LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 7/15 ts. 32
  • O ka Nna le ‘Pelo ya Tau’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Nna le ‘Pelo ya Tau’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 7/15 ts. 32

O ka Nna le ‘Pelo ya Tau’

KA DINAKO tse dingwe Baebele e dirisa tau go tshwantshetsa bopelokgale le go itshepa. Banna ba ba pelokgale ba tlhalosiwa ba na le ‘pelo ya tau,’ mme batho ba ba siameng gatwe ba “pelokgale jaaka tau.” (2 Samuele 17:10; Diane 28:1) Segolobogolo fa e tlhaselwa, tau e bontsha gore e tshwanelwa ke go itsiwe jaaka “yone e thata bogolo mo dibataneng.”—Diane 30:30.

Tsela e Jehofa Modimo a iketleeditseng ka yone go sireletsa batho ba gagwe o e tshwantsha le kafa tau e senang poifo ka gone. Isaia 31:4, 5 e bolela jaana: “Fela jaaka fa tau e kurutla, le jaaka tawana, godimo ga se di se bolaileng, fa bontsi jwa badisa ba bidiwa, gore ba e tshologele, ga e ketla e rerega ka lentswe la bone, le fa e le go ikokobetsa ka modumo wa bone; jalo fela Jehofa wa masomosomo o tlaa fologa a tla go tlhabana mo thabeng ya Sione . . . o tlaa femela a o golola, o tlaa o tlolaganya a o boloka.” Ka jalo Jehofa o tlhomamisetsa batlhanka ba gagwe gore o tla ba tlhokomela tota, bogolo jang fa ba lebane le kotsi.

Baebele e tshwantsha mmaba yo mogolo wa batho, Satane Diabolo, le tau e e dumang, e e gaketseng. Gore re tle re tile go jewa ke ene, Dikwalo di re bolelela jaana: “Lo nne lo ikgape, lo nne tiso.” (1 Petere 5:8) Tsela e nngwe ya go dira jalo ke go tila go otsela semoyeng mo go ka felelang ka loso. Jesu o ne a bolela jaana malebana le kgang eno: “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono.” (Luke 21:34-36) Ee, go thanya semoyeng mo ‘metlheng eno ya bofelo’ go ka re naya ‘pelo ya tau,’ e e ‘nitameng, e ikantse Jehofa.’—2 Timotheo 3:1; Pesalema 112:7, 8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela