Bogosi Jwa Modimo—A o A bo Tlhaloganya?
“Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye.”—MATHAIO 13:23.
1. Dingwe tsa ditumelo tse di tlwaelegileng ke dife kaga ‘bogosi jwa magodimo’?
AO ‘TLHALOGANTSE’ gore Bogosi jwa Modimo ke eng? Mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta go ntse go na le dikgopolo tse di farologaneng thata malebana le gore ‘bogosi jwa magodimo’ ke eng. Tumelo e e tlwaelegileng mo malokong mangwe a dikereke gompieno ke gore Bogosi ke sengwe se Modimo o se tsenyang mo pelong ya motho fa a sokologa. Ba bangwe ba dumela gore ke lefelo le batho ba ba siameng ba yang kwa go lone fa ba sena go swa gore ba ye go itumela ka bosakhutleng. Mme ba bangwe bone ba bolela gore Modimo o tlogeletse gore batho bone ba tlise Bogosi mo lefatsheng ka go leka go tsenya dithuto le mekgwa ya Bokeresete mo dikgannyeng tsa loago le tsa puso.
2. Baebele e tlhalosa jang Bogosi jwa Modimo, mme bo tla dira eng?
2 Lefa go ntse jalo, Baebele e bontsha ka phepafalo gore Bogosi jwa Modimo ga se sengwe se se tlhomilweng mo lefatsheng. Ga se seemo sa pelo le gone ga se go fetolela batho mo Bokereseteng. Ke boammaaruri gore go tlhaloganya sentle gore Bogosi jono ke eng go tlisa diphetogo tse dikgolo mo matshelong a batho ba ba bontshang gore ba a bo dumela. Mme Bogosi ka bojone ke puso e e tlhomilweng ke Modimo ya selegodimo e e tlisang thato ya Modimo, e tlosa ditlamorago tsa boleo le loso e bo e busetsa maemo a a siameng mo lefatsheng. Bogosi jono bo setse bo busa kwa magodimong, mme mo bogautshwaneng “bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe [a batho], mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.”—Daniele 2:44; Tshenolo 11:15; 12:10.
3. Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe, batho ba ne ba fiwa sebaka sa go dira eng?
3 Rahisitori H. G. Wells o ne a kwala jaana: “Thuto eno ya Bogosi jwa Legodimo, eo Jesu a neng a e ruta thata, le eo e seng botlhokwa thata mo melaometheong e e kaelang Bakeresete, eleruri ke nngwe ya dithuto tse di farologaneng tota mo go tsotlhe tse di kileng tsa kgona go tlhotlheletsa le go fetola tsela e batho ba akanyang ka yone.” Go tswa fela kwa tshimologong, kgangkgolo ya bodiredi jwa ga Jesu e ne e le gore: “Ikwatlhaeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17) O ne a le mo lefatsheng e le Kgosi e e tloditsweng, mme sengwe se se neng se itumedisa thata ke gore jaanong batho ba ne ba fiwa sebaka sa go bona masego a Bogosi joo mmogo le go nna babusimmogo le Jesu le go nna baperesiti mo Bogosing joo!—Luke 22:28-30; Tshenolo 1:6; 5:10.
4. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, matshutitshuti a batho a ne a tsaya kgato efe fa a neelwa “mafoko a a molemo a bogosi,” mme seo sa felela ka katlholo efe?
4 Lefa matshutitshuti a batho a ne a utlwa “Mafoko a a Molemo a bogosi” a a itumedisang, ke batho ba sekae fela ba ba neng ba dumela. Lebaka lengwe la seno e ne e le ka gonne baeteledipele ba bodumedi ba ne ba “tswaletse batho bogosi jwa legodimo.” Ba ne ba “tlositse sekopololo sa kitso” ka dithuto tsa bone tsa maaka. E re ka bontsi jwa batho bo ne bo gana go amogela Jesu jaaka Mesia le Kgosi e e tloditsweng ya Bogosi jwa Modimo, Jesu o ne a ba raya a re: “Bogosi jwa Modimo lo tlaa bo tlosediwa, bo tlaa newa morafe o o tla ntshang maungo a [j]ona.”—Mathaio 4:23; 21:43; 23:13; Luke 11:52.
5. Bontsi jwa batho ba ba neng ba utlwa ditshwantsho tsa ga Jesu ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba sa utlwe ka go tlhaloganya?
5 Nako nngwe fa Jesu a ne a ruta setlhopha se segolo sa batho, fela jaaka a ne a tlwaetse, o ne a dirisa ditshwantsho di le mmalwa go leka boidiidi joo le go tlhaola ba ba neng ba sa kgatlhegele Bogosi thata. Setshwantsho sa ntlha e ne e le sa mojadi yo o neng a jala dipeo mo mefuteng e le menè ya mmu. Mefuta ya ntlha e meraro e ne e sa siamela gore dijalo di gole mo go yone, mme wa bofelo e ne e le ‘mmu o o molemo’ o o neng o ungwisa maungo a a molemo. Setshwantsho se sekhutshwane seo se ne sa felela ka kgothatso eno: “Yo o nang le ditsebe a reetse.” (Mathaio 13:1-9, bapisa NW.) Bontsi jwa batho ba ba neng ba le foo ba ne ba mo utlwa, mme ga ba a ka ba ‘reetsa.’ Ba ne ba sena sepe se se ba tlhotlheletsang, ba ne ba sa kgatlhegele thata go itse gore peo e e jadilweng mo maemong a a farologaneng e ne e tshwana le Bogosi jwa magodimo jang. Ba ne ba boela gae ba tshela matshelo a a tlwaelegileng a letsatsi le letsatsi, gongwe ba akanya gore ditshwantsho tsa ga Jesu e ne e le dipolelo tse di molemo fela tse di nang le sengwe se di se rutang ka boitsholo. A bo ba ne ba se ka ba tlhaloganya ka tsela e e boteng, mme ba fetwa ke ditshiamelo tse di molemo le gone ba se ka ba bulegelwa ke dipaka tse di molemo, ka gonne dipelo tsa bone di ne di kgwaraletse!
6. Ke ka ntlha yang fa go tlhaloganya “masaitsiweng a bogosi” go ne go neetswe barutwa ba ga Jesu fela?
6 Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweng a bogosi jwa legodimo; mme bone ga ba a go newa.” O ne a oketsa jaana a nopola Isaia: “‘Gonne dipelo tsa batho ba di thatafaditse, ba kabetse ditsebe, ba ipuduladitse matlho; e se re kgotsa ba lemoga ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka pelo, mme ba sokologa gape, mme ka ba fodisa.’ Matlho a lona a sego gonne a a bona; le ditsebe tsa lona gonne di a utlwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Mathaio 13:10-16; Mareko 4:11-13.
‘Go Tlhaloganya’ Bogosi
7. Ke eng fa go le botlhokwa ‘go tlhaloganya’ Bogosi?
7 Jesu o ne a tlhalosa bothata. E ne e le bothata jwa ‘go tlhaloganya’ molaetsa wa Bogosi. O ne a raya barutwa ba gagwe jaana mo sephiring: “Ke gone, utlwang setshwantsho sa mojadi. E a re fa mongwe a utlwa lefoko la bogosi, a sa le tlhaloganye, foo yo o bosula a tle a phamole se se jadilweng mo pelong ya gagwe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) O ne a tswelela pele a tlhalosa gore mefuta e menè ya mmu e ne e emela mefuta e e farologaneng ya seemo sa pelo e “lefoko la bogosi” le neng le tla jalwa mo go yone.—Mathaio 13:18-23; Luke 8:9-15.
8. Ke eng se se neng sa thibela “peo” e e jadilweng mo mefuteng ya ntlha e meraro ya mmu go ungwa?
8 “Peo” e ne e le molemo ka dinako tsotlhe, mme maungo a yone a ne a tla ikaega ka gore mmu ke wa mofuta ofe. Fa mmu wa pelo o ne o ka tshwana le tsela e e dirisiwang thata, e e papaiteletsweng, e kgwaraladitswe ke ditiro tse dintsi tse e seng tsa bomoya, go ne go tla nna motlhofo gore motho yo o utlwang molaetsa wa Bogosi a ntshe seipato, a bolela gore ga go na nako ya Bogosi. Peo e e tlhokomologilweng e ne e ka phamolwa motlhofo pele e mela medi. Mme go tweng fa peo e ne e jadilwe mo pelong e e tshwanang le mmu o o tletseng matlapa? Peo e ka nna ya tlhoga, mme e tla palelwa ke go isa medi ya yone kwa teng gore e bone menontshane le gore e itshwarelele. E ne e tla nna kgwetlho e kgolo gore motho a kgone go nna motlhanka yo o utlwang wa Modimo, bogolo jang fa a le mo mogoteng wa dipogiso, mme motho yoo o ne a tla kgopiwa. Le gone gape, fa mmu wa pelo o ne o tletse ditlhobaelo tse di tshwanang le mmitlwa kana keletso ya go nna le dilo tse di bonalang le dikhumo, sejalo se se bokoa sa Bogosi se ne se tla hupediwa. Mo maemong ano a mararo a a tlwaelegileng mo botshelong, go ne go ka se ka ga ungwa loungo lope lwa Bogosi.
9. Ke eng fa peo e e neng e jadilwe mo mmung o o molemo e ne e kgona go ungwa maungo a a molemo?
9 Lefa go ntse jalo, go tweng ka peo ya Bogosi e e jadilweng mo mmung o o molemo? Jesu o araba jaana: “Mme wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo ke yo o utlwang lefoko a ba a le tlhaloganye; ke ene ruri yo o ungwang, mme go ungwa ga gagwe gongwe go nne lekgolo, gongwe go nne 60, mo gongwe 30.” (Mathaio 13:23, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Fa ba ‘tlhaloganya’ Bogosi, ba ne ba tla ungwa maungo a a molemo go ya ka maemo a bone motho ka bongwe.
Go Tlhaloganya go Lere Boikarabelo
10. (a) Jesu o ne a bontsha jang gore ‘go tlhaloganya’ Bogosi go tlisa masego mmogo le boikarabelo? (b) A thomo ya ga Jesu ya gore go dirwe barutwa e ne e ama barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga fela?
10 Fa Jesu a sena go neela ditshwantsho tse dingwe tse thataro go tlhalosa dintlha tse di farologaneng ka Bogosi, o ne a botsa barutwa ba gagwe jaana: “A dilo tse tsotlhe lo di tlhalogantse?” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Fa ba ne ba araba ka go re “ee,” o ne a re: “Ke gone he mokwadi mongwe le mongwe, yo o rutilweng sentle ka ga bogosi jwa legodimo, o tshwana le mong wa ntlo, yo o ntshang dilo tse dintšha le tse dikgologolo mo [bobolokelong jwa lohumo, NW] lwa gagwe.” Go ruta le go thapisa mo Jesu a neng a go dira go ne go tla dira gore barutwa ba gagwe e nne Bakeresete ba ba godileng ba ba neng ba ka ntsha mo ‘bobolokelong’ jwa bone dijo tse di sa feleng tsa semoya tse dintsi. Bontsi jwa tsone bo ne bo amana le Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a phepafatsa sentle gore go ‘tlhaloganya’ Bogosi go ne go tla tlisa masego mmogo le boikarabelo. O ne a laela jaana: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, . . . lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.”—Mathaio 13:51, 52; 28:19, 20.
11. Fa ngwaga wa 1914 o tsena, go ne ga diragala ditiragalo dife tse di malebana le Bogosi?
11 Fela jaaka Jesu a ne a solofeditse, o ile a tswelela pele a na le barutwa ba gagwe ba boammaaruri mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga go fitlha mo motlheng ono. Mo metlheng eno ya bofelo, o ntse a tswelela pele ka go ba thusa go tlhaloganya kgato ka kgato, mme gape o ba file boikarabelo jwa go dirisa lesedi le le ntseng le oketsega la boammaaruri. (Luke 19:11-15, 26) Ka 1914, ditiragalo tsa Bogosi di ne tsa simolola go diragala ka bonako le gone ka tsela e e kgatlhang. Ka ngwaga oo, ga go a ka ga ‘belegwa’ Bogosi jo bo neng bo sa bolo go emelwa fela mme ‘bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo’ bo ne jwa simologa. (Tshenolo 11:15; 12:5, 10; Daniele 7:13, 14, 27) E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga gore ditiragalo tsa gompieno di kaya eng, ba dule letsholo la go rera le go ruta ka Bogosi le legolo go gaisa otlhe a a kileng a nna mo hisitoring. Jesu o ne a bolelela pele ka seno, a re: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.”—Mathaio 24:14.
12. (a) Go neela bosupi ka Bogosi mo go anameng mo metlheng eno go ile ga nna le diphelelo dife? (b) Mo lefatsheng leno la batho ba ba tletseng dipelaelo, Bakeresete ba mo kotsing efe?
12 Bosupi jo bogolo jono jwa Bogosi bo fitlhile kwa dinageng di feta 230. Gone jaanong, barutwa ba boammaaruri ba feta dimilione tse tlhano ba dira tiro eno, mme go ntse go kgobokanngwa ba bangwe gape. Mme lefa go ntse jalo fa re bapisa palo ya barutwa le baagi ba lefatshe ba ba dimilione di le 5 600, go bonala sentle gore fela jaaka mo motlheng wa ga Jesu, bontsi jwa batho ga bo ‘tlhaloganye’ Bogosi. Jaaka go boleletswe pele, ba le bantsi ba a sotla, ba re: “Polelo ya tsholofetso ya go tla ga gagwe e kae?” (2 Petere 3:3, 4) Kotsi mo go rona jaaka Bakeresete ke gore boikutlo jwa bone jwa go sa amege, go belaela, le go rata dikhumo, bo ka nna jwa ama ka iketlo tsela e re lebang ditshiamelo tse re nang le tsone ka Bogosi ka yone. E re ka re dikologilwe ke batho ba lefatshe leno, re ka simolola motlhofo fela go akanya le go tsaya mekgwa mengwe ya bone. A bo go le botlhokwa jang ne gore re “tlhaloganye” Bogosi jwa Modimo re bo re tshwarelela mo go jone!
Go Itlhatlhoba Malebana le Bogosi
13. Malebana le thomo ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi, re ka leka jang gore a re tswelela pele ka go ‘utlwa’ re tlhaloganya?
13 Jesu o ne a bolela jaana ka motlha wa thobo o re tshelang mo go one: “Morwa Motho o tlaa roma baengele ba gagwe, mme ba tlaa tlhopha mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopisang, le ba ba ikepang . . . Foo basiami ba tlaa betlama jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabo. Yo o nang le ditsebe a a [reetse, NW].” (Mathaio 13:41, 43) A o tswelela pele ka go ‘utlwa’ le go tsaya kgato ka taelo ya gore re rere ka Bogosi re bo re dire barutwa? Gakologelwa, “wa peo e e jadilweng mo mmung o o molemo” o ne a ‘utlwa lefoko a ba a le tlhaloganya’ mme a ungwa maungo a a molemo.—Mathaio 13:23.
14. Fa go neelwa kaelo, re bontsha jang gore re ‘tlhaloganya’ kgakololo e e newang?
14 Fa re ithuta ka namana le go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, re tshwanetse go ‘lebisa dipelo tsa rona kwa tlhaloganyong.’ (Diane 2:1-4) Fa go neelwa kgakololo malebana le boitshwaro, moaparo, mmino le boitlosobodutu, re tshwanetse ra e letla gore e tsene mo teng ga dipelo tsa rona mme e re tlhotlheletse go dira diphetogo tse di tlhokegang. Le ka motlha o se ka wa ipeela mabaka, wa ntsha diipato, kana wa se ka wa tsaya kgato gotlhelele. Fa Bogosi e le sengwe sa mmatota mo matshelong a rona, re tla tshela go ya ka melao ya jone mme re bolelele ba bangwe ka tlhagafalo kaga jone. Jesu o ne a re: “Ga se go re mongwe le mongwe yo o nthayang a re: ‘Morena, Morena,’ o tlaa tsena mo bogosing jwa legodimo; fa e se yo o dirang go rata ga Rre yo o kwa legodimong.”—Mathaio 7:21-23.
15. Ke eng fa go le botlhokwa go ‘batla bogosi pele le tshiamo ya Modimo’?
15 Gantsi batho ba tlwaetse go tlhobaela ka dijo, diaparo le bonno jo ba bo tlhokang, mme Jesu o rile: “Batlang pele bogosi jwa [Modimo] le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.” (Mathaio 6:33, 34) Fa o tlhaola dilo tsa botlhokwa, baya Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gago. Dira gore botshelo jwa gago bo nne bo sa raraana, o kgotsofalele dilo tse tota o di tlhokang. E tla bo e le boeleele gore re tlatse matshelo a rona ka ditiro le dithoto tse di sa tlhokegeng, gongwe e bile re ipha mabaka a gore go dira jalo go a amogelwa, ka gonne dilo tseno ga se gore di bosula tota ka botsone. Lefa seo se ka tswa se le boammaaruri, go nna le dilo tseo tse di sa tlhokegeng le go di dirisa go ka ama jang thulaganyo ya thuto ya motho ka namana, go nna teng ga gago kwa dipokanong tsa Bokeresete, le go dira tiro ya go rera? Jesu o ne a bolela gore Bogosi bo tshwana le moreki yo o boneng “[perela] e e tlhwatlhwa kgolo, [mme] a ya a bapatsa tsotlhe tse o nang natso a e reka.” (Mathaio 13:45, 46) Re tshwanetse ra ikutlwa jalo ka Bogosi jwa Modimo. Re tshwanetse go etsa Paulo e seng Demase, yo o neng a tlogela bodiredi “ka a ratile lefatshe leno.”—2 Timotheo 4:10, 18; Mathaio 19:23, 24; Bafilipi 3:7, 8, 13, 14; 1 Timotheo 6:9, 10, 17-19.
‘Ba ba Sa Siamang ga ba Ketla ba Rua Bogosi’
16. Go ‘tlhaloganya’ Bogosi jwa Modimo go tla re thusa jang go tila boitshwaro jo bo sa siamang?
16 Fa phuthego ya kwa Korinthe e ne e letlelela boitsholo jo bo sa siamang, Paulo o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma, go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorinthe 6:9, 10) Fa re ‘tlhaloganya’ Bogosi jwa Modimo, ga re ketla re itsietsa ka go akanya gore Jehofa o tla letlelela mofuta mongwe wa boitsholo jo bo sa siamang fela ka gonne a bona re tshwaregile mo tirelong ya Bokeresete. Maitshwaro a a maswe ga a tshwanela lefa e le go umakiwa mo go rona. (Baefeso 5:3-5) A o lemoga gore o simolola go nna le dikakanyo le mekgwa e e bosula ya lefatshe leno? Di tlose mo botshelong jwa gago kwantle ga go senya nako! Bogosi jwa Modimo bo tlhwatlhwakgolo fela thata mo o ka se kang wa bo latlha fela ka ntlha ya dilo tse di ntseng jalo.—Mareko 9:47.
17. Go anaanela Bogosi jwa Modimo go tla rotloetsa boikokobetso ka ditsela dife le go dira gore re se ka ra kgopisa ba bangwe?
17 Barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa jaana: “Ana yo e leng ene mogolo bogolo mo bogosing jwa legodimo e a bo e le mang?” Jesu o ne a araba ka go baya ngwana yo monnye mo gare ga bone a bo a re: “Ammaaruri ke a lo raya, fa lo sa sokologe, lwa nna jaaka banyana, ga lo ketla lo tsena mo bogosing jwa legodimo ka gope. Ke gone le fa e le mang yo o tlaa ingotlang jaaka ngwanyana yo, ke ene yo o leng mogolo bogolo mo bogosing jwa legodimo.” (Mathaio 18:1-6) Batho ba ba ikgogomosang, ba ba tatalalang, ba ba sa amegeng ka ba bangwe, le ba ba sa utlweng molao ga ba ketla ba nna mo Bogosing jwa Modimo, le gone ga ba ne ba nna babusiwa ba Bogosi. A tsela e o ratang bakaulengwe ba gago ka yone, boikokobetso jwa gago, poifo ya gago ya bomodimo, di go tlhotlheletsa gore o tile go kgopisa ba bangwe ka boitshwaro jwa gago? Kana o gatelela go batla “ditshwanelo” tsa gago go sa kgathalesege gore boikutlo jono le boitshwaro jono bo ka ama ba bangwe jang?—Baroma 14:13, 17.
18. Batho ba ba utlwang ba tla tlelwa ke eng fa Bogosi jwa Modimo bo dira gore thato ya Gagwe e dirwe “mo lefatsheng jaaka kwa legodimong”?
18 Rraarona wa selegodimo, Jehofa, o tla tloga a araba ka botlalo thapelo eno e e tswang mo pelong: “Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.” Mo bogautshwaneng Kgosi e e busang, Jesu Keresete, o tla tla ka kgopolo ya gore o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi gore a atlhole, a kgaoganye “dinku” le “dipodi.” Ka nako eo e e beilweng, “Kgosi e tlaa raya ba ba ka fa tsogong la yone le legolo, e re: ‘Tlang, lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe.’” Dipodi di tla “ya mo petsong e e sa khutleng; mme basiami ba tlaa ya mo botshelong jo bo sa khutleng.” (Mathaio 6:10; 25:31-34, 46) ‘Pitlagano e kgolo’ e tla fedisa tsamaiso e kgologolo le batho botlhe ba ba ganang go ‘tlhaloganya’ Bogosi. Mme lefa go ntse jalo dimilione tsa bafalodi ba ‘pitlagano e kgolo’ le dikete tsa dimilione tsa batho ba ba tla tsosiwang di tla rua masego a Bogosi ka bosakhutleng mo Paradaiseng e e tsosolositsweng ya mo lefatsheng. (Tshenolo 7:14) Bogosi ke puso e ntšha ya lefatshe, e e busang e le kwa legodimong. Bo tla diragatsa ka mo go feletseng boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe le batho, mme seo se tla dira gore leina la gagwe le le boitshepo go feta otlhe le itshepisiwe. A seo ga se boswa jo go ka nnang botlhokwa thata go bo berekela, go ineela mo go jone, le go bo letela? Go ‘tlhaloganya bogosi’go tshwanetse ga kaya sone seo mo go rona!
O Ne o Tla Araba Jang?
◻ Bogosi jwa Modimo ke eng?
◻ Ke eng fa bontsi jwa batho ba ba neng ba reeditse Jesu ba sa ka ba ‘tlhaloganya’ Bogosi?
◻ Ke jang go ‘tlhaloganya’ Bogosi go lereng masego mmogo le boikarabelo?
◻ Malebana le go rera, ke eng se se kayang gore re ‘tlhaloganya’ Bogosi?
◻ Re ka bontsha jang ka boitshwaro jwa rona gore re ‘tlhalogantse’ kgakololo e e neetsweng?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ‘tlhaloganya’ Bogosi mme ba ungwa maungo a a molemo