A Diatla Tsa Gago di se Repe”
“A diatla tsa gago di se repe. Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago, e le mothata yo o tlaa bolokang.”—SEFANIA 3:16, 17.
1. Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a reng kaga boporofeti jwa ga Sefania?
BOPOROFETI jwa ga Sefania bo ne bo kaya sengwe se se fetang tiragatso ya jone ya ntlha ka lekgolo la bosupa le la borataro la dingwaga B.C.E. Fa a akgela ka Sefania, Porofesa C. F. Keil o ne a kwala jaana: “Boporofeti jwa ga Sefania . . . ga bo simolole fela ka kitsiso ya katlholo ya lobopo lotlhe mo lefatsheng lotlhe, e mo go yone go tswang katlholo e e tla welang Juta ka ntlha ya dibe tsa yone, le mo lefatsheng la ditšhaba ka ntlha ya go tlhoa batho ba ga Jehofa; mme bo tlhalosa ditiragalo tsotlhe tsa letsatsi le legolo le le boitshegang la ga Jehofa.”
2. Ke dilo dife tse di tshwanang ka maemo ao a neng a le teng mo motlheng wa ga Sefania le seemo sa Labokeresete gompieno?
2 Gompieno, tshwetso ya ga Jehofa ya katlholo ke go kokoanya ditšhaba gore di tle go senngwa ka selekanyo se segolo thata go feta mo motlheng wa ga Sefania. (Sefania 3:8) Ditšhaba tseo tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete ke tsone tse segolobogolo di leng molato mo matlhong a Modimo. Fela jaaka Jerusalema a ne a otlhaiwa mo go botlhoko ka gonne a ne a sa ikanyege mo go Jehofa, Labokeresete le ene o tshwanetse a kgona go tlhalosetsa Modimo ka ditsela tsa gagwe tsa go tlhoka maitshwaro a a siameng. Dikatlholo tsa Modimo tse di boletsweng kgatlhanong le Juta le Jerusalema mo motlheng wa ga Sefania di dira thata mo dikerekeng le mo makokong a Labokeresete. Le bone ba leswefaditse kobamelo e e itshekileng ka dithuto tsa bone tse di sa tlotleng Modimo, bontsi jwa tsone di tswa mo boheitaneng. Ba ntshitse dimilione tsa barwa ba bone ba ba itekanetseng ditlhabelo mo sebesong sa segompieno se e leng ntwa. Mo godimo ga moo, baagi ba se se tshwantsheditsweng ke Jerusalema ba kopanya se go tweng ke Bokeresete le tepodinaledi, mekgwa ya tirisabadimo, le boitsholo jo bo tlhabisang ditlhong le jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go tshwana le kobamelo ya ga Baale.—Sefania 1:4, 5.
3. Ke eng se se ka bolelwang ka baeteledipele ba le bantsi ba setšhaba le ba dipuso tsa bopolotiki gompieno, mme Sefania o ne a porofeta eng?
3 Baeteledipele ba Labokeresete ba bopolotiki ba le bantsi ba rata go bonwa ba le kwa pele kwa kerekeng. Mme lefa go ntse jalo fela jaaka “dikgosana” tsa Juta, ba le mmalwa ba bone ba ja batho ntsoma jaaka “ditau tse di dumang” le “matlonkana” a a garolakang. (Sefania 3:1-3) Balatedi ba bone ba bopolotiki ke “ba ba tlatsang ntlo ya mong wa bone ka thubako le tsietso.” (Sefania 1:9) Pipamolomo le tsietso di aname. Fa e le ka dipuso tsa bopolotiki tse di mo teng le tse di ka kwa ntle ga Labokeresete, palo e e ntseng e oketsega ya tsone e “ikgodisetsa” batho ba ga Jehofa wa masomosomo, Basupi ba gagwe, di ba tshwara jaaka “lekoko” le le tlhoilweng. (Sefania 2:8; Ditiro 24:5, 14) Sefania o ne a porofeta jaana malebana le baeteledipele bao botlhe ba bopolotiki le balatedi ba bone: “Go le selefera sa bone le gouta ya bone, ga di kake tsa ba golola mo motlheng wa bogale jwa ga Jehofa; mme lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la gagwe; gonne o tlaa dira bokhutlo, ee, bokhutlo jo bo boitshegang jwa botlhe ba ba agileng mo lefatsheng.”—Sefania 1:18.
Go “Sujwa mo Letsatsing la Bogale Jwa ga Jehofa”
4. Ke eng se se bontshang gore batho bangwe ba tla falola letsatsi le legolo la ga Jehofa, mme ba tshwanetse ba dira eng?
4 Baagi ba Juta ga ba a ka ba senngwa botlhe ka lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E. Ka tsela e e tshwanang, bangwe ba tla falola ka letsatsi le legolo la ga Jehofa. Jehofa o ne a ba bolelela jaana a dirisa moporofeti wa gagwe Sefania: “Taolo e ise e tsale, le letsatsi le ise le fete jaaka mmoko, le bogale jo bo fisang bo ise bo tle mo go lona, le letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le ise le tle mo go lona. Batlang Jehofa, lona bakgobaladi botlhe ba lefatshe; ba lo dirileng katlholo ya gagwe; batlang tshiamo, batlang kgobalalo; e ka tla ya re gongwe lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.”—Sefania 2:2, 3.
5. Mo motlheng ono wa bofelo, ke bomang ba e neng ya nna bone ba ntlha go utlwa tlhagiso ya ga Sefania, mme Jehofa o ntse a ba dirisa jang?
5 Mo motlheng wa bokhutlo jwa lefatshe leno, batho ba ntlha go utlwa taletso ya boporofeti e ne e le masalela a Iseraele wa semoya, Bakeresete ba ba tloditsweng. (Baroma 2:28, 29; 9:6; Bagalatia 6:16) E re ka ba ne ba batlile tshiamo le kgobalalo le gone ba bontshitse gore ba tlotla ditshwetso tsa boatlhodi tsa ga Jehofa, ba ne ba gololwa mo go Babilone o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka, mme Modimo wa ba amogela gape ka 1919. Fa e sale ka nako eo, mme segolobogolo go tloga ka 1922, masalela ano a a ikanyegang a ntse a bolela dikatlholo tsa ga Jehofa a sa boife kgatlhanong le dikereke le makoko a Labokeresete le kgatlhanong le ditšhaba tsa bopolotiki.
6. (a) Sefania o ne a porofeta eng kaga masalela a a ikanyegang? (b) Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa jang?
6 Sefania o ne a porofeta jaana ka masalela ano a a ikanyegang: “Ke tlaa tlogela mo gare ga gago batho bangwe ba ba patikegileng, le ba ba humanegileng, mme ba tlaa ikanya leina la ga Jehofa. Masalela a Iseraele ga a ketla a dira boikepo, le fa e le go bua maaka, loleme lo lo tsietsang ga lo ketla lo fitlhelwa mo melomong ya bone; gonne ba tlaa ja ba robala, mme ga go na ope yo o tlaa ba boifisang.” (Sefania 3:12, 13) Bakeresete bano ba ba tloditsweng ga ba a bolo go nna ba tlotlomatsa leina la ga Jehofa, segolobogolo fa e sale ka 1931, fa ba ne ba simolola go ipitsa ka leina Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10-12) Ba tlotlile leina la Modimo ka go tlotlomatsa kgang ya bolaodi jwa ga Jehofa, mme seno se itshupile e le botshabelo mo go bone. (Diane 18:10) Jehofa o ba file letlotlo la dijo tsa semoya, mme ba nna ba sena poifo mo paradaiseng ya semoya.—Sefania 3:16, 17.
“Leina le Pako mo Ditšhabeng Tsotlhe”
7, 8. (a) Ke boporofeti bofe jo bongwe jo bo ileng jwa diragadiwa mo masaleleng a Iseraele wa semoya? (b) Dimilione tsa batho di lemogile eng, mme wena o ikutlwa jang ka kgang eno?
7 Tsela e masalela a ratang leina la ga Jehofa le melaometheo e e siameng ya Lefoko la gagwe ka yone ga e a tlodisiwa matlho. Batho ba ba peloephepa ba simolotse go lemoga pharologanyo fa gare ga boitshwaro jwa masalela le tsietso le boitimokanyi jwa baeteledipele ba bopolotiki le ba bodumedi ba lefatshe leno. Jehofa o segofaditse “masalela a Iseraele [wa semoya].” O ba tlotlile ka go ba naya tshiamelo ya gore ba bidiwe ka leina la gagwe, mme o dirile gore ba itsiwe e le batho ba ba siameng mo ditlhopheng tsa batho ba lefatshe. Ke fela jaaka Sefania a ne a porofeta: “‘Mo motlheng oo ke tlaa lo lere mo teng, mo motlheng oo ke tlaa lo phutha; gonne ke tlaa lo dira leina la pako mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe, mogang ke lo busang mo botshwarong fa pele ga matlho a lona,’ go bua Jehofa.”—Sefania 3:20.
8 Fa e sale ka 1935, dimilione tsa batho tota di simolotse go lemoga gore Jehofa o segofatsa masalela. Ba latela Bajuta bano ba semoya, kana Baiseraele, ka boitumelo, ba re: “Re tlaa ya le lona, gonne re utlwile fa Modimo o ntse le lona.” (Sekaria 8:23) Bano ba “dinku di sele” ba tsaya masalela a a tloditsweng e le “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” yo o tlhomilweng ke Keresete “go laola ba ntlo ya gagwe [ba ba mo lefatsheng].” Ba ja e bile ba leboga dijo tsa semoya tse di baakantsweng ke setlhopha sa motlhanka “ka dipaka tse e leng tsone.”—Johane 10:16; Mathaio 24:45-47.
9. Ke “puo” efe e dimilione tsa batho di ithutileng go e bua, mme dinku di sele di dira tiro efe e kgolo “ka tumalano e le nngwe fela” le masalela a a tloditsweng?
9 Dimilione tseno tsa dinku di sele di tsamaisana le masalela mme di ithuta go tshela le go bua go dumalana le “puo e e itshekileng.”a Jehofa o ne a porofeta jaana a dirisa Sefania: “Foo ke tlaa fetolela ditšhaba puo e e itshekileng, gore ba bitse leina la ga Jehofa, go tla ba mo direla ka tumalano e le ngwe fela.” (Sefania 3:9) Ee, dinku di sele di direla Jehofa ka kutlwano “ka tumalano e le ngwe fela” le maloko a a tloditsweng a “letsomanyane” mo tirong e e potlakileng ya go rera “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, . . . go nna tshupo mo merafeng yotlhe.”—Luke 12:32; Mathaio 24:14.
“Letsatsi la Morena le Tlaa Tla”
10. Masalela a a tloditsweng ga a bolo go dumela eng, mme ba tla kgona go bona eng jaaka setlhopha?
10 Masalela a a tloditsweng a ntse a gopotse ka metlha mafoko ano a ga moaposetoloi Petere a a tlhotlheleditsweng: “Morena ga a bonya ka ga polelo ya gagwe ya tsholofetso, jaaka bangwe ba tle ba kaye bonya; mme o pelotelele mo go lona, a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong. Mme letsatsi la Morena le tlaa tla jaaka legodu.” (2 Petere 3:9, 10) Bao ba leng mo setlhopheng sa motlhanka yo o boikanngo ga ba ise ba ko ba nne le dipelaelo dipe malebana le go tla ga letsatsi la ga Jehofa mo motlheng wa rona. Letsatsi leo le legolo le tla simologa ka go diragadiwa ga dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le Labokeresete, yo o neng a tshwantshediwa ke Jerusalema, le maloko a mangwe a Babilone o Mogolo.—Sefania 1:2-4; Tshenolo 17:1, 5; 19:1, 2.
11, 12. (a) Ke karolo efe e nngwe ya boporofeti jwa ga Sefania e e diragaditsweng mo masaleleng? (b) Masalela a a tloditsweng a ntse a utlwa jang taelo e e reng, “A diatla tsa gago di se repe”?
11 Masalela a a ikanyegang a itumelela go bo a ile a gololwa ka 1919 mo botshwarong jwa semoya jwa Babilone o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Ba bone go diragadiwa ga boporofeti jono jwa ga Sefania: “Opela, wena morwadia Sione; thela lošalaba, wena Iseraele; o ipele o itumele ka pelo yotlhe wena morwadia Jerusalema. Jehofa o tlositse ditshekiso tsa gago; o lelekile mmaba wa gago; kgosi ya Iseraele, e bong Jehofa o mo gare ga gago; ga o ketla o tlhola o boifa bosula. Mo motlheng oo go tlaa rewa Jerusalema go twe: ‘O se ka wa boifa, wena Sione, a diatla tsa gago di se repe. Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago, e le mothata yo o tlaa bolokang.’”—Sefania 3:14-17.
12 E re ka masalela a batlodiwa a dumela tota e bile a na le bosupi jo bontsi jwa gore Jehofa o na le one, a ntse a gatela pele a sena poifo a diragatsa se a se romilweng ke Modimo. Ba rerile mafoko a a molemo a Bogosi gape ba itsisitse dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Labokeresete, maloko a mangwe a Babilone o Mogolo, le tsamaiso yotlhe e e bosula ya ga Satane ya dilo. Mo masomeng a a ntseng a feta a dingwaga fa e sale ka 1919, go sa kgathalesege mathata, ba ile ba utlwa taolo eno ya Modimo: “O se ka wa boifa, wena Sione, a diatla tsa gago di se repe.” Ba ntse ba tlhagafetse ka go anamisa dikete tsa dimilione tsa dipampitshana, dimakasine, dibuka, le dibukana tse di itsiseng Bogosi jwa ga Jehofa. Ba ile ba nna sekao se se nonotshang tumelo mo dinkung di sele, tseo fa e sale ka 1935, di ntseng di thelegela kafa letlhakoreng la bone.
“A Diatla Tsa Gago di se Repe”
13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa Bajuta bangwe ba ne ba tlogela go direla Jehofa, mme seno se ne sa bonala jang? (b) Ke eng se go tla bong go se botlhale gore re se dire, mme ke tiro efe e re sa tshwanelang go letla diatla tsa rona go repa mo go yone?
13 Fa re ‘ntse re letetse’ letsatsi le legolo la ga Jehofa, boporofeti jwa ga Sefania bo ka re neela thuso efe e e mosola? Sa ntlha, re tshwanetse ra itisa gore re se ka ra tshwana le Bajuta ba motlha wa ga Sefania ba ba neng ba tlogela go sala Jehofa morago ka gonne ba ne ba na le dipelaelo malebana le gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. Ga se gore Bajuta bao ba ne ba bua ka dipelaelo tsa bone phatlalatsa, mme tsela e ba neng ba dira dilo ka yone e ne e bontsha gore ba ne ba sa dumele tota gore letsatsi le legolo la ga Jehofa le ne le le gaufi. Ba ne ba tlhoafetse ka go ikokoanyetsa khumo go na le go nna ba letetse Jehofa.—Sefania 1:12, 13; 3:8.
14 Eno ga se nako ya gore re letle dipelaelo di itsetsepele mo dipelong tsa rona. Go tla bo go se botlhale tota go tlhokomologa mo megopolong kana mo dipelong tsa rona gore letsatsi la ga Jehofa le etla. (2 Petere 3:1-4, 10) Re tshwanetse ra tila go tlogela go sala Jehofa morago kana go ‘letla diatla tsa rona gore di repe’ mo tirelong ya gagwe. Seno se akaretsa go sa ‘dire ka seatla se se bolea’ fa re rera “Mafoko a a Molemo.”—Diane 10:4; Mareko 13:10.
Go Lwantsha go Tlhoka Kgatlhego
15. Ke eng se se ka dirang gore re direle Jehofa ka letsogo le le bolea, mme bothata jono bo ne jwa bolelelwa pele jang mo boporofeting jwa ga Sefania?
15 Sa bobedi, re tshwanetse go itlhokomela mo diphelelong tse di koafatsang tsa go tlhoka kgatlhego. Kwa dinageng di le dintsi tsa Bophirima, go sa kgatlhegele dilo tsa semoya go ka kgoba bareri bangwe ba mafoko a a molemo marapo. Batho ba ne ba sena kgatlhego jalo mo motlheng wa ga Sefania. Jehofa o ne a bolela jaana a dirisa moporofeti wa gagwe: “Ke tlaa betsa banna ba ba . . . buang mo pelong, ba re: ‘Jehofa ga a ketla a dira molemo, le gone ga a ketla a dira bosula.’” (Sefania 1:12) Fa A. B. Davidson a ne a kwala ka temana eno mo bukeng ya Cambridge Bible for Schools and Colleges, o ne a bolela gore e bua ka batho ba ba “setseng ba sena kgatlhego gotlhelele kana le e leng go sa dumele gore maatla a a kwa godimo a ka tsenelela mo dikgannyeng tsa batho.”
16. Maloko a le mantsi a dikereke tsa Labokeresete a na le maikutlo afe, mme Jehofa o re kgothatsa jang?
16 Go tlhoka kgatlhego go aname thata mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe gompieno, bogolo jang mo ditšhabeng tse di humileng thata. Tota le maloko a dikereke tsa Labokeresete ga a dumele gore Jehofa Modimo o tla tsenelela mo dikgannyeng tsa batho mo motlheng wa rona. Fa re ba rerela mafoko a a molemo a Bogosi ba re kgaphela kwa thoko e ka tswa e le ka go nyenya ga go belaela kana ka go araba ka bokhutshwane ba re “Ga ke kgatlhege!” Mo maemong ano, go itshoka mo tirong ya go neela bosupi e ka nna kgwetlho tota. Go leka boitshoko jwa rona. Mme lefa go ntse jalo, Jehofa o dirisa boporofeti jwa ga Sefania go thatafatsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang, a re: “A diatla tsa gago di se repe. Jehofa Modimo wa gago o mo gare ga gago, e le mothata yo o tlaa bolokang; o tlaa go itumelela ka boitumelo, o tlaa ritibala mo loratong lwa gagwe, o tlaa go dudueletsa ka kopelo.”—Sefania 3:16, 17.
17. Ke sekao sefe se se molemo se ba basha ba dinku di sele ba tshwanetseng go se latela, mme ba se latela jang?
17 Ke boammaaruri mo hisitoring ya motlha wa segompieno ya batho ba ga Jehofa gore masalela, mmogo le ba ba godileng ba dinku di sele, ba dirile tiro e kgolo ya go kokoanya batho mo metlheng eno ya bofelo. Bakeresete bano botlhe ba ba ikanyegang ba bontshitse go itshoka mo masomeng a a ntseng a feta a dingwaga. Ga ba a letla gore go tlhoka kgatlhego ga bontsi jwa batho ba Labokeresete go ba kgobe marapo. Ka jalo e kete ba basha ba dinku di sele ba ka se ka ba itetla gore ba kgobiwe marapo ke go sa kgatlhegele dilo tsa semoya mo go anameng thata jaana mo dinageng di le dintsi gompieno. E kete ba ka se letle ‘diatla tsa bone tsa repa,’ kana tsa iketla. E kete ba ka dirisa sebaka sengwe le sengwe go aba Tora ya Tebelo, Tsogang! le dikgatiso tse dingwe tse di molemo tse di diretsweng segolobogolo go thusa batho ba sekadinku go ithuta boammaaruri kaga letsatsi la ga Jehofa le masego a a tla latelang.
Go Gatela Pele fa re Ntse re Letetse Letsatsi le Legolo!
18, 19. (a) Mathaio 24:13 le Isaia 35:3, 4 di re kgothatsa jang gore re itshoke? (b) Re tla segofadiwa jang fa re ntse re gatela pele ka kutlwano mo tirelong ya ga Jehofa?
18 Jesu o ne a re: “Yo o itshokelang bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa.” (Mathaio 24:13) Ka jalo, re se ka ra nna le “diatla tse di bokoa” kana “mangole a a kgwetlhang” fa re ntse re emetse letsatsi le legolo la ga Jehofa! (Isaia 35:3, 4) Boporofeti jwa ga Sefania bo bolela jaana ka tsela e e gomotsang kaga Jehofa: “E le mothata yo o tlaa bolokang.” (Sefania 3:17) Ee, Jehofa o tla boloka “boidiidi jo bogolo” mo karolong ya bofelo ya ‘pitlagano e kgolo,’ fa a tla bo a laela Morwawe gore a tšhwatlaganye ditšhaba tsa bopolotiki tse di ntseng di ‘ikgodisetsa’ batho ba gagwe.—Tshenolo 7:9, 14; Sefania 2:10, 11; Pesalema 2:7-9.
19 Fa letsatsi le legolo la ga Jehofa le ntse le atamela, e kete re ka gatela pele ka tlhagafalo, re mo direla “ka tumalano e le ngwe fela”! (Sefania 3:9) Fa re dira jalo, rona mmogo le ba bangwe ba bantsintsi re tla bewa mo seemong sa go ka “sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa” mme ra bona fa leina la gagwe le le boitshepo le itshepisiwa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e ntsi kaga “puo e e itshekileng,” bona Tora ya Tebelo, April 1, 1991, ditsebe 20-5, le May 1, 1991, ditsebe 10-20.
Fa re Boeletsa
◻ Seemo sa bodumedi mo go Labokeresete se tsamaisana ka ditsela dife le sa motlha wa ga Sefania?
◻ Baeteledipele ba le bantsi ba bopolotiki gompieno ba tshwana jang le “dikgosana” tsa batho tsa motlha wa ga Sefania?
◻ Ke ditsholofetso dife tse di mo go Sefania tse di diragaditsweng mo masaleleng?
◻ Dimilione tsa batho di lemogile eng?
◻ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go letla diatla tsa rona go repa mo tirelong ya ga Jehofa?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Fela jaaka Sefania, masalela a a ikanyegang a Bakeresete ba ba tloditsweng a ntse a bolela dikatlholo tsa ga Jehofa a sena poifo
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Ba “dinku di sele” ga ba a itetla gore ba kgobiwe marapo ke go tlhoka kgatlhego ga batho