A Tota o ka Rata Modimo?
MODIMO a re: “Motho ga a ketla a mpona a ba a tshela.” (Ekesodo 33:20) Mo godimo ga moo, fa e sale kwa metlheng ya Baebele ga go ise go nne le bosupi bope jwa gore motho ope o kile a buisana le ene ka namana. A ga go lebege go le thata—gongwe e bile go ka se kgonege—gore o rate motho thata mme o ise o ko o mmone ka matlho kana o mo utlwe? A tota go ka kgonega go tsalana le Mmopi wa lobopo ka tsela e e lorato?
Ruri ga go na pelaelo epe gore go ka kgonega go utlwana le Modimo ka tsela e e lorato. Mo go Duteronome 6:5, re bala gore setšhaba sa Iseraele se ne sa laelwa jaana: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela.” Moragonyana Jesu Keresete o ne a bolelela balatedi ba gagwe molao ono gape a bo a oketsa jaana: “E ke yone taolo e kgolo le ya ntlha.” (Mathaio 22:37, 38) A Baebele e ne e ka re rotloetsa gore re rate Modimo fa e ne e le gore go ka se kgonege gore re tsalane le ene jalo?
A mme Jehofa o lebeletse gore re mo rate fela ka gonne a laela jalo? Nnyaa. Modimo o bopile banyalani ba ntlha ba batho ba kgona go mo rata. Atame le Efa ga ba a ka ba patelediwa gore ba tsalane le Mmopi wa bone ka tsela e e lorato. Go na le moo, Modimo o ne a ba baya mo maemong a a neng a dira gore go nne motlhofo mo go bone gore ba mo rate thata. Ba ne ba ka itlhophela—go atamela Modimo kana go ikgogona mo go ene.
Atame le Efa ba ne ba tlhopha go tsuologa. (Genesise 2:16, 17; 3:6, 7) Lefa go ntse jalo, ditlogolwana tsa bone di ne di tla kgona go tsalana le Mmopi ka tsela e e lorato.
Go Sepela le Modimo wa Boammaaruri
Ka sekai, mo Baebeleng, Aberahame o bidiwa “tsala” ya Modimo. (Jakobe 2:23) Mme Aberahame ruri e ne e se ene fela yo o neng a tsalane le Modimo ka tsela e e lorato. Baebele e bua ka batho ba bangwe ba ba sa itekanelang ba le bantsi ba ba neng ba bontsha go rata Jehofa ka tsela ya mmatota e bile ba “sepela le Modimo.”—Genesise 5:24; 6:9; Jobe 29:4; Pesalema 25:14; Diane 3:32.
Batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ne ba sa tsalwe ba na le lorato lwa go rata Modimo. Ba ne ba tshwanetse go dira gore le nne teng. Jang? Ka go mo itse ka leina la gagwe ka namana, Jehofa. (Ekesodo 3:13-15; 6:2, 3) Ka go dumela gore o teng le gore ke ene Modimo. (Bahebere 11:6) Ka go tlhatlhanya ka metlha ka ditiro tsa gagwe tse di bontshang lorato. (Pesalema 63:6) Ka go bolelela Modimo ka thapelo dilo tse ba di akanyang tse di ba amang fela thata. (Pesalema 39:12) Ka go ithuta kaga bomolemo jwa gagwe. (Sekaria 9:17) Ka go dira gore o nne le poifo e e siameng ya go mo kgopisa.—Diane 16:6.
A o ka nna tsala ya Modimo wa ba wa sepela le ene? Ke boammaaruri gore o ka se ka wa bona Modimo kana wa utlwa lentswe la gagwe. Lefa go ntse jalo, Jehofa o go laletsa gore o ‘nne moeng mo motlaaganeng wa gagwe,’ o nne tsala ya gagwe. (Pesalema 15:1-5, bapisa NW.) Ka jalo go ka kgonega gore o rate Modimo. Mme o ka tsalana le ene jang ka tsela e e gaufiufi le e e lorato?