LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 10/15 ts. 14-17
  • Go Fitlhelela Batho ba Mefuta Yotlhe Kwa Athene wa Segompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fitlhelela Batho ba Mefuta Yotlhe Kwa Athene wa Segompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tshimo e e Farologaneng
  • Batho ba ba Eletsegang ba Ditšhaba Tsotlhe ba a Tla
  • Ba Segofadiwa ka Matswela a a Molemo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 10/15 ts. 14-17

Go Fitlhelela Batho ba Mefuta Yotlhe Kwa Athene wa Segompieno

FA MOAPOSETOLOI Paulo a ne a etetse kwa Athene ka 50 C.E., motse oo o ne o santse o tsaya kgwebo e le botlhokwa thata, le mororo o ne o sa tlhole o na le kgalalelo ya setso sa bogologolo. Buka nngwe ya hisitori e bolela jaana: “Motse wa [Athene] o ne wa tswelela pele e le wa semoya le wa botaki kwa Gerika, gape e ne e le lefelo le le etelwang thata ke batho ba ba rutegileng le ba ba nonofileng ba motlha oo.”

Fa Paulo a ne a le koo, gongwe o ne a na le sebaka sa go rerela Bajuta, Baathene ba baheitane le batho ba ba neng ba tswa kwa mafelong a mantsi a a farologaneng. E re ka e ne e le moruti yo o neng a ntshitse matlho dinameng e bile a le setswerere, o ne a bolela mo go nngwe ya dithero tsa gagwe gore Modimo o ne a naya “botlhe botshelo, le moya,” gore o “[dire] ditšhaba tsotlhe tsa batho, ba tswa mothong a le mongwe fela,” le gore “ba ikwatlhaye ka ntlha tsotlhe” ka gonne O tla atlhola “lefatshe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Ditiro 17:25-31.

Tshimo e e Farologaneng

Mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana motse wa Athene o ne wa simolola gape go nna motse o o kgatlhang batho ba ba tswang kwa mafelong otlhe. Badiri le masole ba gorogile koo e le bangwe ba bahiriwa ba baeng. Basha ba ba tswang mo Afrika le kwa Botlhabagare ba nna koo e le baithuti ba yunibesithi. Badiri ba ba tswang mo Afrika, Asia le ba ba tswang kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba ba ologetse koo. Go na le batho ba Philippines le ba bangwe ba ba tswang kwa Borwabotlhaba jwa Asia ba ba tlileng go batla tiro mo magaeng a batho. Mme go na le batshabi ba ba ntseng ba tla ba tswa kwa dinageng tse di gaufi le mo mafelong a a nang le dikhuduego mo lefatsheng lotlhe.

Boemo jono bo dira gore bareri ba lefelo leo ba mafoko a a molemo a Bogosi ba lebane le kgwetlho. Batho ba le bantsi ba ba tlileng go nna nakonyana fela ba bua Seesemane, mme ba bangwe ba bua dipuo tsa dinaga tsa bone fela. Batho bano ba godisitswe ka ditsela di le dintsi tse di farologaneng tsa setso le bodumedi. Mo bathong bano ba ba etileng, o ka fitlhela ba ba bolelang gore ke Bakeresete, Bamoselema, Bahindu, Babuda, ba ba dumelang gore moya o kgaogana le nama, ba ba dumelang gore Modimo ga o itsiwe le balatolamodimo. Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go ithuta gore kgang ya bone e tshwanele mekgwa eno e e farologaneng e batho bano ba godisitsweng ka yone.

E re ka bontsi jwa batho bano ba ba sa tswang go fitlha ba ile ba itshokela mathata a magolo, gantsi ba na le dipotso ka ga lebaka la go bo re tshela le dilo tse re di lebeletseng mo isagweng. Ba bangwe ba tlotla Baebele thata mme ga ba na bothata jwa go dumela se e se bolelang. Batho ba le bantsi ba ba mo tshimong eno e e farologaneng ba ikokobeditse, ba bonolo, e bile ba batla boammaaruri tota. Ba ikutlwa ba gololesegile go batla boammaaruri ka gonne ba kgakala le ba malapa a bone le tikologo ya legae la bone.

Go ne ga rulaganngwa gore go nne le phuthego ya ntlha ya Seesemane kwa Athene ka 1986 e e tla rerang mo tshimong eno. Go na le koketsego e kgolo thata. Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, go kolobeditswe batho ba basha ba ka nna 80. Go ne ga felela ka gore go tlhomiwe phuthego ya Searabea, phuthego ya batho ba ba buang Sepolishe, le setlhopha sa batho ba ba buang Sefora se se ileng sa dira ka lobaka lo lo rileng kwa Athene. Ba bangwe ba ba tswang kwa phuthegong ya Seesemane ba ile ba fuduga gore ba thuse diphuthego le ditlhopha tse dingwe tse di tshwanang le tseo kwa Thesalonika go ya ntlheng ya bokone, kwa Heraklion, Crete le kwa Piraeus, e leng boemela dikepe jwa Athene. A o ne o ka rata go itse bangwe ba batswakwa ba ba ithutileng boammaaruri kwa Athene?

Batho ba ba Eletsegang ba Ditšhaba Tsotlhe ba a Tla

Thomas o ne a tsholelwa kwa Asmara, kwa Eritrea, mme o ne a gola e le Mokatoliki yo o tlhagafetseng. Fa a na le dingwaga di le 15, o ne a nna mongwe wa baitlami ba banna mo kerekeng. O ne a botsa mongwe wa baitlami ba banna jaana: “Go ka kgonega jang gore Modimo o le mongwe fela o nne Medimo e le meraro?” Moitlami yono o ne a araba jaana: “Ka gonne re dumela se mopapa o se bolelang ka dilo tsa semoya. Mo godimo ga moo, ke masaitseweng, mme o monnye thata gore o a tlhaloganye.” Morago ga dingwaga di le tlhano Thomas a ntse a le mongwe wa baitlami ba banna mo kerekeng, o ne a tlogela, a swabile e bile a tshwentswe ke boitshwaro le dithuto tsa kereke. Lefa go ntse jalo, o ne a sa itlhoboga go batla Modimo wa boammaaruri.

Ka letsatsi lengwe moragonyana fela ga gore a fudugele kwa Athene, o ne a fitlhela khopi ya Tora ya Tebelo fa kgorong ya ntlo ya gagwe, e e neng e na le setlhogo se se reng “O ka Itekanela Sentle mo Mmeleng Wa bo Wa Itumela.” O ne a e bala ka makgetlho a le mantsi. Mo go one makasine oo, o ne a bala gore re tshwanetse ra batla pele Bogosi jwa Modimo le tshiamo ya gagwe. (Mathaio 6:33) Thomas o ne a khubama mme a kopa Modimo gore o mmontshe gore a dire seno jang, a solofetsa jaana: “Fa o ka mpontsha gore ke ka batla jang Bogosi jwa gago, ke tla dirisa dikgwedi di le thataro tsa botshelo jwa me ke ithuta kafa nka go direlang ka gone.” Dibeke di le nnè morago ga moo, Basupi ba babedi ba ne ba kokota mo ntlong ya gagwe. Ka bonako fela Thomas o ne a dumela go rutiwa Baebele, mme o ne a kolobediwa dikgwedi di le lesome morago ga moo. O bolela jaana: “Eleruri Jehofa o arabile thapelo ya me, mme o nneetse sebaka sa gore ke nne mongwe wa Basupi ba gagwe. Jaanong lorato lwa gagwe lo ntlhotlheletsa gore ke batle Bogosi le tshiamo ya gagwe pele mo botshelong jwa me.”

Fa Basupi ba bangwe ba ntse ba rera ka ntlo le ntlo ba ne ba bona leina le le sa tlwaelegang gaufi le tleloko ya lebati.

“Lo batla eng?” go ne ga utlwala lentswe la mosadi mo intakomong.

Mongwe wa Basupi o ne a bolela gore ba leka go batla batho ba ba buang Seesemane ba ba kgatlhegelang go ithuta Baebele.

Mosadi yono o ne a botsa jaana: “Lo ba bodumedi bofe?”

“Re Basupi ba ga Jehofa.”

“Go siame! Tlhatlogelang kwa ntlong e e kwa godimo.”

Ba ne ba dira jalo, mme fa lebati la lefiti le bulega, go ne go eme monna mongwe yo mokima yo o neng a lebega a na le boikutlo jo bo sa siamang. Mme mosadi yono o ne a goela kwa godimo a le mo ntlong.

“Ba tlogele ba tsene. Ke batla go bua le bone.”

O ne a ba bolelela gore o tsamaya gongwe le gongwe mo lefatsheng le setlhopha sa monna wa gagwe sa motshameko, mme e ne e le maabane fela jaana, fa a ne a rapela gore a bone Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo ba ne ba simolola ka yone nako eo go mo ruta Baebele. Fa go ne go setse nako e khutshwane fela gore ba nne mo Gerika, ba ne ba rulaganya gore a ithute gararo mo bekeng e le nngwe fela, ba ne ba fetsa buka ya Tshelela Ruri mo dibekeng di le lesome fela.

Nako e nngwe e e latelang ya metshameko e ne ya ba tlisa gape kwa Gerika. Mosadi yono o ne a tsweledisa thuto ya gagwe mme a dira kgatelopele e e molemolemo tota. Morago ga dikgwedi di sekaenyana fela, o ne a tsamaya le Basupi mo tirong ya go rera e le mmoledi yo o sa kolobediwang mme ka bonako fela o ne a simolola go ruta mongwe Baebele e le la ntlha. Mang? Monna wa gagwe, yo o neng a itumedisiwa thata ke Basupi le diphetogo tse a di boneng mo mosading wa gagwe.

Allan, yo o leng morwa moruti mongwe wa Porotesetanta, o ne a golela mo Afrika Borwa. Go tswa bonnyennyaneng jwa gagwe, o ne a tlhatswegile pelo gore Baebele ke tshenolo e e tlhotlheleditsweng e e tswang kwa Modimong. E re ka a ne a sa kgotsofadiwe ke bodumedi jwa gagwe, o ne a inaakanya le filosofi le dipolotiki, mme seno se ne sa mo dira gore a ikutlwe a le lolea go feta le e leng pele. Fa a se na go fudugela kwa Gerika, go ikutlwa ga gagwe a le lolea go ne ga oketsega. O ne a ikutlwa a se na lebaka la go bo a tshela, le gore o mo tseleng e e sa mo iseng gope.

Go ne ga diragala sengwe mo bosigong bongwe. Allan o bolela jaana: “Ke ne ka khubama mme ka bolelela Modimo kafa ke ikutlwang ka gone. Ke ne ka kopa Modimo gore o nkise kwa balateding ba gagwe ba boammaaruri, ke lela ka ntlha ya go hutsafadiwa ke botshelo jo ke neng ke bo tshela. Ke ne ka solofetsa gore ke tla tsamaya mo leseding la kaelo ya gagwe.” Mo go yone beke eo fela, o ne a le mo lebenkeleng lengwe mme a buisana le mong wa lone wa mosadi, yo o neng e le Mosupi. Puisano eo e ne ya tlisa phetogo e kgolo tota mo botshelong jwa ga Allan. “Mo malatsing a a neng a latela, ke ne ka bona ditumelo tse ke neng ke di rata di nyelela: Tharonngwe, molelo wa dihele, go sa sweng ga moya—go phepafetse gore tsotlhe ga se dithuto tsa Baebele.” Kwa Holong ya Bogosi, banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba kopa gore ba mo rute Baebele. O ne a dumela mme a gatela pele ka bofefo. Allan o gakologelwa jaana: “Boammaaruri bo ne jwa dira gore ke ntshe dikeledi tsa boitumelo, le gone bo ne jwa nkgolola.” O ne a kolobediwa morago ya ngwaga. Gompieno o itumelela go dira e le motlhanka wa bodiredi mo phuthegong e e mo lefelong la ga bone.

Elizabeth o tswa kwa Nigeria, koo a neng a batla Modimo mo dikerekeng tse di farologaneng mme a ntse a sa kgotsofale. Se se neng se mo tshosa le go feta e ne e le thuto ya go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Fa a ne a fitlha kwa Athene le ba lelapa la gagwe, Basupi ba babedi ba ne ba mo etela kwa ga gagwe, mme ba ne ba simolola go mo ruta Baebele. Elizabeth o ne a itumedisiwa ke go ithuta gore Modimo ga o tlhokofatse batho, mme o ba neela tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. O ne a ithwele ngwana wa bonè, mme a batla go senya mpa. Morago ga moo o ne a ithuta tsela e Jehofa a lebang botshelo bo le boitshepo ka teng go tswa mo Baebeleng. Gone jaanong o na le morwadie yo montle. Elizabeth o ne a gatela pele ka bonako mme go ise go ye kae o ne a kolobediwa. Le mororo a na le bana ba le banè e bile a bereka tiro ya letsatsi lotlhe, o kgona go dira bobulatsela jo bo thusang mo e ka nnang kgwedi nngwe le nngwe. O segofaditswe ka go bona monna wa gagwe a simolola go ithuta Baebele. O bolela jaana: “Kgabagare ke ne ka bona Modimo wa boammaaruri le kobamelo ya boammaaruri, ke leboga Jehofa le mokgatlho wa gagwe o o lorato.”

Bontsi jwa batho bano ba ba mo tshimong eno e e farologaneng go buisanngwa le bone mo bosuping jwa mmila, mme go tlhoka go sa ipone matsapa go tsweledisa kgatlhego ya bone pele. Go ne go le jalo ka mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Sallay, yo o tswang kwa Sierra Leone. Mosupi mongwe o ne a mo neela pampitshana, a tsaya aterese ya gagwe, a bo a rulaganya gore mongwe a mo etele. Sallay o ne a bontsha kgatlhego a bo a dumela go ithuta Baebele, mme e re ka a ne a gateletswe ke tiro le mathata a mangwe, thuto e ne e sa tshwarwe ka metlha. Morago ga moo o ne a fuduga ka tshoganetso fela a sa ba neele aterese ya gagwe e ntšha. Mosupi yono o ne a tswelela pele a ya kwa legaeng la pele, mme kgabagare Sallay o ne a romelela Mosupi yono molaetsa gore a tle kwa legaeng la gagwe le lesha.

Jaanong thuto e ne e tshwarwa ka metlha le mororo go ne go setse dikgwedinyana gore Sallay a belege. Fa ngwana a se na go tsholwa, Sallay o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Seno sotlhe se ka lebega se ne se le motlhofo fela, mme go ne go se jalo. Ka 6:30 a.m., o tshwanetse a bo a ipaakantse gore a pagame base e e tsayang metsotso e le masomeamararo gore a ise ngwana kwa sekolong se se tlhokomelang bana, a bo a pagama base e nngwe e e tsayang ura gore a ye kwa tirong. Fa a se na go wetsa tiro ya gagwe ya go phepafatsa, o boela gape kwa gae. Fa e le ka maitseboa a dipokano, kana fa a ya kwa tirelong ya tshimo, o tsamaya ura e nngwe ka base e le go ya fela, go sa kgathalesege go ganediwa ke monna wa gagwe. O ne a gatela pele go fitlha a ineela le go kolobediwa a ntse a mmontsha lorato le bopelotelele. Re ka reng ka monna wa gagwe? O ne a nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete a bo a dumela go rutiwa Baebele.

Ba Segofadiwa ka Matswela a a Molemo

Bontsi jwa batho bano, ba nna kwa Athene ka nakwana fela. Ba le bantsi ba bone ba boela kwa dinageng tsa bone gore ba ye go abela ba masika le ditsala mafoko a a molemo. Ba bangwe ba fudugela kwa dinageng tse di farologaneng tsa Bophirima ba bo ba tswelela pele ba direla Jehofa gone koo. Ba ba nnang mo Gerika ba itumelela matswela a a molemo a go neela batho ba ba tswang kwa nageng ya gagabo bosupi ba le bone ba fudugetseng koo. Mo mabakeng a mangwe dipeo tsa boammaaruri di simolola go ungwa fa baeng ba se na go fudugela kwa nageng e nngwe mme ba bo ba buisana le Basupi.

Seno sotlhe se bontsha gore Jehofa ga a tlhaole. O amogela batho ba tšhaba nngwe le nngwe ba ba mmoifang le ba ba ratang tshiamo. (Ditiro 10:34, 35) Batho bao ba sekadinku, go fudugela ga bone kwa nageng e nngwe e le go ya go batla dithoto go feletse ka masego a mantsi fela thata go gaisa jaaka ba ne ba lebeletse—e leng go itse ka ga Modimo wa boammaaruri, Jehofa le boikaelelo jwa gagwe ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le le siameng. Ee, Jehofa eleruri o segofaditse thata maiteko a go fitlhelela batho ba ba buang puo e sele kwa Athene wa segompieno!

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Batho ba ba tswang kwa dinageng di le dintsi ba utlwa mafoko a a molemo kwa Athene

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela