LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 3/15 ts. 32
  • Tiragalo E o Sa Tshwanelang go e Fosa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiragalo E o Sa Tshwanelang go e Fosa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 3/15 ts. 32

Tiragalo E o Sa Tshwanelang go e Fosa

“Neo nngwe le nngwe e e molemo, le se se molemo sengwe le sengwe se se tletseng” se tswa mo Modimong, Rraarona wa selegodimo. (Jakobe 1:17) Mpho e kgolo eo Modimo o e neileng batho ba baleofi gore ba bone boitekanelo ke e a e ba neileng ka Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete. Loso lwa ga Jesu jaaka Morekolodi wa rona le dira gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Mo go Luke 22:19, re laelwa gore re nne re gopole loso lwa gagwe.

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato go tla go kopanela le bone mo go utlweng taolo eno ya ga Jesu. Moletlo ono wa ngwaga le ngwaga o tla nna fa letsatsi le sena go phirima ka letlha le le lebaganeng sentle le Nisane 14 go ya ka khalentara ya Baebele e e lejwang ka ngwedi, ka Labobedi, April 2, 1996. Tshwaya letlha leno gore o se ka wa le lebala. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona ba tla go bolelela nako le lefelo le le tlhomameng leo go tla kopanelwang kwa go lone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela