Bomankge mo go Tsa Kalafi ba Akanyetsa se Sele Kwantle ga go Tshela Madi
BOMANKGE mo go tsa kalafi ba ba ka nnang 200 go tswa kwa tikologong ya United States ba ne ba kopana kwa Cleveland, Ohio, ka Matlhatso, October 7, 1995, go buisana ka kgang e jaanong e kgatlhegelwang ke ba le bantsi mo kalafing: kalafi le go ara go sa tshelwe madi.
Go ne ga tlotlwa ka maemo a le mmalwa a a gwetlhang. Ka sekai, go tweng fa molwetse a na le anemia e e maswe thata? Ngwana yo o tshotsweng pele ga nako thata a ka alafiwa jang kwantle ga madi? A pelo e ka ariwa ka katlego kwantle ga go tshelwa madi? Se se kgatlhisang, go ariwa kwantle ga madi—mo gantsi go dirisiwang botegeniki jo bo thusang mmele go itirela madi ka boone—go setse go dirisitswe mo maemong ano otlhe ka diphelelo tse di molemo.a
Ke ka ntlha yang fa go tlhokwa se sele kwantle ga go tshela madi? “Re lemogile gore gantsi go tshela madi go tsenya malwetse, segolo bogolo bolwetse jwa sebete,” go bua jalo Sharon Vernon, motsamaisi wa Center for Bloodless Medicine and Surgery kwa St. Vincent Charity Hospital kwa Cleveland. O tswelela jaana: “Lefa madi a sa fetisetse bolwetse a ka nna a dira gore mmele o se ka wa iphemela mo malwetseng ka boone.” Lefa go tshelwa AIDS go fokoditswe ka go tlhatlhoba madi, go santse go na le malwetse a mantsi a a santseng a ka feta a sa lemogiwa ka ditlhatlhobo tse di ntseng jalo. Mme kwantle ga kgang ya gore go dirwa dipaakanyetso tse dikgolo, go ara kwantle ga madi go itshupile e le selo se se somarelang madi mo dikokelong, ka gonne go fedisa ditshenyegelo tse di nnang teng fa molwetse a tshelwa madi a a nang le bolwetse.
Mo Basuping ba ga Jehofa, go na le lebaka le le botlhokwa go feta leo la go bo ba tila go tshela madi: Molao wa Modimo o a go iletsa. (Ditiro 15:29) Lefa go ntse jalo, ba batla go bona kalafi e e molemo ka mo go ka kgonegang. Ka jalo, ba dirisana mmogo le dingaka tse di dirang dipatlisiso tsa go alafa kwantle ga madi. Kalafi e e ntseng jalo ga e solegele Basupi ba ga Jehofa molemo fela mme gape le batho ba bangwe ba bantsi ba ba amegileng ka dikotsi tsa go tshelwa madi.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona dimakasine tsa Tsogang! ka Seesemane tsa November 22, 1993, ditsebe 24-7, le January 22, 1996, tsebe 31.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
WHO photo by P. Almasy