“Mokoa wa Bosupi” Kwa Nageng ya “Thaba ya Modimo”
MO MMAPENG wa kontinente, fa o latela lotshitshi lwa Afrika Bophirima o bo o ya kwa ntlheng ya botlhabatsatsi gaufi le Kgogometso ya Guinea, kwa karolong e lotshitshi lono lo yang kwa ntlheng ya borwa teng, o tla bona Cameroon. Fa o tsamaela ntlheng ya borwa o ntse o latela lotshitshi loo, o tla fitlha fa moshawa o montsho wa lewatle o leng gone ka sekgala se setelele. Moshawa o montsho o bakilwe ke lekgwamolelo la Thaba ya Cameroon.
Tlhora eno e e motswi ya thaba e e botelele jwa dimetara di le 4 070 e kwa godimo thata go feta karolo e e leng mo go yone. Fa letsatsi le kotlomela le bonesa mekgokolosa ya Thaba ya Cameroon, le bontsha mebala e mentlentle e e farologaneng—o o phepole, mmala wa namune, wa gouta le o o bohibidu jo bo tseneletseng. Lewatle le megobenyana e e gaufi e phatsima mebala eno yotlhe jaaka seipone, go dira gore motho a se kgone go farologanya loapi le lefatshe. Go motlhofo go tlhaloganya lebaka la go bo merafe e e dumelang gore meya e tshela kwa ntle ga motho ya kgaolo eo e bitsa thaba eno Mongo Ma Loba, e e ranolwang ka gore “Kara ya medimo,” kana ka leina le le tlwaelegileng thata la “Thaba ya Modimo.”
Kwa borwa jo bo kgakala, go sekgala sa dikilometara tsa dintshi tsa moshawa o mosweu wa lewatle, se se tlhomaganeng ditlhare tsa khokonate. Kwantle ga lotshitshi lono lo lo ritibetseng, bogolo jwa naga bo na le sekgwa se se kitlanyeng sa ekhweita, se se yang kwa ntlheng ya molelwane wa Congo le Central African Republic le kwa bokone jwa Nigeria le Chad e e kwa borwa jwa Sahara. Karolo e e kafa bophirima jwa naga e tletse dithaba, e gakolola motsamai ka dikarolo dingwe tsa Yuropa. Lefa go ntse jalo, tlelaemete e e fisang e ka se go lebatse gore o gaufi thata le ekhweita. Dikarolo dingwe tsa yone tsa selegae tse di farologaneng di dira gore batsamaisabajanala ba tlhalose Cameroon e le sekao sengwe sa Afrika mo karolong e nnye thata ya yone. Boikutlo jono bo bonala sentle mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa setso le dipuo le diteme tse di leng kafa molaong tse di fetang 220.
Fa o ka etela kwa Cameroon, o ka nna kwa go nngwe ya dihotele tse dikgolo kwa boemeladikepeng tsa Douala, kana kwa moshate, Yaoundé. Mme o ka foswa ke go nna le sebaka sa go itse sengwe ka matshelo a batho, segolobogolo ka Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 24 000, ba ba ntseng ba tshwaregile ka go aga “mokoa wa bosupi” mo nageng eno yotlhe ya “Thaba ya Modimo.”a Ke eng o sa tseye loeto go kgabaganya naga eno gore o kopane le bangwe ba bone? Go etela naga eno ya Afrika Bophirima tota go tla go solegela molemo thata.
A ba Tsamaya ka Mokoro, Kolotsana ya Tekise, Kana ka Baesekele?
Koo Sanaga, e leng noka e telele go di feta tsotlhe kwa Cameroon, e kopanang teng le lewatle, e dira molomo o mogolo thata. Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba tsamaya ka mekoro gore ba fitlhelele baagi botlhe ba ba mo kgaolong eno e kgolo. Se ke sone se baboledi ba Bogosi ba le robong ba se dirang mo setlhopheng se sennye sa kwa Mbiako. Ba le babedi ba bone ba agile sekgala sa dikilometara di le 25, mo motsaneng wa Yoyo. Gore ba ye kwa Mbiako go tlhokega gore ba fuduwe mokoro thata, lefa go ntse jalo ba nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa molebedi yo o etang a ne a etetse setlhopha seo o ne a akantsha gore a ba bontshe bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. Mme seo se motlhofo go se bua mme e seng go se dira. Mo motsaneng oo o o kwa thoko, o ne a ka bona kae motšhine wa dikhasete tsa bidio, thelebishene le motlakase gore di bereke?
Ka beke ya ketelo, baboledi bangwe ba ne ba etela moruti mongwe wa kereke e e mo lefelong leo. Ba sa lebelela moruti o ne a ba amogela, mme ba buisana le ene ka matlhagatlhaga ka Baebele. Fa bakaulengwe ba lemoga gore moruti o na le motšhine wa dikhasete tsa bidio mme gape le jenereitara, ba ne ba nna le sebete sa go botsa gore a ba ka adima didirisiwa tsa gagwe. E re ka moruti a ne a itumeletse puisano ya Baebele, o ne a dumela go ba thusa. Ka Matlhatso maitseboa batho ba le 102 ba ne ba tla go bona bidio, go akaretsa le moruti le bontsi jwa maloko a kereke ya gagwe. Basupi ba babedi ba kwa Yoyo ba ne ba tla le palo e kgolwane ya batho ba ba kgatlhegang ka mekoro e mebedi. Ba ne ba sa akanye ka go tshwaragana le bothata jwa go fudua mekoro mo metsing a a elelang a a dirang makhubu. Fa ba sena go bona bidio eo, ba ne ba tlhotlheletsegile mo maikutlong e bile e ba kgothaditse, mme ba ne ba ipelela go nna bangwe ba mokgatlho oo o mogolo o boikaelelo jwa one e leng go tlotla Jehofa.
Go ya kwa mekoro e ka se kang ya fitlha gone, motho o ka dirisa dikolotsana tsa ditekise. Mafelo a go emang ditekise tseno tse di emelang bapalami a nna a tletse batho. O ka latlhega motlhofo fela fa o ka tsena fa gare ga barekisi ba metsi a a tsididi, barekisi ba dipanana le batlhokomedi ba bapagami. Tiro ya batlhokomedi ba bapagami ke go tsenya bapagami mo dikolotsaneng tsa ditekise tse di emeng, tse tsotlhe “di tla tlogang di tsamaya” go ya ka se ba se bolelang. Lefa go ntse jalo, o seka wa tsaya gore di tla “tloga” di tsamaya jaaka ba bua. Batsamai ba tshwanelwa ke go leta diura di le dintsi, ka dinako tse dingwe le malatsi tota. Fa bapalami botlhe ba sena go sukunyediwa mo teng le mokgweetsi a setse a tsentse dithoto, dikgetsi tsa dijo, mme ka dinako tse dingwe go pegilwe dikoko tse di tshelang tota le dipodi, mo selong se se bayang dithoto kwa godimo ga kolotsana ya tekise, e bo e tsamaya mo mebileng e e dikhutikhuti le e e lerole.
Modiredi mongwe yo o etang fa a sena go kgobiwa marapo ke mofuta ono wa dipalangwa, o ne a itlhophela go gololesega. Gone jaanong maeto otlhe a gagwe o a tsamaya ka baesekele. O bolela jaana: “Fa e sale ke akanya go dirisa baesekele gore ke etele diphuthego tsotlhe, ka metlha ke goroga ka nako kwa ketelong eo. Ke boammaaruri gore loeto lo ka tsaya diura di le dintsi, mme legale ga go tlhoke gore ke emele kolotsana ya tekise letsatsi kana a mabedi. Ka paka ya dipula, ditsela tse dingwe ga di bonale gotlhelele ka ntlha ya merwalela. O tshwanetse gore o role ditlhako gore o ralale sekgala se setelele sa seretse le metsi. Ka letsatsi lengwe setlhako sa me se sengwe se ne sa wela mo molapong mme se ne sa bonwa fela morago ga dibeke di le mmalwa morago ga moo, fa morwadi wa mongwe wa Basupi a ne a se bona ka tshoganetso fela fa a ntse a tshwara ditlhapi! Ke itumelela go bo ke ne ka kgona go rwala ditlhako tseno gape, morago ga gore se sengwe se nne nako e e rileng le ditlhapi. Ka dinako tse dingwe ke ya kwa mafelong a Basupi ba ga Jehofa ba iseng ba ye go rera kwa go one. Baagi ba metsana eo ka metlha ba mpotsa gore ke ba tletse eng. Ka jalo ke ne ke tsamaya ke tshotse dimakasine le diboroutšhara. Nako le nako fa ke ema, ke ne ke neela batho dikgatiso tseno tse di theilweng mo Baebeleng ke bo ke ba neela bosupi ka bokhutshwane fela. Ke dumela gore Jehofa o tla dira gore dipeo tseno tsa boammaaruri di gole.”
Mo Garegare ga Naga
Basupi ba ga Jehofa ba leka go abela batho ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi tota le kwa garegare ga Cameroon, kwa metsaneng e e sa bonaleng e e mo sekgweng se se kitlaneng. Seno se tlhoka boiteko jo bogolo thata, mme matswela a seo ke a a itumedisang.
Marie ke modiredi wa nako e e tletseng yo o neng a simolola thuto ya Baebele le mosetsanyana yo o bidiwang Arlette. Fa ba fetsa thuto ya ntlha, Marie o ne a kopa Arlette gore a mo ntshe ka kgoro fa a tsamaya, jaaka e le tlwaelo mo karolong eno ya Afrika. Lefa go ntse jalo, mosetsanyana o ne a tlhalosa gore ga a kgone go tsamaya ka go bo maoto a gagwe a le botlhoko. Maoto a ga Arlette a ne a na le mofuta mongwe wa matsetse o letsetse la namagadi le lomang nama, le dira gore go sale dintho. Ka bopelokgale, Marie o ne a tlosa matsetse ka bongwe ka bongwe. Morago ga moo, gape o ne a utlwa gore mosetsanyana yono o ne a tshwenngwa ke badimona bosigo. Ka bopelotelele Marie o ne a tlhalosa kafa motho a ka ikanyang Jehofa ka teng, segolobogolo ka go biletsa leina la gagwe kwa godimo fa a rapela.—Diane 18:10.
Arlette o ne a gatela pele ka bonako. Kwa tshimologong ba gabone ba ne ba sa bone go le phoso fa a ithuta ka gonne ba ne ba bona a le botoka thata mo mmeleng mmogo le mo tlhaloganyong. Mme fa ba lemoga gore o ne a batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba mo thibela go tswelela pele a ithuta. Morago ga dibeke tse tharo morago ga moo, mmaagwe Arlette a sena go lemoga gore morwadie o mo tlalelong, o ne a buisana le Marie mme a mo kopa gore a tswelele pele le thuto ya gagwe.
Fa go fitlha nako ya gore ba ye kwa kopanong ya potologo, Marie o ne a duela mokgweetsi gore a ise Arlette kwa kopanong ka malatsi a mabedi. Lefa go ntse jalo, mokgweetsi yono o ne a gana go ya go fitlha kwa legaeng la boArlette, fa a sena go akanya gore mmila o o yang kwa tseleng e kgolo ga o tsamaege. Ka jalo Marie o ne a kgona go tlisa mosetsana yono kwa tseleng. Eleruri Jehofa o ne a segofatsa maiteko ano. Gompieno Arlette o nna gone kwa dipokanong tsotlhe tsa phuthego. Go mo thusa go dira seno, Marie o ya go mo tsaya a sa lape. Ka bobedi ba tsamaya sekgala se se ka tsayang metsotso e le 75 go ya fela. E re ka dipokano tsa Sontaga di simolola ka 8:30 a.m., Marie o tshwanelwa ke go tloga kwa gabone ka 6:30; lefa go ntse jalo ba kgona go goroga ka nako. Arlette o solofela go bontsha boineelo jwa gagwe ka kolobetso ya metsi mo bogautshwaneng. Marie o bolela jaana: “Mongwe le mongwe yo a iseng a ko a mmone fa re simolola go ithuta o ka se akanye gore o fetogile go le kana kang. Ke leboga Jehofa thata ka tsela e a mo segofaditseng ka yone.” Tota Marie ke sekao se se molemo sa lorato lwa go intsha setlhabelo.
Kgakala Kwa Bokone
Bokone jwa Cameroon bo tletse dilo tse di farologaneng le tse di gakgamatsang. Ka paka ya dipula, bo fetoga go nna tshingwana e kgolo e ntlentle. Mme fa letsatsi le le babolang le tla, bojang bo a swaba. Ka motshegare wa sethoboloko, fa letsatsi le le mo tlhogong mme go le thata go bona moriti, dinku di ipatlela moriti mo maboteng a mmu o mohibidu a matlo. Mo gare ga motlhaba le bojang jo bo omileng, masalela fela a ditlhare tse ditala ke matlhare a sekae a ditlhare tsa mowana. Lefa tota tsone di se dikima jaaka mefuta e mengwe ya tsone e e kwa sekgweng sa ekhweita, le tsone di kgona go itshokela maemo a a thata. Tsela e di kgonang go itshokela tikologo ya maemo a a thata e tshwantshetsa sentle botlhaga le bopelokgale jwa Basupi ba sekae ba ba ileng go ya go nna kwa kgaolong eno e le gore ba phatsimise lesedi la boammaaruri.
Diphuthego tse dingwe mo kgaolong eno di kgaogane ka sekgala sa dikilometara tse di ka nnang 500 go ya go tse di ka nnang 800, mme ba ikutlwa tota ba le kwa thoko. Mme go na le batho ba ba kgatlhegang thata koo. Basupi ba ba tswang kwa dikgaolong tse dingwe ba fudugela koo go ya go thusa. Gore ba atlege mo bodireding, ba tshwanetse go ithuta puo e e buiwang koo ya Sefulani.
Mosupi mongwe yo o tswang kwa Garoua o ne a akanya gore a nne malatsi a sekae a rera mo motseng o o bapileng le wa gagabo, o o ka nnang sekgala sa dikilometara di le 160. O ne a bona batho ba ba kgatlhegang, mme go tura ga dipalangwa go ne ga dira gore a palelwe ke go boela koo gantsi. Dibeke di sekae morago ga moo, Mosupi yono o ne a amogela lekwalo le le tswang kwa go yo mongwe wa batho ba ba kgatlhegang a mo kopa gore a tle mme a ba etele gape. O ne a palelwa ke go tsamaya ka gonne a ne a santse a sena madi a go palama. A o ko o akanye kafa Mosupi yono a neng a gakgamala ka teng fa motho yono a ne a goroga kwa legaeng la gagabo kwa Garoua go tla go mmolelela gore batho ba le lesome kwa motsaneng oo ba ne ba mo emetse gore a ete gape!
Kwa motsaneng o mongwe, gaufi le molelwane wa naga ya Chad, setlhopha sa batho ba ba kgatlhegang ba le 50 ba ne ba ithulaganyetsa thuto ya bone ya Baebele. Ba ne ba rulaganya gore ba le bararo ba bone ba ye kwa dipokanong tsa phuthego e e gaufi le bone kwa Chad. Fa bano ba boa, go tswa foo ba ne ba tshwara thuto ya Baebele le setlhopha sotlhe. Eleruri, mafoko a ga Jesu a ka nna mosola thata fano: “Thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela. Ke gone, rapelang Morena wa thobo, gore a rome barobi mo thobong ya gagwe.”—Mathaio 9:37, 38.
Go Neela Bosupi mo Ditoropokgolong
Morago ga dingwaga di le dintsi dibuka di ntse di tlhaela, mo e ka nnang dingwaga tse pedi tse di fetileng, dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ne tsa nna teng kwa Cameroon. Go na le batho ba ba tlhagafalelang le go kgatlhegela dimakasine tseno e re ka batho ba le bantsi e leng gone ba simololang go di bala la ntlha. Banyalani bangwe ba basha ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng ba ba neng ba abetswe go ya go dira kwa go nngwe ya ditoropokgolo ba ne ba tsamaisa dimakasine di le 86 mo mosong wa bone wa ntlha fela ba ntse ba rera mo tshimong ya bone e ntšha. Baboledi bangwe ba tsamaisa dimakasine tse di ka tshwarang 250 mo kgweding e le nngwe fela! Ke eng se se dirang gore ba atlege jaana? Ba neela mongwe le mongwe dimakasine.
Mosupi mongwe yo o berekang mo ofising e e tlalang batho thata ka metlha o tlogela dimakasine mo di ka bonwang ke batho teng. Mosadi mongwe o ne a leba dimakasine mme a seka a tsaya epe. Mosupi o ne a lemoga gore o a kgatlhega a bo a mo neela khopi e nngwe, e a neng a e tsaya. O ne a gakgamala fa a mmona a tla gape mo letsatsing le le latelang. O ne a batla go ntsha moneelo wa makasine o a neng a o tsaya mme gape o ne a batla tse di oketsegileng. Ka ntlha yang? E re ka a kile a betelelwa, o ne a tlhophile makasine o o buang ka setlhogo seo. O ne a dirisa bosigo jotlhe a o bala a bo a bala kgakololo eno gape. Fa a sena go wela dibete, o ne a batla go itse mo go oketsegileng ka Basupi ba ga Jehofa.
Tota le bana ba bannye ba ka nna le seabe mo go anamiseng molaetsa wa tsholofelo wa Baebele. Fa mosetsanyana wa dingwaga tse thataro wa Mosupi a ne a kopiwa ke morutabana wa gagwe gore a opele sefela sa Katoliki, o ne a gana, a bolela gore ene ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Morago ga moo morutabana o ne a mo kopa gore a opele nngwe ya dipina tsa bodumedi jwa gagwe gore a tle a mo neele matshwao mo go yone. O ne a tlhopha pina e e nang le setlhogo se se reng “Tsholofetso ya Modimo ya Paradaise” mme a e opela ka tlhogo. Morutabana o ne a mmotsaka dipotso a re, “O umaka paradaise mo pineng ya gago. Paradaise eno e kae?” Mosetsanyana yono o ne a tlhalosa boikaelelo jwa Modimo jwa gore o tla tlisa Paradaise mo lefatsheng mo bogautshwaneng. Ka go gakgamadiwa ke karabo ya gagwe, o ne a kopa batsadi ba gagwe buka e a neng a e ithuta. O ne a rata go mo neela matshwao mo go seno e seng mo go se a neng a se rutwa mo ditlelaseng tsa bodumedi. Batsadi ba ne ba akantsha morutabana gore fa e le gore o ne a batla go mo neela matshwao sentle, ene o tshwanetse go ithuta pele. Ba ne ba simolola go ithuta Baebele le ene.
A o Rulaganya go Tsaya Loeto?
Mo dikgaolong di le dintsi tsa lefatshe gompieno, batho ga ba kgatlhegele mafoko a a molemo a Bogosi. Ga ba kgatlhegele Modimo le fa e le Baebele. Ba bangwe ba fekeediwa thata ke poifo mme ba gana fela go bulela motho ope yo ba sa mo itseng mo ntlong. Seno sotlhe se dira gore Basupi ba ga Jehofa ba nne le kgwetlho tota mo bodireding jwa bone. Mme a bo seno se farologane jang ne kwa Cameroon!
Go monate tota go rera ka ntlo le ntlo mono. Mo boemong jwa go kokota, go tlwaelegile gore o goe o re, “Kong, kong, kong.” Go tswa foo lentswe mo ntlong le tla araba le re, “Ke mang?” morago ga moo re ipolela fa re le Basupi ba ga Jehofa. Gantsi, batsadi ba kopa bana ba bone go ya go tsaya ditulo mme ba di beye mo moriting wa setlhare, gongwe moriti wa setlhare sa menku. Go tswa foo nako e e monate e dirisiwa go tlhalosiwa se Bogosi jwa Modimo e leng sone le se bo tla se dirang go tlosa maemo a batho a a tshosang.
Morago ga puisano eo fela, mosadi mongwe o ne a ntsha maikutlo a gagwe, a re: “Ke a hutsafala go bona gore boammaaruri jo ke neng ke bo batla ga bo bonwe mo bodumeding jo ke tsaletsweng mo go jone le jo ke goletseng mo go jone. Ke leboga Modimo go bo a mpontshitse boammaaruri. Ke ne ke le motiakone mo kerekeng ya me. Sefikantswe sa ga Lekgarebane Maria se ne se nna beke e le nngwe fela kwa legaeng la motiakone mongwe le mongwe e le gore mongwe le mongwe a mmolelele dikopo tsa gagwe. Nna ke ne ke tlhola ke kopa Maria gore a nthuse go itse boammaaruri. Jaanong Modimo o mpontshitse gore boammaaruri ga bo mo go ene. Ke leboga Jehofa.”
Ka jalo fa e le gore ka nako nngwe o ikutlwa o tlhoka go itumela thata mo go ka bonwang fela mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, ke ka ntlha yang fa o sa etele kgaolo eno ya Afrika Bophirima? Kwantle ga go bona “Afrika a le monnye thata,” e ka tswa e le ka mokoro, kolotsana ya tekise, kana ka baesekele, gape o tla tlatseletsa mo “mokoeng wa bosupi” o o ntseng o kokoanngwa mo nageng ya “Thaba ya Modimo.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gongwe “Mokoa wa Bosupi” go ka tswa go tewa lefoko la Sehebera le le ranolwang ka gore “Gileate.” Fa e sale ka 1943, Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate se ntse se romela barongwa go simolola tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe, go akaretsa le kwa Cameroon.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]
Map: Mountain High Maps® Copyright © 1995 Digital Wisdom, Inc.