LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 12/15 ts. 30
  • A o A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Modimo wa Kgomotso Yotlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A ke Go Tla ga ga Jesu Kana ke go Nna Gone ga ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kgomotso ya Boammaaruri e ka Bonwa Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Leba Kwa go Jehofa go Bona Kgomotso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 12/15 ts. 30

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa e le gore go ntse jalo, go tla go kgatlha go gakologelwa dintlha tse di latelang:

◻ Lefoko la Segerika la pa·rou·si’a le le dirisitsweng mo go Mathaio 24:3, 27, 37, 39 le kayang?

Expository Dictionary of New Testament Words ya ga Vine e bolela jaana: “PAROUSIA . . . e bolela go goroga mmogo le go nna gone mo go tlhomologileng.” Ka gone, ga go akaretse fela nako ya go goroga, mme ke go nna gone go simolola ka nako ya go goroga le go ya kwa pele.—8/15, tsebe 11.

◻ ‘Metlha eo e ne ya khutshwafadiwa’ jang gore ‘batho’ ba tle ba bolokiwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme go tla diragala jang ka tsela e kgolwane? (Mathaio 24:22)

Ka 66 C.E. ka tshoganyetso fela Baroma ba ne ba lesa go tlhola ba tlhasela Jerusalema, ba letla ‘batho’ ba Bakeresete go tshaba. Ka mo go tshwanang, le rona re lebeletse gore nako ya go tlhaselwa ga Babilone o Mogolo e tla khutshwafadiwa ka tsela nngwe. Ka jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone ba tla bolokiwa gore ba se ka ba senngwa ka tsela nngwe.—8/15, ditsebe 18-20.

◻ Re tshwanetse go itshwara jang fa motho a simolola go ja ditshwantshetso tsa Segopotso kana fa a tlogela go dira jalo?

Ga go tlhokege gore Bakeresete ba bangwe ba tshwenyege. Jesu o ne a bolela jaana: “Ke nna modisa yo o molemo; tse e leng tsa me ke a di itse.” Fela jalo ka tsela e e tlhomameng, Jehofa o itse ba a ba tlhophileng jaaka barwa ba semoya. (Johane 10:14; Baroma 8:16, 17)—8/15, tsebe 31.

◻ Boikaelelo jo bogolo jwa Molao wa ga Moshe e ne e le bofe?

O ne o ruta Baiseraele segolobogolo kafa ba tlhokang Mesia ka gone, yo o neng a tla ba golola mo seemong sa bone sa boleo. (Bagalatia 3:24) Molao o ne o ruta gape ka poifomodimo le ka go nna kutlo, mme o ne wa thusa Baiseraele gore ba nne ba kgaogane le ditiro tse di maswe tsa ditšhaba tse di neng di ba dikologile. (Lefitiko 18:24, 25)—9/1, tsebe 9.

◻ Boikaelelo jwa kgolagano e ntšha ke bofe? (Jeremia 31:31-34)

Ke go dira gore go nne le setšhaba sa dikgosi le baperesiti se batho botlhe ba tla segofalang ka sone. (Ekesodo 19:6; 1 Petere 2:9; Tshenolo 5:10)—9/1, ditsebe 14, 15.

◻ Ke eng fa re tlhoka go kopa maitshwarelo?

Go kopa maitshwarelo go ka okobatsa botlhoko jo bo bakwang ke go sa itekanela, go ka fodisa dikgotlhang. Go kopa maitshwarelo gope mo re go dirang ke thuto ya boikokobetso le go re thapisa gore re tseye maikutlo a ba bangwe ka tsela e e masisi.—9/15, tsebe 24.

◻ A Morwalela wa lefatshe lotlhe wa motlha wa ga Noa e ne e le selo sa mmatota se se neng sa direga?

Ee. Dipolelo tsa bogologolo tse di bolelang ka morwalela wa lefatshe lotlhe di ka bonwa go dikologa lefatshe, go tloga kwa dinageng tsa Amerika go ya go fitlha kwa Australia. Go anama mo go kana ga kgang eno go tshegetsa ntlha ya gore morwalela wa lefatshe lotlhe o diregile eleruri, jaaka go begilwe mo Baebeleng. (Genesise 7:11-20)—9/15, tsebe 25.

◻ Go tshola baeng go akaretsa eng? (Baroma 12:13)

Polelwana ya “go tshola baeng” e tswa mo lefokong la Segerika le le ranotsweng ka medi ya mafoko a mabedi a a kayang “lorato” le “moeng.” Ka jalo, go tshola baeng totatota go raya go “rata baeng.” Lefa go ntse jalo, go akaretsa se se fetang lorato lo lo kaelwang ke molaomotheo, e le selo se motho a se dirang ka go bo a tshwanetse. Ke go supa lorato lwa boammaaruri, lorato lo lo tswang mo pelong le botsalano.—10/1, tsebe 9.

◻ Paulo a reng malebana le lenyalo le go sa tsene mo lenyalong mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwaletse Bakorinthe, kgaolo 7?

Lenyalo le siame e bile mo maemong a mangwe le tshwanela batho bangwe. Lefa go ntse jalo, go sa tsene mo lenyalong kwantle ga pelaelo go molemo mo banneng le mo basading ba Bakeresete ba ba batlang go direla Jehofa ba sa kgorelediwe thata.—10/15, tsebe 13.

◻ Mogolwane o ‘tlamela ba e leng ba gagwe’ jang? (1 Timotheo 5:8, NW)

Mogolwane o tshwanetse gore a “tlamele ba e leng ba gagwe”—mosadi wa gagwe le bana ba gagwe—ka dithoto, mo semoyeng, le mo maikutlong.—10/15, tsebe 22.

◻ Jehofa o gomotsa batlhanka ba gagwe jang?

Moya o o boitshepo wa Modimo o dira jaaka “mogomotsi.” (Johane 14:16) Tsela e nngwe e Modimo a gomotsang ka yone ke ka Baebele. (Baroma 15:4) Modimo o itse se mongwe le mongwe wa rona a se tlhokang mme a ka re dirisa gore re gomotsane, jaaka Tito a ile a gomotsa Paulo ka pego e e malebana le Bakorinthe. (2 Bakorinthe 7:11-13)—11/1, ditsebe 10, 12.

◻ Ke eng se se kaiwang ke se Paulo a neng a se tlhalosa ka Jehofa fa a re ke “Rra mautlwelobotlhoko” mo go 2 Bakorinthe 1:3?

Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “mautlwelobotlhoko” le tswa mo lefokong le le dirisediwang go utlwela yo mongwe botlhoko fa a boga. Ka go rialo Paulo o tlhalosa maikutlo a a neneketsang a Modimo mo batlhankeng ba Gagwe botlhe ba ba ikanyegang ba ba mo pitlaganong.—11/1, tsebe 13.

◻ Fa Baiseraele ba ne ba ikitsa go ja ka Letsatsi la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga go ne ga ba thusa go dirang? (Lefitiko 16:29-31; 23:27)

Go ikitsa go ja ga Baiseraele go ne go ba tlhotlheletsa gore ba lemoge boemo jwa bone jwa boleo thata le gore ba tlhoka thekololo. Ka gone ba ne ba supa gore ba hutsafalela maleo a bone le gore ba ikwatlhaya fa pele ga Modimo.—11/15, tsebe 5.

◻ Taolo eno e e fiwang basha e e reng: “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago” e kaya eng? (Moreri 12:1)

Motswedi mongwe wa tshedimosetso o bolela gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka gore “gakologelwa” gantsi le kaya “lorato lo lo tswang mo pelong lo lo amang mogopolo le kgato e e tsewang ka ntlha ya go gakologelwa.” Ka jalo, go reetsa taolo eno go raya se se fetang fela go akanya ka Jehofa. Go akaretsa go tsaya kgato, go dira se se mo itumedisang.—12/1, tsebe 16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela