Mmatota bo ka Bonwa Kae?
BATHO ba le bantsi ba akanya gore o ka bona boitumelo ka go nna le dithoto. Wena o akanya jang? Le mororo dithoto di ka nna tsa nna le seabe mo boitumelong jwa rona, ga di dire gore bo nnele ruri; le gone manobonobo a dilo tsa senama ga a age tumelo kana go kgotsofatsa dilo tse re di tlhokang mo semoyeng.
Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu Keresete o rile: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Mathaio 5:3, NW) Gape Jesu o ne a re: “Tlhokomelang lo bo lo itise mo bopelotshetlheng; gonne botshelo jwa motho ga bo a ema mo letlotlong la dithoto tse o nang natso.”—Luke 12:15.
Ba bantsi ba batla boitumelo ka go nna le seabe mo tlhakanelongdikobo e e sa tshwanelang le ‘ditiro tse dingwe tsa nama.’ (Bagalatia 5:19-21) Lefa go ntse jalo, go ineela mo menateng ya nama ga go tlise boitumelo jwa mmatota le jo bo nnelang ruri. E bile gone, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na go rua Bogosi jwa Modimo.—1 Bakorinthe 6:9, 10.
Ba bangwe ba fetogela mo go batleng boitumelo ka go leka go ikagela boitlotlo. Dilaeborari le mabenkele a a rekisang dibuka a tletse ka dibuka tse di thusang go kaela, mme dibuka tse di ntseng jalo ga di a tlisetsa batho boitumelo jwa go ya go ile. Ka gone, re ka bona kae boitumelo jwa mmatota?
Gore re itumele eleruri, re tshwanetse go tlhokomela go tlhoka ga semoya go re tsholwang re na le gone. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang go tlhoka ga bone ga semoya.” Mme gone, ga go kitla go re tswela mosola fa re itse ka ga seno se re se tlhokang re bo re sa dire sepe ka gone. Go tshwantsha seno: Go tla diragalang ka motabogi wa maratone yoo e reng morago ga lebelo a bo a sa kgotsofatse mmele wa gagwe o o nyoretsweng metsi? A ka bonako ga a kitla a tlhoka metsi mo mmeleng le go nna le ditlamorago tse dingwe tse di masisi? Ka tsela e e tshwanang, fa re palelwa ke go tsibogela tlhoko ya rona ya dijo tsa semoya, kwa bokhutlong re tla swaba mo semoyeng. Seno se tla dira gore re latlhegelwe ke boipelo le boitumelo.
Jesu o ne a tlhokomela se a neng a se tlhoka mo semoyeng ka botlalo, a bala ka metlha e bile a tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo. O ne a kgona go bona le go bala dikgaolo tsa Dikwalo tse di Boitshepo motlhofo fela, e bile o ne a ruta le ba bangwe go dira se se tshwanang. (Luke 4:16-21; bapisa Baefeso 4:20, 21.) Jesu gape o ne a tshwantsha go dira thato ya ga Rraagwe wa selegodimo le dijo. Go dira thato ya Modimo go ne ga mo tlisetsa boitumelo jo bogolo.—Johane 4:34.
Ee, boitumelo jwa mmatota bo ka se bonwe ka go nna le dithoto; e bile boitumelo ga bo bonwe ka go kgotsofatsa nama e e bokoa. Boitumelo jwa mmatota ke boemo jwa pelo, jo bo theilweng mo tumelong ya mmatota le kamano e e molemo le Jehofa Modimo. Ke sone se Dafite a neng a bona go tshwanela sentle go opela jaana: “Go sego tšhaba e Modimo wa yone e leng Jehofa.”—Pesalema 144:15b.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Tumelo le kamano e e molemo le Modimo di tla go tlisetsa boitumelo jwa mmatota