LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 10/15 ts. 25-29
  • Maemo a a Siametseng Kgolo Kwa Equatorial Guinea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maemo a a Siametseng Kgolo Kwa Equatorial Guinea
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Go Jalwa ga Peo mo Malatsing a Bogologolo
  • “Ba ba Utlwang go Tlhoka ga Bone ga Semoya”
  • Go Rotloetsa Kgolo ka go Kokoana Mmogo
  • Go Nosetsa Peo ka Bopelotelele
  • Go Thusa Batho go Tokafatsa Matshelo a Bone
  • Go Nna Makgoba a Modimo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 10/15 ts. 25-29

Maemo a a Siametseng Kgolo Kwa Equatorial Guinea

KGOLO e e kwa godimo ke selo sa ntlha se se gapang maikutlo a motsamai fa sefofane sa gagwe se kgoma fa fatshe kwa boemadifofaneng jwa ditšhabatšhaba jwa Equatorial Guinea. Lebala la difofane le potapotilwe ke ditlhare tse dikgolo tse di dirang gore dikago tsa boemeladifofane di lebege di le dinnye thata. Dimela tse dintle di gola sentle mo losing lwa lewatle go fitlha le kwa ditlhoreng tsa dithaba, di tlhotlhelediwa ke pula e ntsi le themperetšha e e kwa godimo ga didikirii di le 20 ngwaga otlhe.

Go na le kgolo e nngwe gape e e nonofileng kwa Equatorial Guinea, “kgolo ya Modimo.” (Bakolosa 2:19) Fela jaaka modiredi wa Ethiopia yo o neng a kopa thuso mo go Filipo, batho ba le bantsi fano ba tlhagafalela go tlhaloganya Dikwalo. (Ditiro 8:26-39) Go tlwaelegile gore motho a atamele mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo mmileng mme a kope thuto ya Baebele. Basupi ba ba ka nnang 325 kwa Equatorial Guinea ba tshwara dithuto tsa Baebele di feta sekete.

Go Jalwa ga Peo mo Malatsing a Bogologolo

Equatorial Guinea, naga e nnye go di gaisa tsotlhe mo Afrika, e kafa borwa jwa Nigeria le Cameroon. (Bona mmapa.) Mafoko a a molemo a ne a leriwa fano la ntlha ke Basupi ba kwa Nigeria ba ba neng ba tlile go dira mo dipolantasing tsa khoukhou. Lefa go ne ga simololwa diphuthego di sekae tse go neng go buiwa Seesemane mo go tsone, morago di ne tsa phatlalala fa bakaulengwe bano ba tshwanela go boela kwa Nigeria. Lefa go ntse jalo, morago fela ga gore naga eo e newe boipuso ka 1968, banyalani ba bangwe ba le bararo ba mokgatlho wa Watchtower ba ne ba romelwa fano. Ka ntlha ya mathata a sepolotiki, ga ba a kgona go nna lobaka, mme fela bosupi jwa bone bo nnile le ditlamorago tse di itumedisang.

Santiago, mongwe wa barongwa bao, o ne a kopana le Buenaventura, monna yo moleele a le dinamanama yo o neng a itsiwe mo lefelong leo e le mailagokgotlwa. E ne e le monna wa bodumedi yo o neng a tlotla Baebele, lefa go ntse jalo o ne a le bogale ka tsela e e boitshegang. Go mo rumola go le gonnye fela go ne go lekane gore a iteye motho. Fa a ne a galefa mo bareng, botlhe ba ba leng teng foo ba ne ba phatlalala, le e leng go tswa ka difensetere ba tshabela bogale jwa gagwe. Tota e bile, fa a ntse a reeditse Santiago, o ne a ikaeletse go mo itaya fa a ka se mo neye Dikwalo tse di tlhatswang pelo go supela se a se buang. O ne a ipoleletse gore, ‘Ga go ope yo o tla tsietsang mailagokgotlwa.’ O ne a kgatlhiwa ke se a se utlwang, segolobogolo kaga tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, ka jalo a dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele.

Fa thuto e ntse e tswelela pele, keletso ya ga Buenaventura ya go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng e ne ya gola, mme a ithuta gore go fitlhelela mokgele o o ntseng jalo o tshwanetse go nyalanya botshelo jwa gagwe le melaometheo ya Modimo. Fa a lemoga gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go ‘duela bosula ka bosula,’ o ne a simolola go tsaya matsapa a a tseneletseng go laola bogale jwa gagwe.—Baroma 12:17.

Letsatsi lengwe go ne ga tla teko ya mmatota fa ka kotsi a ne a diga galase ya moreki mongwe mo bareng. Monna yo o ne a galefa mme a mo itaya. Ka bonakonako fela, ba bangwe mo bareng ba ne ba phatlalala, ba solofetse gore ba tla simolola go lwa. Buenaventura ka boikokobetso fela o ne a duelela galase e e thubegileng, a rekela monna yo seno se sengwe, mme a kopa maitshwarelo ka boramatla jwa gagwe. Fa baagelani ba bona gore thuto ya Baebele e dirile diphetogo tse di ntseng jalo mo go ene, ba le mmalwa ba bone ba ne ba rata go ithuta le ene. Ka nako ya fa Buenaventura a kolobediwa, o ne a setse a tshwara dithuto di le tlhano tsa Baebele. O ntse a direla jaaka mogolwane mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, mme lefa batho ba ntse ba mmitsa mailagokgotlwa, jaanong ba dira jalo ba itshamekela fela.

“Ba ba Utlwang go Tlhoka ga Bone ga Semoya”

Ka bo1970 Basupi ba sekae ba lefelo leo ba ne ba ntse ba rera le go kopana mmogo ka mo ba ka kgonang ka teng. Morago banyalani ba sekae ba barongwa ba ba tswang Spain ba ne ba tla go thusa. Andrés Botella, yo o diretseng kwa Equatorial Guinea dingwaga di le 12, o gakologelwa gore moragonyana fela ga gore a goroge, o ne a kgatlhiwa ke ka moo batho ba neng ba “[utlwa] go tlhoka ga bone ga semoya” ka teng. (Mathaio 5:3, NW) A re: “E nnile boitumelo tota go ithuta Baebele le batho ba ba anaanelang jaana.”

Mary, kgaitsadi mongwe wa Mo-Spain, o ne a ithuta Baebele le mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang María yo o neng a umaka fa batsadi ba gagwe, Fancisco le Fausta, le bone ba kgatlhegela go ithuta. E re ka Mary a ne a na le dithuto di le 15, le batsadi ba ga María ba nna kgakala, go ne ga feta dibeke di le mmalwa pele a kgona go ba etela.

Fa Mary le monna wa gagwe Serafín kgabagare ba kopana le batsadi bao, ba ne ba setse ba na le buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaisea le Baebele, mme ba ne ba tlhwaafaletse go simolola go ithuta. Ka jalo ba ne ba simolola ka yone nako eo. Serafín o ne a lemoga gore batsadi ba ga María ba ne ba tlwaelanye thata le tshedimosetso eno. Fa ba ithuta kgaolo ya bobedi ga diragala se se tshwanang. Serafín o gakologelwa jaana: “E ne e kete re ithuta le Basupi ba babedi ba ba kolobeditsweng.” Fa ba eta laboraro, e re ka ba ne ba lebega ba itse tshedimosetso sentle, Serafín o ne a akantsha gore thuto e tshwarwe ka dipotso le dikarabo fela go bona gore tota ba ne ba tlhaloganya go le kana kang. O ne a lemoga gore Francisco le Fausta ba ne ba ithutile buka yotlhe ka bobone!

Kitso ya bone e ntšha e ne e ba amile jang? Tumalanong le se ba neng ba se ithutile, ba ne ba setse ba khutlisitse go ya dipokanong tsa tirisabadimo e bile ba ikgaogantse le Kereke ya Katoliki. Go feta foo, Francisco o ne a tlogetse go goga, mme e bile ba ne ba sa tlhole ba ja nama e e sa tshololwang madi sentle. E re ka go ne go bonala gore ba ne ba setse ba diragatsa sotlhe se ba se ithutileng, ba ne ba kgothalediwa gore ba simolole go abela ba bangwe kitso ya bone. Ba ne ba simolola fela ka bonako ba rerela baagelani ba bone. Mo dikgweding di le tharo fela ba ne ba tshwanelegela go kolobediwa. Francisco jaanong ke motlhanka wa bodiredi, mme ka ntlha ya sekao sa bone se sentle le botlhaga mo go rereng, barwadiabone ba le bararo jaanong ke Basupi, barwa ba le babedi ba ya dipokanong le ba bangwe ba losika ba le barataro ba a ithuta.

Moragonyana fela a sena go kolobediwa, Francisco o ne a kopana le Pablo, Mokatoliki yo o tlhoafetseng yo o neng a direla jaaka yo o tlhokomelang lefelo la dilo tse di boitshepo mo kerekeng ya gaabo. Pablo o ne a tlhola a neela thero fa moruti a seyo. Fa leloko lengwe la kereke le lwala, o ne a le etela; fa mongwe a sa bonale mo kerekeng, Pablo o ne a mo etela go mo kgothatsa; le fa mongwe a tlhokafetse, o ne a dira ka bojotlhe jwa gagwe go gomotsa lelapa leo. Go a utlwala go bo Pablo a ne a ratiwa thata ke maloko otlhe a kereke.

E re ka Pablo a ne a tlotla Baebele thata, o ne a dumela ka bofefo fela fa Francisco a ne a ithaopa go ithuta le ene. Ka bonako Pablo o ne a bona kafa molaetsa wa Baebele o neng o utlwala ka teng, mme morago ga go ithuta makgetlho a le mmalwa, a ikaelela go dirisa dingwe tsa dikwalo tse a di ithutileng mo go lengwe la “maeto a gagwe a bodisa” mo lelokong la kereke le le lwalang. Moragonyana ga moo, mo go e nngwe ya dithero tsa gagwe tsa Sontaga, Pablo o ne a tlhalosa botlhokwa jwa go dirisa leina la Modimo, Jehofa, le gore ke ka ntlha yang re sa tshwanela go dirisa ditshwantsho.

Ka gonne a amogetse boammaaruri motlhofo, o ne a solofetse gore maloko a mangwe a kereke ya gagwe a ne a tla arabela ka tsela e e tshwanang. Mme morago ga dithero tseno di le tharo kana di le nnè tse di theilweng mo Baebeleng, Pablo o ne a tlhokomela gore batho ba ne ba sa itumelele tshedimosetso e a neng a ba e neela. Ka jalo a swetsa ka gore a tlogele kereke a bo a kopanela ka metlha le Basupi ba ga Jehofa. Morago ga dikgwedi di sekae fela, o ne a tshwanelegela go kolobediwa, mme jaanong ke mmoledi yo o tlhagafetseng wa mafoko a a molemo. Le fa a sa kgone go rera ka nako e e tletseng, gone jaanong o tshwara dithuto tsa Baebele di le lesome.

Go Rotloetsa Kgolo ka go Kokoana Mmogo

Basupi ba kwa Equatorial Guinea ba tsaya tsia kaelo ya Baebele ya gore re se bakele go phuthega mmogo. (Bahebere 10:25) Go tloga ka 1994, fa tiro ya bone e ne e letlelelwa gape kafa molaong ke puso, bakaulengwe ba ntse ba tlhagafaletse go nna le Diholo Tsa Bogosi tse di tshwanetseng. E bile tota, bontsi jwa diphuthego di ikagetse diholo kana di santse di di aga.

Kwa Mongomo, koo ba ba tlang dipokanong ka Sontaga gantsi ba fetang palo ya baboledi ba Bogosi go menagane ka makgetlho a le mabedi le sephatlo, phuthego e ntse e dira ka natla go aga lefelo le legolo la dipokano. Gantsi madumedi a mangwe kwa Mongomo a hira babereki go aga dikereke tsa bone, ka jalo tiro ya Basupi ba lefelo leo e ne e le sengwe se se sa tlwaelegang. Letsatsi lengwe moruti wa Iglesia Nueva Apostólica (Kereke ya New Apostolic) o ne a ema gaufi le mo go agiwang teng a botsa mongwe wa bagolwane gore o duela badiri ba ba dirang ka natla bano bokae. Moruti o ne a bolela gore lefa a ne a thapile baagi ba e leng maloko a kereke ya gagwe, tiro e ne e tswelela ka bonya thata. O ne a ipotsa gore a o ka hira badiri bano ba ba neng ba aga Holo ya Bogosi. Fa a ne a bolelelwa gore botlhe ke Basupi ba ba dirang mahala, o ne a tsamaya a jele kgakge.

Go ya kwa dipokanong go ka tlhoka go intsha setlhabelo mo go golo mo go ba ba nnang kgakala le Holo ya Bogosi. Juan, lekawana le le kolobeditsweng ka 1994 le ne la lebana le boemo jono. O ne a utlwa boammaaruri kwa Gabon, mo a neng a ithuta halofo ya ntlha ya buka ya Tshelela Ruri. Jaanong a boela kwa Equatorial Guinea, kwa motseng o a tsaletsweng kwa go one dikilometara di ka nna 100 go tloga kwa Mongomo. Seno e ne ya nna kgwetlho mo go ene go tsweledisa thuto ya gagwe. Mme fela ga a ka a nyema moko. Kgwedi le kgwedi o ne a tsaya loeto lwa diura di le robedi ka baesekele go ya kwa Mongomo, koo Santiago, mongwe wa bagolwane ba lefelo leo a neng a fitlha a tshwara thuto le ene. O ne a nna kwa Mongomo malatsi a le mmalwa a bo a ithuta ka makgetlho a le mararo kgotsa a le manè. Ka tsela eno o ne a kgona go fetsa thuto ya gagwe le go tshwanelegela go kolobediwa.

Juan o kgona jang go nna a nonofile semoyeng le fa a kopana le Bakeresete ba bangwe go le gonnye jaana? Mo godimo ga tsotlhe, ka go nna moreri yo o tlhagafetseng wa mafoko a a molemo. O reretse batho botlhe mo motseng wa gaabo, mme ka nako ya fa a ne a kolobediwa, o ne a tshwara dithuto di le 13 tsa Baebele. Ba le barataro ba a ithutang le bone ba ne ba tsamaya le ene go ya kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe fela kwa Mongomo go mmona fa a kolobediwa. Jaanong o tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo ka metlha le ba ba kgatlhegang mo lefelong la gagwe, mme gantsi ba ka nna 20 ba nna gone.

Go Nosetsa Peo ka Bopelotelele

Ga se kgolo yotlhe ya semoya e e leng bofefo. Ka dinako dingwe go tlhoka bopelotelele jo bogolo go bona peo e ungwa. Go ne ga nna jalo ka Paca, yo o neng a simolola go utlwa mafoko a a molemo bogologolo ka 1984 fa Edita, kgaitsadi mongwe wa mmulatsela, a ne a mo rerela mo mmarakeng. Fa Edita a ne a etela Paca kwa ga gagwe beke e e latelang, Paca o ne a dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele. Lefa a ne a sa gatele pele thata, Edita o ne a nna a ntse a tla ka gonne a ne a lemoga dinonofo tse di molemo mo go Paca. Edita o tlhalosa jaana: “O ne a lebega jaaka nku, mme ka rapela Jehofa gore a bule pelo ya gagwe.”

Paca o ne a tswelela a ithuta a ntse a etla a tlogela ka dingwaga di le nne le sephatlo mme fela a gatela pele ka bonya thata. Ka jalo fa ba konosetsa buka ya Tshelela Ruri, Edita o ne a tlotla a sa potapote le Paca kaga botlhokwa jwa go tsaya boammaaruri masisi. Fa a ntse a leka go fitlhelela pelo ya ga Paca, Edita o ne a ba a lela.

Paca o gakologelwa jaana: “Kgakololo eo e e tswang mo pelong e ne ya nkama tota. Go tloga ka nako eo go ya kwa pele ka simolola go dira diphetogo mo botshelong jwa me. Ka ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, mme ka one ngwaga oo ka nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Letsatsi le ke neng ka itumela thata mo botshelong jwa me ka lone ke fa kgabagare ke kolobediwa!” Go tlhagafala ga ga Paca jaanong go farologane thata le go se kgatlhege ga gagwe kwa tshimologong. Gone jaanong o tshwara dithuto tsa Baebele di le 13, mme e bile o pelotelele le batho ba ba sa gateleng pele ka bofefo.

Go Thusa Batho go Tokafatsa Matshelo a Bone

Ka go tshela tumalanong le melao ya Baebele, Basupi ba ga Jehofa kwa Equatorial Guinea ba itiretse leina ka go nna boikanyego le go nna batho ba ba siameng. Monna mongwe, yo go bonalang gore o ne a kgatlhilwe ke boitsholo jwa bone, o ne a atamela mogolwane wa Phuthego ya Bata mme a botsa jaana: “A o na le buka ya Go Fetolana?b Ke lapisitswe ke go nna motho wa lefatshe. Ke batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!”

Antonio, motlhanka wa bodiredi mo Phuthegong ya Malabo, ke sekai se se tshwanelang sa motho wa lefatshe yo o neng a fetoga Mosupi. Pele ga a ithuta Baebele, o ne a tshela botshelo jo bo makgapha. Bontsi jwa madi a gagwe ao a neng a a bona mo tirong ya gagwe ya go baakanya ditshupanako, o ne a a dirisa mo dinong, mme gape o ne a dira boitsholo jo bo sa siamang mo botshelong jwa gagwe. Ke eng se se mo thusitseng go fetola botshelo jwa gagwe? O ne a kgatlhiwa thata ke se se boletsweng e bile se gatelelwa mo go 1 Bakorinthe 6:9, 10: “Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, . . . go le matagwa, . . . ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.” O ne a tlhokomela gore e le gore a ratiwe ke Modimo, o tshwanetse go fetola tsela e a tshelang ka yone. Ka ntlha ya lebaka leo a simolola go ela tlhoko ditsala tsa gagwe. (Diane 13:20) Fa ditsala tsa gagwe tsa bogologolo di tlile go mo laletsa go ya go nwa, o ne a gana taletso ya bone mme bogolo a ba neela bosupi. Ka bonako fela ba tlogela go mo tshwenya.

A seno se ne se tshwanela matsapa ao otlhe? Antonio o tlhalosa jaana: “Ke itumetse thata go bo ke fetotse botshelo jwa me. Lefa jaanong ke le mo dingwageng tsa bo60, botsogo jwa me bo botoka thata, fa ditsala tsa me tsa bogologolo gongwe di sule kgotsa di boga ka ntlha ya botsogo jo bo bokoa. Jaanong ke na le ditsala tsa boammaaruri e seng ba ba neng ba batla fela mongwe yo o tla dumelang go ba duelela seno se sengwe. Sa botlhokwa go gaisa, ke na le tsalano e ntle le Modimo. Jaanong ke direla jaaka mmulatsela wa ka metlha, mme ke ithuta Baebele le monna yo le ene a nang le bothata jwa go nwa, ka jalo nka dirisa boitemogelo jwa me go mo thusa.”

Go Nna Makgoba a Modimo

Dingwaga di ka nna 200 tse di fetileng, batho ba ba neng ba nna fa lotshitshing lwa Equatorial Guinea ba ne ba kokoanngwa mmogo mme ba romelwa kwa Amerika e le makgoba. Gompieno, bontsi bo ithaopela go nna makgoba—makgoba a Modimo. Mofuta ono wa bokgoba o ba leretse kgololesego ya boammaaruri, e e ba gololang mo dithutong tsa Babilone le mo mekgweng ya tirisabadimo. Gape bo ba rutile ka mo ba ka tshelang matshelo a a kgotsofatsang le a a molemo ka teng. Ba itemogetse se Jesu a se solofeditseng: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:32.

E re ka ba le 1 937 ba ne ba tlile moletlong wa Segopotso sa 1995—palo e e fetang ya baboledi ba naga eo go menagane garataro—go na le ditsholofelo tse di itumedisang ka kgolo e e oketsegileng ya semoya. Fa Basupi kwa Equatorial Guinea ba ntse ba jala le go nosetsa ka tlhagafalo peo ya boammaaruri, ba tlhomamisa gore ‘Modimo o tla ungwisa.’ (1 Bakorinthe 3:6) Kwantle ga pelaelo, go na le maemo a a siametseng kgolo ya semoya kwa Equatorial Guinea!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela