Go Anamisa Boammaaruri Jwa Baebele Kwa Portugal
GO TSWA kwa Caminha e e kafa bokone jwa Vila Real de Santo Antônio e e kafa borwa, diketekete tsa mekoro ya batshwaraditlhapi ya mebalabala di gasame le dikilometara tse 800 tsa Lotshitshi lwa Atlantic lwa kwa Portugal. Batshwaraditlhapi ga ba bolo go nna ba ‘fologela kwa lewatleng ka dikepe tsa bone’ ka makgolokgolo a dingwaga, ba dira gore tlhapi e nne sejosegolo sa Bapotokisi.—Pesalema 107:23.
Mo dingwageng tse 70 tse di fetileng, mofuta o mongwe wa go tshwara ditlhapi o ntse o diragala kwa Portugal. Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tshwaregile ka go tlisetsa dikete tse di masomesome tsa ditlhapi tsa tshwantshetso mafoko a a molemo. (Mathaio 4:19) Ka May 1995 go ne ga nna le tlhora ya baboledi ba Bogosi ba le 44 650—e le rashio ya mmoledi a le 1 go baagi ba ka nna 210. Mo ditoropokgolong dingwe rashio ke sephatlo sa eo.
E re ka go na le badiri ba le bantsi jaana, ditshimo tse go neelwang bosupi mo go tsone mo mafelong a le mantsi di boaboelwa mo e ka nnang beke le beke. Ka jalo Basupi ba Bapotokisi ba tlhagafaletse thata go dirisa mekgwa e e farologaneng fa ba bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya bone ya Baebele. Ee, ba tlhaloganya kafa go itsise boammaaruri jwa Baebele ka mekgwa yotlhe e e ka kgonegang go leng botlhokwa ka gone.—1 Bakorinthe 9:20-23.
Go Thusa Batho ba ba Ratang Bodumedi
Go ya ka palobatho e e neng ya dirwa ka 1991, diperesente tse 70 tsa batho ba ba dingwaga tse 18 le go feta kwa Portugal ba ipolela gore ke Baroma Katoliki. Lefa go ntse jalo, batho ba koo ga ba na kitso e ntsi ya Baebele. Pampiri ya dikgang ya Jornal de Notícias e boletse jaana: “Jono ke bongwe jwa mathata a magolo thata a Bokatoliki: Go sa itse Baebele!” Ke eng fa go ntse jalo? Pampiri ya dikgang ya kwa Portugal e leng Expresso e bontsha karabo. Pampiri eo e bolela jaana fa e bega ka pokano e e neng e tshwerwe le baruti ba le 500 kwa Fátima: “Go ya ka morutimogolo, go tlhokega gore moruti a tlogele ditiro tse dingwe tse dintsintsi gore a tle a kgone go boela gotlhelele mo boemong jwa gagwe jwa go nna ‘mokuamokgosi.’ . . . Fa moruti a rera Efangele ka moya otlhe, ga a kitla a nna le nako ya go dira ditiro dipe di sele.”
Go farologana le bone, Basupi ba ga Jehofa kwa Portugal ba tshwaregile ka go itsise boammaaruri jwa Baebele ka mekgwa yotlhe e e ka kgonegang. Ka ntlha ya seo, Bakatoliki ba le bantsi ba ba peloephepa ba nna le kitso kaga Baebele.
Carlota e ne e le Mokatoliki yo o ineetseng e bile e le leloko la setlhopha sa basha mo mokgatlhong mongwe wa bodumedi. Gape e ne e le morutabana kwa sekolong sa bana ba ba iseng ba lekane go tsena sekolo se se tlwaelegileng kwa Antônio wa Mosupi a neng a bereka teng. Jaaka Antônio e le mmulatsela wa ka metlha, kana modiredi wa nako e e tletseng, o ne a leka ka metlha gore a bue le badirikaene kaga Baebele ka nako ya dijo tsa motshegare. Letsatsi lengwe Carlota o ne a mmotsa kaga se a se dumelang ka molelo wa dihele le go obamela Marea. Antônio o ne a mmontsha se Baebele e se rutang ka dikgang tseno, mme ba ne ba simolola gone foo go tlotla thata ka Baebele. Fa Carlota a ya kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi e le la ntlha, o ne a kgatlhega thata. Lefa go ntse jalo, dinako tsa dipokano di ne di tshwana le dinako tsa mokgatlho wa bodumedi o a neng a le mo go one. O ne a bona gore o ne a tshwanetse go dira tshwetso. O ne a tla dira eng?
Carlota o ne a bitsa setlhopha sotlhe sa basha ba ba mo mokgatlhong mme a ba tlhalosetsa go tswa mo Baebeleng lebaka la go bo a ne a tlogela. Botlhe ba ne ba nyatsa tshwetso ya gagwe, fa e se mosetsanyana mongwe yo o bidiwang Stela, yo o neng a reeditse ka kelotlhoko thata. Fa Carlota a tla go bua le ene moragonyana, Stela o ne a botsa dipotso di le dintsi kaga koo botshelo bo tswang teng le lebaka la go bo re tshela. Carlota o ne a mo fa buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?a a bo a simolola go ithuta Baebele le ene.
Ka nako eo Carlota o ne a gatela pele semoyeng, a kolobediwa ka June 1991, a ba a simolola go direla e le mmulatsela wa ka metlha dikgwedi di le thataro morago ga foo. Ka May 1992, o ne a nyalana le Antônio, ba bo ba tswelela pele mmogo mo tirelong ya bobulatsela mo phuthegong e e fa gaufi koo ba tlhokegang thata teng. Stela ene? O ne a kolobediwa ka May 1993 mme jaanong o direla e le mmulatsela wa ka metlha.
Francisco yo mmotlana o ne a rata bodumedi thata. O ne a nna teng kwa Mmiseng mo mosong a bo a ya go boaboeletsa Rosari mo thapameng Sontaga mongwe le mongwe. O ne a le motlhokomedi wa dijana tse di dirisiwang mo tirelong, a thusa moruti fa go le Mmisa. E bile o ne a rapela Modimo gore a dirwe “moitshepi” letsatsi lengwe!
Francisco ruri o ne a batla go nna le Baebele, mme letsatsi lengwe tsala nngwe ya gagwe e ne ya mo e adima. O ne a gakgamala fa a bona gore Modimo o na le leina, Jehofa. (Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18) Fa a ne a bala mo go Ekesodo 20:4, 5 gore Modimo ga a letlelele go dirisiwa ga ditshwantsho mo kobamelong, o ne a gakgamala le go feta! E re ka a ne a bona gore kereke e ne e tletse ka ditshwantsho, o ne a rapela Modimo ka pelo yotlhe gore o mo thuse a tlhaloganye tlhakatlhakano eno yotlhe. Malatsi a mantsinyana morago ga foo o ne a kopana le mongwe yo a neng a tsena le ene sekolo pele a ba a mmotsa gore o tlogeletseng sekolo sa bosigo.
Tsala ya gagwe e ne ya araba ka go re: “Jaanong ke tsena sekolo se se botoka sa bosigo.”
“Sekolo seo ke sefe, le gone o ithuta eng?” go ne ga botsa Francisco. Karabo ya tsala ya gagwe e ne ya mo jesa kgakge.
“Ke ithuta Baebele kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa,” tsala eno e ne ya mo raya jalo. “A o ka rata go tsamaya le nna?”
Francisco o ne a sa dumele matlho a gagwe fa a ile pokanong la ntlha—difatlhego tse di itumetseng, tse di nyenyang; batho ba buisana ka mokgwa o o lorato, o o botsalano; bana ba ntse le batsadi ba bone ba reeditse ka kelotlhoko se se buiwang.
“Ke ne ke le motho fela yo ba sa mo itseng, mme ke ne ke ikutlwa ke le mongwe wa mo lelapeng!” go ne ga rialo Francisco. O ntse a ya dipokanong ka metlha fa e sale ka nako eo. Jaanong Francisco ke mogolwane mo phuthegong, mme ene mmogo le mosadi wa gagwe le bana ba babedi, ba itumelela ditsholofetso tse di molemolemo tsa Bogosi tse di mo Lefokong la Modimo.
Go Bolelela ba Losika Boammaaruri
Manuela, mmulatsela wa ka metlha mo lefelong la Lisbon, o ntse a tshwara ditlhapi tse dintsi tota tsa semoya ka gonne a ne a neela batho botlhe bosupi ka bopelontle a sa ipone tsapa, go akaretsa le ba losika. Mongwe wa bone e ne e le kgaitsadie tota, José Eduardo, yo o neng a thapiseditswe karati le go dirisa dibetsa. O ne a tlodile molao gantsintsi mo e leng gore kgabagare o ne a sekisediwa melato e le 22 a bo a atlholelwa dingwaga di le 20 mo kgolegelong. O ne a le dikgoka mo e leng gore magolegwa a mangwe a ne a mo tshaba, a ba a tsenngwa mo seleng e e disiwang thata.
Manuela o ne a etela José Eduardo ka bopelotelele ka dingwaga di le supa, mme ka metlha o ne a gana molaetsa wa gagwe wa Baebele. Kgabagare, fa buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? e ne e gatisiwa, o ne a e amogela, mme ba simolola go ithuta Baebele. Ka bofefo fela o ne a fetola boitshwaro jwa gagwe fela thata. Beke morago ga foo o ne a neela bosupi a reeditswe ke magolegwa a le 200, mme beke e e latelang a reediwa ke ba bangwe gape ba le 600. O ne a ba a letlelelwa gore a etele magolegwa a mangwe a a mo dikagong tse dingwe tsa kgolegelo. E re ka a ne a fetotse boitshwaro jwa gagwe ka tsela e e gakgamatsang, katlholo e ne ya fokodiwa ya nna dingwaga di le 15. Fa a sena go nna mo kgolegelong ka dingwaga di le 10, o ne a gololwa mme a ntse a beilwe leitlho. Go setse go fetile dingwaga di le tlhano fa e sale ka nako eo, mme José Eduardo jaanong ke Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong ya gabone. Ruri ke gone gore ‘phiri e aga le konyana’!—Isaia 11:6.
E re ka Manuela a tswelela pele ka go leka go neela ba lelapa la gagwe bosupi, o ile a itumelela go thusa monna wa gagwe le ba bangwe ba le banè ba lelapa la gagwe gore ba tlhagafale mo tirelong ya ga Jehofa. Monna wa gagwe jaanong ke motlhanka wa bodiredi.
“Ke Tla ba Koba Ka go Ba Raga le ka Seme”
Maria do Carmo o ne a nna kwa motsaneng o o kwa thoko wa Lisbon fa Mosupi mongwe a ne a mo etela. O ne a rata se a neng a se utlwa mme a ikopela mo monneng wa gagwe, Antônio, gore a rutiwe Baebele mo gae. O ne a araba ka go re: “O seka wa ba wa leka! Fa nka fitlhela Basupi ba ga Jehofa mo ntlong ya rona, ke tla ba koba ka go ba raga le ka seme.” Mme e bile, Antônio e ne e le motlhatlheledi wa karati gape a na le black belt ya maemo a boraro. Ka jalo Maria do Carmo o ne a dira tshwetso ya gore a ithute Baebele go sele.
Moragonyana, Antônio o ne a tshwanelwa ke go ya kwa Engelane go ya khosong ya malatsi a le robedi ya karati, mme Maria do Carmo ka kelotlhoko o ne a tsenya kgatiso ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela mo bekeng ya gagwe.b E re ka Antônio a ne a na le nako e ntsi mo mosepeleng wa gagwe, o ne a bala buka eo. Fa a setse a boa ka sefofane, diphefo di ne tsa kgotlhokgotsa sefofane thata, mme se ne sa kotama ka bothata. Antônio o ne a rapela Jehofa, e le la ntlha mo botshelong jwa gagwe.
Fa Antônio a fitlha kwa gae, Mosupi yo o neng a ithuta le mosadi wa gagwe o ne a mo laletsa go ya dipokanong. O ne a dumela mme a fitlhela batho botlhe ba le botsalano tota. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore a ithute Baebele, mme mo nakong e khutshwanyane, Antônio o ne a itse gore o tshwanetse go dira ditshwetso. Go ne ga felela ka gore a tlogele go ruta karati mme a simolola go ruta baithuti ba gagwe kafa ba ka tshelang ka kagiso ka teng gone jaanong le ka bosakhutleng. Mongwe wa bone, yo le ene a nang le black belt, jaanong ke Mokeresete yo o kolobeditsweng.
Fa e le Antônio, o ne a kolobediwa ka April 1991. Ka letsatsi la fa a sena go kolobediwa, o ne a simolola go direla e le mmulatsela wa nakwana. Dikgwedi di le thataro morago ga foo o ne a simolola go direla e le mmulatsela wa ka metlha, mme go ise go ye kae o ne a tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele di le 12. Ka July 1993 o ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi mo phuthegong.
Mo Tshimong e e Berekiwang Kgapetsakgapetsa
Mo mafelong a le mantsi a naga eno, tshimo e dirwa mo e ka nnang beke le beke. Basupi ba dira jang ditiro tsa bone tsa go “tshwara ditlhapi” ka tsela e e nang le matswela?
João o leka go buisana le mongwe le mongwe mo legaeng lengwe le lengwe. Fa a ne a etetse mmè mongwe, o ne a mmotsa gore a go ne go na le ba bangwe ba ba nnang mo legaeng leo. Mmè yono o ne a araba ka gore monna wa gagwe le bomorwawe ba babedi ba ne ba nna foo, mme go ne go ka se nne motlhofo go ba bona ka gonne ba bereka e bile ba tla gae go setse go le maitseboa. Ka jalo João o ne a fetela kwa pele a ya go etela ba bangwe mo lefelong leo. Mo e ka nnang ura le halofo morago ga moo, monna mongwe o ne a tla fa go ene.
“O rile o batla go bua le nna,” monna yoo a raya João. “Tsweetswee mpolelela gore o batla eng.”
“Intshwarele tlhe, aitse ga ke go itse,” João o ne a araba jalo, a gakgametse. “O mang?”
“Ke Antônio, mme ke nna gone mo seterateng seno. O reile mmè wa re o ne o batla go bua le botlhe ba ba mo lelapeng, ka jalo ke tsile go utlwa gore o ne o batla eng.”
João o ne a neela Antônio bosupi ka kelotlhoko a bo a simolola go ithuta Baebele le ene. Morago ga thuto ya bobedi, Antônio o ne a botsa gore a ba ka ithuta gabedi ka beke. Morago ga dikgwedi di le nnè fela, o ne a tsamaya le João mme a simolola go rera mafoko a a molemo mo seterateng sa ga bone. O ne a kolobediwa dikgwedi di le tharo morago ga foo. Bosheng jaana mmaagwe le ene o ne a simolola go ithuta Baebele. A bo go le botlhokwa jang ne go leka go bua le batho botlhe ba ba nnang mo legaeng fa o le mo bodireding!
Maitemogelo a a itumedisang jaana a bontsha gore go santse go na le tiro e ntsi ya semoya ya go tshwara ditlhapi e e tla dirwang mo metsing a Portugal. Jehofa o segofaditse Basupi ba ba dirang ka natla koo ka diketekete tsa dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele. Fa ba ntse ba leka go batla ditsela tse di oketsegileng tsa go itsise batho botlhe boammaaruri jwa Baebele, mafoko a ga moaposetoloi Paulo ao a a kwaletseng Bakeresete ba kwa Filipi ruri a a diragadiwa kwa Portugal gompieno: “Ka mekgwa yotlhe . . . Keresete o a bolelwa.”—Bafilipi 1:18.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Mmapa mo go tsebe 23]
(For fully formatted text, see publication)
SPAIN
PORTUGAL
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Basupi kwa Portugal ba dirisa sebaka sengwe le sengwe go itsise boammaaruri jwa Baebele