Kafa Balebedi ba ba Etang ba Direlang e le Balebalebi ba ba Ikanyegang ka Teng
“Ka fa mongwe le mongwe o amogetseng neo ka teng, lo bo lo direlane ka yone fela, jaaka [balebalebi] ba ba molemo ka tshegofatso e ntsintsi ya Modimo.”—1 PETERE 4:10.
1, 2. (a) O ne o ka tlhalosa jang lefoko le le reng “molebalebi”? (b) Ke bomang ba ba akarediwang mo balebalebing ba ba dirisiwang ke Modimo?
JEHOFA o dirisa Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang e le balebalebi. Gantsi molebalebi ke motlhanka yo o tlhokomelang lelapa. Gape o ka nna a laola dikgwebo tsa mong wa gagwe. (Luke 16:1-3; Bagalatia 4:1, 2) Jesu o ne a bitsa setlhopha sa gagwe sa batlodiwa se se ikanyegang ka tsela e e nitameng se se mo lefatsheng a re “molebalebi yo o ikanyegang.” Molebalebi yono o mmeile molaodi “wa dilo tsotlhe tse o nang natso,” go akaretsa le ditiro tsa go rera ka Bogosi.—Luke 12:42-44; Mathaio 24:14, 45.
2 Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore Bakeresete botlhe ke balebalebi ba bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng. Mokeresete mongwe le mongwe o na le sebaka sa go dira bolebalebi jo bo ikanyegang. (1 Petere 4:10) Bagolwane ba Bakeresete ba ba tlhomilweng ke balebalebi, mme mo gare ga bone go na le balebedi ba ba etang. (Tito 1:7) Bagolwane bano ba ba etang ba tshwanetse ba tsewa jang? Ba tshwanetse go nna le dinonofo le maikaelelo afe? Mme ba ka fitlhelela dilo tse di molemo thata ka tsela efe?
Go Itumelela Tirelo ya Bone
3. Ke ka ntlha yang fa balebedi ba ba etang ba bidiwa “balebalebi ba ba molemo”?
3 Banyalani bangwe ba Bakeresete ba ne ba bolela jaana fa ba ne ba kwaletse molebedi yo o etang le mosadi wa gagwe: “Re rata go lebogela nako yotlhe le lorato lo lo re bontshitseng lone. Jaaka lelapa, re ikamogeletse molemo o mogolo mo kgothatsong yotlhe ya lona le kgakololo. Re itse gore re tshwanetse gore re tswelele pele re gola semoyeng, mme ka thuso ya ga Jehofa le ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tshwanang le lona, matshwenyego a rona a a kokobela.” Mafoko a a tshwanang le ano a buiwa gantsi ka gonne balebedi ba ba etang ba kgatlhegela badumedikabone ka namana, fela jaaka molebalebi yo o molemo a ka tlhokomela dilo tse di tlhokegang mo lelapeng ka tshwanelo. Ba bangwe ke dibui tse di tlhomologileng. Ba le bantsi ba atlega mo tirong ya go rera, fa ba bangwe ba itsewe gore ba lorato le kutlwelobotlhoko. Fa balebedi ba ba etang ba tlhagolela dimpho tse di ntseng jalo fa ba direla ba bangwe le go di dirisa, ba ka tshwanela go bidiwa “balebalebi ba ba molemo.”
4. Ke potso efe e jaanong re ka e sekasekang?
4 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Go lopiwa ka ga balebalebi, gore motho a fitlhelwe a le boikanngo.” (1 Bakorinthe 4:2) Go direla Bakeresetekaene mo diphuthegong tse di farologaneng beke le beke ke tshiamelo e e sa tshwaneng le epe e bile e le e e itumedisang. Lefa go ntse jalo, gape ke boikarabelo jo bo boima. Balebedi ba ba etang ba ka diragatsa bolebalebi jwa bone jang ka tsela e e ikanyegang le e e atlegang?
Go Diragatsa Bolebalebi Jwa Bone ka Katlego
5, 6. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore molebedi yo o etang a ikaege mo go Jehofa ka thapelo mo botshelong jwa gagwe?
5 Balebedi ba ba etang ba tshwanetse go ikaega mo go Jehofa ka thapelo gore ba nne balebalebi ba ba atlegang. Ka dinako tse dingwe ba ka ikutlwa ba imelwa, ka ntlha ya thulaganyo ya bone le maikarabelo a mantsi. (Bapisa 2 Bakorinthe 5:4.) Ka jalo ba tshwanetse go dira go dumalana le pina eno ya ga mopesalema Dafite: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tlaa go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.” (Pesalema 55:22) Mafoko ano a ga Dafite le one a a gomotsa: “A go bakwe Morena yo o rwalang merwalo ya rona ka malatsi.”—Pesalema 68:19.
6 Paulo o ne a tsaya kae nonofo ya gore a diragatse maikarabelo a gagwe a semoya? O ne a kwala jaana: “Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang.” (Bafilipi 4:13) Ee, Jehofa Modimo ke Motho yo o neng a nonotsha Paulo. Ka mo go tshwanang, Petere o ne a gakolola jaana: “Fa motho mongwe a bua, a e nne jaaka fa a bua mafoko mangwe a Modimo; fa motho mongwe a direla, a e nne jaaka fa a direla ka thata e Modimo o e mo abelang; gore Modimo o galalediwe mo dilong tsotlhe ka Jesu Keresete.” (1 Petere 4:11) Mokaulengwe mongwe yo o neng a nna molebedi yo o etang ka dingwaga di le dintsi o ne a gatelela botlhokwa jwa go ikaega mo Modimong, a re: “Lebelela kwa go Jehofa ka metlha gore a rarabolole mathata, o bo o batle thuso mo mokgatlhong wa gagwe.”
7. Go botlhokwa go le kana kang gore molebedi yo o etang a lekalekanye dilo mo tirong ya gagwe?
7 Molebedi yo o etang o tlhoka go nna tekatekanyo e le gore a atlege. Fela jaaka Bakeresete ba bangwe, o gagamalela gore a “dumalane le dilo tse di molemo.” (Bafilipi 1:10)a Fa bagolwane ba mo lefelong leo ba na le dipotso tse di malebana le kgang e e rileng, ba tshwanetse gore ba buisane le molebedi wa potologo yo o etileng. (Diane 11:14; 15:22) Gongwe tshedimosetso ya gagwe e e lekalekaneng le kgakololo ya Dikwalo e tla itshupa e le e e mosola thata fa bagolwane ba tswelela pele ba rarabolola kgang nngwe morago ga gore a tsamaye kwa phuthegong eo. Malebana le kgopolo e e tshwanang, Paulo o ne a bolelela Timotheo jaana: “Dilo tse o di utlwileng mo go nna mo gare ga basupi ba le bantsi, tsone tseo o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba tlaa nonofang le go di ruta ba bangwe.”—2 Timotheo 2:2.
8. Ke eng fa go ithuta Baebele, go batlisisa le go tlhatlhanya go le botlhokwa jaana?
8 Go ithuta Dikwalo, go dira patlisiso le go tlhatlhanya ke dilo tse di tlhokegang gore motho a neele kgakololo e e utlwalang. (Diane 15:28) Molebedi mongwe wa kgaolo o ne a bolela jaana: “Fa re kopane le bagolwane, ga re a tshwanela go tshaba gore ga re itse karabo ya potso e e rileng.” Go dira boiteko jwa go baya “mogopolo wa ga Keresete” kwa pele mo kgannyeng go dira gore o kgone go neela kgakololo e e tswang mo Baebeleng e e tla thusang ba bangwe go diragatsa thato ya Modimo. (1 Bakorinthe 2:16) Ka dinako tse dingwe go tlhokega gore molebedi yo o etang a kwalele Mokgatlho wa Watch Tower gore a bone kaelo. Legale, go nna le tumelo mo go Jehofa le go rata boammaaruri di botlhokwa fela thata go gaisa ponalo fela kana go bua monate. Paulo o ne a simolola bodiredi jwa gagwe kwa Korintha “mo bokoeng, le mo poifong, le mo bogolong jwa thoromo,” mo boemong jwa go bua ka “bontle jwa puo, le fa e le jwa botlhale.” A seno se ne sa dira gore a se ka a nna le matswela? Se se farologaneng le seo, se ne sa thusa Bakorintha gore ba nne le tumelo, “e se ka ya ema mo botlhaleng jwa batho, fa e se mo nonofong ya Modimo fela.”—1 Bakorinthe 2:1-5.
Dinonofo Tse Dingwe Tse di Botlhokwa
9. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore bagolwane ba ba etang ba nne kutlwelobotlhoko?
9 Boutlwelobotlhoko bo thusa balebedi ba ba etang gore ba fitlhelele diphelelo tse di molemo. Petere o ne a rotloetsa Bakeresete botlhe gore ba ‘nne pelotlhomogi,’ kana ba nne “boutlwelobotlhoko.” (1 Petere 3:8, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Molebedi mongwe wa potologo o bona go le botlhokwa gore a ‘kgatlhegele mongwe le mongwe mo phuthegong le gore a reetse ka kelotlhoko tota.’ Ka tsela e e tshwanang, Paulo o ne a kwala jaana: “Itumeleng le ba ba itumelang; lo lele le ba ba lelang.” (Baroma 12:15) Boikutlo jo bo ntseng jalo bo tlhotlheletsa balebedi ba ba etang gore ba dire maiteko a a tlhoafetseng gore ba tlhaloganye mathata le maemo a badumedikabone. Ke gone he ba ka ntshang kgakololo ya Dikwalo e e agang e e ka nnang molemo thata fa e dirisiwa. Molebedi mongwe wa potologo yo o bontshang kutlwelobotlhoko fela thata o ne a amogela lekwalo leno le le tswang kwa phuthegong e e gaufi le Turin e e kwa Italy: “Fa o batla go kgatlhegelwa, kgatlhegela ba bangwe; fa o batla go itumelelwa, itumedise ba bangwe; fa o batla go ratiwa, rata ba bangwe; fa o batla go thusiwa, nna o ipaakanyeditse go thusa ba bangwe. Se ke sone se re se ithutileng mo go wena!”
10. Ke eng se balebedi ba potologo le balebedi ba kgaolo ba ileng ba se bua malebana le go nna boikokobetso, mme Jesu o tlhomile sekao sefe malebana le seno?
10 Go nna boikokobetso le go atamelesega go thusa balebedi gore ba dire molemo o mogolo. Molebedi mongwe wa potologo o ne a bolela jaana: “Go botlhokwa thata go nna boikokobetso.” O ne a tle a tlhagise balebedi ba basha ba ba etang jaana: “Lo se ka lwa tlhotlhelediwa thata ke bakaulengwe ba ba humileng ka ntlha ya se ba ka nnang ba se lo direla, kana go nna ditsala le ba ba ntseng jalo fela, mme lefa go ntse jalo ka metlha lo gagamalele go dirisana le ba bangwe lo sa tlhaole.” (2 Ditirafalo 19:6, 7) Mme molebedi yo o etang yo o ikokobeditseng tota a ka se itseye ka mo go feteletseng gore o botlhokwa fa e le moemedi wa Mokgatlho. Molebedi mongwe wa kgaolo o ne a akgela jaana ka tshwanelo: “Ikokobetse mme o batle go reetsa bakaulengwe. Nna motho yo o atamelegang ka metlha.” Jesu Keresete jaaka motho yo mogolo yo o kileng a tshela, o ka bo a ile a dira batho gore ba se ka ba phuthologa, mme o ne a ikokobeditse tota e bile a atamelesega mo le bana ba neng ba iketla fa ba na le ene. (Mathaio 18:5; Mareko 10:13-16) Balebedi ba ba etang ba batla gore bana, basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome, bagolo—tota mongwe le mongwe le botlhe mo phuthegong—ba ikutlwe ba gololesegile go ba atamela.
11. Matswela a go kopa maitshwarelo e ka nna afe fa go tlhokega gore a dirwe?
11 Ke boammaaruri gore “re tle re kgopise rotlhe mo dilong di le dintsi,” mme ga go na molebedi ope yo o etang yo ene a ka se direng diphoso. (Jakobe 3:2) Fa ba dira diphoso, go kopa maitshwarelo go tswa mo pelong go tla bontsha bagolwane ba bangwe sekao sa boikokobetso. Diane 22:4 e bolela gore, “tuelo ya boingotlo le go boifa Jehofa [ka tshisimogo] ke khumo le letlotlo le botshelo.” A mme batlhanka botlhe ba Modimo ga ba tlhoke go ‘sepela ka boikokobetso le Modimo wa bone’? (Mika 6:8) Molebedi mongwe wa potologo o ne a akgela jaana fa a ne a bodiwa gore o ne a ka neela mogolwane yo mosha yo o etang kgakololo efe: “O tlotle le go tlhokomela bakaulengwe botlhe, mme o ba tseye ba le botoka go feta wena. O tla ithuta mo gontsi mo bakaulengweng. Nna boikokobetso. Nna ka tsela e o leng ka yone. Se itire motho yo e seng wena.”—Bafilipi 2:3.
12. Ke ka ntlha yang fa go tlhagafalela bodiredi jwa Bokeresete go le botlhokwa fela jaana?
12 Go tlhagafala mo bodireding jwa Bokeresete go nonotsha mafoko a molebedi yo o etang. Tota e bile, fa ene le mosadi wa gagwe ba tlhoma dikao tse di tlhagafetseng mo tirong ya go rera, bagolwane, basadi ba bone le phuthego yotlhe ba a kgothala gore ba bontshe botlhaga mo bodireding jwa bone. Molebedi mongwe wa potologo o ne a rotloetsa jaana: “Tlhagafalela tirelo.” O ne a oketsa jaana: “Ke fitlhetse gore ka kakaretso fela, fa phuthego e tlhagafetse thata mo bodireding, e nna le mathata a sekaenyana fela.” Molebedi yo mongwe wa potologo o ne a akgela jaana: “Ke dumela gore fa bagolwane ba dira mo tshimong le bakaulengwe le bokgaitsadi le go ba thusa gore ba itumelele bodiredi, seno se tla ba dira gore ba nne le mogopolo o o ritibetseng le gore ba kgotsofalele go direla Jehofa ka tsela e e feletseng.” Moaposetoloi Paulo o ne a ‘sosologela pele mo Modimong go bua le Bathesalonika mafoko a a molemo a Modimo, a le mo ntweng e kgolo.’ Ga go gakgamatse go bo ba ne ba na le dikgopolo tse ba di ratang tsa ketelo ya gagwe le tsa tiro ya gagwe ya go rera mme ba tlhologeletswe go mmona gape!—1 Bathesalonika 2:1, 2; 3:6.
13. Ke eng se molebedi yo o etang a se akanyetsang fa a dira le Bakeresetekaene mo tirelong ya tshimo?
13 Fa a bereka le Bakeresetekaene mo bodireding jwa tshimo, molebedi yo o etang o akanyetsa maemo le makoa a bone. Le mororo dikakantsho tsa gagwe di ka tswa di le mosola, o a itse gore ba bangwe ba ka nna ba tshoga fa ba rera le mogolwane yo o nang le maitemogelo. Ka gone, mo mabakeng a a rileng, go ka nna molemo thata go kgothatsa go na le go gakolola. Fa a tsamaya le baboledi kana babulatsela kwa thutong ya Baebele, ba ka nna ba batla gore e nne ene a e tshwarang. Seno se ka ba tlwaelanya le ditsela tse dingwe tsa go tokafatsa ditsela tsa bone tsa go ruta.
14. Ke ka ntlha yang fa go ka twe balebedi ba ba etang ba ba tlhagafetseng ba tlhotlheletsa ba bangwe gore ba nne tlhaga?
14 Balebedi ba ba etang ba ba tlhagafetseng ba tlhotlheletsa ba bangwe gore ba nne tlhaga. Molebedi mongwe wa potologo kwa Uganda o ne a tsamaya ka maoto mo sekgweng se se kitlaneng ka lobaka lwa ura gore a ye le mokaulengwe mongwe kwa thutong ya Baebele e e neng e sa bontshe kgatelopele e e kalo. Fa ba ntse ba tsamaya pula e ne ya na fela thata mo ba neng ba fitlha ba kolobile tota. Fa lelapa leo la batho ba le barataro le utlwa gore moeti wa bone ke molebedi yo o etang, ba ne ba kgatlhega tota. Ba ne ba itse gore baruti ba kereke ya bone ga ba ke ba kgatlhegela letsomane jalo. Ka Sontaga se se latelang, ba ne ba nna gone kwa pokanong ya bone ya ntlha ba bo ba bolela fa ba eletsa go nna Basupi ba ga Jehofa.
15. Molebedi mongwe wa potologo yo o neng a tlhagafetse kwa Mexico o ne a nna le boitemogelo bofe jo bo itumedisang?
15 Kwa kgaolong nngwe ya Mexico ya Oaxaca, molebedi mongwe wa potologo o ne a dira boiteko bongwe jo tota bo neng bo sa lebelelwa. O ne a rulaganya go robala mo seleng ya kgolegelo ka malatsi a le manè gore a etele setlhopha sengwe sa batshwarwa ba le supa ba ba neng ba nna baboledi ba Bogosi. Ka malatsi a le mmalwa o ne a tsamaya le bagolegwa bano fa ba ntse ba neela bosupi mo ntlong nngwe le nngwe ya kgolegelo le go tshwara dithuto tsa Baebele. Ka ntlha ya kgatlhego e e bontshitsweng, dithuto tse dingwe tseno di ne di tshwarwa go fitlha go nna bosigo thata. Molebedi yono wa potologo yo o tlhagafetseng o kwala jaana: “Fa ke fetsa ketelo, nna le batshwarwa re ne re ikutlwa re itumetse thata ka ntlha ya go kgothatsana.”
16. Ke ka ntlha yang fa go le mosola thata fa balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba kgothatsa ba bangwe?
16 Balebedi ba ba etang ba leka go nna ba ba kgothatsang. Fa Paulo a ne a etetse diphuthego kwa Maketonia, o ne ‘a ba laya fela thata.’ (Ditiro 20:1, 2) Mafoko a a kgothatsang a ka nna mosola fela thata fa go kaelwa basha le bagolo gore ba tseye mekgele ya semoya. Kwa ofising nngwe e kgolo ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower, patlisiso nngwe e e seng ya tlwaelo e ne ya senola gore balebedi ba potologo ba ile ba kgothatsa baithaopi ba ba ka tshwarang diperesente di le 20 gore ba dire tirelo ya nako e e tletseng. Ka ntlha ya sekao se se molemo sa mosadi wa molebedi yo o etang jaaka mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi, le ene o ne a itshupa e le yo o kgothatsang fela thata.
17. Molebedi mongwe wa potologo yo o godileng o ikutlwa jang ka tshiamelo ya gagwe ya go thusa ba bangwe?
17 Batho ba ba godileng le ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba tlhoka go kgothadiwa tota. Molebedi mongwe wa potologo yo o godileng o kwala jaana: “Karolo ya tiro ya me e e dirang gore ke itumele thata kafa teng ke tshiamelo ya go thusa batho ba ba tsidifetseng le ba ba bokoa ba ba mo letsomaneng la Modimo. Mafoko a Baroma 1:11, 12 a nkaela sengwe se se kgethegileng, fa ke ntse ke bona kgothatso e kgolo thata le nonofo fa ‘ke abela neo nngwe ya semoya mo bathong bao, gore ba tle ba nitamisiwe.’”
Maduo a Tiro ya Bone e e Itumedisang
18. Balebedi ba ba etang ba na le maikaelelo afe a a tswang mo Dikwalong?
18 Balebedi ba ba etang ba kgatlhegela thata badumedikabone go tswa mo pelong. Ba batla go nonotsha diphuthego le go di aga mo semoyeng. (Ditiro 15:41) Molebedi mongwe yo o etang o dira ka natla “go ntsha kgothatso, go lapolosa le go rotloetsa keletso ya go diragatsa bodiredi le go tswelela pele o diragatsa boammaaruri.” (3 Johane 3) Yo mongwe o batla gore badumedikaene ba tlhomame mo tumelong. (Bakolosa 2:6, 7) Gakologelwa gore molebedi yo o etang ke ‘mmelegajokwe wa mmannete,’ e seng go rena mo godimo ga tumelo ya ba bangwe. (Bafilipi 4:3; 2 Bakorinthe 1:24) Ketelo ya gagwe ke tiragalo e e kgothatsang le go oketsega ga tiro, mmogo le sebaka sa gore setlhopha sa bagolwane se sekaseke kgatelopele e e dirilweng le go akanyetsa mekgele mengwe ya nako e e tlang. Ka mafoko le ka sekao sa gagwe, baboledi ba phuthego, babulatsela, batlhanka ba bodiredi le bagolwane ba ka lebelela go agiwa le go tlhotlhelediwa go dira tiro e e tlang. (Bapisa 1 Bathesalonika 5:11.) Ka jalo he, tshegetsang diketelo tsa molebedi wa potologo ka pelo yotlhe, mme lo dirise tirelo e lo e neelwang ke molebedi wa kgaolo ka botlalo.
19, 20. Balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba ile ba nna le maduo afe ka ntlha ya tirelo ya bone e e ikanyegang?
19 Balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba bona maduo a magolo ka ntlha ya tirelo ya bone e e ikanyegang, mme ba ka tshepa gore Jehofa o tla ba segofaletsa molemo o ba o dirang. (Diane 19:17; Baefeso 6:8) Georg le Magdalena ke banyalani ba ba setseng ba godile ba ba dirileng tiro ya go eta ka dingwaga di le dintsi. Kwa kopanong e kgolo kwa Luxembourg, Magdalena o ne a atamelwa ke motho yo o kileng a mo neela bosupi dingwaga tse di fetang 20 pele ga moo. Mosadi yono wa Mojuta o ne a simolola go kgatlhegela boammaaruri morago ga gore Magdalena a mo tlogelele dikgatiso dingwe tsa Baebele, mme fa nako e ntse e ya o ne a kolobediwa. Georg o ne a atamelwa ke kgaitsadi mongwe yo o godileng mo semoyeng, yo o neng a gakologelwa fa a ne a etetse kwa gagabo mo e ka nnang dingwaga tse 40 tse di fetileng. Tsela e a neng a neela mafoko a a molemo ka matlhagatlhaga ka teng kgabagare e ne ya dira gore ene le monna wa gagwe ba amogele boammaaruri. Kwantle ga pelaelo, Georg le Magdalena ba ne ba itumetse tota.
20 Bodiredi jwa ga Paulo jo bo neng bo na le matswela kwa Efeso bo ne bo mo itumedisa mme bo ka tswa bo ne jwa mo tlhotlheletsa go nopola mafoko ano a ga Jesu: “Go aba go lesego bogolo go go amogela.” (Ditiro 20:35) E re ka tiro ya go eta e akaretsa go neela ka metlha, batho ba ba e dirang ba itumetse, segolobogolo fa ba lemoga diphelelo tse di molemo tsa tiro ya bone. Molebedi mongwe wa potologo yo o neng a thusa mogolwane yo o neng a kgobegile marapo o ne a bolelelwa jaana mo lekwalong: “O ntse o le ‘mothusi yo o nonotshang’ tota mo bomoyeng jwa me—go feta jaaka o ka itse. . . . Le ka motlha ga o ne o itse ka botlalo gore tota o thusitse jang Asafe wa motlha wa gompieno, yo ‘dinao tsa gagwe di batlileng go ya.’”—Bakolosa 4:11; Pesalema 73:2.
21. Ke ka ntlha yang fa o ka re 1 Bakorinthe 15:58 e amana le ditiro tsa balebedi ba ba etang?
21 Mokeresete mongwe yo o godileng yo o neng a le mo tirong ya potologo ka dingwaga di le dintsi o rata go akanya ka 1 Bakorinthe 15:58, moo Paulo a neng a rotloetsa jaana: “Lo tlhomame, lo nitame, lo ntse lo totafetse mo tirong ya Morena ka metlha yotlhe, ka lo itse fa tiro ya lona e se ketla e nna lefela mo Moreneng.” Eleruri balebedi ba ba etang ba na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena. Mme a bo re le motlotlo jang ne go bo ba direla ka boitumelo e le balebalebi ba ba ikanyegang ba bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “A o Ka Itumela Fa o Na le Tiro e Ntsi go e Dira?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 15, 1991, ditsebe 28-31.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa balebedi ba ba etang ba ka tsewa e le “balebalebi ba ba molemo”?
◻ Ke mabaka afe a mangwe a a thusang balebedi ba potologo le balebedi ba kgaolo gore ba fitlhelele dilo di le dintsi tse di molemo?
◻ Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore ba ba dirang tiro ya go eta ba bontshe boikokobetso le botlhaga?
◻ Balebedi ba ba etang ba na le maikaelelo afe a a molemo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Balebedi ba ba etang ba batla go kgothatsa badumedikabone
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Basha le bagolo ka mo go tshwanang ba ka solegelwa molemo ke go tsamaya le balebedi ba ba etang le basadi ba bone
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bodiredi jwa molebedi yo o etang jo bo tlhagafetseng bo dira gore ba bangwe ba nne tlhaga