Bonang! Holo ya Bogosi Kwa Niue
NIUE ke setlhaketlhake se sebotlana se se nang le dikorale kwa South Pacific, e e leng dikilometara di le 2 160 kwa bokonebotlhaba jwa New Zealand. Go ya ka boroutšhara bongwe jwa batsamai, leina Niue le tswa mo mafokong a mabedi, Niu, le le rayang “setlhare sa khokhonate,” le e, le le rayang “tlhokomela” kgotsa “bona.” Boroutšhara joo bo bolela jaana: “Ditlhamane di bolela gore batho ba ntlha ba kwa Polynesia go nna koo ba ne ba bua mafoko ao fa ba ne ba goroga ba bona ditlhare tsa khokhonate tse di neng di tlhogile mo nageng eo.”
Gompieno, Basupi ba ga Jehofa kwa Niue ba motlotlo go bolelela baeti ba re, “E! Fale he Kautu ha mautolu!” mo go rayang gore, “Bonang! Holo ya rona ya Bogosi!” Ke ka ntlha yang fa ba ikutlwa ba le motlotlo thata jaana ka holo eno? Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba ikutlwa ba le motlotlo ka Diholo tsa Bogosi, segolobogolo fa e le bone ba di agileng. Mme go aga Holo ya Bogosi mo setlhaketlhakeng se se kwa thoko mo bogareng jwa South Pacific e kgolo, ke kgang e nngwe. Legale, Niue e akaretsa fela disekwerekilometara di le 260, mme go na le batho ba le 2 300 fela mo setlhaketlhakeng sotlhe.
Go ne go na le kgang ya gore ke mang yo o neng a tlile go aga Holo ya Bogosi. Phuthego e nngwe fela ya kwa Niue e na le Basupi ba le 32 fela. Didirisiwa tsotlhe tse dikgolo tse di neng di tlhokega tse di tshwanang le diteraka, dikhatapilara, le di-crane ke tsa puso. Mo godimo ga moo, mo e ka nnang didirisiwa tsotlhe tsa botlhokwa tsa kago—tshipi, ditena, marulelo, didirisiwa tsa motlakase le tsa go tsenya diphaephe tsa metsi, didirisiwa tsa dibuelagodimo le ditilo—di ne di tshwanelwa go romelwa ka sekepe go tswa kwa New Zealand ka thulaganyo ya go rwala dithoto e e dirang gangwe fela mo dibekeng tse tlhano. La bofelo, lefatshe le le tletseng mantswe la setlhaketlhake seno le ne le tla dira gore tiro ya go aga e nne thata, gape holo e ne e tla tshwanela gore e agiwe ka tsela e e leng gore e ne e tla emelana le dikgwanyape tse di tlhaselang dinaga tsa boboatsatsi. Eleruri e ne e le tiro e e boitshegang!
Lefa go ntse jalo, go ne go na le pharologanyo e kgolo fano. Basupi ba ga Jehofa ba tsaya Holo ya Bogosi e le selo sa botlhokwatlhokwa mo kobamelong ya bone mo mafelong a bone, mme ba leba kwa go Jehofa Modimo gore a ba kaele le go ba thusa. (Pesalema 56:11; 127:1) Bakaulengwe ba Bakeresete kwa New Zealand, go akaretsa maloko a phuthego nngwe kwa Auckland ya batho ba kwa Niue, ba ne ba tla go thusa setlhopha se sebotlana sa Basupi ba kwa Niue, ba ba tshegetsa ka pelo yotlhe mo tirong ya go aga.
Tshwetso ya go Tswelela
Ka June 1994 kwa setsheng sa Holo ya Bogosi kwa Rotorua, kwa New Zealand, go ne ga ikuelwa mo bathong ba ba kgatlhegelang go thusa mo kagong ya kwa Niue. Se se gakgamatsang ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba le 200 ba ne ba ithaopa. Mo go bone bano, batho ba le 80 ba ne ba tlhophiwa, go akaretsa babetli, batho ba ba thulang ditshipi, batho ba ba tsenyang diphaephe tsa metsi, ba ba rulelang, ba ba polasetarang, ba ba pentang, boramotlakase, boramaranyane ba didirisiwa tsa dibuelagodimo, badiri ba konkoreiti, ba ba bayang setena le ba ba thusang gongwe le gongwe.
Bakaulengwe ba ne ba dira dipolane mme ba tswelela pele, ba ikanya Jehofa. Mongwe wa bagolwane ba babedi ba phuthego kwa Niue, yo e leng rakgwebo wa mo lefelong leo, o ne a simolola go dira dithulaganyo tsa gore didirisiwa tsotlhe tse di neng di tlhokega di tlisiwe teng. Go ne ga buisanngwa ka ditlhwatlhwa tse di kgethegileng tsa go pagama sefofane le tsa marobalo tse di neng di rulaganyediwa badiri ba ba tswang moseja, ba ba neng ba ithaopela go ituelela ditshenyegelo, mme go tswa foo malatsi a go neng go tlile go agiwa ka one a ne a tlhomiwa. Tiro e ne e tshwanetse go fediwa ka malatsi a le 20, go simologa ka March 4 go ya go March 23, 1995, fa Holo ya Bogosi e ne e tla bo e kgakolwa.
“E ne e le la ntlha ke ikutlwa ke tshwenyegile thata jalo fa ke ne ke bona setsha,” ga bolela jalo motsamaisi wa tiro, yo o neng a tla a tswa kwa New Zealand beke pele gore a tle go baakanya dilo. “Gotlhe ke mantswe fela. Go tla tsaya dibeke tse pedi gore go epiwe metheo.” Mme morago o ne a dumela gore o ne a tseetse Basupi ba mo lefelong leo kwa tlase. “Bakaulengwe ba mo Niue ba itse mantswe,” o ne a bolela jalo. “Ba itse gore ba tshwanetse go itaya lentswe fa kae gore maketlo a lone a magolo a phatlakane.” Mesele e ne ya fediwa go epiwa mo malatsing a le mabedi!
Ka March 4 sefofane sa ntlha se se neng se pagangwe ke Basupi ba kwa New Zealand se ne sa goroga, mme konkoreiti e ne ya tshelwa. Jaaka ditlhopha tsa batho di ne di tla ka go tlhomagana, go ne ga wediwa dikarolo tse di farologaneng tsa tiro. Malatsi otlhe a go neng go berekiwa ka one a ne a simolola ka 7:00 a.m. ka go tlhatlhoba temana ya Baebele ya letsatsi ka bokhutshwane. Bakaulengwe bangwe ba ne ba dira diura tse 12 ka letsatsi mo themperetšheng e e tshwarang didikirii tsa Celsius di le 36. La bofelo, ka March 23, mabala a ne a setse a gopilwe a lekalekantswe sentle. Go ne go na le letshwao le lentle le le neng le dirilwe ka setlhare sa mmenku le le neng le supa fa kago eo e le “Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.”
Moya wa Tirisanommogo Le wa Go Amogela Baeng
Lebaka la botlhokwa le le dirileng gore tiro e wediwe ka katlego e ne e le tsela e batho ba kwa Niue ba neng ba dirisana mmogo ka yone. Batho ba mo motseng oo, ba ba neng ba itumeletse tiragalo eo thata, ba ne ba ntsha meneelo ya dijo le ya madi. Ba bantsi ba ne ba tsaya go agiwa ga holo jaaka tiro ya bone. Badiredibagolo ba puso le borakgwebo ba ne ba dira go feta dilo tse go neng go solofetswe gore ba di dire. Ba ne ba thusiwa ka didirisiwa tse ba neng ba di tlhoka, mmogo le ka madirelo a go betla. Khampani ya go romela dithoto e ne ya fetola thulaganyo e sekepe se tsamayang ka yone gore e tlhomamise gore didirisiwa tse di neng di tlhokwa di goroga ka nako e e tshwanetseng.
Baeng ruri ba ne ba anaanela go dira ka natla le go amogela baeng ga Basupi ba kwa Niue, ba ba neng ba tlhakanela malapa a bone le dithoto tsa bone le bone. Mongwe wa baagi o ne a re, “Bokgaitsadi ba lefelo leno ba molemo.” Mo godimo ga dijo tse di molelo tsa motshegare malatsi otlhe, bokgaitsadi ba ne ba apaya le go tshola dijo tsa mo mosong, moso o mongwe le o mongwe ka 6:30. Ba bangwe ba ne ba tsoga ka 4:30 a.m. gore ba baakanye dijo. Mongwe yo o neng a aga o ne a bolela jaana: “Ke akanya gore re ntse re tshela botoka fano mo Niue go gaisa jaaka re tshela kwa magaeng a rona.”
Ka March 10, Niue Star e ne ya bega ka tiragalo eo mo polelong e e neng e le mo tsebeng ya ntlha ka setlhogo se se reng “Holo ya Ntlha ya Bogosi mo Niue” le setshwantsho sa batho ba kwa New Zealand le ba kwa Niue ba bereka kwa setsheng. E ne ya tlhalosa gore holo e bogolo jwa disekweremetara di le 280 mme go ka kgona go nna batho ba le 70 go ya go 100 mo go yone. Setlhogo seo se ne sa oketsa ka gore: “Tiro ya teng e ka wediwa mo [dibekeng] tse pedi, mme legale e tla okediwa. Gone jaanong, morago ga malatsi a le mabedi fela tiro e sena go simololwa, motheo, diforeimi, ditlhomeso, le marulelo di setse di tsentswe, pele ga nako e e neng e rulagantswe.”
Rakgwebo wa mo lefelong leo o ne a bolela gore o eletsa gore e kete banni botlhe ba mo Setlhaketlhakeng sa Niue ba ka bona kago eo mme ba ithuta sengwe mo go yone. O ne a bolela gore o solofela gore e ne e tla bontsha mongwe le mongwe se se ka dirwang ka lorato le ka tirisanommogo.
Go ne ga tla batho ba le 204 fa e ne e kgakolwa. Se se neng sa tshikhinya botlhe ba ba neng ba le teng maikutlo e ne e le fa bakaulengwe ba Niue, bokgaitsadi le bana, ba ne ba supa ka fa Holo ya Bogosi e agilweng ka teng, ba dira jalo ba opela gape ba bina. Baagi ba ne ba leboga Jehofa, yo moya wa gagwe o tlhotlheleditseng ditlhaloganyo, dipelo le matsogo gore tiro eo e kgone go wediwa.—Isaia 40:28-31.