LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 5/1 ts. 21-24
  • Nna le Tshepo e e Tlhomameng go ya Kwa Bokhutlong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna le Tshepo e e Tlhomameng go ya Kwa Bokhutlong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bontsha Tumelo ya Gago
  • Go Ikanya ka Ntlha Ya se Se re Diragaletseng
  • Ditsala Di ka Re Ntsha mo Tseleng
  • Maatla a Dikhumo a a Tsietsang
  • Tumelo e Ikaegile ka Pelo e e Utlwang
  • Go Leba Kwa Modimong yo o Tla re Bolokang
  • A Ruri O na Le Tumelo mo Dikgannyeng Tse di Molemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Amogela Ditsholofetso tsa Modimo ka go Supa Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 5/1 ts. 21-24

Nna le Tshepo e e Tlhomameng go ya Kwa Bokhutlong

AO KO o akanye ka sefofane se sebotlana se fofa mo maemong a a thata a bosa. Mokgweetsi wa sone ga a tlhole a kgona go lemoga matshwao a melelwane ya naga. O dikologilwe ke maru a mantshontsho. Ga a kgone go bona kwa pele ga windscreen ya gagwe, lefa go ntse jalo o tlhomamisa gore o ka wetsa loeto lwa gagwe ka pabalesego. Ke eng se se dirang gore a nne le tshepo jalo?

O na le didirisiwa tse di tlhomameng tse di mo thusang gore a fofise sefofane mo gare ga maru le go se kotamisa mo lefifing. Mo tseleng ya gagwe, segolobogolo e e gaufi le boemafofane, o kaelwa ke ditshupo dingwe tsa boranyane, gape o golagane le badiri ba ba laolang mesepele ya difofane ka radio, bone ba le mo lefatsheng.

Ka tsela e e tshwanang, re ka lebelela mo isagweng re na le tshepo, lefa gone maemo a lefatshe a ntse a nnela maswe kwa pele letsatsi le letsatsi. Batho ba bangwe ba ka nna ba bona loeto lwa rona re ntse re le mo tsamaisong eno e e bosula lo le lotelele thata, mme re ka nna le tshepo ya gore re mo tseleng e e siameng le gore re tsamaya ka thulaganyo. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa thata jaana? Ka gonne re na le sengwe se se re kaelang gore re kgone go bona se motho a ka se kang a se bona.

Lefoko la Modimo ke ‘lesedi la tsela ya rona,’ mme le “tlhomamo, [le] tlhalefisa ba ba sa tlhalefang.” (Pesalema 19:7; 119:105) Fela jaaka ditshupo tse di bontshang mokgweetsi wa sefofane tsela ya gagwe, Baebele e tlhalosa ka botlalo ditiragalo tsa mo isagweng mme e re neela ditaelo tse di utlwalang e le go tlhomamisa gore re fitlha re babalesegile kwa re yang teng. Lefa go ntse jalo, gore re solegelwe molemo ke kaelo ya Modimo, re tshwanetse ra e ikanya.

Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bajuta mo lekwalong la gagwe fa a ne a kwalela Bahebera gore ba ‘tshegetse tshimologo ya boikanyo jwa bone, go ya ka tlhomamo kwa bokhutlong.’ (Bahebere 3:14) Boikanyo bo ka nna jwa reketla fa re sa bo ‘tshegetsa ka tlhomamo.’ Ka jalo go tsoga potso, Re ka nna le tshepo e e tlhomameng mo go Jehofa jang go ya kwa bokhutlong?

Bontsha Tumelo ya Gago

Pele mokgweetsi wa sefofane a ka fofa a dirisa didirisiwa tsa sone, a ikaegile thatathata ka tsone fela mmogo le badiri ba ba laolang mesepele ya difofane ba ba mo lefatsheng, o tlhoka gore a thapisiwe sentle le go dirisa diura di le dintsi a ntse a ithapisetsa go fofa mo moyeng. Ka mo go tshwanang, Mokeresete o tshwanetse go bontsha tumelo ya gagwe ka dinako tsotlhe e le gore a nne le tshepo mo go se Jehofa a re kaelang sone, segolobogolo fa go tsoga maemo a a thata. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Re na le mowa wa tumelo o le mongwe fela, jaaka mo go kwadilweng ga twe: ‘Ka dumela, mme ke gone ke ne ka bua.’ Le rona re a dumela, ke gone le rona re a bua.” (2 Bakorinthe 4:13) Ka gone, fa re bua ka mafoko a a molemo a Modimo, re a bo re bontsha tumelo ya rona le go e nonotsha.

Magdalena, yo o neng a nna dingwaga di le nnè kwa kampeng ya pogisetso ka ntwa ya lefatshe ya bobedi, o tlhalosa botlhokwa jwa tiro ya go rera: “Mmè o ne a nthutile gore go nna le tumelo e e nonofileng, go botlhokwa gore o amege ka bomoya jwa batho ba bangwe. Ke gakologelwa tiragalo nngwe e e bontshang tsela e re neng re ikutlwa ka yone. Fa re sena go ntshiwa kwa kampeng ya pogisetso ya Ravensbrück, nna le mmè re ne ra fitlha kwa legaeng la rona ka Labotlhano. Mme morago ga malatsi a mabedi, go le Sontaga, re ne ra tsamaya le bakaulengwe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Ke dumela tota gore fa re amega thata ka go thusa ba bangwe gore ba ikanye ditsholofetso tsa Modimo, rona re tla tsaya ditsholofetso tseo e le tsa mmatota.”—Bapisa Ditiro 5:42.

Gore re nne le tshepo e e tlhomameng go ya kwa bokhutlong go tlhoka gore re dire tiro ya semoya mo dikarolong tse dingwe tsa yone. Go ithuta ka namana ke sengwe sa dilo tse di molemolemo tse di nonotshang tumelo. Fa re etsa Baberea le go lotolotsa ka matlhagatlhaga mo Dikwalong ka malatsi otlhe, go tla re thusa “go ya go fitlha mo botlalong jwa tsholofelo, le go fitlha kwa bokhutlong.” (Bahebere 6:11; Ditiro 17:11) Ke boammaaruri gore go ithuta ka namana go tlhoka nako le go ititaya sehuba. Gongwe, ke gone ka moo Paulo a neng a tlhagisa Bahebera ka kotsi ya go ‘bodufala,’ kana go nna botshwakga, mo maemong a a ntseng jalo.—Bahebere 6:12.

Botshwakga bo ka nna jwa felela ka mathata mo dikarolong di le dintsi tsa botshelo. Solomone o ne a lemoga gore “ntlo e be e dutle ka bobodu jwa diatla.” (Moreri 10:18) Go ise go ye kae pula e simolola go rotha go tswa mo marulelong a a sa baakanngweng. Fa re nna le bobodu jwa diatla ka tsela ya semoya re bo re palelwa ke go bontsha tumelo ya rona, re ka simolola go nna le dipelaelo. Mo letlhakoreng le lengwe, fa re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo ka metlha le go le ithuta re tla otla tumelo ya rona le go e sireletsa.—Pesalema 1:2, 3.

Go Ikanya ka Ntlha Ya se Se re Diragaletseng

Ke boammaaruri gore mokgweetsi wa sefofane o ithuta ka dilo tse di mo diragaletseng le go ithuta gore didirisiwa tsa gagwe di ka ikanngwa. Ka mo go tshwanang, re tshepa Jehofa fela thata fa re bona ka matshelo a rona gore go na le bosupi jwa gore o a re rata. Joshua o ne a diragalelwa ke seo, mme o ne a gakolola Baiseraelekaene jaana: “Lo a itse mo pelong tsa lona lotlhe, le mo meweng ya lona lotlhe, fa go se na sepe se se tlhaetseng sa dilo tsotlhe tse di molemo, tse Jehofa Modimo wa lona o di buileng ka ga lona; di lo dira[g]aletse tsotlhe.”—Jošua 23:14.

Josefina ke kgaitsadi mongwe yo o nyetsweng wa kwa Philippines, yo o neng a lemoga se se tshwanang. O tlhalosa tsela e botshelo bo neng bo le ka yone pele a itse boammaaruri: “Monna wa me o ne a nwa thata, mme fa a tagilwe, o ne a tenega a bo a mpetsa. Lenyalo la rona le re neng re sa itumela mo go lone le ne le ama le morwa wa rona. Nna le monna wa me re ne re bereka, re duelwa madi a a kgotsofatsang, mme re ne re betšha ka madi otlhe a re a duetsweng. Monna wa me o ne a na le ditsala di le dintsi, lefa gone bontsi jwa tsone di ne di batla go nna tsala ya gagwe fela gore a di duelele bojalwa, mme tse dingwe di ne tsa ba tsa leka go mo tagisa gore di tle di mo tshege.

“Dilo di ne tsa fetoga fa re sena go itse ka ga Jehofa le go isa kgakololo ya gagwe mo pelong. Monna wa me ga a sa tlhole a nwa, re tlogetse go betšha, mme re na le ditsala tsa boammaaruri tse di re ratang le gone di re thusa. Re itumetse mo lenyalong la rona, mme morwaarona o setse a nna lekawana le le molemo. Re bereka diura di sekaenyana fela, mme re na le madi a a oketsegileng. Tiragalo eno e re rutile gore Jehofa o tshwana le Rre yo o lorato, yo ka metlha a re isang mo tseleng e e siameng.”

Ka ntlha ya ditaelo tse di tswang kwa badiring ba ba laolang mesepele ya difofane ka radio kana ka go tlhatlhoba didirisiwa tsa sone, ka dinako tse dingwe bakgweetsi ba difofane ba lemoga gore go tlhokega gore ba tsene mo tseleng ya bone sentle. Ka mo go tshwanang re ka nna ra tshwanelwa ke go fetola tsela fa Jehofa a re laela gore re dire jalo. “Le ditsebe tsa gago di tlaa utlwa lefoko sefularong sa gago, le re: ‘Tsela ke e, tsamayang mo go yone:’ Ke go re, mogang lo fapogelang ka fa letsogong le le siameng, le fa lo fapogela ka fa go la molema.” (Isaia 30:21) Re amogela kgakololo e e re lemotshang ka dikotsi tsa semoya ka Lefoko la gagwe le ka mokgatlho wa gagwe. Nngwe ya tsone e malebana le ditsala.

Ditsala Di ka Re Ntsha mo Tseleng

Sefofane se sebotlana se ka tswa mo tseleng motlhofo fa e le gore ga se tsenngwe mo tseleng fa go tlhokega. Ka mo go tshwanang, gangwe le gape ditlhotlheletso tse di tswang mo bathong ba bangwe di ka phepheula Bakeresete gompieno. Re tshela mo lefatsheng le le akanyang ka tsela ya senama le mo go lone batho ba le bantsi ba nyatsang mekgwa e mentle ya semoya, mme ba bona madi le go ijesa monate e le tsone dilo tsa botlhokwa thata. Paulo o ne a tlhagisa Timotheo gore metlha ya bofelo e ‘tla tlhokofatsa.’ (2 Timotheo 3:1-5) Basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome, ba ba eletsang go amogelwa ke ba bangwe le ba ba ratang go tuma, ke bone segolobogolo ba nnang le ditsala tse di bosula.—2 Timotheo 2:22.

Amanda wa dingwaga tse 17 o tlhalosa jaana: “Tumelo ya me e ne ya koafadiwa ka lobakanyana go ya bokgakaleng jo bo rileng ke bana ba ke neng ke tsena le bone mo tlelaseng. Ba ne ba tlhola ba mpolelela gore bodumedi jwa me bo na le melao e e gagametseng thata e bile bo feteletsa dilo, mme seno se ne sa simolola go nkgoba marapo. Lefa go ntse jalo, batsadi ba me ba ne ba nthusa go tlhaloganya gore dikaelo tsa Bokeresete di a re sireletsa e seng go re gagamaletsa melao. Gone jaanong ke lemoga gore melaometheo eo e nthusa gore ke nne le botshelo jo bo itumedisang go feta jwa ditsala tsa me tsa pele tsa sekolo. Ke ithutile go ikanya batho ba tota ba amegang ka nna—batsadi ba me le Jehofa—mme ke itumelela tirelo ya bobulatsela.”

Go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae, re tla kopana le batho ba ba kgobotlang dilo tse re di dumelang. Ba ka nna ba lebega ba le botlhale, mme Modimo o ba leba e le batho ba senama, e se ba semoya. (1 Bakorinthe 2:14) Setlhopha sa batho se se neng se tlhotlheletsa thata kwa Korintha mo motlheng wa ga Paulo e ne e le batlhalefi ba lefatshe ba ba neng ba sa dumele mo Modimong. Go lebega dithuto tsa batlhalefi bano di ne tsa dira gore Bakeresete ba bangwe ba Korintha ba se tlhole ba dumela mo tsholofelong ya tsogo. (1 Bakorinthe 15:12) “Lo se ka lwa tsietsega,” moaposetoloi Paulo o tlhagisa jalo. “Go ikopanya le ba ba bosula, go tle go bodise mekgwa e mentle.”—1 Bakorinthe 15:33.

Mo letlhakoreng le lengwe, ditsala tse di siameng di re nonotsha mo semoyeng. Mo phuthegong ya Bokeresete, re na le sebaka sa go tlwaelana le batho ba ba tshelang botshelo jo bo nang le tumelo. Norman ke mokaulengwe mongwe yo o neng a ithuta boammaaruri ka 1939, yo o sa ntseng a kgothatsa batho ba le bantsi fela thata. Ke eng se se neng sa dira gore a nne a tsogile mo semoyeng jaana? “Dipokano le go nna ditsala thata le bakaulengwe ba ba ikanyegang go botlhokwa,” o araba jalo. “Mofuta ono wa ditsala o nthusitse gore ke bone sentle pharologanyo fa gare ga mokgatlho wa Modimo le wa ga Satane.”

Maatla a Dikhumo a a Tsietsang

Brian yo o leng mokgweetsi wa sefofane yo o nang le boitemogelo, o tlhalosa gore “ka dinako tse dingwe mokgweetsi wa sefofane o palelwa ke gore a dumele se didirisiwa tsa gagwe di mmontshang sone—e le ka gonne nonofo ya gagwe ya tlholego e sa dumalane le tsone. Go ne go itsiwe gore bakgweetsi ba difofane ba masole ba ba nang le boitemogelo ba ne ba tle ba fofe ka difofane tsa bone di kaname ka gonne ba bona lesedi le le mo lefatsheng le lebega jaaka dinaledi—le mororo didirisiwa tsa bone di ba bontshitse gore ga ba tsamaye ka tshwanelo.”

Ka mo go tshwanang, dinonofo tsa rona tsa tlholego tse di bogagapa di ka re tsietsa ka tsela ya semoya. Jesu o ne a bolela gore dikhumo di na le “tsietso,” mme Paulo o ne a tlhagisa gore ‘go rata madi go dirile gore batho ba le bantsi ba timelelwe ke tumelo.’—Mareko 4:19; 1 Timotheo 6:10.

Fela jaaka lesedi le le tsietsang le le phatsimang, mekgele ya go nna le dithoto e ka re isa kwa tseleng e e phoso. Go na le gore re itumelele go “ikanya ka ga dilo tse di solofelwang,” re ka faposiwa ke mabela a lefatshe leno le le fetang. (Bahebere 11:1; 1 Johane 2:16, 17) Fa re ‘eletsa’ go huma, gongwe re ka se nne le nako ya gore re gole semoyeng.—1 Timotheo 6:9; Mathaio 6:24; Bahebere 13:5.

Lekawana lengwe le le nyetseng le le bidiwang Patrick le ne la dumela gore ene le mosadi wa gagwe ba ne ba seegela mekgele ya semoya kwa thoko ka ntlha ya go batla go itumelela boemo jo bo botoka jwa go tshela. O tlhalosa jaana: “Re ne re tlhotlhelediwa ke batho ba ba mo phuthegong ba ba neng ba na le dikoloi tse dikgolo le magae a a manobonobo. Le mororo re ne re sa latlhegelwe ke tsholofelo ya Bogosi, re ne ra akanya gore re ka nna le botshelo jo bo manobonobo fa re ntse re bo emetse. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, re ne ra lemoga gore boitumelo jwa boammaaruri bo lerwe ke go direla Jehofa le go gola mo semoyeng. Gone jaanong re tshela botshelo jo bo motlhofo gape. Re fokoditse diura tse re neng re bereka ka tsone, mme re setse re le babulatsela ba ka metlha.”

Tumelo e Ikaegile ka Pelo e e Utlwang

Gape pelo e e utlwang e botlhokwa thata gore re nne le tshepo mo go Jehofa. Ke boammaaruri gore “tumelo ke go ikanya ka ga dilo tse di solofelwang, ke tlhomamiso [kana, “bosupi jo bo tlhatswang pelo,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW] ka ga dilo tse di sa bonweng.” (Bahebere 11:1) Mme fa fela re na le pelo e e utlwang ke gone re ka tlhatswegang pelo. (Diane 18:15; Mathaio 5:6) Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a neng a bolela gore “batho ga ba na tumelo botlhe.”—2 Bathesalonika 3:2.

Ka gone he, re ka dira jang gore dipelo tsa rona e nne tse di utlwang bosupi jotlhe jo bo leng teng jo bo tlhatswang pelo? Ka go nna le dinonofo tse di siameng, dinonofo tse di nonotshang le tse di tlhotlheletsang tumelo. Petere o re rotloetsa gore ‘mo tumelong ya rona re tsenye go dira molemo, kitso, boikgapo, bopelotelele, poifomodimo, go rata bakaulengwe, le lorato.’ (2 Petere 1:5-7; Bagalatia 5:22, 23) Mo letlhakoreng le lengwe, fa re tshela botshelo jwa boithati kana re direla Jehofa lemmenyana fela, re ka se lebelele gore tumelo ya rona e gole ka tsela e e tshwanetseng.

Esere o ne a “itlhomamisitse pelo” gore a bale Lefoko la ga Jehofa le go le dirisa. (Esere 7:10) Mika le ene o ne a na le pelo e e utlwang. “Ka ga, me, ke tlaa leba kwa go Jehofa; ke tla lebelela. Modimo wa poloko ya me; Modimo wa me o tlaa nkutlwa.”—Mika 7:7.

Magdalena, yo o nopotsweng pelenyana, le ene o ne a letela Jehofa ka bopelotelele. (Habakuke 2:3) O bolela jaana: “Re setse re le mo paradaiseng ya semoya. Kgato ya bobedi e tla tloga e tla ka bonako, e leng Paradaise e re tla e bonang ka matlho. Fa dilo di sa ntse di le jalo makgolokgolo a a dikete a batho a kopanela le boidiidi jo bogolo. Go a intumedisa go bona batho ba le bantsi jaana ba ologela mo mokgatlhong wa Modimo.”

Go Leba Kwa Modimong yo o Tla re Bolokang

Gore re nne le tshepo e e tlhomameng go ya kwa bokhutlong go tlhoka gore re nne le tumelo le go reetsa ka kelotlhoko se Jehofa a re kaelang sone le mo mokgatlhong wa gagwe. Eleruri go tlhoka boiteko. Mokgweetsi wa sefofane o ikutlwa a kgotsofetse thata fa kwa morago ga loeto lo lotelele, lo lo diphatsa, a fofela kwa tlase mme kgabagare a bo a phunyeletsa ka kwano ga maru a mantshontsho. A bo a bona lefatshe kwa pele ga gagwe—le le letala e bile le mo amogela sentle. Boemafofane ke jole kwa tlase, bo emetse fela gore a kotame.

Le rona re emetswe ke tiragalo e e itumedisang. Lefatshe leno le le lefifi, le le bosula le tla feta mme go tla tla lefatshe le lesha le le siameng. Modimo o emetse go re amogela sentle. Re ka goroga koo fa re tlhwaela mafoko ano a mopesalema tsebe: “O tsholofelo ya me, Jehofa, Modimo; o sa le o nna boikanyo jwa me le mo bokaung jwa me. . . . Pako ya me e tlaa nna ka ga gago ka gale.”—Pesalema 71:5, 6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela