Leba Kwa go Jehofa go Bona Kgomotso
“A Modimo wa pelotelele, le wa kgomotso, o lo neye gore go nne pelo e le nngwe fela mo go lona ka fa sekaong sa ga Keresete Jesu.”—BAROMA 15:5.
1. Ke ka ntlha yang fa letsatsi lengwe le lengwe le dira gore go tlhokege kgomotso e e oketsegileng?
LETSATSI lengwe le lengwe le le fetang le dira gore go tlhokege kgomotso e e oketsegileng. Jaaka mokwadi mongwe wa Baebele a tlhokometse dingwaga tse di fetang 1 900 tse di fetileng, “lobopo lotlhe lo ntse lo fegelwa, le gompieno, lo mo botlhokong.” (Baroma 8:22) Mo motlheng wa rona ‘go fegelwa’ le ‘botlhoko’ di nnile dikgolo go feta lefa e le leng pele. Fa e sale ka Ntwa ya Lefatshe I, batho ba diragaletswe ke masetlapelo ka go latelana ga one e le ka tsela ya dintwa, bokebekwa le masetlapelo a tlholego a gantsi a amanngwang le lebaka la go bo motho a sa tshware lefatshe sentle.—Tshenolo 11:18.
2. (a) Ke mang yo o tshwanetseng go pegwa molato segolo ka ntlha ya go latlhega ga batho gompieno? (b) Ke ntlha efe e e re nayang lebaka la kgomotso?
2 Ke ka ntlha yang fa go nnile le pogo e kanakana mo motlheng wa rona? Baebele e araba jaana fa e tlhalosa go kobiwa ga ga Satane kwa magodimong morago ga go tsalwa ga Bogosi ka 1914: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” (Tshenolo 12:12) Bosupi jo bo phepafetseng jwa gore boporofeti joo bo a diragadiwa bo bolela gore re setse re batla re fitlhile mo bokhutlong jwa puso e e boikepo ya ga Satane. A bo go gomotsa jang ne go itse gore go ise go ye kae botshelo mo lefatsheng bo tla boela mo boemong jwa kagiso jo bo neng bo le gone pele ga Satane a dira gore batsadi ba rona ba ntlha ba tsuologe!
3. Ke leng fa batho ba ne ba nna ba sa tlhoke kgomotso?
3 Kwa tshimologong, Mmopi wa batho o ne a naya batho ba ntlha ba babedi paraka e ntle gore e nne legae la bone. E ne e beilwe mo lefelong le le bidiwang Etene, le le rayang “Boipelo” kana “Monate.” (Genesise 2:8, bapisa ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.) Mo godimo ga moo, Atame le Efa ba ne ba ipelela go nna le botsogo jo bo itekanetseng, ba na le tsholofelo ya go se swe. A ko o akanye fela ka dikarolo tse dintsi tse ba neng ba ka godisa bokgoni jwa bone mo go tsone—go tlhokomela tshimo, botaki, go aga, mmino. Akanya gape ka ditiro tsotlhe tsa popo tse ba ka bong ba di ithutile fa ba ntse ba diragatsa thomo ya bone ya go fenya lefatshe le go le dira paradaise. (Genesise 1:28) Eleruri, botshelo jwa ga Atame le Efa bo ka bo bo ne bo tletse, e seng ka go fegelwa le botlhoko, mme ka monate le boipelo. Go phepafetse gore ba ne ba ka se tlhoke kgomotso.
4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa Atame le Efa ba ne ba palelwa fa kutlo ya bone e ne e lekwa? (b) Go tlile jang gore batho ba simolole go tlhoka kgomotso?
4 Lefa go ntse jalo se Atame le Efa ba neng ba se tlhoka eleruri e ne e le gore ba tlhagolele go rata Rraabone yo o pelonomi wa selegodimo thata le go mo anaanela. Lorato lo lo ntseng jalo lo ka bo lo ba tlhotlheleditse go utlwa Modimo tlase ga maemo otlhe. (Bapisa Johane 14:31.) Ka maswabi, batsadi ba rona ba ntlha ka bobedi ba ne ba palelwa ke go utlwa Molaodi wa bone yo o tshwanetseng, e bong Jehofa. Go na le moo, ba ne ba ineela tlase ga puso e e boikepo ya moengele yo o bosula, e bong Satane Diabolo. E ne e le Satane yo o neng a raela Efa gore a leofe mme a je leungo le le neng le ileditswe. Morago ga moo Atame o ne a leofa fa le ene a ne a ja leungo la setlhare se Modimo a neng a tlhagisitse jaana ka sone ka phepafalo: “Ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.”—Genesise 2:17.
5 Ka tsela eno, banyalani bao ba ba leofileng ba ne ba simolola go swa. Fa Modimo o ne o ntsha katlholo ya loso, o ne gape wa raya Atame wa re: “Mmu o hutsegile ka ntlha ya gago. O tlaa ja ga one ka letsapa, malatsi otlhe a botshelo jwa gago. O tlaa go tswela mitlwa le mofero. O tlaa ja merogo ya naga.” (Genesise 3:17, 18) Ka jalo, Atame le Efa ba ne ba latlhegelwa ke tsholofelo ya go dira lefatshe le le neng le sa lengwa paradaise. Ka ba ne ba kobilwe kwa Etene, ba ne ba tshwanetse go dirisa maatla a bone thatathata go bona dijo ka go dira ka thata go tswa mo mmung o o neng o hutsitswe. Ditlogolwana tsa bone, ka di ruile boemo jono jwa boleo, jwa go swa, di ne tsa simolola go tlhoka kgomotso fela thata.—Baroma 5:12.
Tsholofelo e e Gomotsang e Diragaditswe
6. (a) Ke tsholofetso efe e e gomotsang e Modimo o neng wa e dira fa batho ba sena go wela mo boleong? (b) Ke boporofeti bofe mabapi le kgomotso jo Lameke a neng a bo bolela?
6 Fa Jehofa a ne a atlhola motlhotlheletsi wa botsuolodi jwa batho, o ne a itshupa e le ‘Modimo wa kgomotso.’ (Baroma 15:5) O ne a dira jalo ka go solofetsa gore o tla romela “losika” lo kgabagare lo neng lo tla golola bana ba ga Atame mo ditlamoragong tse di botlhoko tsa botsuolodi jwa ga Atame. (Genesise 3:15) Fa nako e ntse e tsamaya, Modimo gape o ne wa neela tshedimosetso e e nayang lesedi kaga go gololwa gono. Ka sekai, o ne a tlhotlheletsa Lameke, setlogolwana sa ga Atame ka morwawe e bong Sethe, gore a porofete ka se morwa Lameke a neng a tla se dira: “Yo, o tlaa re gomotsa ka ga tiro ya rona, le ka ga letsapa la diatla tsa rona, ka ntlha ya mmu o Jehofa o o hutsitseng.” (Genesise 5:29) Go dumalana le tsholofetso eno, mosimane yoo o ne a bidiwa Noa, leina le go tlhaloganngwang fa le raya “Boikhutso” kgotsa “Kgomotso.”
7, 8. (a) Ke seemo sefe se se neng sa dira gore Jehofa a ikwatlhaele go bo a dirile motho mme O ne a ikaelela go dirang ka ntlha ya moo? (b) Noa o ne a dira se leina la gagwe le se kayang jang?
7 Fa nako e ntse e ya, Satane o ne a nna le balatedi mo gare ga baengele bangwe ba legodimo. Bano ba ne ba iphetola mebele gore e tshwane le ya batho mme ba tsaya ditlogolwana tse dintle tsa ga Atame tsa basadi go nna basadi ba bone. Go kopana go go ntseng jalo go e seng ga tlholego go ne ga tswelela go senya setšhaba sa batho mme ga dira gore go nne le lotso lo lo se nang bomodimo lwa Banefilimi, “badigi,” ba ba neng ba tlatsa lefatshe ka thubakanyo. (Genesise 6:1, 2, 4, 11; Juta 6) “Mme Jehofa a bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng . . . Jehofa a ikwatlhaya ka a dirile motho mo lefatsheng, mme ga mo tlhokofatsa pelo.”—Genesise 6:5, 6.
8 Jehofa o ne a ikaelela go senya lefatshe le le bosula leo ka morwalela wa lefatshe lotlhe, mme o ne a dira gore Noa a age pele araka gore a boloke botshelo. Ka jalo, lotso lwa batho le mefuta ya diphologolo di ne tsa bolokwa. A bo Noa le ba lelapa la gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba ikutlwa ba wela mowa jang ne morago ga Morwalela fa ba ne ba tswa mo arakeng ba tsena mo lefatsheng le le phepafaditsweng! A bo go gomotsa jang ne go fitlhela phutso e e neng e tletse lefatshe e tlositswe, ga dira gore temo e nne motlhofo! Eleruri, boporofeti jwa ga Lameke bo itshupile bo le boammaaruri, mme Noa o ne a dira se leina la gagwe le neng le se kaya. (Genesise 8:21) Jaaka motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, Noa o ne a dirisiwa go leretse batho selekanyo se se rileng sa “kgomotso.” Lefa go ntse jalo, tlhotlheletso e e boikepo ya ga Satane le baengele ba gagwe ba badimona ga e a felela ka Morwalela, mme batho ba santse ba tswelela ba fegelwa kafa tlase ga mokgweleo wa boleo, bolwetse le loso.
Mongwe yo Mogolo mo go Noa
9. Jesu Keresete o itshupile jang e le mothusi le mogomotsi wa batho ba ba ikwatlhayang?
9 Kwa bofelong, kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di ka nnang 4 000 tsa hisitori ya motho, Losika lo lo solofeditsweng lo ne lwa goroga. Jehofa Modimo, a tlhotlhelediwa ke go rata batho thata, o ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore a swe e le thekololo mo bathong ba ba leofileng. (Johane 3:16) Jesu Keresete o leretse baleofi ba ba ikwatlhayang ba ba dumelang mo losong lwa gagwe lwa setlhabelo tapologo e kgolo. Batho botlhe ba ba neelang matshelo a bone mo go Jehofa mme ba nna barutwa ba ba kolobeditsweng ba Morwawe ba ipelela go lapolosiwa mo go nnelang ruri le kgomotso. (Mathaio 11:28-30; 16:24) Le mororo ba sa itekanela, ba ipelela thata go direla Modimo ka segakolodi se se phepa. A bo go ba gomotsa jang ne go itse gore fa ba tswelela ba dumela mo go Jesu, ba tla duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng! (Johane 3:36; Bahebere 5:9) Fa ka ntlha ya bokoa ba dira boleo jo bo masisi, he ba na le mothusi, kana mogomotsi, mo go Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng. (1 Johane 2:1, 2) Fa ba ipolela maleo ano le ka go tsaya dikgato tsa Dikwalo go tila go nna batho ba ba itlwaetsang go leofa, ba a ritibala, ba itse gore ‘Modimo o boikanngo le tshiamo ya go itshwarela dibe tsa bone.’—1 Johane 1:9; 3:6; Diane 28:13.
10. Re ithuta eng mo dikgakgamatsong tse Jesu a neng a di dira fa a ne a le mo lefatsheng?
10 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne gape a ntse a lapolosa ka go golola batho ba ba neng ba na le badimona, ka go fodisa mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse, le ka go tsosetsa baratiwa ba ba suleng mo botshelong gape. Ke boammaaruri gore dikgakgamatso tse di ntseng jalo di ne di na le mosola wa nakwana fela, e re ka ba ba segofaditsweng ka dilo tseno ba ile ba tsofala morago mme ba swa. Lefa go ntse jalo, ka go dira jalo Jesu o ne a bontsha masego a a tla nnelang ruri a isagwe a a tla a tshololelang batho botlhe. Ka jaanong e le Kgosi e e maatla ya legodimo, go ise go ye kae o tla dira se se fetang fela go koba badimona. O tla ba tsenya mo moleteng mmogo le moeteledipele wa bone, Satane, mo seemong sa go sa dire. Go tswa foo Puso e e galalelang ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete e tla simologa.—Luke 8:30, 31; Tshenolo 20:1, 2, 6.
11. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ipitsa “Morena wa Sabata”?
11 Jesu o ne a bolela gore e ne e le “Morena wa Sabata,” mme diphodiso tse dintsi tsa gagwe di ne di dirwa ka letsatsi la Sabata. (Mathaio 12:8-13; Luke 13:14-17; Johane 5:15, 16; 9:14) Ke ka ntlha yang fa a ne a dira jalo? Tota, Sabata e ne e le karolo ya Molao wa Modimo mo Baiseraeleng mme ka jalo o ne o dira jaaka “moriti fela wa dilo tse di molemo, tse di ne di tla.” (Bahebere 10:1) Malatsi a marataro a tiro a re gakolola dingwaga tse 6 000 tse di fetileng tsa motho tsa bokgoba mo pusong e e patikang ya ga Satane. Letsatsi la Sabata kwa bofelong jwa beke le re gakolola boikhutso jo bo gomotsang jo batho botlhe ba tla nnang le jone mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete tsa ga Noa yo Mogolwane, e bong Jesu Keresete.—Bapisa 2 Petere 3:8.
12. Re ka leba pele go bona dilo dife tse di gomotsang?
12 A bo babusiwa ba puso ya ga Keresete ba tla lapologelwa jang ne fa, kwa bofelong, ba iphitlhela ba gololesegile gotlhelele mo tlhotlheletsong ya ga Satane e e boikepo! Kgomotso e e oketsegileng e tla nna fa ba fodisiwa malwetse a bone a mo mmeleng, a mo maikutlong le a mo tlhaloganyong. (Isaia 65:17) Ka nako eo, akanya fela ka boitumelo jwa bone fa ba simolola go amogela baratiwa ba bone ba ba tsogileng mo baswing! Ka tsela e e ntseng jalo Modimo “o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” (Tshenolo 21:4) Jaaka melemo ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo e tla bo e ntse e dirisiwa, babusiwa ba ba utlwang ba Bogosi jwa Modimo ba tla itekanela, ba gololesega ka mo go feletseng mo diphelelong tse di maswe tsa boleo jwa ga Atame. (Tshenolo 22:1-5) Go tswa foo Satane o tla gololwa “ka lobakanyana.” (Tshenolo 20:3, 7) Batho botlhe ba ba tlotlomatsang bolaodi jwa ga Jehofa ka boikanyego ba tla duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng. A o ko o akanye fela ka boipelo jo bo ka se tlhalosiweng le thetebalo ya go “gololwa [ka mo go feletseng] mo botlhankeng jwa go bola”! Batho ba ba kutlo ba tla itumelela “[kgololesego] ya kgalalelo ya bana ba Modimo” ka tsela e e ntseng jalo.—Baroma 8:21.
13. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tlhoka kgomotso e Modimo a e fang?
13 Mo nakong eno, re nna re ntse re angwa ke go fegelwa le go utlwa botlhoko e le dilo tse di diragalelang botlhe ba ba nnang mo tsamaisong ya ga Satane e e boikepo. Go oketsega ga bolwetse jwa mo mmeleng le go lwala mo maikutlong ke selo se se amang batho ba mefuta yotlhe, go akaretsa le Bakeresete ba ba ikanyegang. (Bafilipi 2:25-27; 1 Bathesalonika 5:14) Mo godimo ga moo, jaaka Bakeresete, gantsi re sotlwa ka tsela e e sa tshwanelang le go bogisiwa e le dilo tse Satane a di tlisang mo go rona ka go bo re “utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Ka jalo, gore re itshoke mo go direng thato ya Modimo go ya fela kwa bofelong jwa lefatshe la ga Satane, re tlhoka kgomotso, thuso le maatla a A re fang one.
Kwa Kgomotso e ka Bonwang Gone
14. (a) Jesu o ne a dira tsholofetso efe bosigo jwa pele ga a swa? (b) Ke eng se se tlhokegang gore re solegelwe molemo ka botlalo ke moya o o boitshepo wa Modimo?
14 Jesu mo bosigong jwa pele ga loso lwa gagwe, o ne a phepafaletsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gore go ise go ye kae o ne a tla ba tlogela a boela kwa go Rraagwe. Seno se ne sa ba tshwenya thata sa ba sa ba utlwisa botlhoko. (Johane 13:33, 36; 14:27-31) Ka Jesu a ne a lemoga gore ba tlhoka go nna ba gomodiwa o ne a ba solofetsa jaana: “Ke tlaa rapela Rara, mme o tlaa lo naya Mogomotsi o sele, gore a nne le lona ka bosakhutleng.” (Johane 14:16) Jesu fano o ne a bua ka moya o o boitshepo wa Modimo, o o neng wa tshololelwa barutwa ba gagwe malatsi a le 50 morago ga tsogo ya gagwe.a Mo gare ga dilo tse dingwe, moya wa Modimo o ne wa ba gomotsa mo ditekong tsa bone mme wa ba nonotsha gore ba tswelele ba dira thato ya Modimo. (Ditiro 4:31) Lefa go ntse jalo, thuso e e ntseng jalo ga e a tshwanela go lejwa jaaka sengwe se se itlelang fela. Go solegelwa molemo ke yone, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go tswelela a rapelela thuso e e gomotsang e Modimo a e nayang ka moya wa gagwe o o boitshepo.—Luke 11:13.
15. Dingwe tsa ditsela tse Jehofa a re neelang kgomotso ka tsone ke dife?
15 Tsela e nngwe e Modimo a re gomotsang ka yone ke ka Lefoko la gagwe, Baebele. Paulo o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di kwadilweng gale, di kwadilwe gore di re rute, gore re bone tsholofelo ka pelotelele le ka kgomotso ya dikwalo.” (Baroma 15:4) Seno se supa gore go tlhokega gore re ithute ka metlha le go tlhatlhanya ka dilo tse di kwadilweng mo Baebeleng le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng. Gape re tlhoka go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa re abelwang megopolo e e gomotsang go tswa mo Lefokong la Modimo. Lengwe la maikaelelo a magolo a dikokoano tseno ke go kgothatsana.—Bahebere 10:25.
16. Dilo tse di gomotsang tse Modimo a re neelang tsone di tshwanetse go re tlhotlheletsa go dirang?
16 Lekwalo la ga Paulo fa a kwalela Baroma le tswelela go bontsha matswela a a molemo a re a amogelang fa re dirisa dilo tse di gomotsang tse Modimo a re neelang tsone. Paulo o ne a kwala jaana: “A Modimo wa pelotelele, le wa kgomotso, o lo neye gore go nne pelo e le nngwe fela mo go lona ka fa sekaong sa ga Keresete Jesu; gore lo galaletse Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwe fela jwa pelo, le ka molomo o le mongwe fela.” (Baroma 15:5, 6) Ee, ka go dirisa ka botlalo dilo tse di gomotsang tse Modimo a re neelang tsone, re tla tshwana le Moeteledipele wa rona yo o pelokgale, Jesu Keresete. Seno se tla re rotloetsa gore re tswelele re dirisa melomo ya rona go galaletsa Modimo mo tirong ya rona ya go neela bosupi, kwa dipokanong tsa rona, fa re bua le badumedikarona le mo dithapelong tsa rona.
Ka Dinako Tsa Diteko Tse di Masisi
17. Jehofa o ne a gomotsa Morwawe jang, mme ka matswela afe?
17 Jesu o ne a “huduega mo go botlhoko” le go “hutsafala” bosigo pele ga loso lwa gagwe lo lo botlhoko. (Mathaio 26:37, 38) Ka jalo, o ne a tsamaya sekgalanyana go tswa fa barutweng ba gagwe mme a rapela Rraagwe gore a mo thuse. “[O ne a] utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe.” (Bahebere 5:7) Baebele e bega gore “ga bonala moengele kwa go [Jesu], a tswa legodimong, a mo thatafatsa.” (Luke 22:43) Tsela ya bopelokgale le ya senna e Jesu a neng a tsamaya ka yone go ya go kopana le baganetsi ba gagwe ke bosupi jwa gore tsela ya Modimo ya go gomotsa Morwawe e ne e le e e dirang go di gaisa tsotlhe.—Johane 18:3-8, 33-38.
18. (a) Ke lobaka lofe lwa botshelo jwa ga moaposetoloi Paulo lo lo neng lo tletse ka diteko? (b) Re ka gomotsa jang bagolwane ba ba dirang ka natla, ba ba kutlwelobotlhoko?
18 Moaposetoloi Paulo le ene o fetile mo dinakong tsa diteko tse di botlhoko. Ka sekai, bodiredi jwa gagwe kwa Efeso bo ne bo tletse ka “dikeledi, le ka diteko tse di [mo wetseng] ka ditogamaano tsa Bajuta.” (Ditiro 20:17-20) La bofelo, Paulo o ne a tswa kwa Efeso morago ga gore balatedi ba modimo wa sesadi Diana ba feretlhe motse ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go rera. (Ditiro 19:23-29; 20:1) Fa Paulo a ya kwa bokone jwa toropo ya Teroase, go ne go na le sengwe se se neng se mo tshwenya thata mo mogopolong. Nakonyana pele ga dipheretlhego tsa kwa Efeso, o ne a amogetse pego e e tshwenyang. Phuthego e potlana ya Korinthe e ne e wetswe ke dikgaogano e bile e ne e letla kgokafalo. Ka jalo fa a le kwa Efeso, Paulo o ne a kwadile lekwalo a kgalema ka thata ka tsholofelo ya gore o tla baakanya boemo. Selo seno se ne se se motlhofo mo go ene gore a se dire. Moragonyana o ne a senola jaana mo lekwalong la bobedi, “ke lo kwaletse ka dikeledi di le dintsi, ke le mo pitlaganong e kgolo.” (2 Bakorinthe 2:4) Jaaka Paulo, ga go motlhofo gore bagolwane ba ba kutlwelobotlhoko ba gakolole ka tsela ya go siamisa le go kgalemela, mo gongwe e le ka gonne le bone ba itse sentle gore ba na le makoa a bone. (Bagalatia 6:1) A he, re gomotseng ba ba eteletseng pele mo gare ga rona ka go arabela ka go rata fa re fiwa kgakololo e e lorato, e e theilweng mo Baebeleng.—Bahebere 13:17.
19. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a tswa mo Teroase a ya kwa Maketonia, mme o ne a nametsega jang kgabagare?
19 Fa Paulo a ntse a le kwa Efeso, ga a ka a kwalela bakaulengwe ba kwa Korinthe fela mme gape o ne a romela Tito gore a ye go ba thusa, a mo roma gore a bege gore ba itshwara jang ka lekwalo leo. Paulo o ne a solofetse gore o tla kopana le Tito kwa Teroase. Fa Paulo a le koo o ne a segofadiwa ka ditshono tse dintsi tsa go dira barutwa. Mme seno ga se a thusa gore a se ka a tlhobaela ka gore Tito o ne a ise a goroge. (2 Bakorinthe 2:12, 13) Ka jalo, o ne a tsaya loeto go ya Maketonia, a solofetse gore o tla kopana le Tito teng koo. Go tlhobaela ga ga Paulo go ne ga gakadiwa ke fa bodiredi jwa gagwe bo ne bo ganediwa thata. O tlhalosa jaana: “E rile re tsile mo Maketonia, nama ya rona ya se ka ya bona boiketlo, re pitlaganngwa ka ntlha tsotlhe; kwa ntle ga bo go le ditlhabano, mo teng ga bo go le dipoifo. Le fa go ntse jalo, yo o gomotsang baikokobetsi, e bong Modimo, wa re gomotsa ka go tla ga Tito.” (2 Bakorinthe 7:5, 6) A bo go ne go nametsa jang ne fa Tito a ne a goroga a bolelela Paulo ka tsela e Bakorinthe ba itshwereng ka teng malebana le lekwalo la gagwe!
20. (a) Jaaka mo go Paulo, tsela e nngwe e e botlhokwa e Jehofa a gomotsang ka yone ke efe? (b) Go tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?
20 Maitemogelo a ga Paulo a gomotsa batlhanka ba Modimo gompieno, ba bontsi jwa bone gape ba lebaganang le diteko tse di dirang gore ba ‘ikokobetse,’ kgotsa ba ‘tshwenyege thata mo maikutlong.’ (Phillips) Ee, ‘Modimo o o gomotsang’ o itse se mongwe le mongwe wa rona a se tlhokang e bile o ka re dirisa gore re gomotsane, fela jaaka Paulo a ne a gomodiwa ke fa Tito a mmegela ka boikutlo jwa go ikwatlhaya jwa Bakorinthe. (2 Bakorinthe 7:11-13) Mo setlhogong sa rona se se latelang, re tla sekaseka tsela e e lorato e Paulo a neng a arabela Bakorinthe ka yone le gore e ka re thusa jang go nna batlhakanedi ba ba molemo ba kgomotso ya Modimo gompieno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E nngwe ya ditsela tse dikgolo tse moya o o boitshepo wa Modimo o neng o dira ka yone mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le go ba tlotsa jaaka barwa ba ba itshenketsweng ba Modimo le barwarraagwe Jesu. (2 Bakorinthe 1:21, 22) Seno se boloketswe fela barutwa ba ba 144 000 ba ga Keresete. (Tshenolo 14:1, 3) Gompieno bontsi jwa Bakeresete ba filwe ka bopelonomi tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Lefa ba sa tlodiwa, le bone ba amogela thuso le kgomotso ya moya o o boitshepo wa Modimo.
A o Ka Araba?
◻ Go tlile jang gore batho ba tlhoke kgomotso?
◻ Jesu o itshupile a le mogolwane mo go Noa jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ipitsa “Morena wa Sabata”?
◻ Modimo o gomotsa jang gompieno?
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 10]
(For fully formatted text, see publication)
Paulo o ne a gomodiwa thata ke pego ya ga Tito ka Bakorinthe
MAKETONIA
Filipi
GERIKA
Korinthe
ASIA
Teroase
Efeso