LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 2/1 ts. 3
  • A o Bolokilwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Bolokilwe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Re Tshwanetse go Dirang Gore re Bolokwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Jesu O Boloka Lefatshe Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Seo re Tshwanetseng go se Dira Gore re Bolokwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Poloko se Tota e se Kayang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 2/1 ts. 3

A o Bolokilwe?

JOHNNY o ne a na le dingwaga di le lesome fa monna mongwe a ne a mo emisa kwa ditshupong a bo a mmotsa jaana: “Lekolwane, a o amogela Jesu Keresete e le Morena le Mmoloki wa gago?” Johnny o ne a utlwa potso eo e le e e sa tlwaelegang, ka gonne o ne a ntse a dumela mo go Jesu ka metlha. Ka jalo o ne a mo araba a re, “Ee, go ntse jalo.” Monna yono o ne a goa gore botlhe ba mo utlwe a re, “a go bakwe Morena!” “Go na le motho yo mongwe yo o boloketsweng Keresete!”

A tota poloko e motlhofo jalo? A Johnny o ne a “bolokilwe” go tloga ka nako ya fa a ne a bua mafoko ao, go sa kgathalesege gore o ne a tla dira eng mo botshelong jwa gagwe jotlhe? Batho ba le bantsi ba ba dipelodiphepa ba ne ba tla dumalana le potso eo. Dipampitshana tse dingwe tsa bodumedi di bolela gore o kwale letlha le o “bolokilweng” ka lone e le gore o kgone go le gakologelwa.

Moruti mongwe o ne a kwala gore ka “nako ya fa motho a ipolela gore ene o amogela Keresete . . . taolelogale ya gagwe e setse e tlhomiwa ka bosakhutleng.” O ne a bolela gore Baebele e umaka gore poloko e ikaegile ka “go bontsha tumelo [gangwe fela], e seng ka go tswelela pele o e bontsha.” Mokwadi yo mongwe wa bodumedi o ne a kwala jaana: “Eno ke tiro e e setseng e feditswe. O setse o e diretswe . . . ‘Ntwa [ya gago] e fedile.’ ‘Sebe [sa gago] se tlositswe.’” Mme tota le batho ba ba tlhatswegileng pelo tota gore seno se boammaaruri ba ka nna ba bona bothata fano. Ga go belaetse gore batho ba le bantsi ba ba kileng ba bolelelwa gore ba “bolokilwe” ga ba tshele ka tsela e Baebele e bolelang gore ba tshwanetse go tshela ka yone. Gantsi boemo jono bo tlhalosiwa ka gore gongwe ga ba ise ba “amogele” Keresete ka tsela ya mmatota.

Ka jalo, tota “go amogela” Jesu go kaya eng? A ke go bontsha tumelo gangwe fela, kana ke go tswelela pele o e bontsha fa o ntse o tshela? A tumelo ya rona e tshwanetse ya nonofa thata gore e re tlhotlheletse go tsaya kgato nngwe? A tota re ka amogela melemo ya setlhabelo sa ga Jesu re sa kgone go mo latela?

Batho ba le bantsi ba batla go segofadiwa mme ba sa batle boikarabelo jwa go latela Jesu le go mo utlwa. Tota e bile, gantsi lefoko le le reng “go utlwa” le a ba tshwenya. Lefa go ntse jalo Jesu o ne a bolela jaana: “O tle o ntshale morago.” (Luke 18:18-23) Mme Baebele e bolela jaana: “Ba ba sa ineeleng go utlwa Mafoko a a Molemo a Morena wa rona Jesu . . . ba tlaa [utlwa] thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng.”—2 Bathesalonika 1:8, 9; Mathaio 10:38; 16:24.

Baebele e bolela dilo di le dintsi tse di tsosang dipotso tse di masisi ka ga dilo tse di ntseng di rutiwa malebana le poloko. Fa o ne o ka rata go tlhomamisa se tota Baebele e se bolelang malebana le kgang eno, o tla bona ditsebe tse di latelang di kgatlha tota. Bula Baebele ya gago, mme o bale ditemana tse di umakilweng gore o bone se Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba neng ba ruta ka kgang eno e e botlhokwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela