Letsholo le le Atlegileng ka Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi
KE ENG fa Botshelo bo Tletse ka Mathata Jaana?—A go ka Nna le Paradaise e e Senang Mathata?” Seno e ne e le setlhogo sa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34, ya ditsebe tse nnè e e neng e tsamaisiwa mo lefatsheng lotlhe ka dipuo di le 139 ka April le May ngogola. Basupi ba kwa Jamaica ba ne ba tlhalosa letsholo leno la tirelo ba re ke “sengwe sa ditiragalo tse di tlhomologileng monongwaga.” Basupi ba kwa Belgium ba ne ba le bitsa “sengwe se se itumedisitseng bakaulengwe fela thata.” Kwa Repaboliking ya Czech, leno e ne e le lekgetlho la ntlha Basupi ba ga Jehofa ba nna le sebaka sa go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi. Lekala le bega jaana: “Letsholo leno le ne la dira gore batho ba tlhoafale le go nna matlhagatlhaga.” Go ne ga utlwiwa mafoko a a tshwanang le ao go tswa kwa dinageng tse dingwe di le dintsi.
Pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34 e ne e tsholetse batho ba ba fegelwang le ba ba sonelelang dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang ka tetla ya bodumedi molaetsa o o kgethegileng. (Esekiele 9:4) E ne e gomotsa batho ba matshelo a bone a tletseng mathata ka ntlha ya “dipaka tse di tlhokofatsang” tse ba sa kgoneng go di laola. (2 Timotheo 3:1) Fa e tlhalosa ka Baebele, pampitshana eno e ne ya bontsha gore mathata a botshelo a tla tloga a rarabololwa. Ruri paradaise e e senang mathata e tla nna teng. (Luke 23:43) Batho ba le bantsi ba ba badileng pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ba ne ba rotloediwa ke molaetsa wa yone. Monna mongwe kwa Togo o ne a raya Mosupi mongwe a re: “Se o se boletseng se ka se ganediwe.”
Kwantle ga pelaelo, go anamisiwa ga pampitshana eno ya Dikgang Tsa Bogosi go ne ga kgatlhegelwa ke batho ka tsela e e sa tlwaelegang. Kwa Denmark, mong wa ntlo mongwe o ne a raya Mosupi yo o neng a mo tsamaisetsa pampitshana a re: “Ke sa tswa go boa kwa United States. Pele fela ke tsamaya, mongwe o ne a mpha pampitshana ya lona. Jaanong ke sa tswa go fitlha, mme ke setse ke tlisediwa yone pampitshana ele ka Se-Danish!”
Letsholo le Tshegediwa ka Tlhagafalo
Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe ba ne ba nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go anamisa pampitshana eno. Austria, El Salvador, Haiti, Hungary, Italy, New Caledonia, e ne e le dingwe fela tsa dinaga tse dintsi tse di neng tsa bega palo e e kwa godimo go feta lefa e le leng pele ya baboledi mo dikgweding tsa fa go ne go tsamaisiwa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi.
Kwa Zambia molebedi mongwe wa potologo o rutile morwadie wa dingwaga tse tharo, Deborah, go tsamaisa dibuka ka ntlo le ntlo. Ka nako ya letsholo la pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34, Deborah o ne a tsamaisa dikhopi tsa yone di feta 45. Mmaagwe o ne a simolola go ithuta Baebele le bangwe ba ba neng ba amogetse pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi mo go Deborah.
Mo Afrika Borwa mosha mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a abela mongwe yo a tsenang le ene sekolo e bong Cashia pampitshana eno. Cashia o ne a bala pampitshana eno a bo a re: “Seno se molemo fela thata—go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise! Ke eng fa ke ne ke ntse ke sa bolelelwe ka gone pele?” Ba ne ba simolola go ithuta Baebele. Mo bekeng yone eo Cashia o ne a amogela pampitshana e nngwe. Eno ya bobedi e ne e tswa kwa tsaleng e a kwalelanang le yone ya Moroma Katoliki, e e nnang kwa Kupero. Tsala eno e a kwalelanang le yone e ne ya tlhalosetsa Cashia lebaka la go bo dithuto tsa Kereke ya Roma Katoliki di le maaka a bo a mmolelela gore o ikaeletse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Eleruri, seo se ne sa nonotsha Cashia thata gore a ititeye sehuba le go feta pele gore a tswelele pele a ithuta.
Mosimane mongwe wa dingwaga tse lesome kwa Switzerland o ne a tsamaya le mmaagwe ba aba pampitshana eno. O ne a neela mohumagatsana mongwe khopi ya yone mme a mo kgothaletsa gore a e bale ka kelotlhoko. Mohumagatsana yono o ne a botsa mosimane gore a ruri o dumela se se bontshiwang ke setshwantsho sa yone se se kafa ntle—botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng. Mosimane o ne a fetola a reng? “Ee ruri, ke tlhomamisa tota.” Go tswa foo mohumagatsana o ne a bolela gore o ne a senka bodumedi jwa boammaaruri ka gonne go na le dilo tse dintsi tse di ganetsanang mo bodumeding jwa gagwe. Fa ba mo etela gape, ba ne ba simolola go ithuta Baebele le ene.
Go Tsaya Kgato ka Bofefo
Ka dinako tse dingwe pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi e ne ya dira gore batho ba ba neng ba e bala ba tseye kgato ka bofefo. Mosetsana mongwe wa dingwaga tse 11 wa kwa Belgium fa a sena go bala pampitshana eno o ne a ipolela go mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore o ne a ntse a utswa mo dishopong. Mmaagwe mosetsana o ne a batla go bipa kgang eno, mme segakolodi sa mosetsanyana se ne se tlhotlhelediwa ke se a neng a se badile, mme o ne a ganelela gore o batla go ya go bona manejara wa dishopo tseo. Kgabagare mmè yoo o ne a dumela go lesa morwadie gore a boele kwa dishopong tseo le Mosupi. Manejara o ne a gakgamadiwa ke go ipolela ga gagwe. Fa a utlwa gore o tlhotlheleditswe ke pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi gore a dire jalo, o ne a itseela khopi gore a bone gore e tshotse eng se se neng se le maatla jaana. Jaanong mosetsana yono o gatela pele ka go ithuta Baebele.
Mosupi mongwe kwa Cameroon o ne a neela monna mongwe khopi ya Dikgang Tsa Bogosi mme o anela jaana: “Fa re boela, re ne ra fitlhela gore o ne a setse a e thaletse mme a na le dipotso di le mmalwa. Fa a sena go arabiwa ka tsela e e kgotsofatsang, o ne a bolela jaana: ‘Tota ke boammaaruri gore bodumedi le jone bo dirile gore batho ba se ka ba itumela. Pampitshana ya lona e nthusitse go tlhaloganya go le gontsi, mme nka rata go itse mo go oketsegileng.’” Jaanong o ithuta Baebele ka metlha.
Mosupi mongwe o ne a tsamaisetsa monna mongwe pampitshana eno fa a ntse a eta ntlo le ntlo kwa Uruguay. Mosupi yono o ne a tswelela pele ka tiro ya gagwe ya go rera ka ntlo le ntlo a dira le seterata se se kafa morago a ba a fitlha mo kgorong e e kafa morago ya legae la monna yono. O ne a gakgamalela go fitlhela monna yono a mo emetse, a tshotse pampitshana ka letsogo. O ne a setse a e badile mme a batla tshedimosetso e e oketsegileng. Ba ne ba simolola go ithuta gone fela foo.
Setšhaba se Thusa go di Anamisa
Mosupi mongwe yo mmotlana kwa Japane o ne a atamela monna mongwe yo o mo dingwageng tsa bo50 mme a mo tlhalosetsa ka pampitshana eno. Monna yono o ne a botsa jaana: “O dira jang ka pampitshana eo fa o kopana le batho ba ba sa boneng?” Mosupi o ne a bolela gore ga a itse. Monna yono o ne a mmolelela gore a eme pele a bo a boela mo ntlong ya gagwe. O ne a boa a tshotse khopi ya Dikgang Tsa Bogosi a bo a re: “Ke setse ke filwe pampitshana eo. Ke ne ke akanya gore e tshotse tshedimosetso e e kgatlhang e bile e le ya botlhokwa, ka jalo ke e kopolotse ka Mokwalo wa Difofu. Tsweetswee e dirisetse batho ba ba difofu.” Monna yono o ne a dirisitse diura tse dintsi a kopolola pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi ka Mokwalo wa Difofu gore difofu di se ka tsa latlhegelwa ke se e se tshotseng.
Kwa Slovakia monna mongwe o ne a rata pampitshana eno thata mo a neng a dira gore go dirwe dikhopi di le 20, mme a tsamaisa dikhopi tseno tsa mmala o montsho le o mosweu ka boene. Mmoledi mongwe kwa Switzerland o ne a neela lelapa lengwe pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi a bo a tswelela pele a tsamaisa tse dingwe kwa boalong jo bo kwa godimo jwa kago e lelapa leno le neng le nna mo go yone. Fa a fologa gape, o ne a kgatlhantshiwa ke mosimanyana yo o tswang kwa lelapeng leo, yo o neng a tlile go kopa dikhopi tse dingwe tse 19 tsa pampitshana eno. Kwa sekolong sa mosimane yono, baithuti ba ne ba abetswe gore ba kwale kaga mathata le kafa go batliwang tharabololo ka teng. O ne a batlela mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng sa gagwe khopi ya Dikgang Tsa Bogosi.
Ga go Na Ope yo o Fetilweng
Ba ba neng ba nna le seabe mo letsholong leno ba ne ba leka thata go tlhomamisa gore ga go na ope yo o fetiwang. Kwa New Caledonia, Basupi ba le babedi ba ne ba ya kwa tshimong ya morafe mongwe o o nnang kgakala le batho ba bangwe gore ba ye go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi teng. Fa ba le mo tseleng, ba ne ba bona tselana e e neng e lebega e sa tsamaiwe, mme lefa go ntse jalo ba ne ba swetsa ka gore ba ye go bona gore a ga go na ope yo o nnang kwa e felelang teng. Ba ne ba tlogela kara, ba tsamaya ka maoto mo tselaneng eno, ba ralala mekgatšha go fitlha kgabagare ba bona ntlo. Mo go yone go ne go nna banyalani bangwe ba ba neng ba ise ba ko ba utlwalele ka Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba amogela khopi ya Dikgang Tsa Bogosi. Moragonyana baboledi bao ba ne ba boela teng mme ba gakgamadiwa ke go fitlhela gore banyalani bano ba ne ba baakantse tsela le marogonyana a le mmalwa gore Basupi ba kgone go tsamaya ka kara ya bone go fitlha kwa ntlong. Ba ne ba simolola go ithuta Baebele ka metlha.
Mosupi mongwe kwa Poland o ne a tshwanelwa ke go tsamaya gaufi le kago e e santseng e agiwa gore a ye go fa mongantlo khopi ya Dikgang Tsa Bogosi. Badiri ba ne ba mo lebelela fa a feta gape fa ba agang teng. Kgabagare, mongwe wa badiri o ne a mo goa, a mo kopa gore a se ka a ba lebala. Fa a tla fa go bone, ba ne ba emisa tiro mme ba mo reetsa ka kelotlhoko fa a tlhalosa pampitshana eno. Ba ne ba tsaya dikhopi tsa Dikgang Tsa Bogosi mmogo le dimakasine mme moragonyana, fa a ba etela gape, ba ne ba tsaya dibuka.
Makgolokgolo a dimilione tsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34 a ne a anamisiwa ka dipuo di le dintsi. Molaetsa wa yone o setse o nnile le matswela a magolo. Batho ba le bantsi ba ithutile gore paradaise e e senang mathata e ka nna teng. Re rapela gore batho ba ba dipelo di siameng ba ka tswelela pele ba tsaya kgato gore kgabagare ba nne bangwe ba “basiami” ba ba tla ‘ruang lefatshe . . . ba bo ba inatefisa mo letlotlong la kagiso.’—Pesalema 37:11.
[Lebokoso mo go tsebe 31]
Nnang lo Tsamaise Dimakasine!
Ka April le May 1995 go ne ga nna le letsholo le le neng la atlega thata la go tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34. Mo dikgweding tseo tse pedi, gape go ne ga tsamaisiwa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka tsela e e tlhomologileng. Ka sekai, mokaulengwe mongwe kwa Repaboliking ya Czech o bega gore ka April o ne a tsamaisa dikhopi di le 250 tsa Dikgang Tsa Bogosi le dimakasine di le 750. Kwa Guadeloupe, go ne ga tlhophiwa Matlhatso, April 15, gore e nne letsatsi le le kgethegileng la go tsamaisa dimakasine. Mo e batlileng e le mmoledi mongwe le mongwe mo nageng eo o ne a nna le seabe mo bodireding ka letsatsi leo! Slovakia e ne ya nna le tlhora e ntšha ya dimakasine tse di tsamaisitsweng ka April. Go ne ga tla dipego tse di tshwanang le tseo go tswa kwa dinageng tse dingwe di le dintsi.
Ka jalo ke eng fa lo sa dire gore April le May 1996 e nne dikgwedi tse di tlhomologileng tsa go tsamaisa dimakasine? Diphuthego di ka rulaganya gore go nne le malatsi a a kgethegileng a go tsamaisa dimakasine. Batho ba ka tsaya bobulatsela jo bo thusang. Ba ka kgothalediwa go tsamaisa dimakasine ka ditsela tseno le tse dingwe, mme molaetsa wa botlhokwa o o bolelwang mo pampitshaneng ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34 o tla tswelela pele o anamisiwa. Mme, fela jaaka go diragetse ngogola, ruri Jehofa o tla segofatsa moya wa go tlhagafala o re o bontshang.—2 Timotheo 4:22.