Re Tlhoka Ditsala Tsa Boammaaruri
MOTLOTLO o ile magoletsa fa gare ga Jenny le Sue. Ba a nyenya, matlho a bone a a phatsima—sengwe le sengwe se ba se dirang se bontsha gore mongwe le mongwe wa bone o kgatlhegela thata go utlwa se yo mongwe a se buang. Lefa ba goletse kwa mafelong a a farologaneng, go bonala sentle gore ba kgatlhegela dilo tse dintsi tse di tshwanang, e bile ba tlotlana tota.
Kwa lefelong le lengwe, Eric le Dennis ba bereka mmogo mo porojekeng e e leng nngwe ya tse dintsi tse ba di dirileng mmogo fa dingwaga di ntse di feta. Ba iketlile, e bile ba tshegatshega fela. Fa ba simolola go tlotla ka dikgang tse di masisi, ba ntsha maikutlo a bone ba sa fitlhe. Ba a tlotlana. Fela jaaka Jenny le Sue, Eric le Dennis ke ditsala tsa boammaaruri.
Ditlhaloso tseno di ka go kgatlha, tsa go gopotsa ditsala tsa gago. Mme gape di ka nna tsa dira gore o eletse go nna le ditsala tse di ntseng jalo. Le wena o ka nna le tsone!
Lebaka La go Bo re Tlhoka Ditsala Tsa Boammaaruri
Ditsala tse di siameng di botlhokwa gore re tshele sentle mo tlhaloganyong le mo mmeleng. Lefa go ntse jalo, fa re jewa ke bodutu, seno ga se reye gore go na le phoso nngwe ka rona. Babatlisisi bangwe ba bolela gore bodutu ke mofuta wa tlala, sengwe sa tlholego se se supang gore re tlhoka go nna le tsala. Legale, fela jaaka dijo di fokotsa kana di fedisa tlala, ditsala tse di tshwanetseng di ka fokotsa bodutu kana tsa bo fedisa. Mo godimo ga moo, go nna le ditsala tse di siameng tse di re ratang ke sengwe se se ka kgonegang.
Batho ba bopilwe ba tlhoka go nna le ditsala. (Genesise 2:18) Baebele e bolela gore tsala ya boammaaruri, e “tsaletswe motlha wa pitlagano.” (Diane 17:17, bapisa NW.) Ka jalo, tsala ya mmatota e tshwanetse ya kgona go kopa thuso mo go e nngwe fa go tlhokega. Mme lefa go ntse jalo botsala ga se fela go nna le mongwe yo o ka kopang thuso mo go ene kana go nna mopati mo tirong kana mo motshamekong. Ditsala tse di siameng di a agana. Diane 27:17 ya re: “Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.” Fela jaaka tshipi e ka dirisiwa go lootsa bogale jwa sengwe se se dirilweng ka tshipi e e tshwanang, tsala e ka atlega fa e lootsa boemo jwa tlhaloganyo le jwa semoya jwa tsala e nngwe. Fa re utlwisiwa botlhoko ke dilo dingwe tse di sa diragaleng tse re neng re di lebeletse, fa tsala e re leba ka bopelotlhomogi e bo e re kgothatsa e dirisa Dikwalo re ka kgothatsega tota.
Mo Baebeleng, botsala bo akaretsa lorato, go tlwaelana, go tshepana, le go utlwana thata. Ditsala e ka nna baagisani, badirimmogo, jalo le jalo. Gape ba bangwe ba tsaya bangwe ba losika e le bangwe ba ditsala tsa bone tse ba ntshanang se inong le bone. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi gompieno ba fitlhela ditsala tsa boammaaruri di le thata go bonwa le go nna le tsone. Ke eng fa go ntse jalo? A o ka nna le ditsala tsa boammaaruri tse di nnelang ruri?