Basha ba ba Gakologelwang Mmopi wa Bone
“O bo o gakologelwe Mmopi wa gago mo metlheng ya bokau jwa gago.”—MORERI 12:1.
1. Ke mafoko afe a mosha wa dingwaga tse 11 a a supang gore Mmopi wa rona ke motho wa mmatota mo go ene?
ABO go le molemo jang fa basha ba bua e bile ba dira ka tsela e e bontshang gore ba leba Jehofa Modimo e le motho wa mmatota yo ba mo tlotlang e bile ba batla go mo kgatlhisa! Mosimane mongwe wa dingwaga tse 11 o rile: “Fa ke le nosi ke lebile ka fensetere, ke bona kafa popo ya ga Jehofa e leng ntle ka gone. Mme ke bo ke akanya ka tsela e Paradaise e tla nnang ntle ka gone mo isagweng le kafa ke tla kgonang go ama diphologolo ka gone ka nako eo.” (Isaia 11:6-9) O ne a oketsa jaana: “Fa ke le nosi, ke rapela Jehofa. Ke a itse gore ga a lapisiwe ke go bo ke bua le ene ka dinako tsotlhe. Ke a itse gore ka metlha o teng o ntebile.” A Mmopi wa rona ke motho wa mmatota mo go wena jaaka fa go ntse ka mosimane yono?
Modimo ke wa Mmatota go le Kana Kang mo go Wena?
2. (a) Mmopi wa gago e ka nna motho wa mmatota jang mo go wena? (b) Batsadi ba ka nna le seabe sefe go thusa bana ba bone go anaanela gore Modimo ke motho wa mmatota?
2 E le gore Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe e nne tsa mmatota mo go wena, sa ntlha o tshwanetse go ithuta ka ene le ka isagwe e ntle e a go e nayang mo lefatsheng le lesha la tshiamo le le tlhalosiwang mo Baebeleng. (Tshenolo 21:3, 4) Fa e le gore batsadi ba gago ba go rutile ka dilo tseno, o na le lebaka la go itumela gonne seno se go kgontsha go tsaya taolo eno e e tlhotlheleditsweng tsiya: “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago.” (Moreri 12:1, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mosha mongwe o buile jaana malebana le thapiso e batsadi ba mo neileng yone a santse a le monnye: “Sengwe le sengwe mo botshelong ka metlha se tswa kwa go Jehofa. Seno e ne e le sone selo sa konokono se se neng se dira gore ke gakologelwe Mmopi wa me.” Mosadi mongwe yo mosha o ne a akgela jaana: “Ke tla nna ke ntse ke leboga batsadi ba me ka metlha gonne ba nthutile gore Jehofa ke motho wa mmatota. Ba mpontshitse kafa nka mo ratang ka gone mme ba mpolelela ka boitumelo jwa go mo direla ka nako e e tletseng.”
3, 4. Ke eng se se ka go thusang gore o akanye ka Jehofa e le motho wa mmatota?
3 Lefa go ntse jalo, ba bantsi ba go fitlhela go le thata go tsaya Modimo e le motho wa mmatota yo o ba kgatlhegelang. A go ntse jalo le ka wena? Mosha mongwe o ne a thusiwa go akanya ka Modimo ka tsela ya mmatota ke polelo eno e e tlhagang go Tora ya Tebelo: “Gore mmele wa ga Jehofa Modimo o kana kang, ga re itse.” Ke boammaaruri gore bogolo jwa Modimo ga bo a ikaega ka bogolo jwa mmele kana sebopego sa gagwe, jaaka fa mola o o latelang wa Tora ya Tebelo eo o ne wa bolela: “Bogolo jwa gagwe jwa mmatota bo mo go reng ke Modimo wa mofuta mang,” eleruri ke Modimo o o ikanyegang, o o kutlwelobotlhoko, o o lorato, le o o itshwarelang.a (Ekesodo 34:6; Duteronome 32:4; Pesalema 86:5; Jakobe 5:11) A o simolotse go bona Jehofa e le motho yo o ntseng jalo, tsala e e ikanyegang e o ka nnang le botsalano jo bo botlhokwa le yone?—Isaia 41:8; Jakobe 2:23.
4 Jesu o ne a thusa balatedi ba gagwe ba ntlha go itumelela botsalano jwa sebele le Modimo. Ka jalo, fa moaposetoloi Johane a ne a kwala ka ga go tsogela botshelong jwa selegodimo go a neng a go lebeletse, Johane o ne a akgela jaana: “Re tlaa tshwana [le Modimo]; gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse.” (1 Johane 3:2; 1 Bakorinthe 15:44) Basha le bone gompieno ba ka thusiwa go leba Modimo e le motho wa mmatota, motho yo ba ka mo itseng sentle lefa gone ba ka se ka ba mmona ka namana. Lekawana lengwe le ne la akgela jaana: “Batsadi ba me ba nthusitse go gakologelwa Jehofa ka go botsa dipotso tse dintsi tse di jaaka, ‘Jehofa o tla reng? O ka e tlhalosa jang ka mafoko a gago? Seo se kaya eng?’” A dipotso tse di tshwanang le tseno ga di dire gore re akanye ka botsalano jwa rona jwa motho ka namana le Modimo?
Se go Gakologelwa go se Kayang
5. Ke dikao dife tsa Baebele tse di bontshang gore go gakologelwa motho go akaretsa mo go fetang go gopola leina la gagwe fela?
5 Go tsaya taolo eno tsia e e reng, “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago,” go raya mo go fetang go akanya ka Jehofa fela. Go akaretsa kgato, go dira se se mo kgatlhang. Fa mosenyi a ne a kopa Jesu a re, “a ko o nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago,” o ne a batla gore Jesu a dire mo go fetang fela go gakologelwa leina la gagwe. O ne a batla gore Jesu a tseye kgato, ya go mo tsosa. (Luke 23:42, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka tsela e e tshwanang, Josefa yo o neng a le kwa kgolegelong o ne a lebeletse gore motshola phafana wa ga Faro a dire sengwe fa a ne a mo raya a re a mo gakologelwe kwa go Faro. Mme fa Jobe a ne a kopa Modimo a re, ‘o nkgakologelwe,’ Jobe o ne a kopa gore mo nakong nngwe ya mo isagweng, Modimo a tseye kgato go mo tsosa.—Jobe 14:13, mokwalo o o sekameng ke wa rona; Genesise 40:14, 23.
6. Lefoko la Sehebera le le kayang “gakologelwa” le bolela jang go nna le katamelano e e bothito ka selo kana motho yo o mo gakologelwang?
6 Motswedi o mongwe wa tshedimosetso wa re lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “gakologelwa” gantsi le kaya “katamelano e e bothito ya mogopolo le tiro e e tsamaisanang le go gakologelwa.” Se se kaiwang ke “katamelano e e bothito” mo lefokong “gakologelwa” se ka bonwa mo ngongoregong ya “bontsi jwa batho jo bo tlhakatlhakanyeng” kwa gare ga naga: “Re gakologelwa ditlhapi tse re neng re di ja fela mo Egepeto!” Fela jaaka Jobe a ne a kopa gore Modimo o mo gakologelwe, fela jalo Hesekia, Nehemia, Dafite, le mopesalema yo o sa umakiwang ka leina, le bone ba ne ba kopa gore Jehofa a ba gakologelwe ka katamelano e e bothito ka ntlha ya boikanyegi jwa bone.—Dipalo 11:4, 5, mokwalo o o sekameng ke wa rona; 2 Dikgosi 20:3; Nehemia 5:19; 13:31; Pesalema 25:7; 106:4.
7. Fa re gakologelwa Modimo ka katamelano e e bothito, seno se tla ama boitshwaro jwa rona jang?
7 Ka gone re ka nna ra botsa jaana, ‘A re gakologelwa Mmopi wa rona ka katamelano e e bothito e bile re tila go dira sengwe le sengwe se se tla mo utlwisang botlhoko?’ Mosha mongwe o ne a akgela jaana: “Mmè o ne a nthusa go lemoga gore Jehofa o na le maikutlo, mme e rile ke santse ke le monnye, ke ne ka lemoga gore se ke se dirang se a mo ama.” (Pesalema 78:40-42) Yo mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ke itse gore ditiro tsa me di ne di ka thusa kana tsa kgoreletsa go araba kgwetlho e Satane a e dirileng mo go Jehofa. Ke ne ke batla go itumedisa pelo ya ga Jehofa, ka jalo seo se ne sa nthusa mme se sa ntse se nthusa le gompieno.”—Diane 27:11.
8. (a) Ke tiro efe e e tla bontshang gore re gakologelwa Jehofa ka katamelano e e bothito? (b) Ke dipotso dife tse basha ba tla di tlhatlhobang ka botlhale?
8 Ke boammaaruri gore, mo lefatsheng leno le le boikepo, ga se ka metlha go leng motlhofo go gakologelwa Jehofa ka go nna le seabe ka botlalo mo tirong e e mo kgatlhang. Lefa go ntse jalo, a bo go tla nna molemo jang ne fa o ka etsa Timotheo yo mmotlana wa lekgolo la ntlha la dingwaga—re sa bue ka diketekete tsa basha ba ba boifang Modimo gompieno—ka go latelela tirelo ya Bokeresete ya nako e e tletseng o le modiredi wa mmulatsela! (Ditiro 16:1-3; 1 Bathesalonika 3:2) Lefa go ntse jalo, go ka bodiwa jaana, A o tla kgona go itlamela mo bodireding jwa bobulatsela? Mme fa o tsena mo lenyalong, a o tla nna le kitso e e tshwanetseng go tlamela balelapa la gago? (1 Timotheo 5:8) Tseno ke dipotso tsa botlhokwa, mme go botlhokwa gore o di akanyetse ka tsela e e masisi.
Thuto e e Nang le Boikaelelo
9. Ke tshwetso efe e e lebaneng le basha malebana le thutego ya lefatshe?
9 Jaaka fa tsela e batho ba tshelang ka yone e ntse e raraanela pele, go ka nna ga tlhokega thuto e kgolwanyane e le gore o ka bona tiro e e tla dirang gore o itlamele mo tirong ya bobulatsela. Gongwe o setse o tlhokometse gore le e leng bangwe ba ba nang le thutego ya yunibesithi ba ile ba tshwanelwa ke gore ba oketse thuto ya bone e le gore ba tle ba kgone go bona kitso e nngwe e bahiri gompieno ba e batlang. Ka jalo lona basha ba lo batlang go kgatlha Modimo lo latelela thuto e kana kang? Tshwetso e tshwanetse go dirwa sentle go akantswe ka taolo eno e e tlhotlheleditsweng: “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago.”
10. Ke thuto efe e e molemo go di gaisa tsotlhe e re ka e bonang?
10 Ke boammaaruri gore o tla batla go latelela se le eleng metswedi e mentsi ya lefatshe e se lebang e le thuto e e molemolemo—e e bonwang ka go ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko. Mokwadi wa Mojeremane e leng Johann Wolfgang von Goethe o ne a akgela jaana: “Fa [setšhaba] se ntse se gatela pele mo botlhalefing, gape se tla kgona ka botlalo go dirisa Baebele e le motheo le selo se ba se dirisang go bona thutego.” Ee, go ithuta Baebele go tla go dira gore o iketleeletse botshelo go feta lefa e le thuto epe e nngwe!—Diane 2:6-17; 2 Timotheo 3:14-17.
11. (a) Ke tiro efe e e botlhokwa go di gaisa tsotlhe e re ka e dirang? (b) Ke ka ntlha yang fa mosha mongwe a ne a tlhopha go bona thuto e e rileng?
11 E re ka kitso ya Modimo e naya botshelo, tiro e e botlhokwa e o ka e dirang gompieno ke go abela ba bangwe kitso eo. (Diane 3:13-18; Johane 4:34; 17:3) Lefa go ntse jalo, e le gore o dire seo ka tsela e e nang le matswela, o tshwanetse gore o bo o na le thuto ya motheo. O tshwanetse wa bo o kgona go akanya sentle, o bua ka tsela e e nang le tlhaloganyo, mme o bala e bile o kwala sentle—dilo tse di rutiwang kwa sekolong. Ka jalo, tsaya dithuto tsa gago tsa sekolo ka tsela e e masisi, jaaka go ne ga dira Tracy, mosha mongwe wa kwa Florida, kwa U.S.A., yo o neng a aloga kwa sekolong se segolo ka maduo a a kwa godimo. O ne a tlhalosa tsholofelo ya gagwe jaana: “Ka metlha mokgele wa me e ne e ntse e le go nna motlhanka wa nako e e tletseng wa Modimo wa me Jehofa, e bile ke solofela gore thuto ya me e tla nthusa go fitlhelela mokgele ono.”
12. Fa go tlhophiwa thuto ya lefatshe e e oketsegileng, e ka thusa go diragatsa boikaelelo bofe?
12 A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa o ya sekolong? A ke ka ntlha ya go bo go tla go thusa go nna modiredi yo o nang le bokgoni wa ga Jehofa? Fa go ntse jalo, o tla rata go akanya ka tsela e e masisi gore thuto ya gago e fitlhelela boikaelelo jono sentle go le kanakang. Morago ga go tlotla le batsadi ba gago go ka nna ga fediwa ka gore o tshwanetse go tswelela o ithuta le morago ga go bona thuto e e batliwang ke molao. Thuto e e ntseng jalo e e oketsegileng e ka go thusa go bona tiro gore o itlamele mme gape e go naya nako le maatla a go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya Bogosi.—Mathaio 6:33.
13. Bakeresete ba babedi ba kwa Russia ba ba neng ba latelela thuto e e oketsegileng ba ne ba bontsha jang boikaelelo jwa bone mo botshelong?
13 Bangwe ba ba batlang go bona thuto e e oketsegileng ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng le eleng fa ba ntse ba ithutela go ya pele. Akanya fela ka Nadia le Marina, basetsana ba babedi ba dingwaga tsa bolesome kwa Moscow, kwa Russia. Ka bobedi ba kolobeditswe ka April 1994 mme ba simolola go nna badiredi ba babulatsela ba ba thusang. Ka bonakonyana fela morago ga foo ba ne ba fetsa kwa sekolong se segolo mme ba ikwadisa mo thulaganyong ya thuto ya accounting e e tsayang dingwaga tse pedi. Ka May 1995 ba ne ba simolola go nna babulatsela ba nako e e tletseng, mme lefa go ntse jalo ba ne ba nna ba falola ka maemo a A mo ditlelaseng tsa bone tsa accounting. Mo godimo ga moo, lefa ba ntse ba ya sekolong, ka bobedi jwa bone ba ne ba kgona go tshwara palogare ya dithuto tsa Baebele tse 14 beke nngwe le nngwe. Basetsana bano ba solofela gore thuto ya bone ya accounting e tla dira gore ba kgone go bona tiro e e tshwanetseng, e le gore ba ka kgona go itlamela mo bodireding jwa nako e e tletseng.
14. Go sa kgathalesege gore re tlhopha thuto ya lefatshe e kanakang, ke eng se se tshwanetseng go nna selo sa botlhokwatlhokwa mo matshelong a rona?
14 Fa o latelela thuto ya lefatshe e e fetang e e tlhokwang ke molao, tlhatlhoba lebaka la go bo o dira jalo ka botlhale. A ke go itirela leina le go bona dikhumo? (Jeremia 45:5; 1 Timotheo 6:17) Kana a mokgele wa gago ke go dirisa thuto e e oketsegileng go nna le seabe ka botlalo mo tirelong ya ga Jehofa? Lydia, mosha mongwe yo o neng a tlhopha go latelela thuto e e oketsegileng, o ne a tlhalosa pono e ntle ya dilo tsa moya, a tlhalosa jaana: “Bangwe ba latelela thuto e e kwa godimo mme ba bo ba letlelela dilo tse di bonalang gore di ba kgoreletse, mme ba bo ba lebala Modimo. Mo go nna botsalano jwa me le Modimo ke selo sa botlhokwa thata.” A bo e le boikutlo jo bontle thata jang ne jo rotlhe re ka bo bontshang!
15. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le dithutego dife tse di farologaneng?
15 Go bonala Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le dithutego tse dintsi tse di farologaneng. Ka sekai, moaposetoloi Petere le Johane, ba ne ba tsewa “ba ne ba sa rutega, e le batho fela” ka ntlha ya go bo ba ne ba sa thapisiwa mo dikolong tsa borabi. (Ditiro 4:13) Ka fa letlhakoreng le lengwe, moaposetoloi Paulo o ne a na le seo se neng se ka bapisiwa le thuto ya yunibesithi gompieno. Lefa go ntse jalo, Paulo ga a ka a dirisa thuto eo go tlisa tlhokomelo go ene; go na le moo, e ne e mo thusa thata fa a ne a rerela batho ba maemo a a farologaneng a botshelo. (Ditiro 22:3; 1 Bakorinthe 9:19-23; Bafilipi 1:7) Ka tsela e e tshwanang, Manaene yo o “otletsweng gongwe le Herote wa kgosana,” e ne e le mongwe wa ba ba neng ba eteletse pele kwa phuthegong ya Antioke.—Ditiro 13:1.
Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Laola Madi a Gago ka Botlhale?
16. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka nna bokete go gakologelwa Mmopi wa rona fa re le mo melatong? (b) Sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu se bontsha jang botlhokwa jwa go akanya pele re dirisa madi?
16 Fa o palelwa ke go laola madi a gago ka botlhale, go ka nna ga nna bokete go gakologelwa Mmopi wa gago ka go dira se se mo kgatlhang. Ka gonne fa o nna mo melatong e mentsi, go ka bolelwa ga twe o na le mong yo mongwe. Baebele e tlhalosa jaana: “Adima madi o bo o nna motlhanka wa yo o go adimileng.” (Diane 22:7, Today’s English Version) Sengwe sa ditshwantsho tsa ga Jesu se bontsha kafa go leng botlhokwa ka gone go akanya pele o dirisa madi. “Gonne ke ofe wa lona,” Jesu o ne a bolela, “yo e ka reng fa a rata go aga kago e e godileng, mme a se ka a dula pele a bala madi a yone, gore a tle a itse fa a na le a a lekanyeng go e swetsa. E se re kgotsa a sena go e thaya a retelelwa ke go e swetsa; mme botlhe ba ba e bonang ba simolole go mo sotla.”—Luke 14:28, 29.
17. Ke ka ntlha yang fa gantsi go le thata go laola tsela eo motho a dirisang madi ka yone?
17 Ka jalo, ka botlhale o tla leka go tshela tumalanong le molaomotheo wa Dikwalo wa gore ‘re se ka ra nna molato le ope, fa e se go ratana fela.’ (Baroma 13:8) Mme go thata go dira seno, segolobogolo fa o ntse o bona didirwa tse disha ka metlha tse babapatsi ba bolelang gore eleruri o a di tlhoka. Motsadi mongwe yo o neng a leka go thusa bana ba gagwe gore ba dirise botlhale, o ne a akgela jaana: “Re ne ra fetsa nako e ntsi re tlotla gore dilo tse motho a di tlhokang ke eng le tse motho a di batlang ke eng.” Dikolo ka kakaretso di paletswe ke go ruta dilo tse di ntseng jalo, di ruta go le gonnye fela gore motho a ka dirisa jang madi ka tsela e e nang le boikarabelo fa e le gore gone di ruta sengwe ka seo. “Re aloga kwa sekolong se segolo re itse go le gontsi ka setshwantsho sa khutlotharo ya Isosceles go feta go itse ka go boloka madi,” go ne ga akgela jalo modirediloago mongwe. Mme jaanong ke eng se se ka go thusang go dirisa madi ka botlhale?
18. Selo sa konokono se se tla go thusang go dirisa madi ka tsela e e botlhale ke eng mme ka ntlha yang?
18 Go tsaya kgakololo eno tsia e e reng, “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago,” ke sone selo sa konokono se se tla go thusang go dirisa madi a gago ka botlhale. Seno ke ka ntlha ya gore fa o reetsa taolo eo, selo se se tlang pele mo go wena ke go itumedisa Jehofa, mme katamelano e e bothito e o nang le yone ka ene e ama tsela e o dirisang madi a gago ka yone. Ka jalo, o tla leka gore o se ka wa letlelela dilo tse o di batlang di go kgoreletsa go naya Modimo kobamelo e e feletseng. (Mathaio 16:24-26) O tla leka ka natla go boloka leitlho la gago le “bona sentle,” se se rayang gore le lebile sentle mo Bogosing jwa Modimo le mo go direng thato ya gagwe. (Mathaio 6:22-24) Ka gone, o tla kgona go leba taolo ya Modimo ya go “tlotla Jehofa ka thoto ya gago” e le tshiamelo e e itumedisang.—Diane 3:9.
Basha Ba re Ka ba Etsang
19. Basha ba nako e e fetileng ba gakologetswe Mmopi wa bone jang?
19 Se se itumedisang ke gore mo metlheng ya bogologolo le ya gompieno go na le basha ba le bantsi ba ba ntseng ba gakologelwa Mmopi wa bone. Samuele yo mmotlana o ne a nna a nitame mo tirelong ya gagwe ya kwa tempeleng go sa kgathalesege tlhotlheletso ya boitsholo jo bo maswe ya ba a neng a direla le bone. (1 Samuele 2:12-26) Mosadi wa moraedi yo o neng a gogela, e bong mosadi wa ga Potifaro, ga a ka a kgona go hepisa Josefa yo mmotlana gore a dire kgokafalo le ene. (Genesise 39:1-12) Lefa e ne e le “ngwanyana fela,” Jeremia o ne a rera ka bopelokgale lefa a ne a lebane le kganetso e kgolo. (Jeremia 1:6-8) Mosetsana yo monnye wa Moiseraele ka bopelokgale o ne a kaela moeteledipele wa masole a a nonofileng a Siria go ya go batla thuso kwa Iseraele, kwa a neng a tla kgona go ithuta ka Jehofa gone. (2 Dikgosi 5:1-4) Daniele yo mmotlana le ditsala tsa gagwe ba ne ba boloka tumelo ya bone fa ba ne ba lekwa ka melao ya Modimo ya dijo. Mme basha Shaterake, Mešeke, le Abetenego ba ne ba tlhopha go latlhelwa mo leubelong la molelo go na le go latlha boikanyegi jwa bone jo bo nitameng go Modimo ka go obamela setshwantsho se se tlhomilweng.—Daniele 1:8, 17; 3:16-18; Ekesodo 20:5.
20. Basha ba bantsi gompieno ba gakologetswe Mmopi wa bone jang?
20 Gompieno go na le basha ba ba fetang 2 000 ba ba nang le dingwaga tse 19 go ya go tse 25 ba ba direlang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York State, kwa U.S.A. Ke karolo e nnye fela ya basha ba ba diketekete ba ba gakologelwang Mmopi wa bone mo lefatsheng lotlhe. Jaaka Josefa wa bogologolo, ba ganne go ineela mo boitsholong jo bo leswe. Ba bantsi ba ile ba reetsa Modimo go na le batho fa ba ne ba patelediwa gore ba tlhophe gore ba tla direla mang. (Ditiro 5:29) Ka 1946, kwa Poland, Henryka Zur wa dingwaga tse 15 o ne a bogisiwa fa a ne a gana go obamela medimo ya disetwa ya bodumedi. “O ka nna wa dumela se o batlang go se dumela,” go ne ga akantsha jalo mongwe wa babogisi ba gagwe, “fa fela o ka dira letshwao la Katoliki la sefapaano.” Ka ntlha ya go bo a ne a gana, ba ne ba mo tswatswailela kwa sekgweng mme ba mo thuntsha, tsholofelo ya gagwe e e tlhomameng ya botshelo jo bo sa khutleng e ntse e sa fetolwa!b
21. Ke taletso efe e go tla nnang botlhale go e amogela, mme go tla nna le matswela afe?
21 A bo pelo ya ga Jehofa e tshwanetse ya bo e ne ya itumedisiwa thata jang ne ke basha ba ba ileng ba mo gakologelwa mo makgolokgolong a dingwaga! A o tla arabela mo taletsong ya gagwe, “O bo o gakologelwe Mmopi wa gago”? Ruri o tshwanelwa ke gore o mo gakologelwe! Ka metlha akanya ka dilo tsotlhe tse a go diretseng tsone le tse a santseng a tla di dira, mme o amogele taletso eno: “Morwaaka, o tlhalefe, o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—Diane 27:11.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tora ya Tebelo ya December 15, 1953, tsebe 750 (ka Seesemane).
b Bona 1994 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 217-18, e gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
A o A Gakologelwa?
◻ Basha ba ka thusiwa jang go leba Modimo e le motho wa mmatota?
◻ Go raya eng go gakologelwa Mmopi wa gago?
◻ Thuto ya rona e tshwanetse go diragatsa boikaelelo bofe?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go laola madi a rona ka tsela e e botlhale?
◻ Ke basha bafe ba o tshwanetseng go ba etsa?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
A o kile wa ipotsa gore ke ka ntlha yang fa o ya sekolong?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
A o ithuta go dirisa madi ka tsela e e botlhale?