Go Gololwa ke Boammaaruri
KWA United States, go na le batho ba ba fetang milione ba ba mo dikgolegelong. Ba bangwe ba bone, ba ba ka tshwarang dikete tse tharo ba atlholetswe loso. A o ko o ipeye mo seemong seo. O ne o tla ikutlwa jang? Go akanya ka tebelelo e e ntseng jalo go a tshosa tota. Lefa go ntse jalo, ka tsela nngwe, batho botlhe ba mo boemong jo bo tshwanang. Baebele e bolela jaana: “Botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ee, jaaka ditlogolwana tsa ga Atame, re “golegilwe” mo boemong jwa boleo. (Baroma 5:12) Letsatsi le letsatsi re utlwa diphelelo tsa go golegwa ga rona, fela jaaka moaposetoloi Paulo wa Mokeresete, yo o neng a kwala jaana: “Ke fitlhela molao o sele mo ditokololong tsa me, o o tlhabanang le molao wa pelo ya me, mme o ntsenya mo kgolegong ya molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.”—Baroma 7:23.
Ka lebaka la go bo re leofile, mongwe le mongwe wa rona o ka fa tlase ga katlholo ya loso, jaaka go ka tualo, ka gonne Baebele e bolela jaana: “Maduo a boleo ke loso.” (Baroma 6:23) Mopesalema Moshe o ne a tlhalosa boemo jwa rona sentle jaana: “Re ka tshela fela dingwaga di le masome a supa—di le masome a le robedi, fa e le gore re nonofile; lefa go ntse jalo tsotlhe di lere mathata le bohutsana mo go rona; go ise go ye kae botshelo bo a nyelela; mme re bo re nyeletse.”—Pesalema 90:10, Today’s English Version; bapisa Jakobe 4:14.
Jesu o ne a akantse ka bokgoba jwa batho mo boleong le mo losong fa a ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Boammaaruri bo tlaa lo golola.” (Johane 8:32) Ka mafoko ao, Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe tsholofelo ya sengwe se se fetang kgololesego ya puso ya Baroma—o ne a ba naya tsholofelo ya go itshwarelwa boleo jwa bone le go ba golola mo losong! Seno ba ne ba se neelwa jang? Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Fa Morwa a tlaa lo golola, lo tlaa gololesegela ruri.” (Johane 8:36) Ee, ka go ntsha botshelo jwa gagwe, “Morwa,” Jesu, o ne a direla jaaka setlhabelo sa tetlanyo gore a busetse se Atame a neng a se latlha. (1 Johane 4:10) Seno se ne sa bulela batho botlhe ba ba kutlo tsela ya go gololwa mo bokgobeng jwa boleo le loso. Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi o ne a swa “gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.
Ka jalo boammaaruri jo bo ka re gololang bo ikaegile ka Jesu Keresete. Batho ba ba tla latelang dikgato tsa gagwe ba na le tsholofelo ya go gololwa mo boleong le mo losong fa Bogosi jwa Modimo bo laola dikgang tsa lefatshe ka botlalo. Tota le gone jaanong, botlhe ba ba amogelang boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ba itumelela kgololesego ya mmatota. Ka ditsela dife?
Go Gololesega mo go Boifeng Baswi
Dimilione tsa batho gompieno di tshelela mo go boifeng baswi. Ka ntlha yang? Ka gonne ditumelo tsa bone di ba rutile gore moya o tswa mo mmeleng fa motho a swa o bo o fetela kwa lefelong la meya. Ke gone ka moo kwa dinageng tse dingwe go tlwaelegile gore ba losika lwa moswi ba tshware tebelelo e e tsayang malatsi le masigo a le mmalwa. Gantsi seno se akaretsa go opelela kwa godimo le go betsa meropa. Batho ba ba hutsafetseng ba dumela gore seno se tla itumedisa motho yo o suleng le go thibela moya wa gagwe go boa o tla go tshwenya ba ba tshelang. Dithuto tsa maaka tsa Labokeresete ka baswi di dirile fela gore tlwaelo eno e nnele ruri.
Lefa go ntse jalo, Baebele e senola boammaaruri ka boemo jwa baswi. E bolela ka phepafalo gore moya wa gago ke wena, e seng karolo nngwe e e sa itsiweng ya gago e e tswelelang pele e tshela morago ga loso. (Genesise 2:7; Esekiele 18:4) Mo godimo ga moo, baswi ga ba tlhokofadiwe mo diheleng tsa molelo, e bile ga ba mo lefelong la meya mo ba ka amang batshedi gone. Baebele e bolela jaana: “Baswi ga ba itse sepe . . . Ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong [lebitla], kwa o yang gone.”—Moreri 9:5, 10.
Boammaaruri jono jwa Baebele bo golotse batho ba le bantsi mo go boifeng baswi. Ga ba sa tlhole ba ntsha ditlhabelo tse di turang gore ba kokobetse bagologolwane ba bone, e bile ga ba tlhole ba tshwenyega ka gore baratiwa ba bone ba tlhokofalediwa maleo a bone ka tsela e e setlhogo. Ba ithutile gore Baebele e tsholetse batho ba ba suleng tsholofelo e e molemolemo, ka gonne e re bolelela gore ka nako e Modimo a e tlhomileng, go tla nna le “tsogo ya basiami le ya basiamolodi.” (Ditiro 24:15; Johane 5:28, 29) Ka gone, jaanong baswi ba ikhuditse, jaaka e ka bo e le mo borokong jo bo boteng.—Bapisa Johane 11:11-14.
Boammaaruri ka boemo jwa baswi le tsholofelo ya tsogo bo ka re golola mo tlalelong e loso lo ka e bakang. Tsholofelo eo e ne ya nonotsha banyalani bangwe kwa United States fa morwaabone wa dingwaga di le nnè a ne a tlhokafala ka kotsi ya koloi. “Matshelo a rona a tla nna a le lolea fela go fitlha re bona morwaarona gape ka tsogo ya baswi,” go dumela jalo mmaagwe. “Mme re itse gore bohutsana jwa rona ke jwa nakwana fela, e re ka Jehofa a re solofetsa go phimola dikeledi tsa rona tsa bohutsana.”—Tshenolo 21:3, 4.
Go Gololesega mo go Boifeng Isagwe
Isagwe e re tshwaretse eng? A lefatshe la rona le ka nyelediwa ka polao ya kgailo? A go senngwa ga tikologo ya lefatshe go tla dira gore polanete ya rona e se ka ya tshwanela go nniwa? A go senyega ga boitsholo go tla lere tlolomolao le tlhakatlhakanyo? Ke dilo tse batho ba le bantsi ba di boifang.
Lefa go ntse jalo, Baebele e re golola mo dipoifong tseo tse di tshosang. E re tlhomamisetsa gore “lefatshe le nnetse ruri ka bosakhutleng.” (Moreri 1:4) Jehofa ga a ka a bopa polanete ya rona gore a e bone fela e senngwa ke batho ba ba se nang boikarabelo. (Isaia 45:18) Go na le moo, Jehofa o ne a bopa lefatshe gore le nne legae la paradaise la lelapa le le utlwanang la batho. (Genesise 1:27, 28) Boikaelelo jwa gagwe ga bo a fetoga. Baebele e re bolelela gore Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Baebele e bolela gore morago ga moo, “bapelonomi ba tlaa rua lefatshe; ba tlaa inatefisa mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.
Tsholofetso eno e ka ikanngwa, ka gonne Modimo ga a ke a aka. Jehofa o ne a bolela jaana ka moporofeti wa gagwe Isaia: “Lefoko la me . . . le le tswang mo molomong wa me; ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.” (Isaia 55:11; Tito 1:2) Ka gone, re ka lebelela pele re na le tshepo ka nako ya fa go tla bo go diragadiwa tsholofetso eno ya Modimo e e kwadilweng mo Baebeleng mo go 2 Petere 3:13: “Rona, ka fa polelong ya one ya tsholofetso, re lebeletse magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.”
Go Gololesega mo go Boifeng Motho
Baebele e tshotse dikai tsa maemo a a kwa godimo tsa banna le basadi ba ba neng ba bontsha bopelokgale mo boineelong jwa bone mo Modimong. Ba bangwe ba bone e ne e le Giteone, Barake, Debora, Daniele, Esethere, Jeremia, Abigaile, le Jaele—fa re umaka ba sekae fela. Banna le basadi ba ba ikanyegang bano ba ne ba bontsha boikutlo jono jwa ga mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Ke ikantse mo go one Modimo, ga nketla ke boifa, kana motho o ka ntirang?”—Pesalema 56:11.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Petere le Johane ba ne ba nna pelokgale ka tsela e e tshwanang fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ba laela gore ba tlogele go rera. Ba ne ba araba jaana: “Rona ga re na sepe fa e se go bua fela dilo tse re di bonyeng le tse re di utlwileng.” Kgabagare Petere le Johane ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go ema ga bone ba nitame. Fa ba se na go gololwa ka tsela ya kgakgamatso, ba ne ba boela gape go ya go tsweledisa tiro ya bone le go tswelela pele ba “bua lefoko la Modimo ka pelokgale.” Go ise go ye kae Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba tlisiwa fa pele ga Saneheterine ya Bajuta. Moperesiti yo mogolo o ne a ba raya a re: “Re lo laile thata re re: Lo se ka lwa ruta mo ineng le; bonang, lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona.” Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba araba jaana: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditiro 4:16, 17, 19, 20, 31; 5:18-20, 27-29.
Mo tirong ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, gompieno ba gagamalela go etsa botlhaga jwa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Tota le basha ba ba mo gare ga bone gantsi ba itshupa ba le pelokgale ka go bolelela ba bangwe tumelo ya bone. Sekaseka dikai dingwe.
Stacie, wa mo dingwageng tsa bolesome o ditlhong ka tlholego fela. Ka ntlha ya seo go bua le ba bangwe ka tumelo ya gagwe e ne e le kgwetlho tota kwa tshimologong. Ke eng se a ileng a se dira gore a fenye go nna ditlhong? O bolela jaana: “Ke ne ka ithuta Baebele le go tlhomamisa gore ke tlhaloganya se ke neng ke bua ka sone. Go ne ga dira gore seno se nne motlhofo, mme ke ne ka itshepa fela thata.” Go ne ga begwa ka mokgwa o montle wa ga Stacie mo pampiring ya dikgang ya mo lefelong leo. Setlhogo se se neng se kwadilwe ke morutabana mongwe mo sekolong sa gagwe, se ne se bolela jaana: “Go bonala tumelo [ya ga Stacie] e mo neile nonofo ya go lwantsha dikgatelelo di le dintsi tse di tlhasetseng basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome thata. . . . O bona gore go direla Modimo go tshwanetse ga nna gone ga konokono mo tlhaloganyong ya gagwe.”
Tommy o ne a simolola go ithuta Baebele mo batsading ba gagwe fa a ne a le dingwaga di le tlhano fela. Tota le fa a ne a santse a le monnye, o ne a le pelokgale mo kobamelong ya boammaaruri. Fa bana ba ba neng ba tsena le ene mo tlelaseng ba torowa ditshwantsho tsa malatsi a boikhutso, Tommy o ne a torowa ditshwantsho tsa Paradaise e Modimo a e solofeditseng. Tommy jaaka mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome, o ne a lemoga gore bontsi jwa bana ba ba tsenang sekolo ba ne ba gakgamadiwa ke dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang. Go na le gore a ikgogone ka go boifa, o ne a kopa mongwe wa barutabana ba gagwe gore a o ka tshwara puisano ya dipotso le dikarabo le setlhopha sa gagwe e le gore a kgone go araba dipotso tsa bone tsotlhe ka nako e le nngwe fela. O ne a neelwa tetla ya go dira seno, mme o ne a neela bosupi jo bo molemo.
Fa Markietta a ne a le dingwaga di le 17, o ne a bona sebaka se se molemolemo sa go bua le ba bangwe mo tlelaseng ya gagwe ka tumelo ya gagwe. O bolela jaana: “Re ile ra neelwa kabelo ya go neela polelo. Ke ne ka tlhopha setlhogo sa me mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.a Ke ne ka tlhopha dikgaolo di le tlhano mo bukeng mme ke bo ke kwala ditlhogo tsa tsone mo lemating la bokwalelo. Ke ne ka kopa setlhopha gore se di beye ka go latelana se lebile gore ke efe e e botlhokwa thata.” Morago ga moo go ne ga latela puisano le setlhopha. Markietta o konela jaana: “Ke ne ka bontsha setlhopha buka eno, mme baithuti ba le bantsi ba ne ba kopa khopi ya yone. Tota le morutabana wa me o ne a re o batla e nngwe.”
O ka Gololwa ke Boammaaruri
Jaaka re setse re bone, boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo na le phelelo e e gololang batho ba dingwaga tsotlhe ba ba ithutang yone ba bo ba tsaya molaetsa wa yone tsia. Bo ba golola mo go boifeng baswi, mo go boifeng isagwe le mo go boifeng motho. Kwa bokhutlong, thekololo ya ga Jesu e tla golola batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong. A bo go tla itumedisa jang ne go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, re sa tlhole re golegilwe ke boemo jwa rona jwa boleo jo re bo ruileng!—Pesalema 37:29.
A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka masego a Modimo o a solofeditseng? Fa go le jalo, ke eng se o tshwanetseng wa se dira? Jesu o ne a bolela jaana: “Botshelo jo bo sa khutleng ke jo, gore ba go itse, wena, Modimo o o osi, o o boammaaruri, le ene yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ka jalo fa o batla go nna le kgololesego e Jesu a neng a e solofetsa barutwa ba gagwe, o tshwanetse go ithuta ka Jehofa Modimo le Morwawe. O tlhoka go itse se e leng thato ya Modimo mme go tswa foo o bo o e dira, ka gonne Baebele e bolela jaana: “Lefatshe le a feta le thato ya lone; mme yo o dirang go rata ga Modimo o ntse ka bosakhutleng.”—1 Johane 2:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Kwa bokhutlong batho ba tla gololesega mo boleong le mo losong mo Bogosing jwa Modimo