Ba Thapise go Tswa Boseeng
DIPATLISISO tsa segompieno di supa gore “maseanyana a a iseng a tsholwe a kgona go tsibogela mantswe ka mmele.” Babatlisisi ba Yunibesithi ya North Carolina “ba ne ba fitlhela gore fa bommè ba balela bana ba bone ba ba santseng ba le mo popelong, fa ba sena go tsholwa ba ne ba tsiboga fa dikarolo tseo di ne di balwa gape,” go bolela jalo lokwalodikgang lwa Winnipeg Free Press. Fa basadi ba balela kwa godimo fa ba santse ba imile, seno se ka dira gore ngwana a itse gore boitsholo jo bo siameng bo botlhokwa. Baebele e bolela gore Timotheo ‘o sale a itse dikwalo tse di boitshepo mo bonyaneng jwa gagwe.’ (2 Timotheo 3:14, 15) Go bonala fa mmaagwe le mmaagwemogolo ba ne ba itse botlhokwa jwa go mo thapisa go tswa boseeng, seo se tshwanetseng sa bo se ne se akaretsa go balela kwa godimo.
Go bala “ke selo se se nonofileng tota se o ka kgonang go se dira mo botshelong se se leng teng mo tikologong ya rona gompieno,” go bolela jalo mokwadi, Jim Trelease. Nonofo ya go itse puo le tlotlofoko ya yone e a oketsega fa o balela kwa godimo.
Go botlhale gore o simolole go balela kwa godimo fela fa o simolola go buisa lesea la gago. Lefa gone kwa tshimologong ngwana wa gago yo o iseng a tsholwe kana yo e leng gone a tsholwang a se kitla a tlhaloganya se o se bolelang, melemo e o ka e bonang fa nako e ntse e tsamaya e mentsi. Diane 22:6 ya re: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.”
Ke eng se o ka se balang se se mosola e bile se le molemo? Balela ngwana wa gago Baebele kwa godimo letsatsi le letsatsi. Gape mmalele dikgatiso tse dingwe tse di mosola, tse di jaaka Go Reetsa Morutisi yo Mogolo, Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela le ditlhogo tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
Ke boammaaruri gore fa o dira seno, go tla batla gore o dirise nako ya gago, mme ke nako e e tla bong e dirisitswe sentle. Ke tsela e e bonalang ya go supa gore o amega ka ngwana wa gago e bile o a mo rata.