“Ke Tiro ya ga Jehofa”
Seo e ne e le setlhogo sengwe mo pampiring ya dikgang ya El Norte ya Monterrey City kwa Mexico. Setlhogo seo se ne se bua ka Holo ya Dikopano e ntšha ya Basupi ba ga Jehofa.
Monterrey ke toropokgolo e e nang le baagi ba le 2 300 000 (go akaretsa le metsana e e bapileng le yone) kwa ntlheng ya bokone jwa Mexico mme go na le baboledi ba Bogosi ba le 19 200. Mo e ka nnang ngwaga le sephatlo, Basupi ba ne ba dira mmogo ka natla go aga Holo e ntle ya Dikopano e e tshwanelang e e kgonang go tsaya batho ba le 3 000 sentle fela mme e bile e na le sefetlhamowa. Basupi ba lefelo leo ba ne ba itumela fa mongwe wa Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa a ne a neela puo ya kgakolo. Mo thulaganyong eo go ne ga akarediwa hisitori e khutshwane ya tiro e e dirilweng kwa Monterrey mme batho bangwe ba ba neng ba nna le seabe mo kagong ba ne ba botsolodiwa. Morago ga foo batho ba le 4 500 ba ba neng ba le teng mo pokanong eo ba ne ba itumelela puo ya kgakolo.
Eno ke holo ya boraro ya Diholo Tsa Dikopano tse di sa tswang go agiwa bosheng jaana kwa Mexico ya se se neng sa tlhalosiwa e le letsholo la “Diholo Tsa Bogosi le Diholo Tsa Dikopano tse di Oketsegileng Tse di Kgolwane le Tse di Botoka.”
E re ka go na le baboledi ba ba fetang 443 000 kwa Mexico mme go ile ga nna le batho ba le 1 492-500 kwa Segopotsong ka 1995, Diholo Tsa Dikopano tse disha tse di ntseng jaaka e e kwa Monterrey tota di tla thusa go diragatsa boikaelelo jwa Modimo.