A go Na le Botshelo Morago ga Loso?
GO NA le dipotso tse pedi tse di gakgamaditseng batho ka dingwaga tse di diketekete tse di reng: Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsofala mme kgabagare re bo re swa? A go na le mofuta mongwe wa botshelo morago ga loso?
Potso ya ntlha e tlhakanya batho ba le bantsi tlhogo ka gore tota le saense ya kalafi ya segompieno e e lemogileng dilo tse dintsi tse di kgatlhisang, ga e kgone go e araba fela ka tlhamalalo kana ka tsela e e kgotsofatsang.
Potso ya bobedi e ile ya arabiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. Lefa go ntse jalo, ka kakaretso fela, batho ba ba dumelang ka botlalo gore botshelo jo ga se jone fela le ba ba tlhatswegileng pelo gore botshelo bo a khutla fa motho a swa, ba araba dipotso tse di malebana le gore a go na le botshelo morago ga loso ka ditsela tse di farologaneng. Bontsi jwa setlhopha seno sa bobedi sa batho ba re ba tlhatswegile pelo tota gore botshelo jo bokhutshwane jo motho a bo tshelang ke jone fela jo bo leng teng. Gantsi fa ba ganediwa ka tsela epe fela, ba araba ba kgotsofetse ka gore, “Gone mme, ga go na ope yo o kileng a boa a tla go re bolelela sengwe, a ga go jalo?”
Fela jaaka go ntse ka dipotso tse dingwe tse go ganetsanwang ka tsone, go na le ba le bantsi ba ba sa itseng gore ba eme fa kae—ba tlhalosa gore bone ba amogela kgopolo nngwe le nngwe. Mme ba bangwe ba ka nna ba araba jaana gongwe e bile e le ka tsela e e lonyatso ba re, “Re tla tshwanela gore re lete gore re bone fa nako eo e tla!”
Potso E e Sa Bolong go Bodiwa
Potso ya bogologolo e e malebana le botshelo morago ga loso e ne ya bodiwa dingwaga dingwe tse di ka nnang 3 500 tse di fetileng ke monna yo o itsegeng thata wa kwa Botlhaba e bong Jobe, yo o tumileng ka ntlha ya go itshokela pogiso. Jobe o ne a botsa potso ya gagwe jaana: “Motho o a swa mme o robadiwa fa fatshe; o ntsha moya wa gagwe wa bofelo mme a bo a sa tlhole a le gone. Jaaka metsi a tle a ngangaologe mo lewatleng kana lotshitshi lwa noka lo kgala e bile lo omelela, motho le ene o rapama jalo mme ga a tsoge . . . Fa motho a swa, a o tla boa a tshela gape?”—Jobe 14:10-14, New International Version.
Mme e ne e se Jobe fela yo o neng a botsa ka botshelo morago ga loso. Encyclopædia of Religion and Ethics e tlhalosa ka tshedimosetso e e sedimosang eno kafa tlase ga setlhogo se se reng “Boemo Jwa Baswi”: “Ga go na kgang epe e e amanang le tlhaloganyo ya motho e e ileng ya dira gore motho a akanye thata jaana jaaka kgang ya boemo jwa gagwe morago ga loso. [Baagi] ba dikarolo tsotlhe tsa lefatshe gantsi ba na le dikgopolo tse di phepafetseng ka lefatshe la moya—botshelo jwa gone, dilo tse di leng mo go lone, tsela e le ntseng ka yone—mme seno se supa gore batho ba akanya thata ka kgang eno. Tsela e batho gongwe le gongwe ba boifang baswi ka yone e supa gore ba dumela kgopolo ya bogologolo thata ya gore baswi ba santse ba tshela morago ga loso. Loso lo ne lo feditse maatla; go ne go se na pelaelo ka seo; mme a go ne go se na maatla a mangwe a a neng a santse a dira, kana a maatla ao a ne a sa kgone go itshupa gore a santse a dira ka ditsela tse dingwe tse di botlhale kana tse di sa itseweng? Lefa batho ba ka tswa ba ne ba dumela pele kana ba sa dumele gore go na le moya [spirit], moya [soul] kana sepoko, se se kgaoganeng le mmele, go bonala go se na pelaelo ya gore ba ne ba tsaya gore baswi ba santse ba tshela ka tsela nngwe.”
O ka nna wa bo o dumela nngwe ya ditlhaloso tse tharo tse di umakilweng fa godimo: o sa tlhomamisege gore go diragalang morago ga loso; o tlhatswegile pelo gore go na le mofuta mongwe wa botshelo morago ga loso; kana gore botshelo jo ke jone fela jo bo leng teng. Go sa kgathalesege gore o dumela eng, re go laletsa gore o sekaseke setlhogo se se latelang ka kelotlhoko. Bona gore a o kgona go bona bosupi jwa Baebele jo bo go tlhatswang pelo gore go na le tsholofelo e e molemolemo ya botshelo jo bo itumedisang morago ga loso, gore bo tla nna teng jang, kae le gone leng.