Pego ya Baboledi ba Bogosi
Maatla a Lefoko la Modimo a a Fetolang Motho
O NE a dumela ka boene gore o ne a kile a bo a le “mokgadi, le mmogisi le mosenyi.” (1 Timotheo 1:13) Mme o ne a fetoga! Go fetoga ga ga moaposetoloi Paulo e ne ya nna selo se segolo mo e leng gore morago o ne a ba a kgona go bolela jaana a re: “Nnang baetsi ba me jaaka le nna ke le moetsi wa ga Keresete.”—1 Bakorinthe 11:1.
Gompieno diketekete tsa baobamedi ba ba pelodiphepa go dikologa lefatshe ba dira diphetogo tse di tshwanang. Ke eng se se ba thusitseng gore ba dire jalo? Ba ne ba nna le kitso ya Lefoko la Modimo mme ba e dirisa mo matshelong a bone. Boitemogelo jo bo latelang bo bontsha ka phepafalo maatla a Lefoko la Modimo a a fetolang motho.
Kwa Slovenia, banyalani bangwe ba ba godileng ba ne ba nna ba le bosi ka kwa ntle ga motse. Monna wa teng, e leng Jože, o ne a na le dingwaga tse di ka nnang 60 e bile o ne a na le bothata jo bogolo jwa go nna lekgoba la bojalwa. Lefa go ntse jalo, o ne a tlhokomela mosadi wa gagwe yo o neng a lwala, e leng Ljudmila. Ka letsatsi le lengwe baboledi ba Bogosi ba babedi ba ne ba tla kwa go Jože. O ne a dumela gore Basupi ba tsene mo ntlong ya gagwe, mme ba ne ba fitlhela mosadi wa gagwe. Fa a sena go utlwa molaetsa wa Bogosi, Ljudmila o ne a tsholola dikeledi tsa boitumelo. Jože le ene o ne a itumelela seo a neng a se utlwile mme o ne a botsa dipotso tse dintsi. Morago ga go tsamaisetsa banyalani bano dibuka tsa Baebele, Basupi ba ne ba tsamaya.
Morago ga kgwedi e le nngwe Basupi ba ne ba kgona go boela, mme ba ne ba bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise fa godimo ga tafole. Fa ba mmotsa gore o e bone kae, Jože o ne a re: “Ke e bone e bontshitswe mo tsebeng e e kafa morago ga nngwe ya dimakasine tsa lona tseo le di ntshadiseditseng. Ka jalo ke ne ka kwalela kwa ofising ya lona kwa Zagreb mme ka kopa buka eno.” E rile fa ba bona kgatlhego ya gagwe, ba ne ba mo laletsa gore a nne gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete seo se neng se le gaufi le go nna teng kwa Holong ya Bogosi. Basupi ba ne ba itumela thata gonne o ne a nna gone!
Ka bonakonyana fela ba ne ba simolola le bone thuto ya Baebele, mme ba ne ba dira tswelelopele e ntle fela thata. Ka sekai, e ne ya re fa Jože a ne a bontshiwa mo Baebeleng gore ‘o se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, lefa . . . e le go di ikobela le fa e le go di direla,’ ka bonakonyana fela o ne a phutha ditshwantsho tsotlhe tsa bodumedi tse di neng di le mo ntlong go akaretsa le mekgabiso mme a di latlha.—Ekesodo 20:4, 5.
Lenyora la go batla boammaaruri jwa semoya la ga Jože le ne la timolwa. Se se swabisang ke gore, lefa go ntse jalo, o ne a santse a na le lenyora le lengwe. Mo dingwageng tse 18 tse di fetileng, o ne a nwa dilitara tse di ka nnang supa tsa bojalwa ka letsatsi lengwe le lengwe. Ka ntlha ya bothata jwa gagwe jwa go nwa, o ne a sa tlhokomele thata tsela eo a lebegang ka yone. Morago ga go ithuta ka pono ya Modimo malebana le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, o ne a ititaya sehuba mme a fetoga.
O ne a leka go fenya bothata jwa gagwe jwa go nwa ka bonyakabonya, a ntse a boloka rekoto ya gore o ne a nwa go le kae ka letsatsi. Ka bonakonyana fela ke fa e sa tlhole e le lekgoba la bojalwa. Ka nako ya fa a ne a ithuta Baebele, o ne a ithuta gape gore Bakeresete ba boammaaruri ba tlhoka go ipoloka ba le phepha mo mmeleng. Ka gone, o ne a naya Basupi madi mme a re: “Tsamayang le ye go nthekela diaparo lefa e le dife tseo ke tla di tlhokang fa ke ya kwa dipokanong tsa Bokeresete kana mo tirelong ya tshimo!” Basupi ba ne ba tla ba rekile diaparo tsa kafa teng, dikausu, ditlhako, dihempe, disutu, dithae, le beke ya dibuka.
Morago ga ngwaga ba ntse ba ithuta Baebele, Jože le Ljudmila ba ne ba tshwanelegela go tsamaya le Basupi mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Morago ga dikgwedi tse tharo ba ne ba bontsha boineelo jwa bone go Modimo ka go kolobediwa mo metsing kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa. Go sa kgathalesege botsofe le botsogo jo bo bokoa, Jože o ne a nna gone ka metlha mo go rereng mafoko a a molemo, mme morago o ne a direla ka boikanyegi e le motlhanka wa bodiredi mo phuthegong, go fitlha a tlhokafala ka May 1995. Matswela a a molemo a a tlhagileng mo botshelong jwa monna yono yo o boikokobetso mmogo le mosadi wa gagwe ke bosupi jwa maatla a Lefoko la Modimo a a fetolang motho!