Kgolo e e Segofadiwang ke Jehofa
THULAGANYO ya go kgakola ya maitseboa ka September 18, 1995, e ne ya gatelela gore ruri Jehofa Modimo o segofaditse kgolo ya Basupi ba gagwe kwa lefelong la ntlokgolo ya bone ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, kwa New York.
Batho ba ba fetang 6 000 ba ne ba reeditse thulaganyo ya go kgakola. Ba ne ba kopane kwa Brooklyn, kwa thulaganyo e simolotseng gone, mmogo le kwa mafelong a mangwe, go akaretsa le kwa dikagong tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa gaufi le Patterson le Wallkill, kwa New York le kwa lekaleng la bone le le gaufi le Toronto, kwa Canada. Ba ba neng ba le kwa mafelong a a kgakajana le Brooklyn ba ne ba utlwa thulaganyo ka mogala.
Thulaganyo e e Itumedisang
Maloko a Bethele, jaaka fa badiri ba baithaopi ba bidiwa, ba ne ba reeditse thulaganyo eno e le karolo e kgolwane ya maloko a lelapa la Bethele a lefatshe lotlhe a a fetang 16 400. Maloko ao a direla mo dinageng tse di ka nnang lekgolo, koo ba gatisang dibuka tsa Baebele le go dira ditiro tse di thusang diphuthego tse di fetang 78 600 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.
Ba ne ba lebeletse pele ka go shwegashwega pelo fa thulaganyo ya go kgakola e ne e simolola ka pina ka 6:30 p.m. mme morago ga moo ga latela thapelo ka Karl Klein. Modulasetulo wa thulaganyo e bong Lloyd Barry, o ne a amogela botlhe ka lorato ka kakgelo e khutshwane e e bontshang botlhokwa jwa moletlo. Albert Schroeder o ne a tshwere kakaretso ya thuto ya Tora ya Tebelo ya beke eo, mme Daniel Sydlik, o ne a bua ka setlhogo se se reng “Tirelo ya Rona e e Boitshepo ya Bethele.” Botlhe bano ba ntlha ba ba neng ba le mo thulaganyong e ne e le maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.
Dikarolo tse pedi tse di latelang tsa thulaganyo e bong—“Go Emelelana le Mathata a go Tlhoka Bonno jo bo Oketsegileng, 1974-1995,” le “Dintlha Tse di Amanang le go Tlhabololwa ga Bethele le Kago mo Brooklyn”—di ne di tlhalosa ka kago kana go rekwa ga dikago tseo di neng di kgakolwa. Dipuo tseno di ne di lebisitse tlhokomelo mo go wediweng ga bosheng ga kago eo badiredi ba Bethele ba ba ka nnang sekete ba setseng ba nna mo go yone. Legae leno la boleele jwa dimetara tse 115 kwa 90 Sands Street le gokagane le kago ya feketeri e e gatisetsang.
Milton Henschel, e leng poresidente wa Watch Tower Bible and Tract Society o ne a neela puo ya kgakolo. O ne a tlhalosa dikai tse di mo Baebeleng tsa go kgakola dikago tse di tla dirisiwang mo tirelong ya ga Jehofa. Morago ga pina Carey Barber yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang o ne a konela thulaganyo ka thapelo. Mme dintlhakgolo tse dingwe tsa thulaganyo e ne e le dife?
Dikago Tse di Kgakotsweng
George Couch, e leng molebedi wa Legae la Bethele, o ne a tlhalosa gore go ile ga okediwa ka dikago tse 17 go tloga fa e sale dikago tsa Bethele di ne di kgakolwa la bofelo kwa Brooklyn ka May 2, 1969.a Tseno e ka tswa e ne e le dikago tse dintšha kana dikago tse di rekilweng di be di tlhabololwa. Totatota go ne go kgakolwa mafelo ano a bonno a a 17 a a mo dikagong tse pedi tse dipotlana—tseo di rekilweng ka bo1940 mme tsa fetolwa go nna dikago tsa bonno tsa Bethele—mmogo le feketiri le dikago tsa diofisi tse di agilweng kana tse di rekilweng fa e sale go kgakolwa diofisi tsa botsamaisi tsa Basupi ba ga Jehofa ka March 15, 1982.b
Kago e kgolo go di feta tsotlhe tse di neng tsa kgakolwa ke e e kwa 360 Furman Street. E agilwe ka 1928, mme ka March 15, 1983, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba e reka mme ba e tlhabolola. E na le boalo jwa disekweremetara tse 93 000 kana mo e ka nnang diheketere tse 9. Dikago tse dingwe tse di neng di kgakolwa ke feketeri e e mo 175 Pearl Street le dikaratšhe tse dikgolo tse di agilweng mo dingwageng tsa bosheng jaana.
Lebaka La go Bo go Tlhokega Bonno jo Bongwe Gape
Fa kago ya bonno ya Bethele ya kwa Brooklyn e ne e kgakolwa ka 1969, go ne go na le tlhora ya Basupi ba le 1 336 112 ba ba neng ba rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. Mme ka 1995 go ne go na le ba le 5 199 895 ba ba dirang jalo ba ba fetang bao gararo le halofo ka bontsi! Ka gone go lepalepana le palo e e golang e e tlhokegang ya dibuka tsa Baebele, legae la Bethele la kwa Brooklyn le ne la oketsega go tloga go maloko a ka metlha a a 1 042 ka 1969 go ya go a a fetang 3 360 bao jaanong ba nnang mo dikagong tsa bonno tse 22!
George Couch o ne a tlhalosa ka fa go neng ga dirwa ka teng gore go nne le bonno jo bo oketsegileng go tloga ka 1974 go ya go 1995. Kwa tshimologong ya bo1970, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba hira dikago tse di seng kae tsa Towers Hotel gore ba fe boroko maloko a lelapa la Bethele le le neng le ntse le gola. Ka December 1973, Nathan Knorr, yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, o ne a kwalela Ofisi ya Bethele le setlhopha sa balaodi ba Towers, a re Mokgatlho o rulagantse go ‘fuduga mo Towers Hotel ka October 1, 1974.’
Mokaulengwe Couch o ne a re ene o ne a gakgametse gonne go ne go sena kwa badiredi bano ba Bethele ba ba nnang kwa Towers ba neng ba ka nna teng. Setlhopha sa balaodi ba Towers le sone se ne se gakgametse, ka gonne ba ne ba ikantse madi a Mokgatlho a rente. Mme kwa bofelong setlhopha sa balaodi ba Towers se ne sa rotloetsa Basupi ba ga Jehofa gore ba reke hotele eno. “Fa esale re le baagisani lo ntse lo oketsegela kwa pele,” ba ne ba bua jalo, “mme lo tlhoka kago eno.”
“E tletse bahiri,” go ne ga araba jalo baemedi ba Mokgatlho. “Fa re e reka re tla rata go tsenya batho ba rona moo.”
“Re tla ba ntsha mo kagong,” balaodi ba Towers ba ne ba solofetsa jalo. Ka jalo, ka bonakonyana fela morago ga moo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba reka kago ya Towers ka tlhwatlhwa e e tshwanetseng. “Ke ka ntlha yang fa Mokaulengwe Knorr a ne a kwala lekwalo leo?” Couch o ne a botsa jalo bareetsi ba gagwe ba ba kgatlhegileng thata. “Tota ene ka boene o ne a sa itse, mme ke sone se dirileng gore ba rekisetse Mokgatlho wa Watch Tower, Towers Hotel.”
Sebui gape se ne sa tlhalosa gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba reka jang 97 Columbia Heights, moo pele e neng e le lefelo la Margaret Hotel eo e neng e itsege thata, e e neng e le kafa ntlheng e nngwe ya tsela go bapa le Legae la Bethele. Lefelo leno le ne le le mo boemong jo bo siameng thata, e re ka le ne le ka kgona go golagana motlhofo le kago ya Bethele ka thanele e e tsamayang ka fa tlase ga mmila. Fa kago eo e ntse e baakanngwa, ka February 1980, e ne ya sha. Jalo he, ka ntlha ya gore mong wa yone o ne a na le mathata a go ka aga e nngwe, o ne a e rekisetsa Basupi ba ga Jehofa.
Mokaulengwe Couch o ne a akgela jaana: “Tota nngwe le nngwe ya dikago tseno e na le hisitori e e kgatlhang e e supang selo se le sengwe fela—gore Jehofa Modimo ke ene yo o kaetseng phuthego ya gagwe e e bonalang gore e bone dikago tseo.”
Kgang ka ga 90 Sands
Kago e ntšha le e kgolo mo go tsone tsotlhe ya bonno ke 90 Sands Street. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba reka kago eno ka December 1986, e ne e na le feketeri e kgolo kwa 160 Jay Street.c Feketeri e ne ya rutlololwa mme ka August 30, 1990, maloko a lelapa la Bethele a ne a itsisiwe gore go ne go bonwe tetla ya kago ya bonno ya matlhatlaganyane a a 30 mo setsheng.
Mo potsolotsong e e neng e tshwerwe ke leloko la Setlhopha se se Laolang e leng Theodore Jaracz le mookamedi wa feketeri ya Mokgatlho kwa Brooklyn, e leng Max Larson, o ne a tlhalosa gore ba bone jang tetla ya go aga kago ya bonno ya 90 Sands Street. Mokaulengwe Larson o ne a tlhalosa gore se se neng sa diragala ka 1965 se ne se le botlhokwa thata.
Ka nako eo, Mokgatlho o ne o batla go aga feketeri ya kago ya matlhatlaganyane a a lesome mo karolong eo fa thoko ga difeketeri tse dingwe, mme go segwa ga karolo ya setsha seo go ne ga ba dumelela gore ba age kago ya matlhatlaganyane a mabedi fela. Motlhami wa dipolane o ne a dumela go tlhama dipolane tsa feketeri e ntšha e e tlileng go agiwa, mme o ne a re: “Ga ke kitla ke itlhabisa ditlhong ka go di isa kwa botong.” O ne a tlhatswegile pelo gore Board of Standards and Appeals ga e kitla e fetola ditsamaiso tsa yone tsa go sega setsha. Fa polane ya go aga e sena go amogelwa, o ne a khutsa a re: “Go tlile jang tota gore ba e amogele!”
Larson o ne a bontsha gore lebaka e ne e le gore, fa karolo eo e ne e segwa gape gore go agiwe feketeri ya rona ya matlhatlaganyane a a lesome, ditsha tse di gaufi le tsone di ne tsa segwa gape, go akaretsa le kago e e mo 160 Jay Street. Se se gakgamatsang ke gore karolo e e segilweng gape e ne ya dumelela gore go ka agiwa hotele mo go yone. Larson o ne a bontsha gore e ne e le selo seo go seng ope yo o neng a se tsaya tsia—fa e se fela go fitlha morago ga dingwaga tse 25, morago ga re sena go simolola go batla setsha sa go aga legae la rona la Bethele le lesha. Ke gone ka nako eo he go neng ga lemogiwa taelo eo ya go sega ditsha!
Mokaulengwe Larson o ne a tlhalosa se se diragetseng: “Fa re setse re baakantse dipolane tsa kago ya rona ya bonno ya matlhatlaganyane a a 30 mme re di isa kwa lephateng le le agang, re ne ra tewa ga twe: ‘Lo ka se age kago ya bonno koo, tulo eo ke ya madirelo, e bile ga ba kitla ba fetola tsela e ba e segileng ka yone ka ntlha ya lona.’
“‘Ga go tlhokege gore ba e fetole,’ re ne ra itsise balaodi jalo. ‘E setse e le setsha se se segetsweng hotele.’ Fa ba leba direkoto, ba ne ba sa kgone go dumela se ba se bonang! Ka jalo, ke gone ka moo he re boneng ka gone kago ya rona ya matlhatlaganyane a 30,” go ne ga bolela jalo Larson.
Sesupo sa Tshegofatso ya ga Jehofa
Mopesalema wa Baebele o ne a kwala jaana: “Fa Jehofa a sa age ntlo, ba ba e agang ba direla lefela.” (Pesalema 127:1) Go phepafetse gore tshegofatso ya ga Jehofa e ne e le mo tirong ya go aga ya Basupi ba ga Jehofa go atlegisa tiro ya go rera le ya go ruta mo lefatsheng lotlhe eo Jesu a laetseng balatedi ba gagwe gore ba e dire.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
Ba ba nnileng le tshiamelo ya go utlwa thulaganyo eno ya September 18, 1995, ba ne ba itumeletse go bona sesupo sa tshegofatso e e ntseng jalo ya kgolo ya ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya batlhanka ba ga Jehofa. Batho ba ga Jehofa ba ka nna le tshepo ya gore o tla tswelela a ntse a ba segofatsa jaaka fa ba ntse ba tswelela ba dira se a ba laetseng gore ba se dire.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tora ya Tebelo ya June 15, 1969, ditsebe 379-82 (ya Seesemane).
b Tora ya Tebelo ya December 1, 1982, ditsebe 23-31.
c Tsogang! ya December 22, 1987 ditsebe 16-18 (ya Seesemane).
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
90 Sands St. • 1995
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Dikago tse dingwe tsa bonno tse di neng tsa kgakolwa
97 Columbia Hts. • 1986
Bossert Hotel, 98 Montague St. • 1983
34 Orange St. • 1945
Standish Hotel, 169 Columbia Hts. • 1981
67 Livingston St. • 1989
108 Joralemon St. • 1988
Towers Hotel, 79-99 Willow St. • 1975
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
175 Pearl St. • 1983
69 Adams St. • 1991
360 Furman St. • 1983