LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 4/15 ts. 31
  • Lebaka La go Bo a Dirisitse Leina le Legolo Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo a Dirisitse Leina le Legolo Thata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 4/15 ts. 31

Lebaka La go Bo a Dirisitse Leina le Legolo Thata

Mongwe wa batho ba ba neng ba ntshwaya diphoso o ne a bolela gore ke leofile, fa ke ne ke tsenya lefoko ‘Jehofa’ mo boemong jwa ‘Morena,’ le le ntseng le tlwaetswe go dirisiwa mo boemong jwa lone ka makgolokgolo a dingwaga.”

Kakgelo eno e ne e le ya ga J. J. Stewart Perowne mo ketapeleng ya kgatiso ya bobedi ya thanolo ya gagwe ya buka ya Dipesalema, e e gatisitsweng la ntlha ka 1864. Motshwayadiphoso yono, yo o neng a kwala mo makasineng wa Saturday Review wa July 2, 1864, o ne a sa dumalane le go dirisiwa ga leina la Modimo mo thanolong, e re ka le ne le sa tlhole le dirisiwa mo dikerekeng tsa Sejuta kana tsa Bokeresete. O ne a bolela gore leina Jehofa le golagana thata le Bajuta mme ka jalo go dirisiwe leina le lengwe, le le jaaka “Morena” kana “Modimo,” “le le sa golaganeng le lefelo le le rileng fela kana e se la setšhaba se se rileng.”

Perowne o ne a sa dumalane le mabaka ano, e re ka a ne a sa “eletse go tlosa tlhaka lefa e le nngwe fela” e Modimo a neng a batla go e senolela motho. O ne a tatalala ka tshwanelo gore baranodi ba ba ranotseng leina la Modimo la Sehebera ba re “Morena” ba palelwa ke go farologanya mafoko ano a mabedi a Sehebera.

Mo godimo ga moo, Perowne o ne a bolela gore go ne go na le bakwadi ba bangwe ba ba molemo thata ba ba neng ba rata gore go busediwe leina la Modimo gape. O ne a nopola mmoki yo o tumileng wa Moesemane e bong Samuel Taylor Coleridge:

“Ke ka ntlha yang fa o tswelela pele ka go ranolela Sehebera mo Seesemaneng ka motsereganyi, o dirisa Septuagint? A ga re ise re amogele lefoko ka Sehebera le le reng Jehofa? A leina Κύριος, kana Morena, la Septuagint, ga se leina la Segerika le le dirisitsweng gantsi mo boemong jwa leina la Sehebera, Jehofa? Ka gone, ke ka ntlha yang fa re sa busetse lefoko la ntlhantlha kwa le neng le le teng; mme mo Tesetamenteng e Kgologolo re ranole Jehofa ka boikanyegi, ka go dirisa leina Jehofa; mmogo le temana nngwe le nngwe mo Tesetamenteng e Ntšha, fa e nopolang Tesetamente e Kgologolo teng, mo lefoko leo la Sehebera le tsenang teng mo temaneng eo?”

Perowne o ne a dumela gore tsela ya mmatota ya go bitsa Thaterakeramatone eno ya Sehebera ga e tlhole e itsiwe, mme o ne a akgela jaana: “Fa e le gore leina le ile la tlogelwa go dirisiwa mo Kerekeng ya Sejuta ka ntlha ya ditumelobotlhodi fela, e bile fa e le gore Thanolo ya rona ya [Seesemane] e tlogetse go dirisa leina leo ka ntlha ya go bo le fetogile thata fa go ne go kwalololwa Dithanolo tsa Segerika le Selatine, ano ga se mabaka a a nonofileng gotlhelele a a ka re kganelang go boela kwa tirisong ya ntlhantlha.” Perowne o ne a rata leina “Jehofa” ka gonne le ne le itsiwe thata. Fa e sa le ka nako eo bontsi jwa dithanolo tsa segompieno le tsone di ne tsa dirisa leina la Modimo. Thanolo ya New World Translation of the Holy Scriptures e dirisa leina Jehofa ka makgetlho a a fetang 7 200 mo Dikwalong tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bokeresete.

Fa Perowne a ne a ranola buka ya Dipesalema, o ne a leka go dirisa “thata leina la Sehebera, le le neng le kwadilwe e le seane le dipolelwana tsa kerama.” Fa a ne a ranola Pesalema 69, ditemana 5 le 6, o ne a bona go tlhokega gore a farologanye mafoko a Sehebera “Modimo” (ʼElo·himʹ), “Morena” (ʼAdho·naiʹ), le “Jehofa”: “O Modimo [ʼElo·himʹ], a bo o itsile boeleele jwa me, le maleo a me ga a go subegela. A ba ba go letetseng ba se ntlhabelwe ke ditlhong, O Morena [ʼAdho·naiʹ], Jehofa (Modimo wa) masomosomo. Ba ba go batlang ba se tlisiwe mo tlontlololong ka nna, O Modimo wa Iseraele.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela