Lo Tshwanetse go Nna le Boitshoko”
RE TSHWANETSE “go nna le boitshoko,” (NW) fa re batla go amogela “polelo ya tsholofetso.” (Bahebere 10:36) Mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa gore lefoko la Segerika le le rayang “boitshoko” le moaposetoloi Paulo a le dirisitseng mo temaneng eno ka dinako tse dingwe le ne le dirisiwa go tlhalosa “tsela e setlhare se kgonang ka yone go tshela mo maemong a a thata le a a sa itumediseng.”
Kwa dithabeng tsa Yuropa, go mela setlhare se se ntseng jalo. Se se gakgamatsang ke gore se bidiwa tshelelaruri. Ke boammaaruri gore setlhare seno se se melang mo dithabeng ga se tshelele ruri, mme se kgona go itshoka ngwaga le ngwaga, se ntsha dithunya tse dintle ka selemo sengwe le sengwe. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa gore leina leno la tshelelaruri le ne la reelelwa setlhare seno ka go bo se kgona “go itshokela maemo a a thata le go tshela nako e telele.” (Leina la saense la ditlhare tseno tsa mofuta wa Sempervivum le lone le kaya “go tshelelaruri.”)
Se se gakgamatsang ka setlhare seno se se tshelang nako e telele ke gore se mela mo mafelong a a seng mantle fela thata. Se ka fitlhelwa kwa godimo thata mo mekgokoloseng ya dithaba tse di fokang phefo thata, koo dithemperetšhara di ka welang kwa tlase go 35°C. mo diureng di le 24 fela. Medi ya sone e ka kgona go ikala mo gare ga maje a a nang le mmu o mosesane. Ke dilo dife tse di se thusang gore se itshoke mo maemong a a jalo a a thata?
Setlhare sa tshelelaruri se na le matlhare a a metsi, a a bolokang metsi ka kelotlhoko. Seno se se thusa gore se sole molemo metsi otlhe a a nnang teng fa pula e nele kana fa semathana se gakologile. Mo godimo ga moo, se gola se tshwaragane le tse dingwe gore di nne maatla thata gore di itsetsepele sentle mo majeng. Fa medi e tsena fa gare ga maje, e sireletsega mo maemong a bosa a a sa itumediseng, lefa go ka tswa go na le mmu o mosesane. Ka mafoko a mangwe, se tshela ka go gagamalela go ipatlela maemo a a siameng fa gare ga a a thata.
Fa re bua ka tsela ya semoya, re ka nna ra iphitlhela re le mo maemong a a lekang boleng jwa boitshoko jwa rona. Ke eng se se tla re thusang gore re itshokele teko? Fela jaaka setlhare sa tshelelaruri, re ka boloka metsi a a nayang botshelo a Lefoko la Modimo le go kopanela ka tlhagafalo le Bakeresete ba boammaaruri gore ba re tshegetse le go re sireletsa. Mo godimo ga tsotlhe, fela jaaka sethunya sa setlhare seno se se golang mo dithabeng, re tshwanetse go itsetsepela thata mo ‘lefikeng,’ la rona Jehofa, le mo Lefokong la gagwe le mo mokgatlhong wa gagwe.—2 Samuele 22:3.
Ke boammaaruri gore setlhare sa tshelelaruri ke kgakololo e e tlhotlheletsang ya gore, le fa e le mo tikologong e e sa siamang jang, re ka kgona go itshoka fa re sola dilo tse re di baakanyeditsweng molemo. Jehofa o re tlhomamisetsa gore fa re itshoka jalo re tla ‘rua dipolelo tsa tsholofetso,’ se tota se tla rayang go tshelela ruri.—Bahebere 6:12, NW; Mathaio 25:46.