E Kete Jehofa a ka Itumelela go Ikarabela ga Gago
“Modimo wa me, o tle o nkgakologelelwe . . . sone se, . . . Modimo wa me, o tle o nkgakologelwe ka molemo.”—NEHEMIA 13:22, 31.
1. Ke eng se se thusang bao ba ineetseng mo Modimong gore ba ikarabele mo go Jehofa ka tsela e e molemo?
BATLHANKA ba ga Jehofa ba ka thusiwa ka ditsela tsotlhe gore ba ikarabele mo go ene ka tsela e e molemo. Ka ntlha yang? Ka gonne ba na le botsalano jo bo gaufi thata le Modimo e le karolo ya mokgatlho wa gagwe o o mo lefatsheng. O ba senoletse maikaelelo a gagwe, e bile o ba thusitse le go ba neela temogo ya semoya ka moya wa gagwe o o boitshepo. (Pesalema 51:11; 119:105; 1 Bakorinthe 2:10-13) Ka go sekaseka maemo ano a a kgethegileng, Jehofa o dira ka tsela e e lorato gore batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba ikarabele mo go ene ka ntlha ya se ba leng sone le ka se ba se fitlhelelang ka maatla a gagwe le ka thuso ya moya wa gagwe o o boitshepo.
2. (a) Ke ka ditsela dife tse Nehemia a neng a ikarabela mo Modimong ka tsone ka tsela e e molemo? (b) Nehemia o ne a konela buka ya gagwe ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe ka kopo efe?
2 Monna mongwe yo o neng a ikarabela mo Modimong ka tsela e e molemo e ne e le Nehemia, motsholaphafana wa ga Kgosi Aretaserese (Longimanus) wa Peresia. (Nehemia 2:1) Nehemia o ne a nna molaodi wa Bajuta mme a aga lebota la Jerusalema sesha lefa a ne a ganediwa ke baba e bile a le fa gare ga mathata. Ka go tlhagafalela kobamelo ya boammaaruri, o ne a dirisa Molao wa Modimo mme a bontsha gore o amegile ka batho ba ba gateletsweng. (Nehemia 5:14-19) Nehemia o ne a rotloetsa Balefi gore ba intlafatse ka metlha, ba dise dikgoro le go itshepisa letsatsi la Sabata. Ka gone o ne a ka rapela jaana: “Modimo wa me, o tle o nkgakologelelwe le sone se, mme o nthekegele ka fa bogolong jwa boutlwelobotlhoko jwa gago.” Gape Nehemia o ne a konela ka tshwanelo buka ya gagwe e e tlhotlheleditsweng ka kopo eno: “O tle o nkgakologelwe ka molemo.”—Nehemia 13:22, 31.
3. (a) O ne o ka tlhalosa jang motho yo o dirang molemo? (b) Fa re akanya ka tsela e Nehemia a neng a e tsaya go ka nna ga dira gore re ipotse dipotso dife?
3 Motho yo o dirang molemo o itshekile e bile o dira ditiro tse di tlhamaletseng tse di solegelang ba bangwe molemo. Nehemia e ne e le motho yo o ntseng jalo. O ne a boifa Modimo ka tshisimogo le go tlhagafalela thata kobamelo ya boammaaruri. Mo godimo ga moo, o ne a lebogela ditshiamelo tsa gagwe mo tirelong ya Modimo a bo a ikarabela mo go Jehofa ka tsela e e molemo. Fa re akanya ka tsela e a neng a e tsaya go ka nna ga re dira gore re ipotse jaana, ‘Ke leba ditshiamelo le maikarabelo a me a ke a neilweng ke Modimo jang? Ke ikarabela mo go Jehofa Modimo le Jesu Keresete ka tsela efe?’
Kitso e Dira Gore re Ikarabele
4. Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe thomo efe, mme ke eng se batho ba ba neng ba ‘laoletswe botshelo jo bo sa khutleng’ ba neng ba se dira?
4 Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe thomo eno: “Tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse . . . , lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) Barutwa ba ne ba tshwanetse go dirwa ka gore batho ba rutwe. Ka gone ba ba neng ba rutwa le ba ba “laoletsweng botshelo jo bo sa khutleng” ba ne ba tla kolobediwa, fela jaaka Jesu. (Ditiro 13:48; Mareko 1:9-11) Keletso ya bone ya go boloka dilo tsotlhe tse a di laotseng e ne e tla tswa mo pelong. Ba ne ba tla fitlha mo nakong ya go ineela ka go nna le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo le go e dirisa.—Johane 17:3.
5, 6. Re tshwanetse go tlhaloganya Jakobe 4:17 jang? Tlhalosa gore e ka dirisiwa jang.
5 Fa re na le kitso e e oketsegileng ya Dikwalo, re tla nna le motheo o o botoka wa tumelo. Fa go ntse go le jalo, re simolola go ikarabela mo Modimong ka tsela e kgolwane. Jakobe 4:17 e bolela jaana: “Yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.” Kwantle ga pelaelo mafoko ano a ne a konela se morutwa Jakobe a neng a sa tswa go se bolela malebana le go ipelafatsa go na le go ikaega ka Modimo ka botlalo. Fa motho a itse gore o ka se fitlhelele sepe se se ka nnelang ruri a sa thusiwe ke Jehofa mme a sa dire go dumalana le sone, seo ke boleo. Mme gape mafoko a ga Jakobe a ka raya le maleo a a dirilweng ka go itlhokomolosa dilo dingwe. Ka sekai, mo setshwantshong sa ga Jesu sa dinku le dipodi, dipodi ga di atlholelwe ditiro tsa tsone tse di bosula, mme di atlholelwa go bo di itlhokomolosa go thusa bomonnawe Keresete.—Mathaio 25:41-46.
6 Monna mongwe yo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba ithuta Baebele le ene o ne a sa gatele pele sentle mo semoyeng, go bonala e le ka gonne a ne a ise a tlogele go goga motsoko, le mororo a ne a itse gore o tshwanetse go o tlogela. Mogolwane mongwe o ne a mo kopa gore a bale Jakobe 4:17. Fa mogolwane a sena go akgela ka botlhokwa jwa lokwalo lono, o ne a re: “Lefa gone o ise o kolobediwe, o a ikarabela e bile o tshwanetse wa nna le boikarabelo jo bo feletseng jwa tshwetso e o e dirang.” Se se itumedisang ke gore monna yono o ne a utlwa seo, a tlogela go goga motsoko, mme go ise go ye kae o ne a tshwanela kolobetso e le tshwantshetso ya boineelo jwa gagwe mo go Jehofa Modimo.
Re Ikarabelela Bodiredi Jwa Rona
7. Ke tsela efe e nngwe e re ka bontshang ka yone gore re lebogela “kitso ya Modimo”?
7 Keletso ya rona e e tswang mo pelong e tshwanetse ya nna gore re itumedise Mmopi wa rona. Tsela e nngwe ya go bontsha gore re lebogela go bona “kitso ya Modimo” ke go tsweledisa pele thomo ya go dira barutwa ba Morwawe, Jesu Keresete. Eno le yone ke tsela ya go bontsha gore re rata Modimo le moagelani wa rona. (Diane 2:1-5; Mathaio 22:35-40) Ee, fa re itse Modimo go tla re dira gore re ikarabele mo go ene, mme re tlhoka gore re lebe batho ba bangwe e le ba ba tla dirwang barutwa.
8. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore Paulo o ne a ikutlwa a ikarabela mo Modimong ka ntlha ya bodiredi jwa gagwe?
8 Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore go amogela ka pelo yotlhe le go utlwa mafoko a a molemo go felela ka poloko, fa go a gana go ka lere tshenyego. (2 Bathesalonika 1:6-8) Ka gone, o ne a ikutlwa a ikarabela mo go Jehofa ka ntlha ya bodiredi jwa gagwe. Tota e bile, Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba anaanela bodiredi jwa bone thata mo ba neng ba tila le gone go dira gore batho ba akanye fa ba dira madi ka jone. Mo godimo ga moo, pelo ya ga Paulo e ne ya mo tlhotlheletsa go bolela jaana: “Gonne fa ke rera Mafoko a a Molemo, ga ke na sepe se ke se ikgantshetsang; gonne kgorobelelo e mo go nna; gonne go ka bo go latlhega nna, fa ke sa rere Mafoko a a Molemo.”—1 Bakorinthe 9:11-16.
9. Ke sekoloto sefe se se botlhokwa se Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go se duela?
9 E re ka re le batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa, ‘go tlhokega gore rona re rere Mafoko a a Molemo.’ Ke thomo ya rona ya go rera molaetsa wa Bogosi. Re ne ra amogela boikarabelo joo fa re ne re ineela mo Modimong. (Bapisa Luke 9:23, 24.) Mo godimo ga moo, re na le sekoloto se re tshwanetseng go se duela. Paulo o ne a bolela jaana: “Ke molato le Bagerika le batho seeng, le ba ba botlhale le ba ba dieleele. Jalo ka ga me, ke iketleeditse go rera Mafoko a a Molemo le mo go lona ba lo koo Roma.” (Baroma 1:14, 15) Paulo o ne a kolota ka gonne o ne a itse gore e ne e le tiro ya gagwe go rera e le gore batho ba utlwe mafoko a a molemo le gore ba bolokwe. (1 Timotheo 1:12-16; 2:3, 4) Ka gone o ne a dira ka natla gore a diragatse thomo ya gagwe le gore a duele batho sekoloto sa gagwe. Jaaka Bakeresete, le rona re na le sekoloto se se ntseng jalo go se duela. Gape go rera ka Bogosi ke tsela e e botlhokwatlhokwa ya go bontsha gore re rata Modimo, Morwawe le baagelani ba rona.—Luke 10:25-28.
10. Batho ba bangwe ba ile ba dira eng gore ba oketse bodiredi jwa bone?
10 Tsela e nngwe ya go ikarabela mo Modimong ke gore re dire sotlhe se re se kgonang gore re oketse bodiredi jwa rona. Go tshwantsha fela: Mo dingwageng tsa bosheng jaana batho ba ntse ba ologela ka ditlhopha tsa ditšhaba tse dintsi kwa Boritane. Gore batho ba ba ntseng jalo ba fitlhelelwe ka mafoko a a molemo, babulatsela ba ba fetang 800 (bareri ba Bogosi ba nako e e tletseng) le makgolokgolo a Basupi ba bangwe ba ithuta dipuo tse di farologaneng. Seno se dirile gore batho ba tseye kgato e e siameng mo bodireding. Mmulatsela mongwe yo o rutang setlhopha sa Se-China o ne a bolela jaana: “Ke ne ke sa akanye gore ke ne ke tla tsamaya ke ruta Basupi ba bangwe puo ya me, gore ba abele ba bangwe boammaaruri ka tsela eno. Go a kgotsofatsa tota!” A o ka oketsa bodiredi jwa gago ka tsela e e tshwanang?
11. Go ne ga felela ka eng fa Mokeresete mongwe a ne a neela bosupi ka tsela e e seng ya ka tlwaelo?
11 Go bonala mongwe le mongwe wa rona a ne a ka dira se a ka se kgonang gore a boloke motho ope yo o nwelang. Batlhanka ba ga Jehofa ka tsela e e tshwanang ba tlhagafalela go dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba neele bosupi ka sebaka sengwe le sengwe. Bosheng jaana Mosupi mongwe o ne a nna gaufi le mosadi mongwe mo beseng mme a bua le ene ka Dikwalo. Mosadi yono ka go itumedisiwa ke se a se utlwang, o ne a botsa dipotso di le dintsi. Fa Mosupi a le gaufi le go fologa mo beseng, mosadi yono o ne a mo kopa gore bogolo a tle kwa legaeng la gagwe, e re ka a santse a na le dipotso di le dintsi. Mosupi o ne a dumela. Matswela e nnile afe? Go ne ga simololwa thuto ya Baebele, mme dikgwedi di le thataro morago ga moo mosadi yono o ne a nna mmoledi wa Bogosi yo o sa kolobediwang. Go ise go ye kae o ne a setse a tshwara dithuto tsa gagwe tsa Baebele tsa magae di le thataro. A bo e le tuelo e e kgatlhang jang ne gore motho a dire sotlhe se a se kgonang mo tirelong ya Bogosi!
12. Re ka dirisa bokgoni jwa rona jang jaaka badiredi ka tsela e e nang le matswela mo tirelong ya tshimo?
12 Re ka dirisa bokgoni jwa rona jaaka badiredi ka tsela e e nang le matswela mo tshimong ka go dirisa dikgatiso tse di jaaka buka e e nang le ditsebe di le 192 ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Ka April 1996, Komiti ya Bakwadi ya Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e ile ya dumalana gore go gatisiwe buka ya Kitso ka dipuo tse di fetang 140, mme fa e sale ka nako eo go setse go gatisitswe dikhopi tsa yone di le 30 500 000 ka dipuo di le 111. Buka eno e ne ya kwalwa ka boikaelelo jwa go thusa baithuti ba Baebele gore ba ithute thata Lefoko la Modimo le maikaelelo a go ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. E re ka baboledi ba Bogosi ba ka se tshware thuto ya Baebele ya legae le moithuti a le mongwe fela ka dingwaga di le dintsi, ba ka tshwara dithuto le batho ba ba oketsegileng kana ba oketsa seabe sa bone mo tirong ya ntlo le ntlo le mo mefuteng e mengwe ya bodiredi. (Ditiro 5:42; 20:20, 21) E re ka ba lemoga gore ba ikarabela mo Modimong, ba ela tlhoko thata ditlhagiso tsa Modimo. (Esekiele 33:7-9) Mme boikaelelo jwa bone jo bogolo ke go tlotla Jehofa le go thusa batho ba le bantsi ka mo ba ka kgonang ka teng gore ba ithute mafoko a a molemo mo nakong e khutshwane e e santseng e setse ya tsamaiso eno e e bosula ya dilo.
Go Ikarabela ka Tsela e e Molemo Jaaka Malapa
13. Ke ka ntlha yang fa malapa a a ratang Modimo a tshwanetse go tshwara thuto ya lelapa ya Baebele ka metlha?
13 Motho mongwe le mongwe le lelapa lengwe le lengwe le le amogelang Bokeresete jwa boammaaruri le ikarabela mo Modimong e bile ka gone le tshwanetse go ‘gagamalela kwa boitekanelong’ mme le “nitame mo tumelong.” (Bahebere 6:1-3; 1 Petere 5:8, 9) Ka sekai, ba ba ithutileng buka ya Kitso mme ba kolobeditswe ba tlhoka go tokafatsa kitso ya bone ya Dikwalo ka go nna gone kwa dipokanong ka metlha mmogo le go bala Baebele le dikgatiso tse dingwe tsa Bokeresete. Malapa a a ratang Modimo le one a tshwanetse go tshwara thuto ya lelapa ka metlha, ka gonne eo ke tsela e e botlhokwa gore a ‘dise, a eme ka tlhomamo mo tumelong, a dire jaaka banna, a nne thata.’ (1 Bakorinthe 16:13) Fa o le tlhogo ya mo lelapeng, o ikarabela thatathata mo Modimong gore o tlhomamise gore lelapa la gago le otlwa sentle mo semoyeng. Fela jaaka dijo tse di nonotshang mmele di dira gore motho a nne le botsogo jo bo siameng, ka jalo dijo tse dintsi tsa semoya tse di jewang ka metlha di a tlhokega gore wena le lelapa la gaeno lo tle lo “itekanele mo tumelong.”—Tito 1:13.
14. Go ne ga felela ka eng fa mosetsana wa Moiseraele yo o neng a rutilwe sentle a neela bosupi?
14 Fa e le gore go na le bana mo lelapeng la gaeno, Modimo o tla itumelela boikarabelo jwa lona fa lo ba naya thuto e e nonofileng ya semoya. Thuto e e ntseng jalo e tla ba solegela molemo, fela jaaka e ne ya solegela mosetsanyana mongwe wa Moiseraele molemo yo o neng a gapiwa ke Baasiria mo metlheng ya moporofeti wa Modimo Elisha. O ne a nna lelata la mosadi wa molaodi wa masole a Siria yo o neng a na le lepero, e bong Naamane. Le mororo mosetsana yono a ne a le mmotlana, o ne a bolelela mohumagadi wa gagwe jaana: “A bo morena wa me a ka bo a le kwa go moperofeti yo o kwa Samaria! O ne a tlaa fola mo leperong la gagwe.” Ka ntlha ya bosupi jwa gagwe, Naamane o ne a ya kwa Iseraele, mme kgabagare a dira jaaka Elisha a ne a laetse gore a tlhape ga supa kwa Nokeng ya Joretane, mme a ntlafala mo leperong. Mo godimo ga moo, Naamane o ne a nna moobamedi wa ga Jehofa. A bo seo se ne sa itumedisa mosetsanyana yoo jang ne!—2 Dikgosi 5:1-3, 13-19.
15. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batsadi ba thapise bana ba bone ka tsela e e molemo ya semoya? Tshwantsha.
15 Ga go motlhofo go godisa bana ba ba boifang Modimo mo lefatsheng leno le le se nang boitsholo le le laolwang ke Satane. (1 Johane 5:19) Lefa go ntse jalo, go tswa bongwaneng jwa ga Timotheo, mmaagwemogolo Loise le mmaagwe Eunike, ba ne ba mo ruta Dikwalo ka katlego. (2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) Go ithuta Baebele le bana ba gago, go tsamaya le bone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, mme kgabagare ba tsamaye le wena mo bodireding, tsotlhe ke karolo ya mokgwa wa go thapisa tse o tla ikarabelang mo Modimong ka ntlha ya tsone. Mokeresete mongwe kwa Wales, yo gone jaanong a leng mo dingwageng tse di fa gare ga 80 le 90, o gakologelwa gore bogologolo mo dingwageng tsa bo1920, rraagwe o ne tsamaya le ene fa a ne a tsamaya ka maoto dikilometara di le 10 kwa godimo ga thaba (e leng go ya le go boa ga sekgala sa dikilometara se 20) gore ba tsamaisetse baagi ba motse dipampitshana tsa Baebele kwa mokgatšheng o mongwe. “E ne e le ka dinako tsa fa re tsamaya mo rre a neng a tsenya boammaaruri mo pelong ya me,” o bolela jalo a leboga.
Bagolwane ba a Ikarabela—Jang?
16, 17. (a) Ke ditshiamelo dife tse banna ba ba godileng ba ba neng ba nonofile mo semoyeng kwa Iseraele wa bogologolo ba neng ba na natso? (b) Ke ka ntlha yang fa go tlhokega gore bagolwane ba Bakeresete ba dire mo gontsi gompieno fa go bapisiwa le seemo sa kwa Iseraele wa bogologolo?
16 Monna yo o botlhale Solomone o ne a bolela jaana: “Tlhogo e e pududu ke serwalo sa kgalalelo, fa e bonwa mo tseleng ya tshiamo.” (Diane 16:31) Mme gone ga se dingwaga tsa motho fela tse di dirang gore a nne le boikarabelo mo phuthegong ya batho ba Modimo. Banna ba ba godileng ba ba neng ba nonofile mo semoyeng kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba direla e le baatlhodi le balaodi gore go nne le tshiamiso le kagiso, thulaganyo e e siameng le botsogo jwa semoya. (Duteronome 16:18-20) Lefa gone seo se tshwana le se se dirwang mo phuthegong ya Bokeresete, go tlhokega gore bagolwane ba dire mo gontsi jaaka bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela. Ka ntlha yang?
17 Baiseraele e ne e le ‘baitshenkedwi’ ba Modimo a neng a ba golola kwa Egepeto wa bogologolo. E re ka ba ne ba amogela Molao ka motsereganyi wa bone e bong Moshe, ditlogolwana tsa bone di ne tsa tsholelwa mo setšhabeng se se ineetseng e bile di ne di tlwaelane le melaometheo ya ga Jehofa. (Duteronome 7:6, 11) Lefa go ntse jalo, ga go na ope yo o tsholelwang mo setšhabeng seo se se ineetseng gompieno, mme ke ba sekaenyana fela ba ba golelang mo malapeng a a ratang Modimo a a tlwaelaneng sentle le boammaaruri jwa Dikwalo. Segolobogolo bao ba sa tswang go simolola go “tsamaya mo boammaaruring” ba ka nna ba tlhoka go rutiwa mabapi le kafa ba tshwanetseng go tshela ka teng go dumalana le melaometheo ya Dikwalo. (3 Johane 4) A bo boikarabelo ka gone bo le mo magetleng a bagolwane ba ba ikanyegang jang ne fa ba ntse ba “tshegetsa sekao sa mafoko a tshedileng” le go thusa batho ba ga Jehofa!—2 Timotheo 1:13, 14.
18. Bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go iketleetsa gore ba thuse ka tsela efe, mme ka ntlha yang?
18 Ngwana yo monnye yo o ithutang go tsamaya o ka nna a kgopiwa a bo a wa. O ikutlwa a sa sireletsega mme o tlhoka go thusiwa ke batsadi le go mo tlhomamisetsa seo. Motho yo o ineetseng mo go Jehofa a ka kgopiwa ka mo go tshwanang kana a wa mo semoyeng. Tota le moaposetoloi Paulo o ne a bona go le botlhokwa gore a kgaratlhele go dira se se siameng kana se se molemo mo matlhong a Modimo. (Baroma 7:21-25) Badisa ba letsomane la Modimo ba tlhoka gore ba thuse Bakeresete ba ba ileng ba dira phoso mme ba bontsha boikotlhao ka tsela e e lorato. Fa bagolwane ba ne ba etela mosadi mongwe yo o ineetseng yo o neng a dira phoso e e masisi, o ne a bolela jaana fa pele ga monna wa gagwe yo o ineetseng: “Ke a itse gore lo tla nkgaola!” Mme o ne a thubega ka selelo fa a utlwa gore bagolwane ba ne ba batla go itse gore ba ka thusa kae e le gore ba tsosolose lelapa mo semoyeng. E re ka bagolwane ba ne ba lemoga gore ba tshwanetse go ikarabela, ba ne ba itumelela go thusa modumedikabone yo o ikotlhaileng.—Bahebere 13:17.
Tswelelang Pele lo Ikarabela ka Tsela e e Molemo
19. Re ka tswelela pele jang re ikarabela mo Modimong ka tsela e e molemo?
19 Bagolwane ba phuthego le batlhanka botlhe ba bangwe ba Modimo ba tlhoka gore ba tswelele pele ba ikarabela mo go Jehofa ka tsela e e molemo. Seno se ka kgonega fa re utlwa Lefoko la Modimo le go dira thato ya gagwe. (Diane 3:5, 6; Baroma 12:1, 2, 9) Totatota re batla go direla ba re amanang le bone mo tumelong se se molemo. (Bagalatia 6:10) Lefa go ntse jalo, thobo e santse e le kgolo, mme badiri ba babotlana. (Mathaio 9:37, 38) Ka jalo, a re direleng ba bangwe se se molemo ka go bolela ka tlhagafalo molaetsa wa Bogosi. Jehofa o tla itumelela boikarabelo jwa rona fa re diragatsa boineelo jwa rona, fa re dira thato ya gagwe, le go bolela mafoko a a molemo ka tlhomamo.
20. Re ithuta eng fa re akanya ka tsela e Nehemia a neng a e tsaya?
20 Ka gone a re tsweleleng pele re dira mo gontsi mo tirong ya Morena. (1 Bakorinthe 15:58) Mme go botlhokwa gore re akanye ka Nehemia, yo o neng a aga lebota la Jerusalema, a dirisa Molao wa Modimo le go rotloetsa kobamelo ya boammaaruri ka tlhagafalo. O ne a rapela gore Jehofa Modimo a mo gakologelwe ka ntlha ya molemo o a o dirileng. E kete o ka itshupa o le motho yo o ineetseng mo go Jehofa, mme e kete a ka itumelela go ikarabela ga gago.
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Nehemia o ne a tlhoma sekao sefe?
◻ Ke ka ntlha yang fa go nna le kitso go dira gore re ikarabele mo Modimong?
◻ Re ka ikarabelela mo bodireding jwa rona jang ka tsela e e amogelwang ke Jehofa?
◻ Ke eng se malapa a ka se dirang gore ba ikarabele mo Modimong ka tsela e e molemo?
◻ Bagolwane ba Bakeresete ba ikarabela jang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Jaaka Paulo, re ka ikarabela mo Modimong ka tsela e e molemo re le baboledi ba Bogosi
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
A bana ba gago ba nonofile mo tumelong fela jaaka mosetsanyana wa Moiseraele yo o neng a nna mo legaeng la ga Naamane?