LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 8/15 ts. 30-31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Tla Tsamaya le Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Sejo sa Morena sa Maitseboa se Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • “Moya ka Boone o Supela Moya wa Rona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Go Phutha Dilo Tse di Kwa Legodimong le Tse di mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 8/15 ts. 30-31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipego tsa dingwaga tse di fetileng di bontsha gore palo ya ba ba jang ditshwantshetso tsa Segopotso e oketsegile go se kae. A seno se raya gore ba le bantsi ba basha ba tlodiwa ka moya o o boitshepo?

Go na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore palo ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba 144 000 e ne ya felela masome a dingwaga a a fetileng.

Mo go Ditiro 2:1-4, re bala jaana ka ba ntlha mo setlhopheng seo se sennye: “E rile letsatsi la Pentekoste le setse le fitlhile, ba bo ba le mmogo botlhe fela mo felong go le gongwe fela. Ka tshoganetso ga tswa mosumo kwa legodimong, e kete wa sefefo se segolo se se tsubutlang, wa tlala ka ntlo e ba dutseng mo go yone. Ga bonala mo go bone diteme tse di patologanang, e kete tsa molelo; mme wa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. Mme botlhe ba tladiwa Mowa o o Boitshepo, ba simolola go bua ka dipuo di sele, ka fa Mowa o ba neelang molomo ka teng.”

Morago ga foo, Jehofa a tlhopha ba bangwe, mme a ba tlotsa ka moya wa gagwe o o boitshepo. Ba ba diketekete ba ne ba okediwa mo dingwageng tsone tseo tsa ntlha tsa Bokeresete. Mo moketeng wa Segopotso mo motlheng wa rona, gantsi sebui se lebisa tlhokomelo mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Baroma 8:15-17 (NW), a a bolelang gore batlodiwa ba ‘amogela moya wa go tsholwa jaaka barwa.’ Paulo o ne a oketsa ka gore moya o o boitshepo o ba o amogelang ‘o supa le mowa wa bone fa e le bana ba Modimo, baruaboswa mmogo le Keresete.’ Bao tota ba nang le moya ono o o tlotsang, ba itse seno ka tlhomamo. Ga se keletso fela kana go tseega maikutlo le go ipona ka tsela nngwe e e seng ya mmatota ya bone.

Re a tlhaloganya gore pitso eno ya selegodimo e ne ya tswelela ka makgolokgolo a dingwaga, lefa mo nakong e e bidiwang Metlha ya Lefifi, go ka nna ga bo go nnile le dinako tse ka tsone palo ya batlodiwa e neng e le nnye thata.a Ka go tlhomiwa gape ga Bokeresete jwa boammaaruri mo bofelong jwa lekgolo le le fetileng la dingwaga, ba bantsi ba ne ba bidiwa ba ba ba tlhophiwa. Mme go bonala gore mo bogareng jwa bo1930 palo e e feletseng ya ba ba 144 000 e ne e batla e feletse. Ka jalo go ne ga simolola go tlhaga setlhopha sa Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Jesu o ne a bitsa bao a re ke “dinku di sele,” tseo di obamelang mmogo le batlodiwa e le letsomane le le lengwe fela le le amogelesegang.—Johane 10:14-16.

Dilo tse di diragetseng mo masomeng a a fetileng a dingwaga di bontsha gore go bidiwa ga batlodiwa go weditswe le gore Jehofa o segofatsa “boidiidi jo bogolo” jo bo ntseng bo gola jo bo solofetseng go falola “sepitla se segolo.” (Tshenolo 7:9, 14) Ka sekai, kwa moketeng wa Segopotso ka 1935, o go neng go na le batho ba le 63 146 kwa go one, ba ba neng ba ja ditshwantshetso e le bosupi jwa go ipolela ga bone gore ke batlodiwa ba ne ba le 52 465. Dingwaga tse 30 moragonyana, kana ka 1965, palo ya ba ba neng ba nna gone e ne ya nna 1 933 089, fa palo ya ba ba jang yone e ne ya fokotsega go nna 11 550. Dingwaga tse 30 morago ga foo, ka 1995 palo e ne ya gola ya nna 13 147 201, mme ke ba ba 8 645 fela ba ba neng ba ja borotho le beine (1 Bakorinthe 11:23-26) Ka phepafalo, fa masome a dingwaga a ntse a feta, palo ya ba ba iphakang gore ke masalela e ntse e fokotsega fela thata—ba ba 52 400 ka 1935; 11 500 ka 1965; 8 600 ka 1995. Lefa go ntse jalo, ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba segofaditswe, mme palo ya bone e oketsega fela thata.

Pego e e phasaladitsweng bosheng jaana ke ya ngwaga wa 1995, mme e bontsha gore go na le ba le 28 ba ba jang go feta mo ngwageng o o fetileng lefa gone rashio ya ba ba jang e fokotsegile fa e bapisiwa le ya ba ba neng ba le gone. Lefa go ntse jalo ga re a tshwanela go tshwenyega thata ka kgang ya gore ba sekae ba bangwe ba ne ba tlhopha go ja ditshwantshetso. Mo dingwageng tse di fetileng, bangwe tota le ba ba sa tswang go kolobediwa ba ne ba simolola go ja ka bonako fela. Mo makgetlhong a le mantsi, morago ga lobakanyana ba ne ba tlhokomela gore seno se ne se le phoso. Bangwe ba ne ba lemoga gore ba ne ba ja ka gonne ba ne ba dirwa ke tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone gongwe ka ntlha ya kgatelelo nngwe mo mmeleng kana mo mogopolong. Mme ba ne ba lemoga gore tota ba ne ba sa bilediwa go tshela kwa legodimong. Ba ne ba kopa Modimo gore a tlhaloganye boemo jono ka boutlwelobotlhoko. Mme ba tsweletse pele ba mo direla e le Bakeresete ba ba siameng le ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.

Ga go tlhokafale gore ope fela wa rona a tshwenyege fa motho a simolola go ja ditshwantshetso kana fa a tlogela go dira jalo. Tota ga se ga rona gore a motho o tloditswe ka moya o o boitshepo le gore a o bileditswe go tshela kwa legodimong kana nnyaa. Gakologelwa tsholofetso e e tlhomameng ya ga Jesu: “Ke nna modisa yo o molemo; tse e leng tsa me ke a di itse.” Fela jalo Jehofa o itse ba a ba tlhophileng jaaka barwa ba semoya. Go na le mabaka a mantsi a go dumela gore palo ya batlodiwa e tla tswelela e ntse e fokotsega jaaka fa botsofe le maemo a a sa lebelelwang a ntse a fedisa matshelo a bone a mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, tota lefa batlodiwa bano ba mmatota ba itshupa ba ikanyega go fitlha ba swa, ba lebile pele go bona serwalo sa botshelo, dinku di sele, tse di tlhatswitseng dikobo tsa tsone mo mading a ga Kwana, di ka lebelela pele go falola sepitla se segolo se se tlogang se diragala.—2 Timotheo 4:6-8; Tshenolo 2:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona The Watchtower ya March 15, 1965, ditsebe 191-2.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela