LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 4/1 ts. 31
  • Tumelo E ne Ya mo Tlhotlheletsa Gore a Tseye Kgato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tumelo E ne Ya mo Tlhotlheletsa Gore a Tseye Kgato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 4/1 ts. 31

Tumelo E ne Ya mo Tlhotlheletsa Gore a Tseye Kgato

FA Jehofa a ne a roma Moshe go ya go ntsha setšhaba sa Iseraele kwa bokgobeng jwa Egepeto, la ntlha Moshe o ne a ikgogona mme a re: “Ao, Morena, ga ke motho yo o itseng go bua sentle, le fa e le gale, le fa e le o sena go bua le motlhanka wa gago, gonne ke bonya mo puong, ke bile ke loleme lo bonya.” (Ekesodo 4:10) Ee, Moshe o ne a ikutlwa a sa tshwanelegele go dira tiro eo e e bokete.

Ka tsela e e tshwanang le gompieno, batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa ka dinako dingwe ba ikutlwa ba sa tshwanelegele go dira ditiro tseo ba di abetsweng. Ka sekai, mongwe wa balebedi ba Bakeresete yo o bidiwang Theodore o ne a anela jaana: “Mo dilong tsotlhe tseo Jehofa a nkopileng gore ke di dire, tirelo ya tshimo ke yone e e bokete go di feta tsotlhe. Fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ke itlhaganela go ya kwa kgorong, ke be ke itira e kete ke a kokota mme ke be ke tswa fela ke sisibetse ke tsamaya, ke akanya gore ga go na ope yo o tla nkutlwang lefa e le go mpona. Fa ke ntse ke gola, ke ne ka lesa go dira jalo, mme mogopolo wa go ya ka ntlo le ntlo o ne o ntwatsa. Tota le e leng gompieno, fa ke tshwanetse gore ke ye tirelong ya tshimo ke ikutlwa ke lwala, gone mme ke ya fela.”

Ke eng se se neng sa dira gore Moshe le Basupi ba motlha wa segompieno ba ba tshwanang le Theodore ba kgone go emelana le poifo e e ntseng jalo? Baebele e araba jaana: “Ka tumelo [Moshe] a tlhoboga; a tloga mo Egepeto; . . . gonne o ne a itshoka jaaka mongwe yo o tlhomileng matlho mo go ene yo o sa bonaleng.”—Bahebere 11:27.

Ee, ka go bontsha tumelo mo go Jehofa, Moshe o ne a kgona go fenya maikutlo a gagwe a go se tshwanelege mme a diragatsa dikabelo tsa gagwe e le moatlhodi, moporofeti, moeteledipele wa setšhaba, motsereganyi wa kgolagano ya Molao, molaodi, mokwalahisitori, le mokwadi wa Baebele.

Ka tsela e e tshwanang, fa re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Moshe, re tla tsamaya jaaka e kete re ‘tlhomile matlho mo go Ene yo o sa bonaleng.’ Tumelo e e ntseng jalo e dira gore o nne pelokgale, e re thusa gore re rwale boikarabelo jwa rona jwa Bokeresete—lefa re ka nna ra ikutlwa e kete ga re tshwanelege.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela