Go Fenya Kgwetlho ya Boikanyego
“Lo apare motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo [boikanyegong, NW].”—BAEFESO 4:24.
1. Ke eng fa re tshwanetse go nna boikanyego mo go Jehofa Modimo?
GO FENYA kgwetlho ya boikanyego go ama dilo tse dintsi. Se se botlhokwa thata ke go fenya kgwetlho ya go nna boikanyego mo go Jehofa Modimo. Eleruri, re tshwanetse go nna boikanyego mo go Jehofa fa re akanya fela ka gore ke mang le se a se re diretseng le gore re ineetse mo go ene. Re supa jang gore re na le boikanyego mo go Jehofa Modimo? Tsela e kgolo ke ka go nna boikanyego mo melaometheong e e siameng ya ga Jehofa.
2, 3. Boikanyego le tshiamo di amana ka tsela efe?
2 Re ka fenya kgwetlho eo ka go reetsa mafoko ano a a fitlhelwang mo 1 Petere 1:15, 16: “Jaaka yo o lo biditseng a le boitshepo, le lona lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona; ka go kwadilwe ga twe: ‘Lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.’” Fa re le boikanyego mo go Jehofa Modimo re tla mo ikobela ka dinako tsotlhe, re dira gore dikgopolo, mafoko le ditiro tsa rona di dumalane le thato ya gagwe e e boitshepo. Go kaya go nna le segakolodi se se molemo fela jaaka re laelwa jaana mo go 1 Timotheo 1:3-5: “Bofelelo jwa tao eo [ga se go ruta thuto e e farologaneng kana go reetsa dikgang tse di seng boammaaruri] ke lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng, le segakolodi se se molemo, le tumelo e e se nang boitimokanyo.” Ke boammaaruri gore rotlhe ga re a itekanela, lefa go ntse jalo a ga re a tshwanela go leka go dira bojotlhe jwa rona?
3 Go nna boikanyego mo go Jehofa go tla re thibela go tlola melaometheo e e siameng fela ka bogagapa. Eleruri, boikanyego bo tla re thibela go nna batho ba mofuta mongwe mo teng re bo re nna ba mofuta o mongwe ka kwa ntle. Mopesalema o ne a akantse ka boikanyego fa a ne a opela jaana: “Nthuta tsela ya gago, Jehofa; ke tlaa tsamaya mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me e tle e boife leina la gago.” (Pesalema 86:11) Boikanyego bo tlhoka se se ileng sa tlhalosiwa jaaka “go utlwa melao e re ka se kang ra patelediwa go e ikobela.”
4, 5. Boikanyego bo ka re dira gore re nne kelotlhoko gore re se ka ra dira eng?
4 Go nna boikanyego mo go Jehofa Modimo gape go tla re thibela go dira sepe fela se se neng se tla lere kgobo mo leineng la gagwe le mo Bogosing jwa gagwe. Ka sekai, Bakeresete bangwe ba babedi ba kile ba nna le mathata fa gare ga bone mo ba neng ba dira tshwetso e e phoso ya go ya kwa kgotlatshekelong ya selefatshe. Moatlhodi o ne a ba botsa jaana, ‘A ga lo Basupi ba ga Jehofa lotlhe?’ Go bonala sentle gore o ne a sa tlhaloganye gore ba tlile go dira eng mo kgotlatshekelong. Abo seo se ne sa lere kgobo jang ne! Boikanyego mo go Jehofa Modimo bo tshwanetse jwa bo bo ne bo dirile gore bakaulengwe bao ba reetse kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “E setse e le molato fela mo go lona, ka lo na le ditshekisanyo. Ga lo itshokeleleng tshiamololo bogolo? Ga lo iteseleletseng go patikwa bogolo?” (1 Bakorinthe 6:7) Eleruri, boikanyego mo go Jehofa Modimo bo akaretsa gore o latlhegelwe go na le gore o lere kgobo mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe.
5 Boikanyego mo go Jehofa Modimo gape bo ama go se ineele mo go boifeng batho. “Poifo ya motho e tle e lere seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa bolokega.” (Diane 29:25) Ka jalo, ga re ineele fa re bogisiwa, mme re latela sekao se se tlhomilweng ke Basupi ba ga Jehofa ba kwa se pele e neng e le Soviet Union, ba kwa Malawi, ba kwa Ethiopia, le ba kwa dinageng tse dingwe tse dintsi.
6. Boikanyego bo tla re thibela gore re se ka ra tsalana le bomang?
6 Fa re le boikanyego mo go Jehofa Modimo, re tla tila go nna ditsala tsa batho botlhe ba e leng baba ba gagwe. Ke gone ka moo morutwa Jakobe a neng a kwala jaana: “Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4) Re batla go nna boikanyego ka tsela e Kgosi Dafite a neng a itshupa ka yone fa a ne a re: “Jehofa, a ga ke ile bone ba ba go ilang? A ga ke a tlhokofadiwa ke ba ba go tsogologelang? Ke a ba ila ka kilo e tona thata; ke ba kaya e le baba ba me.” (Pesalema 139:21, 22) Ga re batle go itlosa bodutu le batho ba ba dirang boleo ka boomo ka go bo ga re tshwane le bone gotlhelele. A go nna boikanyego mo Modimong ga go kitla go re thibela go itlosa bodutu le baba ba ba ntseng jalo ba ga Jehofa e ka tswa e le bone ka namana kana mo thelebisheneng?
Go Buelela Jehofa
7. Ke eng se boikanyego bo tla re thusang go se direla Jehofa mme Elihu o ne a dira seno jang?
7 Boikanyego bo tla dira gore re buelele Jehofa Modimo. A bo Elihu a re tlhometse sekao se se molemo jang ne mo go seno! Jobe 32:2, 3 e re bolelela jaana: “Foo ga tuka bogale jwa ga Elihu . . . jwa tukela Jobe, ka a itshiamisa bogolo go Modimo. Gape bogale jwa gagwe jwa tukela ditsala tsa gagwe tse tharo, ka ba se ka ba bona phetolo, le fa go ntse jalo ba [rile Modimo o boikepo, NW].” Elihu o ne a buelela Jehofa mo dikgaolong tsa 32 go ya go 37 tsa Jobe. Ka sekai, o ne a re: “Ntesa go le gonnye, mme ke tlaa go kaela; gonne ke sa na le sengwe se ke se buang ntlheng ya Modimo. . . . Ke tlaa kaela Modiri wa me tshiamo. . . . Ga o tlose matlho a one mo basiaming.”—Jobe 36:2-7.
8. Ke eng fa re tshwanetse go buelela Jehofa?
8 Ke eng fa go tlhokega gore Jehofa a buelelwe? Modimo wa rona Jehofa o nyadiwa ka ditsela tse dintsi thata gompieno. Go bolelwa gore ga a yo, gore ke karolo ya Tharonngwe, gore o bogisa batho ka bosakhutleng mo diheleng tse di tukang, gore ga a dire maiteko a magolo a go leka go fetola lefatshe, gore ga a amege ka gope ka batho, jalo le jalo. Re supa boikanyego mo go ene ka go mmuelela le go supa gore Jehofa o teng; gore ke Modimo o o botlhale, o o nang le tshiamiso, ke mothatayotlhe e bile o lorato; gore o tlhomile nako ya sengwe le sengwe; le gore fa nako e a e tlhomileng e tla o tla fedisa bosula jotlhe mme a dire lefatshe lotlhe paradaise. (Moreri 3:1) Seno se tlhoka gore re dirise tshono nngwe le nngwe go neela bosupi ka leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe.
Boikanyego mo Phuthegong ya ga Jehofa
9. Batho bangwe ba ile ba itshupa ba sena boikanyego mo dikgannyeng dife?
9 Jaanong re tla mo kgannyeng ya go nna boikanyego mo phuthegong e e bonalang ya ga Jehofa. Eleruri re tshwanetse go nna boikanyego mo go yone le “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” yoo a dirisiwang go fepa phuthego ya Bokeresete. (Mathaio 24:45-47) Gongwe go tlhaga sengwe se o sa se tlhaloganyeng kana se o sa dumalaneng le sone ka nako eo mo dikgatisong tsa Watch Tower. O tla dira eng? A o tla kgopisega o bo o kgaogana le mokgatlho ono? Ke se ba bangwe ba se dirileng dingwaga tse dintsintsi tse di fetileng fa The Watch Tower e ne e dirisa kgolagano e ntšha mo kgannyeng ya Mileniamo. Ba bangwe ba ne ba kgopisiwa ke se Tora ya Tebelo e kileng ya se bua ka kgang ya boitlhaodi. Fa ba ba ileng ba kgopisiwa ke dikgang tseno ba ka bo ba ne ba nna boikanyego mo mokgatlhong ono le mo bakaulengweng ba bone, ba ka bo ba ile ba emela gore Jehofa a phepafatse dikgang tseno, e leng se a ileng a se dira fa nako e ntse e tsamaya. Ka gone, boikanyego bo akaretsa go ema ka bopelotelele go fitlha motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale a gatisa sengwe gape se se dirang gore re tlhaloganye.
10. Boikanyego bo tla re thibela go batla go itse eng?
10 Boikanyego mo phuthegong e e bonalang ya ga Jehofa gape bo kaya go sa amane ka gope le batenegi. Bakeresete ba ba boikanyego ga ba kitla ba batla go itse se batho bao ba se bolelang. Ke boammaaruri gore batho ba Jehofa Modimo a ba dirisang go tsamaisa tiro mo lefatsheng ga ba a itekanela. Mme Lefoko la Modimo le re bolelela gore re dire eng? A la re re tlogele phuthego ya Modimo? Nnyaa. Lorato lo lo tswang pelong lwa bokaulengwe le tshwanetse la dira gore re nne boikanyego mo go yone, e bile re tshwanetse go tswelela re ‘ratana mo pelong ka tlhoafalo.’—1 Petere 1:22.
Go Nna Boikanyego mo Bagolwaneng ba ba Boikanyego
11. Boikanyego bo tla re thusa jang go itisa gore re se ka ra akanya dilo tse di phoso?
11 Fa go buiwa sengwe kana go dirwa sengwe se re sa se tlhaloganyeng motlhofo mo phuthegong, boikanyego bo tla re thibela gore re se ka ra akanyetsa maikaelelo a ba bangwe ka tsela e e phoso e bile bo tla re thusa gore re tseye fela gore ke kafa ba atlhotseng dilo ka teng. A ga go botoka go akanya thata ka dinonofo tse dintle tsa bagolwane ba ba tlhomilweng le badumedikarona go na le ka makoa a bone? Ee, re batla go itisa mo go akanyeng dilo tse di bosula tseo, ka go bo di amana thata le go tlhoka boikanyego! Boikanyego bo tla re thusa gape go ikobela taolo eno ya ga Paulo e e reng re ‘se ka ra bua bosula ka ga motho ope.’—Tito 3:1, 2.
12, 13. Ke dilo dife tse di gwetlhang thata tse bagolwane ba lebanang le tsone?
12 Boikanyego bo gwetlha bagolwane fela thata. Sengwe sa dilo tse di gwetlhang thata tseno ke go boloka sephiri. Mongwe mo phuthegong a ka bolelela mogolwane mathata a gagwe. Go nna boikanyego mo mothong yoo go tla thibela mogolwane go tlola molaomotheo wa go boloka sephiri. O tla reetsa kgakololo eno e e mo go Diane 25:9: “O se ka wa bipolola leoma la motho yo mongwe.” Seno se raya le mo mosading wa gagwe tota!
13 Boikanyegi jwa bagolwane bo lekiwa gape ka ditsela tse dingwe. A ba tla senka go itumedisa batho, kana a ba tla nna pelokgale le go thusa ba bangwe ba le bonolo, le fa e le ba masika kana ditsala tse ba atamalaneng thata natso? Boikanyego mo phuthegong ya ga Jehofa bo tla dira bagolwane gore ba leke go thusa motho ope fela yo o tlhokang go thusiwa semoyeng. (Bagalatia 6:1, 2) Le mororo re tla bo re le pelonomi, boikanyego bo tla dira gore re bue le mogolwanekarona re tlhamaletse fela jaaka Paulo a ne a bua le moaposetoloi Petere fela a tlhamaletse. (Bagalatia 2:11-14) Kafa letlhakoreng le lengwe, balebedi ba batla go nna kelotlhoko gore ba se ka ba direla ba ba ba okametseng bothata jwa go sa nne boikanyego mo phuthegong ya Modimo, ka go sa dire ka botlhale kana ka go tlhaola batho kana ka tsela nngwe ba dirisa thata ya bone ka tsela e e sa tshwanelang.—Bafilipi 4:5.
14, 15. Ke dilo dife tse di ka lekang boikanyego jwa maloko a phuthego?
14 Go na le dikarolo tse dingwe gape tse di amanang le go fenya kgwetlho ya boikanyego mo phuthegong le mo bagolwaneng ba yone. Fa go na le maemo a a bakang mathata mo phuthegong, seno se re naya tshono ya go supa boikanyego mo go Jehofa le mo go ba ba mo emelang. (Bona Tora ya Tebelo, June 15, 1987, ditsebe 15-17.) Fa go na le yo o kgaotsweng, boikanyego bo tla dira gore re eme bagolwane nokeng, re se ka ra batla go itse gore a go ne go na le mabaka a a lekaneng a go bo ba dirile jalo.
15 Boikanyego mo phuthegong gape bo batla gore re eme nokeng dipokano tsotlhe tse tlhano tsa beke le beke kafa maemo a rona le nonofo ya rona di re letlang ka teng. Boikanyego bo batla gore re se ka ra nna teng fela ka metlha mme gape re di ipaakanyetse le go akgela ka ditsela tse di agang fa re bona tshono.—Bahebere 10:24, 25.
Boikanyego mo Lenyalong
16, 17. Ke dilo dife tse di gwetlhang boikanyego tse Bakeresete ba ba nyetseng ba lebanang le tsone?
16 Ke mang yo re tshwanetseng go nna boikanyego gape mo go ene? Fa re le mo lenyalong, re tshwanetse go fenya kgwetlho ya go nna boikanyego mo go yo re nyalaneng nae ka ntlha ya ikano ya rona ya lenyalo. Fa re le boikanyego mo go yo re nyalaneng nae re ka se ka ra nna botsalano thata mo basading kana mo banneng ba bangwe go feta jaaka re dira ka mosadi kana monna wa rona. Go nna boikanyego mo go yo o nyalaneng nae gape go batla gore o se ka wa bolelela ba ba ka kwa ntle makoa a yo o nyalaneng nae. Go motlhofo go ngongorega mo bathong ba bangwe go na le go dira ka natla gore wena le yo o nyalaneng nae lo buisane ka kgololesego, selo se re tshwanetseng go se dira go dumalana le Molao wa Sekagouta. (Mathaio 7:12) Totatota, go nna mo lenyalong go gwetlha boikanyego jwa rona jaaka Bakeresete fela thata.
17 Gore re kgone go fenya kgwetlho eno ya boikanyego, ga re a tshwanela fela go tila go dira boitshwaro jo bo leswe mme gape re tshwanetse go disa megopolo le maikutlo a rona. (Pesalema 19:14) Ka sekai, fa dipelo tsa rona tse di boferefere di rata menate le dikgatlhego ka tsela e e feteletseng, go motlhofo mo go rona gore re se ka ra leba dilo fela mme gape re di eletse ka bopelotshetlha. Kgosi Solomone o gakolola banna go ikanyega mo manyalong a re ba ‘nwe metsi mo didibeletsong tse e leng tsa bone’ ka tsela ya tshwantshetso. (Diane 5:15) E bile Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.” (Mathaio 5:28) Banna ba ba nyetseng ba ba lebang dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo ba ipaya mo kotsing ya go dira boaka, ka go dira jalo ba tsietsa basadi e bile ba tlhoka boikanyego mo go bone. Ka mabaka a a tshwanang, mosadi yo o ratang dikgantswelelopele tse di nang le dikgaolo tse di buang ka boaka a ka nna a raelesega gore a tlhoke boikanyego mo monneng wa gagwe. Lefa go ntse jalo, fa re le boikanyego tota mo bathong ba re nyalaneng nabo, re nonotsha kgolagano ya lenyalo e bile re thusana mo maitekong a rona a go itumedisa Jehofa Modimo.
Dilo Tse di Thusang go Nna le Boikanyego
18. Ke dilo dife tse fa re di lemoga di ka re thusang go nna boikanyego?
18 Ke eng se se tlileng go re thusa go fenya kgwetlho ya boikanyego mo dikarolong tse nne tseno: boikanyego mo go Jehofa, mo mokgatlhong wa gagwe, mo phuthegong ya gagwe le mo go yo re nyalaneng nae? Selo se segolo se se thusang ke go lemoga gore go fenya kgwetlho ya boikanyego go amana thata le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa. Ee, fa re nna re le boikanyego re supa gore re leba Jehofa jaaka Molaodi wa Lobopo. Ka tsela eo re ka kgona go itlotla le go nna le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa. Re ka ithusa gore re nne re le boikanyego ka go akanyetsa dikao tse di molemo tsa boikanyego, go tloga ka Jehofa go ya mo go ba ba umakiwang mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa Watch Tower, go akaretsa le dipego tsa Yearbook.
19. Tumelo e na le seabe sefe mo go nneng ga rona boikanyego?
19 Tumelo e e nonofileng mo go Jehofa Modimo mmogo le go boifa go se mo itumedise di tla re thusa go fenya kgwetlho ya boikanyego. Re nonotsha tumelo ya rona mo go Jehofa le kafa re mmoifang ka teng ka go ithuta Lefoko la Modimo ka botlhaga le ka go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete. Seno se tla re thusa go dira tumalanong le kgakololo eno ya ga Paulo e e kwadilweng mo go Baefeso 4:23, 24: “Lo šafadiwe mo moweng wa pelo tsa lona. Lo apare motho yo moša, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo [boikanyegong, NW].”
20. Mo godimo ga tsotlhe, ke nonofo efe e e tla re thusang gore re nne boikanyego mo go Jehofa le mo go ba bangwe botlhe ba re tshwanetseng go nna boikanyego mo go bone?
20 Go anaanela dinonofo tsa ga Jehofa go re thusa go nna boikanyego. Mo godimo ga tsotlhe, go rata Rraarona wa selegodimo re sa itshiele sepe le go mo lebogela dilo tsotlhe tse a di re diretseng, re mo rata ka dipelo tsotlhe le moya le tlhaloganyo le nonofo yotlhe go tla re thusa go nna boikanyego mo go ene. Mo godimo ga moo, lorato lo Jesu a rileng ke lone lo tla tlhaolang balatedi ba gagwe lo tla re thusa go nna boikanyego mo Bakereseteng botlhe ba ba mo phuthegong le mo malapeng a rona. Ka mafoko a mangwe, ke kgang ya go nna bogagapa kana go se nne bogagapa. Go tlhoka boikanyego go kaya go nna bogagapa. Boikanyego bo kaya go se nne bogagapa.—Mareko 12:30, 31; Johane 13:34, 35.
21. Kgang ya go fenya kgwetlho ya boikanyego e ka sobokanngwa jang?
21 Fa re sobokanya: Boikanyego ke nonofo e e tlhomologileng thata e e supiwang ke Jehofa Modimo, Jesu Keresete, le batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba boammaaruri. Gore re nne le botsalano jo bo molemo le Jehofa Modimo re tshwanetse go fenya kgwetlho ya boikanyego ka go tshela re dira dilo tse di siameng tse a di batlang, re sa amane ka gope le baba ba gagwe le ka go buelela Jehofa ka go neela bosupi ka tsela ya tlwaelo le e e seng ya tlwaelo. Gape re tshwanetse go fenya kgwetlho ya go nna boikanyego mo phuthegong ya ga Jehofa e e bonalang. Re tshwanetse go nna boikanyego mo diphuthegong tsa rona le mo go ba re nyalaneng le bone. Fa re fenya kgwetlho ya boikanyego re tla bo re thusa go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa e bile re tla bo re eme kafa letlhakoreng la gagwe mo kgannyeng eno. Ka go dira jalo, o tla re amogela mme re tla bona sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng. Seo moaposetoloi Paulo a ileng a se bolela ka poifomodimo se ka bolelwa gape ka go fenya kgwetlho ya boikanyego. Se botlhokwa mo botshelong jwa gone jaanong le joo bo tla tlang.—Pesalema 18:25; 1 Timotheo 4:8.
O ne o Tla Araba Jang?
◻ Re ka fenya kgwetlho ya go nna boikanyego mo Modimong ka ditsela dife?
◻ Go nna boikanyego mo phuthegong ya ga Jehofa go tlhoka eng mo go rona?
◻ Bagolwane ba ka fenya jang kgwetlho ya boikanyego?
◻ Bakeresete ba ba mo lenyalong ba tshwanetse go fenya kgwetlho efe ya go nna boikanyego?
◻ Ke dinonofo dife tse di tla re thusang go fenya kgwetlho ya boikanyego?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Boikanyego jwa bagolwane mo malokong a phuthego bo tla ba thibela go ntsha diphiri
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Kgolagano ya lenyalo e a nonofa fa o le boikanyego mo go yo o nyalaneng nae