LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 2/1 ts. 27-31
  • Tsholofelo Ya me Ya Botshelo Jotlhe—Ya go Sa Swe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsholofelo Ya me Ya Botshelo Jotlhe—Ya go Sa Swe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa Reg a Tlhokafetse?
  • Go Amogela Boammaaruri jwa Baebele
  • Go Rulaganya Tiro ya go Rera
  • Maitemogelo a Nako ya Ntwa
  • Go Itshokela Diteko Tsa Tumelo
  • Go Lebagana le Isagwe Ke na Le Tshepo
  • Jehofa o Gogela Batho ba Maemo a a Kwa Tlase mo Boammaaruring
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Nna Badiri-mmogo mo Bobulatseleng Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Dira Ditshwetso Tse di Siameng go Ntliseditse Masego a Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 2/1 ts. 27-31

Tsholofelo Ya me Ya Botshelo Jotlhe—Ya go Sa Swe

JAAKA GO BOLETSE HECTOR R. PRIEST

Ngaka e ne ya nthaya ya re, “Kankere e ga e alafesege. Ga go na gore re ka tlhola re go thusa ka tsela epe gape.” Bolwetse joo bo ne jwa lemogiwa dingwaga tse di fetang lesome tse di fetileng. Lefa go ntse jalo, ke santse ke na le tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng ya go tshelela ruri mo lefatsheng ke sa tlhole ke ka swa.—Johane 11:26.

BATSADI ba me ba ne ba tsena kereke ya Methodist mme e bile ba ne ba ya teng ka metlha mo torotswaneng e e mo kgaolong e e neng e le gaufi le polasi ya lelapa la rona. Ke ne ka tsholelwa mo mokgatšheng o montle o go lemiwang mo go one wa kwa Wairarapa, o o ka nnang dikilometara di le 130 kwa bokonebotlhaba jwa Wellington, kwa New Zealand. Re ne re ipelela go bona dithaba tse di aparetsweng ke kapoko, dinoka tse di itshekileng tse di mo dithabeng, dithaba tse di golaganeng, le dipoa tse di nang le mmu o o nonneng.

Mo Kerekeng ya Methodist, re ne re rutiwa gore batho ba ba molemo botlhe ba ya kwa legodimong mme ba ba bosula ba ya diheleng, e leng lefelo le go tlhokofadiwang batho ka molelo kwa go lone. Ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore ke eng kwa tshimologong Modimo a ne a sa beye batho kwa legodimong fa e le gore o ne a batla gore ba nne teng. Ke ne ke sa bolo go nna ke ntse ke tshaba loso mme gantsi ke ne ke ipotsa gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go swa. Ka 1927, fa ke ne ke na le dingwaga tse 16, lelapa la rona le ne la diragalelwa ke masetlapelo. Ke sone se se neng sa dira gore ke batle dikarabo tsa dipotso tse ke neng ke di ipotsa.

Ke ka Ntlha Yang fa Reg a Tlhokafetse?

Fa morwarre, Reg, a ne a na le dingwaga tse 11, o ne a lwala thata. Ngaka e ne e sa kgone go bona gore bothata e ne e le eng, ka jalo e ne ya se ka ya kgona go mo thusa. Mmè o ne a bitsa moruti wa Methodist. O ne a rapelela Reg, mme seno se ne sa se ka sa gomotsa Mmè. E bile tota o ne a bolelela moruti yoo gore dithapelo tsa gagwe di ne di se na mosola.

Fa Reg a sena go tlhokafala, Mmè o ne a buisana le mongwe le mongwe gore a kgone go bona dikarabo tse di boammaaruri ka lebaka la go bo morwawe yo mmotlana a tlhokafetse. Fa a ne a buisana le rrakgwebo mongwe kwa toropong, o ne a mmotsa gore a o ne a itse sengwe ka boemo jwa baswi. O ne a sa itse sepe, mme o ne a re: “Go na le buka nngwe fano e motho mongwe a e tlogetseng e o ka nnang wa e itseela.”

Mmè o ne a tsaya buka a ya ka yone kwa gae mme a simolola go e bala. O ne a sa emise go e bala. Tsela e a neng a leba dilo ka yone e ne ya fetoga ka bonya ka bonya. O ne a bolelela ba lelapa a re, “Ke jone; seno ke boammaaruri.” Buka eo e ne e le The Divine Plan of the Ages, bolumo ya ntlha ya Studies in the Scriptures. La ntlha ke ne ke belaela mme ka leka go ganetsa tsela e buka eo e neng e tlhalosa maikaelelo a Mmopi ka teng. La bofelo ke ne ka emisa go ganetsa.

Go Amogela Boammaaruri jwa Baebele

Ke ne ka akanya jaana, ‘Akanya fela ka go tshelela ruri, ke sa tlhole ke tla swa!’ Motho o ka lebelela tsholofelo e e ntseng jalo go tswa kwa Modimong yo o lorato. Lefatshe la paradaise! E, seno ke sone se ke neng ke se batla.

Mmè le bokgaitsadi ba bangwe ba bararo ba Bakeresete ba kwa Wellington—Bokgaitsadi Thompson, Barton, le Jones—ba ne ba tsamaya malatsi a mantsi fa ba sena go ithuta boammaaruri jono jo bo molemo, ba anamisa peo ya Bogosi gongwe le gongwe mo metseng. Lefa gone Rre a ne a sena moya wa borongwa o Mmè a neng a na le one, o ne a mo tshegetsa mo tirong ya gagwe.

Ke ne ke tlhatswegile pelo gore ke jone boammaaruri, mme ka lebaka le le rileng la nako ke ne ka se ka ka dira sepe se se kalo ka seo ke neng ke se dumela. Ka 1935, ke ne ka nyala Rowena Corlett, mme fa nako e ntse e ya, re ne ra segofadiwa ka morwadi, e bong Enid, le morwa e bong Barry. Ke ne ke dira tiro ya go reka leruo, ke reka diketekete tsa leruo mo balemiruing ba ba neng ba le mo tikologong eo. E ne e tle e re fa balemirui bano ba ne ba bua ka dipolotiki ke ne ke itumelela go ba raya ke re: “Ga go na maiteko ape a batho a a tla atlegang. Bogosi jwa Modimo ke jone fela goromente yo o tla atlegang.”

Se se utlwisang botlhoko ke gore ke ne ka tshwakgolwa ke motsoko; ke ne ke nna fela ke hupile sekerete e kgolo mo molomong wa me. Fa nako e ntse e ya, botsogo jwa me bo ne jwa koafala, mme ke ne ka robadiwa wa bookelong ke na le ditlhabi tse di botlhoko mo mpeng. Ke ne ka bolelelwa gore ke ne ke na le bolwetsi jo bo masisi jwa go ruruga letha la mala, jo bo neng bo bakiwa ke go bo ke ne ke goga motsoko. Lefa gone ke ne ka tlogela mokgwa oo, ke ne ke tlhola ke lora ke goga sekerete se se sa feleng. A bo motsoko o ka tshwakgola motho jang ne!

Fa ke se na go tlogela motsoko, ke ne ka dira diphetogo tse dingwe tse di botlhokwa. Ka 1939, fa ke ne ke na le dingwaga tse 28, ke ne ka kolobediwa mo Nokeng ya Mangatai gaufi le legae la rona kwa metseng. Robert Lazenby, yo moragonyana a neng a okamela tiro ya go rera kwa New Zealand, o ne a tla a tswa kwa Wellington gore a tle go naya puo kwa legaeng la rona a bo a nkolobetsa. Go simologa ka nako eo go ya pele, ke ne ka nna Mosupi yo o pelokgale wa ga Jehofa.

Go Rulaganya Tiro ya go Rera

Fa ke se na go kolobediwa ke ne ka tlhomiwa molebedi wa Phuthego ya Eketahuna. Mosadi wa me, Rowena, o ne a ise a amogele boammaaruri jwa Baebele. Lefa go ntse jalo, ke ne ka mo itsise gore ke ne ke tlile go laletsa Alf Bryant go tswa kwa Pahiatua gore a tle go mpontsha gore ke ka neela bosupi jang ka tsela e e tshwanetseng ke tsamaya ka ntlo le ntlo. Ke ne ke batla go rulaganya tiro ya go rera le go akaretsa tshimo ya rona ka thulaganyo.

Rowena o ne a nthaya a re: “Hector, fa o ka tsamaya o ya go neela bosupi ka ntlo le ntlo, ga o na go mphitlhela fano fa o boa. Ke a go tlogela. O tshwanetse go diragatsa boikarabelo jwa gago fano—mo gae mo go ba lelapa la gago.”

Ke ne ke sa itse gore ke dire eng. Ke ne ka apara ke okaoka. Ke ne ka tswelela ke ipolelela ke re, ‘ke tshwanetse go go dira. Botshelo jwa me, fela jaaka matshelo a ba lelapa la me, bo ikaegile ka gone.’ Ka jalo ke ne ka tlhomamisetsa Rowena gore ke ne ke sa batle go mo utlwisa botlhoko ka tsela epe. Ke ne ka mmolelela gore ke mo rata thata, mme ka lebaka la gore leina la ga Jehofa le bolaodi jwa gagwe, mmogo le matshelo a rona, di ne di amega, ke ne ke tshwanetse gore ke rere ka tsela eno.

Nna le Alf re ne ra tsena kwa ntlong ya ntlha, mme e ne ya nna ene a etelelang pele ka go bua. Mme go tswa foo, ke ne ka iphitlhela e le nna ke buang le mong wa ntlo ke mmolelela gore se se diragetseng ka morwalela wa ga Noa se tshwana le se se diragalang mo motlheng wa rona le gore re tshwanetse go dira sengwe gore re tlhomamise gore re tla bolokwa. (Mathaio 24:37-39) Ke ne ka tlogela dibukana dingwe teng.

Fa re ne re tswa, Alf o ne a re: “O tsere kae kitso eo yotlhe? Ga o ntlhoke. Tsamaya o le nosi, mme re tla akaretsa tshimo e e menaganeng sebedi.” Ka jalo re ne ra dira jalo.

Fa re ne re boela gae, ke ne ke sa itse gore re tla fitlhela go ntse jang. Ke ne ka itumelela se ke neng ke sa se lebelela, fa re ne re fitlhela Rowena a setse a re diretse kopi ya tee. Dibeke tse pedi moragonyana, mosadi wa me o ne a kopanela le nna mo bodireding jwa phatlalatsa mme a nna sekao se se molemo a supa botlhaga jwa Bokeresete.

Mo gare ga batho ba pele go nna Basupi ba ga Jehofa mo mokgatšheng wa rona o go neng go lemiwa mo go one, e ne e le Maud Manser, le morwawe William, le morwadie Ruby. Monna wa ga Maud o ne a se na maitseo e bile a le bogale. Letsatsi lengwe nna le Rowena re ne ra ya kwa polasing ya bone gore re ye go tsaya Maud re tsamaye le ene mo bodireding. William yo mmotlana o ne a rulagantse gore re tla dirisa koloi ya gagwe, mme rraagwe o ne a na le maikutlo a sele.

Seemo se ne se le maswe. Ke ne ka kopa Rowena gore a tshware morwadiarona, Enid. Ke ne ka tlolela mo koloing ya ga William mme ka e kgweeletsa ka bofefo kwantle fa Rre Manser a santse a re o itlhaganelela gore a tswale lebati la karatšhe pele ga re ka tswela kwantle. Mme o ne a palelwa. Fa re sena go tswela sekgala se sekhutshwane kwantle, re ne ra ema, mme ke ne ka fologa mo koloing gore ke tle ke kopane le Rre Manser yo o neng a galefile thata. Ke ne ka mo raya ka re: “Re ya bodireding jwa tshimo mme Mohumagadi Manser o tsamaya le rona.” Ke ne ka buisana le ene mme bogale jwa gagwe bo ne jwa fokotsega ka selekanyo se se rileng. Fa ke akanya ka gone, ke tshwanetse nka bo ke ne ka dirisana le seemo seo ka tsela e e farologaneng le eo, mme moragonyana o ne amogela Basupi ba ga Jehofa le fa ene a ise a ko a nne Mosupi.

Batho ba ga Jehofa ba ne ba se bantsi mo dingwageng tseo, mme ruri re ne ra ipelela le go solegelwa molemo ke go etelwa ke badiredi ba nako e e tletseng ba ba neng ba nna le rona mo polasing ya rona. Baeng bano ba ne ba akaretsa Adrian Thompson le kgaitsadie, Molly, ba ka bobedi jwa bone ba neng ba tsena ditlelase tsa pele tsa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate sa barongwa mme ba fiwa dikabelo go ya go direla kwa dinageng di sele kwa Japane le kwa Pakistan.

Maitemogelo a Nako ya Ntwa

Ntwa ya Lefatshe II e simologile ka September 1939, mme ka October 1940, puso ya New Zealand e ne ya thibela tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba patelediwa go ya kwa dikgotlatshekelong tsa naga eo. Ba bangwe ba ne ba latlhelwa mo dikampeng tsa kgolegelo ba kgaoganngwa le basadi ba bone le bana ba bone. Fa ntwa e ntse e gaketse, lefa gone re ne re na le polasi ya mashi, ke ne ke ipotsa gore a ke ne ke tla bidiwa gore ke tsenelele tirelo ya bosole. Mme go ne ga itsisiwe gore balemi ba ne ba tla tshwanela gore ba tlogele dipolasi tsa bone mme ba tsenelele tirelo ya bosole.

Nna le Rowena re ne ra tswelela mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete, mongwe le mongwe wa rona o ne a dira diura tse di fetang 60 kgwedi le kgwedi mo tirong ya go rera. Mo nakong eno, ke ne ka nna le tshiamelo ya go thusa Basupi ba babotlana ba ba neng ba bolokile boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Ke ne ka ba emela kwa dikgotlatshekelong tsa Wellington, Palmerston North, Pahiatua, le Masterton. Gantsinyana go ne go na le leloko lengwe la setlhopha sa baruti mo lekokong le le neng le rulaganyetsa batho go tsena mo bosoleng, mme go senola tsela e ba neng ba tshegetsa ntwa ka yone, e e neng e se ya Bokeresete, go ne go itumedisa.—1 Johane 3:10-12.

Bosigo bongwe fa nna le Rowena re ntse re ithuta Tora ya Tebelo, re ne ra tlhaselwa ke mateketifi. Fa ba ntse ba phuruphutsha ba ne ba bona dibuka tsa Baebele mo legaeng la rona. “Lo ka nna lwa isiwa kgolegelong ka lebaka la seno,” ba ne ba re bolelela jalo. Fa mateketifi jaanong a re a tsena mo teng ga koloi a tsamaya, ba ne ba fitlhela maboriki a koloi a sa bereke mme koloi e ka se kgone go tsamaya. William Manser o ne a thusa go baakanya koloi eo, mme banna bao ga ba ise ba ko ba tlhole ba boa gape.

Ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe re ne re fitlha dibuka tsa Baebele mo kagong e e kwa thoko ya polasi. Mo gare ga bosigo, ke ne ke etela ofisi ya lekala la New Zealand ke bo ke tlatsa koloi ya me ka dibuka. Go tswa foo ke ne ke di tlisa mo gae ke bo ke di baya kwa kagong e e kwa thoko eo. Bosigo bongwe fa ke ne ke goroga kwa lekaleng leo go ya go tsaya dibuka tse di romelwang ka sephiri, dipone di ne tsa tshuba fela ka tshoganetso! Mapodisi a ne a goela jaana kwa godimo: “Re go tshwere!” Se se gakgamatsang le fa go ntse jalo, ke gore ba ne ba ntlogela ka tsamaya fela kwantle ga go ntsenya fa le fa.

Ka 1949, nna le Rowena re ne ra rekisa polasi ya rona mme ra swetsa ka gore re bule tsela go fitlha re sa tlhole re na le madi. Re ne ra fudugela kwa ntlong nngwe kwa Masterton mme ra bula tsela mo Phuthegong ya Masterton. Mo dingwageng tse pedi, Phuthego ya Featherston e ne ya tlhomiwa e na le baboledi ba le 24 ba ba tlhaga, mme ke ne ka direla jaaka molebedi yo o okamelang. Go tswa foo ka 1953, ke ne ka ipelela tshiamelo ya go ya kwa United States kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa ya malatsi a le robedi ya ditšhabatšhaba kwa Yankee Stadium kwa New York City. Rowena o ne a se ka a kgona go tsamaya le nna ka gore o ne a tshwanetse go tlhokomela morwadiarona, Enid, yo o neng a tshwerwe ke bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo bakang bogole mo mmeleng le mo puong.

Fa ke sena go boela kwa New Zealand, ke ne ka tshwanela go bereka. Re ne ra boela kwa Phuthegong ya Masterton, kwa ke neng ka tlhomiwa go nna molebedi yo o okamelang. Mo e neng e ka nna ka yone nako eno, William Manser o ne a reka Little Theater kwa Masterton, mme e ne ya nna yone Holo ya rona ya ntlha ya Bogosi kwa Wairarapa. Ka bo1950, phuthego ya rona e ne ya gola semoyeng ya bo ya oketsega ka dipalo. Ka jalo, gantsi e ne e re fa molebedi wa potologo a etile a bo a kgothatsa batho ba ba godileng gore ba ye kwa dikarolong tse dingwe tsa naga gore ba ye go thusa ka tiro ya go rera teng, mme bontsi jwa bone ba ne ba dira jalo.

Lelapa la rona le ne la sala kwa Masterton, mme mo masomeng a a neng a latela a dingwaga, ga ke a nna fela le ditshiamelo tse dintsi mo phuthegong mme gape ke ne ka ipelela dikabelo tsa kwa dikopanong tse dikgolo le tsa ditšhabatšhaba. Rowena o ne a tsaya karolo mo tirelong ya tshimo a le tlhaga, ka dinako tsotlhe a thusa ba bangwe gore ba dire se se tshwanang.

Go Itshokela Diteko Tsa Tumelo

Jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong, ka 1985, ke ne ka tlhatlhobiwa mme ka fitlhelwa ke na le kankere e e sa alafesegeng. A bo nna le mosadi wa me yo o ikanyegang, Rowena, mmogo le bana ba rona, re ne re batla jang ne go nna gareng ga batho ba ba dimilione ba ba tshelang jaanong ba ba se kitlang ba swa! Mme dingaka di ne tsa nkisa gae gore ke ye go swa. Lefa go ntse jalo, la ntlha ba ne ba mpotsa gore ke ikutlwa jang ka bolwetse jo ba bo boneng mo go nna.

Ke ne ka araba ka gore, “Ke tlile go ritibatsa pelo ya me ke bo ke solofela gore dilo di nne botoka.” Eleruri, seane seno sa Baebele se ne sa dira gore ke ritibale: “Pelo e e thethebetseng fela ke botshelo jwa nama.”—Diane 14:30.

Dingaka tseo tsa kankere di ne tsa baka kgakololo eo ya Baebele. Ba ne ba bolela jaana: “Tsela e e ntseng jalo ya go leba dilo ke yone e e alafang balwetsi ba kankere ka diperesente tse 90.” Gape ba ne ba bua ka kalafi ya marang e e neng e tla tsaya dibeke tse supa. Se se itumedisang ke gore ke ne ka atlega go fenya kankere eo.

Mo nakong eno e e thata, ke ne ka welwa ke masetlapelo a a botlhoko thata. Mosadi wa me yo montle, yo o ikanyegang o ne a tshelegelwa ke madi mo bobokong mme a tlhokafala. Ke ne ka gomodiwa ke dikao tsa batho ba ba ikanyegang tse di kwadilweng mo Dikwalong le ka fa Jehofa a neng a ba rarabololela mathata a bone ka teng jaaka ba ne ba bolokile bothokgami. Ka jalo, tsholofelo ya me mo lefatsheng le lesha e ne ya nna e ntse e phatsima.—Baroma 15:4.

Lefa go ntse jalo, ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong mme ka batla go tlogela go direla jaaka mogolwane. Bagolwane ba mo lefelong leo ba ne ba nkgothatsa go fitlha ke na le nonofo ya go tswelela pele gape. Ka lebaka la seo, ke ile ka kgona go direla jaaka mogolwane wa Mokeresete le molebedi mo dingwageng tse 57 tse di fetileng.

Go Lebagana le Isagwe Ke na Le Tshepo

Go direla Jehofa mo dingwageng tseo tsotlhe e ntse e le tshiamelo e e ka se lekanngweng le sepe. A bo ke nnile le masego a mantsi thata jang ne! Ga go lebege e le bogologolo thata, fa ke ne ke na le dingwaga tse 16, fa ke ne ke utlwa mmè a re: “Ke jone; seno ke boammaaruri!” Mmè o ne a tswelela e le Mosupi yo o ikanyegang yo o tlhagafetseng go fitlha a tlhokafala ka 1979, fa a ne a na le dingwaga tse di fetang 100. Morwadie le barwa ba gagwe ba barataro le bone ba ne ba nna Basupi ba ba ikanyegang.

Keletso ya me e kgolo ke go tshela go fitlha ke bona go tlosiwa kgobo yotlhe mo leineng la ga Jehofa. A ke tla bona tsholofelo ya me ya botshelo jotlhe ya go sa swe? Ee, gone mme ke letetse seo. Lefa go ntse jalo, ke tshepa gore bontsi jwa batho, ee, dimilione di tla felela di ipeletse masego ao. Ka jalo fa ke ntse ke tsweletse ke tshela, ke tla anaanela tsholofelo ya go balwa gareng ga batho ba ba se kitlang ba swa gope.—Johane 11:26.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Mmè

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Nna le mosadi wa me le banake

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela