LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 2/15 ts. 3-4
  • Go Boga go go Kana Kana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boga go go Kana Kana
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tletse “Tapiso le Mahutsana Fela”
  • A ke Bontlhanngwe Jwa Boikaelelo Jwa Modimo?
  • Fa go Boga go Tla Bo go Sa Tlhole go le Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Potso 3: Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Ntlogela ke Boga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 2/15 ts. 3-4

Go Boga go go Kana Kana

“KE KA ntlha yang fa batho ka bongwe le fa ba kopane ba boga thata jaana . . . ? Modimo o tshwanetse go nna modiragatsi wa maikaelelo otlhe mme lefa go ntse jalo, go na le dilo tse dintsi tse di se nang bokao bope mo lefatsheng leno, go boga ga lefela le boleo jo bo dirwang fela kwantle ga mabaka. A e ka tswa e le gore Modimo o ntse jaaka se Nietzsche a ileng a mo latofatsa ka sone a re ke: mogateledi, motsietsi, leferefere, mmolai?”—On Being a Christian, e e kwadilweng ke Hans Küng.

O ka bona gore moithutabomodimo wa Mokatoliki e bong Hans Küng o tlhalosa fela bothata jo bo tlhakanyang batho ba le bantsi tlhogo—ke ka ntlha yang fa Modimo yo nang le maatla otlhe, yo o lorato a letlelela go boga go go kana kana? A ga o ise o utlwe batho ba botsa potso e e ntseng jalo? Mongwe le mongwe yo o nang le kutlwelobotlhoko o utlwisiwa botlhoko ke se Küng a se tlhalosang e le “go tshologa ga madi go go sa feleng, mofufutso le dikeledi, botlhoko, bohutsana le poifo, bodutu le loso.” Tota e bile, di tshwana thata le mokoa, poifo le tlalelo e kgolo tse di ileng tsa senya matshelo a dimilione tsa batho go ralala hisitori.—Jobe 14:1.

Go Tletse “Tapiso le Mahutsana Fela”

A o ke o akanye ka go boga go go bakiwang ke ntwa, botlhoko ga bo utlwiwe ke ba ba bogang fela mme gape ke ba ba salang ba ba hutsafalang, ba ba ntseng jaaka batsadi le ba losika ba ngwana yo o ileng a boga le ba bangwe ba ba ileng ba bolawa setlhogo. Red Cross e ne ya bolela jaana bosheng jaana: “Mo dingwageng tse 10 tse di fetileng bana ba le dimilione di le 1,5, ba ile ba bolawa ka ntlha ya dikgotlhang tse go neng go lowa ka dibetsa mo go tsone.” Kwa Rwanda ka 1994, Red Cross e bega gore, “banna, basadi le bana ba le makgolo a diketekete ba ile ba bolawa ka tsela e e setlhogo le e e rulagantsweng.”

Mme e bile ga re a tshwanela go itlhokomolosa botlhoko jo bo bakiwang ke batho ba ba tlhakanelang dikobo le bana. Mmè mongwe yo o hutsafetseng yo o neng a bolela gore morwawe o ne a ipolaya fa a sena go sotliwa ke modiri mongwe wa batlhokomedi ba bana o ne a bolela jaana: “Monna yo o ileng a sotla morwaake . . . o ne a mo gobatsa mmogo le basimane ba bangwe ba bantsi ka tsela e e setlhogo e o ka se kang wa akanya ka yone.” Mme go tweng gape le ka botlhoko jo bo tsitlisang marapo jwa batho ba ba bolailweng ke babolai ba ba setlhogo kana le babolai ba ba bolayang batho ka go latelana, jaaka ba ba neng ba tshwarwa kwa Boritane ba ba neng ba “tsaya batho ka dikgoka, ba betelela, ba bogisa le go bolaya ba sa otlhaiwe ka dingwaga di le 25”? Go ralala hisitori go bonala tsela e banna le basadi ba utlwisanang botlhoko ka yone le ka pogo e ka se fele.—Moreri 4:1-3.

Mo godimo ga moo, go na le go boga go go bakiwang ke go lwala mo maikutlong le mo mmeleng le khutsafalo e kgolo e malapa a nang le yone ka ntlha ya go swelwa ke baratiwa ba bone ba ba swang ka tshoganetso. Gape go na le tlalelo ya batho ba ba welwang ke leuba kana dilo tse dingwe tse go tweng ke masetlapelo a tlholego. Ke batho ba le mmalwa ba ba ka ganetsanang le mafoko a ga Moshe a gore dingwaga tsa rona tse 70 kana 80 di tletse ka “tapiso le bohutsana fela.”—Pesalema 90:10.

A ke Bontlhanngwe Jwa Boikaelelo Jwa Modimo?

A gongwe, jaaka bangwe ba bolela, go boga go go ntseng go tswelela pele ke bontlhanngwe jwa boikaelelo jwa Modimo jo re sa bo tlhaloganyeng? A re tshwanetse go boga gone jaanong gore re tle re itumelele botshelo mo ‘lefatsheng le lengwe’? A ke boammaaruri, jaaka motlhalefi wa Mofora e bong Teilhard de Chardin a ne a dumela gore “a go boga go go dirang gore motho a swe le go bola, go a tlhokega mo mothong gore a tle a tshele mme a nne moya”? (The Religion of Teilhard de Chardin; mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Tota nnyaa!

A motlhodi yo o akanyetsang a ka bopa tikologo ka tsela e e kotsi ka boomo mme morago ga foo a bo a bolela gore o kutlwelobotlhoko fa a golola batho mo ditlamoragong tsa yone? Le e seng! Modimo yo o lorato a ka direlang jalo? Mme he, ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga? A go boga go tla tsamaya go fela? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

WHO photo by P. Almasy

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela